LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lorato Lo Lo Nnang Teng ka Bonako Fela Morago ga Lo Sena go Bonana ka Lekgetlo la Ntlha—Mme Lo Nnele Ruri Morago ga Moo!
    Tsogang!—1991 | October 8
    • go lebega ba ka nna le bana ba ba atlegang thata ebile ba kgona go dirisana sentle le ba bangwe.” Setlhogo seno kwa bokhutlong jwa sone se ne sa bontsha jaana: “Ka gongwe pego e e tlhomologileng thata e e tswang mo dipatlisisong tsotlhe tsa saense ke ya gore go tlhomiwa ga sekao sa lorato le sa boikanyegi le ditekanyetso tse di amogelesegang mo lelapeng lengwe le lengwe ke sone se se leng botlhokwa tota, mme eseng go kgobelelwa ka ditaolo. Boikaelelo jwa mmannete jwa kotlhao . . . ga se fela go otlhaya bana ba ba ditlhogo di thata mme go na le moo ke go ba ruta le go ba kaela le go ba thusa go nna le digakolodi.”

      Ba Utlwa Se O Se Bolelang, Ba Etsa Se O Se Dirang

      Setlhogo sengwe se se malebana le kotlhao go The Atlantic Monthly se ne sa simololwa ka mantswe ano: “Go ka lebelelwa gore ngwana a itshware sentle fa fela batsadi ba gagwe ba tshela tumalanong le ditekanyetso tse ba di mo rutang.” Setlhogo seno se ne sa tswelela pele go bontsha botlhokwa jwa digakolodi: “Basha ba ba neng ba itshwara sentle go lebega e le ba ba nang le batsadi bao ba neng ba dira dilo segolo, ba tlhomame, ebile ba le boikgapo—bao ba neng ba tshela tumalanong le ditekanyetso tseo ba neng ba di bolela le go kgothaletsa bana ba bone gore ba di latele ka mo go tshwanang. E ne ya re fa basha ba ba molemo ba ne ba kopanngwa le ba ba ditlhogo di thata, seno se dirwa jaaka bontlhanngwe jwa patlisiso eno, boitshwaro jwa bone bo ne jwa se ka jwa amegela ruri. Ba ne ba ile ba dira gore ditekanyetso tsa batsadi ba bone e nne tsone di ba kaelang thatathata mo botshelong.” Go ne ga tshwana fela le jaaka fa seane seno se bolela: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.”—Diane 22:6.

      Batsadi ba ba neng ba leka go tsenya ditekanyetso tsa boammaaruri mo baneng ba bone, mme e le tse bone ka bobone ba neng ba sa di latele, ba ne ba se ka ba atlega. Bana ba bone “ba ne ba sa kgona go dira gore ditekanyetso tseo e nne tsone di ba kaelang mo botshelong.” Patlisiso eno e ne ya bontsha gore “se se neng sa dira gore go nne le pharologanyo eno e ne e le kafa batsadi ba neng ba tshela ka gone tumalanong le ditekanyetso tseo ba neng ba leka go di ruta bana ba bone.”

      Go tshwana fela le jaaka mokwadi James Baldwin a ne a bolela jaana: “Bana ba tlhotswe ke go reetsa bagolo ba bone, mme lefa go ntse jalo ga ba ise ba ko ba tsamaye ba palelwe ke go ba etsa.” Fa e le gore o rata bana ba gago ebile o batla go ba ruta ditekanyetso tsa boammaaruri, dirisa tsela eno e e di gaisang tsotlhe: O tshwanetse wa nna sekao sa seo o se rutang. O se ka wa tshwana le bakwadi le Bafarasai bao Jesu a neng a ba kgala a re ke baitimokanyi: “Ke gōna cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè: me lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè; gonne ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe.” (Mathaio 23:3) Kana eseng jaaka bao moaposetoloi Paulo a neng a ba botsa jaana a ba tshwaya phoso: “Ka re, wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute? wèna eo u rèrañ gore motho a se ka a ucwa, a u bile ua ucwa?”—Baroma 2:21.

      Batho ba le bantsi gompieno ba latofatsa Bibela ka gore e siilwe ke nako le ka gore ditaelo tsa yone ga di mosola go ka dirisiwa. Jesu o gwetlha boemo joo ka mafoko ano: “Me botlhale bo atlholecwe tshiamō ke bana botlhe ba yōna.” (Luke 7:35) Dikakgelo tse di latelang tsa malapa tse di tswang mo dinageng di le dintsi di bontsha fa mafoko a gagwe a le boammaaruri.

  • Go Godisiwa ga Malapa Lefatshe ka Bophara—Go A Godisa ka Lorato, ka Kotlhao, ka go Bontsha Sekao, le ka Ditekanyetso Tsa Semoya
    Tsogang!—1991 | October 8
    • Go Godisiwa ga Malapa Lefatshe ka Bophara—Go A Godisa ka Lorato, ka Kotlhao, ka go Bontsha Sekao, le ka Ditekanyetso Tsa Semoya

      BATSADI go tswa kwa dinageng tse di farologaneng ba ile ba romela dipego tse di malebana le kafa ba ileng ba atlega ka gone mo go godiseng bana go tloga ka nako ya fa ba ne ba tsholwa go fitlha ba le mo dingwageng tsa bolesome. Botlhe ba bone ke Basupi ba ga Jehofa, mme ka gone dipego tsa bone di gatelela botlhokwa jwa go tsaya dikarolo tse nnè tse di umakilweng mo setlhogong se se fa godimo tsia. Ditsopolo tse di tlhagisitsweng fano di bontsha fela dikarolo di sekae tse di farologaneng tsa go godisa lelapa tse ba neng ba di latela.

      Go Tswa kwa Hawaii

      “Fela jaaka fa Bibela e re bolelela, lorato ke nonofo ‘e kgolo go di gaisa tsotlhe.’ Lorato ka dikarolo tsotlhe tsa lone tse di tlhokegang le tshwanetse la rena mo legaeng le mo lelapeng lotlhe. Nna mmogo le Carol re ile ra bontshana nonofo eno ya Modimo mo lenyalong la rona. Re atamalane tota. Re rata go bo re le mmogo. Ke dumela fa go le boammaaruri gore tharabololo e kgolo fela ya go godisa bana ka katlego ke fa banyalani e le ba ba itumetseng.

      “Le gompieno ke santse ke gakologelwa kafa ke neng ke ikutlwa ka gone mo pelong mo malatsing le mo dibekeng tse di neng tsa latela morago ga gore ngwana wa rona wa ntlha a tsholwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela