-
Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa PhitlhoTora ya Tebelo—1998 | July 15
-
-
Pono ya Mokeresete ka Dingwao Tsa Phitlho
LOSO lwa tshoganetso, lo lo sa lebelelwang lwa motho yo o mo ratang lo botlhoko thata. Lo dira gore motho a garoge pelo, a bo a utlwe botlhoko thata mo maikutlong. Go bona motho yo o mo ratang a robala mo losong morago ga go lwala nako e telele e bile a le mo ditlhabing go farologane, mme go hutsafala le go ikutlwa o latlhegetswe go nna go ntse go le teng.
Go sa kgathalesege gore yo o mo ratang o sule ka tsela efe, motho yo o swetsweng o tlhoka go tshegediwa le go gomodiwa. Gape Mokeresete yo o swetsweng a ka nna a lebana le pogiso e e tswang mo go ba ba gatelelang gore go dirwe dingwao tsa phitlho tse di seng kafa Dikwalong. Seno se tlwaelegile mo dinageng di le dintsi tsa Afrika mme gape le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
Ke eng se se ka thusang Mokeresete yo o swetsweng gore a tile dingwao tsa phitlho tse di seng kafa Dikwalong? Badumedikaene ba ka mo tshegetsa jang mo dinakong tse di ntseng jalo tsa teko? Dikarabo tsa dipotso tseno di ama batho botlhe ba ba batlang go itumedisa Jehofa, ka gonne “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27.
Go Amanngwa le Tumelo
Lebaka le le tlwaelegileng le le gokaganyang dingwao di le dintsi tsa phitlho ke tumelo ya gore baswi ba tswelela ba tshela kwa lefelong lengwe le le sa bonaleng la bagologolwane. E le go ba kokobetsa, batho ba le bantsi ba ba hutsafetseng ba ikutlwa ba tlamega go dira meetlo mengwe e e rileng. Kana ba tshaba gore ba tla kgopisa baagelani ba ba dumelang gore batho ba ka tlhagelwa ke sengwe se se botlhoko fa meetlo eo e sa dirwe.
Mokeresete wa boammaaruri ga a tshwanela go tshaba motho le go nna le seabe mo dingwaong tse di sa itumediseng Modimo. (Diane 29:25; Mathaio 10:28) Baebele e bontsha gore baswi ga ba itse sepe, ka gonne e bolela jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe . . . Gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.” (Moreri 9:5, 10) Ka gone, Jehofa Modimo o ne a tlhagisa batho ba gagwe ba metlha ya bogologolo gore ba se ka ba leka go kokobetsa baswi kana go bua le bone. (Duteronome 14:1; 18:10-12; Isaia 8:19, 20) Boammaaruri jono jwa Baebele bo thulana le dingwao di le dintsi tse di tlwaelegileng tsa phitlho.
Go Tweng ka “go Itshekisiwa Kafa Tlhakanelodikobong”?
Kwa dinageng dingwe tsa Afrika e e bogare, molekane yo o swetsweng o lebeletswe gore a tlhakanele dikobo le mongwe wa losika yo o gaufi thata le moswi. Fa seno se sa dirwe, go dumelwa gore moswi o tla utlwisa lelapa le le setseng botlhoko. Moetlo ono o bidiwa “go itshekisiwa kafa tlhakanelodikobong.” Mme Baebele e tlhalosa bokopano bope fela jwa tlhakanelodikobo jo bo seng mo lenyalong e le “kgokafalo.” E re ka Bakeresete ba tshwanetse go ‘tshaba kgokafalo,’ ba ema ka bopelokgale kgatlhanong le ngwao eno e e seng ya Dikwalo.—1 Bakorintha 6:18.
Akanya ka motlholagadi mongwe yo o bidiwang Mercy.a Fa monna wa gagwe a ne a swa ka 1989, ba losika ba ne ba batla gore a itshekisiwe kafa tlhakanelodikobong le monna ope fela wa losika. O ne a gana, a tlhalosa gore moetlo ono o ne o le kgatlhanong le molao wa Modimo. Ba losika ba ne ba tsamaya ba betilwe ke pelo morago ga gore ba mo kgobe ka mafoko. Kgwedi morago ga moo ba ne ba thopa dithoto kwa legaeng la gagwe, ba rutlolola disenke tsa ntlo ya gagwe. Ba ne ba bolela jaana: “Bodumedi jwa gago bo tla go tlhokomela.”
Phuthego e ne ya gomotsa Mercy ya ba ya mo agela ntlo e ntšha. Baagelani ba ne ba kgatlhilwe ke seno mme ba bangwe ba ne ba swetsa gore ba nne le seabe mo tirong eno, go ne go na le mosadi wa kgosi wa Mokatoliki yo e neng ya nna ene wa ntlha go tlisa bojang jwa go rulela. Boitshwaro jwa boikanyegi jwa ga Mercy bo ne jwa kgothatsa bana ba gagwe. Ba le banè ba bone fa e sa le ka nako eo ba ile ba ineela mo go Jehofa Modimo, mme yo mongwe bosheng jaana o ne a le gone kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi.
Ka ntlha ya ngwao eno ya go itshekisiwa kafa tlhakanelodikobong, Bakeresete bangwe ba ile ba ineela gore ba patelediwe go tsena mo lenyalong le motho yo o sa dumeleng. Ka sekai, moswagadi mongwe yo o neng a le mo dingwageng tsa bo70 o ne a itlhaganelela go nyala mosetsanyana yo o amanang le mosadi wa gagwe yo o suleng. Ka go dira seno o ne a bolela gore o itshekisitse kafa tlhakanelodikobong. Le fa go ntse jalo, tsela eo ga e dumalane le kgakololo ya Baebele ya gore Bakeresete ba tshwanetse go nyala “fela e le mo Moreneng.”—1 Bakorintha 7:39.
Tebelelo
Mo dinageng di le dintsi, batho ba ba hutsafetseng ba kokoanela kwa legaeng la moswi mme ba bo ba sa robale bosigo jotlhe. Gantsi mo ditebelelong tseno go dirwa mokete le mmino o o kwa godimo. Go dumelwa gore seno se kokobetsa moswi e bile se sireletsa lelapa le le setseng mo boloing. Go ka nna ga buiwa maaka fela e le gore moswi a ba rate. Morago ga puo eo, batho ba ba hutsafetseng ba ka opela pina nngwe ya bodumedi pele motho yo mongwe a ka ya go bua sengwe. Seno se ka nna sa tswelela pele go fitlhela masa a sa.b
Mokeresete wa boammaaruri ga a nne gone mo tebelelong e e dirwang bosigo jotlhe jalo ka gonne Baebele e bontsha gore baswi ga ba kgone go thusa kana go utlwisa batshedi botlhoko. (Genesise 3:19; Pesalema 146:3, 4; Johane 11:11-14) Dikwalo di nyatsa tirisabadimo. (Tshenolo 9:21; 22:15) Le fa go ntse jalo, motlholagadi wa Mokeresete a ka bona go le thata go thibela ba bangwe go dira mekgwa ya bodimona. Ba ka nna ba gatelela gore ba dire tebelelo ya bosigo jotlhe kwa legaeng la gagwe. Ke eng se badumedikaene ba ka se dirang go thusa Bakeresete ba ba swetsweng gore ba lebane le tlalelo eno e nngwe?
Gantsi bagolwane ba phuthego ba ka tswa ba ile ba tshegetsa lelapa la Bakeresete ba ba swetsweng ka go akantshana le ba losika le baagelani. Morago ga go akantshana jalo le bone, batho bano ba ka nna ba dumela go tswa mo gae ka kagiso mme ba kokoane gape ka nako ya tirelo ya phitlho mo letsatsing le le latelang. Mme go tweng fa bangwe ba nna ditlhogodithata? Go tswelela pele ba leka go akantshana le bone go ka baka thubakanyo. ‘Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go tlhabana, mme o tshwanetse go ipoloka a ithibile mo bosuleng.’ (2 Timotheo 2:24) Ka jalo fa ba losika ba ba dirang dikgogakgogano ba batla go laola ka dikgoka, motlholagadi wa Mokeresete le bana ba gagwe ba ka nna ba se ka ba kgona go thibela seno. Mme ga ba nne le seabe mo moketeng wa bodumedi jwa maaka o o direlwang mo ga gagwe, ka gonne ba utlwa taelo eno ya Baebele: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.”—2 Bakorintha 6:14.
Gape molaomotheo ono o dira le mo phitlhong. Basupi ba ga Jehofa ga ba opele, ga ba rapele, kana go dira meetlo e e eteletsweng pele ke moruti wa bodumedi jwa maaka. Fa Bakeresete ba e leng ba lelapa le le gaufi thata ba bona go tlhokega gore ba nne gone mo tirelong e e ntseng jalo, ga ba kopanele mo go se se dirwang.—2 Bakorintha 6:17; Tshenolo 18:4.
Ditirelo Tsa Phitlho Tse di Nang le Seriti
Diphitlho tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa ga di na meetlo e e dirwang ka boikaelelo jwa go kokobetsa baswi. Go neelwa puo ya Baebele kwa Holong ya Bogosi, kwa mmotšhareng, kwa legaeng la moswi, kana kwa mabitleng. Boikaelelo jwa puo eno ke go gomotsa ba ba swetsweng ka go tlhalosa se Baebele e se buelelang ka loso le tsholofelo ya tsogo ya baswi. (Johane 11:25; Baroma 5:12; 2 Petere 3:13) Go ka nna ga opelwa pina e e theilweng mo Dikwalong, mme tirelo e konelwa ka thapelo e e gomotsang.
Bosheng jaana, tirelo ya phitlho e e tshwanang le eno e ne ya tshwarelwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng e le kgaitsadie Nelson Mandela, moporesidente wa Afrika Borwa. Morago ga tirelo eno, moporesidente o ne a leboga sebui go tswa mo pelong. Batlotlegi ba le bantsi le badiredibagolo ba ne ba le gone. Tona nngwe ya palamente e ne ya bolela jaana: “Eno ke phitlho e e nang le seriti thata e ke kileng ka ya kwa go yone.”
A Diaparo Tsa go Roula di a Amogelwa?
Basupi ba ga Jehofa ba hutsafalela baratiwa ba bone ba ba suleng. Fela jaaka Jesu, ba ka nna ba tsholola dikeledi. (Johane 11:35, 36) A mme ba bona go le botlhokwa gore ba bontshe bohutsana phatlalatsa ka letshwao lengwe la ka fa ntle. (Bapisa Mathaio 6:16-18.) Mo dinageng di le dintsi, batlholagadi ba tshwanetse go apara diaparo tse di kgethegileng tsa go roula gore ba kokobetse baswi. Diaparo tseno di tshwanetse go aparwa dikgwedi di le mmalwa kana ngwaga morago ga phitlho, mme fa di tlile go apolwa go dirwa mokete o mongwe gape.
Fa motho a sa dire ditshupo dingwe tsa go roula go tsewa e le go direla moswi phoso. Ka ntlha ya seno, kwa dikarolong dingwe tsa Swaziland, dikgosi tsa semorafe di ile tsa leleka Basupi ba ga Jehofa mo magaeng le mo dinageng tsa bone. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang ka metlha ba ile ba tlhokomelwa ke bakaulengwe ba bone ba semoya ba ba nnang go sele.
Kgotlatshekelokgolo ya Swaziland e ile ya buelela Basupi ba ga Jehofa, e bolela gore ba tshwanetse go letlelelwa go boela kwa magaeng le kwa dinageng tsa bone. Mo kgetsing e nngwe, motlholagadi mongwe wa Mokeresete o ne a dumelelwa go nna kwa ga gagwe fa a sena go ntsha lekwalo le khasete e e rekotilweng, tse monna wa gagwe yo o suleng a neng a di bua ka phepafalo gore mosadi wa gagwe ga a tshwanela go apara diaparo tsa go roula. Ka gone, o ne a kgona go supa gore tota o ne a tlotla monna wa gagwe.
Go botlhokwa thata go ntsha ditaelo tsa phitlho ka phepafalo pele motho a swa, segolobogolo mo mafelong a go dirwang dilo tse di seng mo Dikwalong gone. Akanya ka sekai sa ga Victor, moagi mongwe wa kwa Cameroon. O ne a kwala thulaganyo e e neng e tshwanetse go latelwa kwa phitlhong ya gagwe. Mo lelapeng la gagabo go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba le manganga ba setso se se neng se na le dingwao tse di nonofileng malebana le baswi, tse di neng di akaretsa go obamela magata a batho. E re ka Victor e ne e le leloko la lelapa le le tlotlegang, o ne a itse gore legata la gagwe le ne le tlile go dirwa ka tsela eno. Ka gone o ne a laela ka phepafalo kafa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetseng go tshwara phitlho ya gagwe ka gone. Seno se ne sa tlhofofaletsa motlholagadi le bana ba gagwe dilo, mme go ne ga neelwa bosupi jo bo molemo mo motseng oo.
Tilang go Etsa Dingwao Tse di Seng mo Dikwalong
Bangwe ba ba nang le kitso ya Baebele ba ile ba tshaba go dira se se farologaneng. Go tila go bogisiwa, ba ile ba leka go itumedisa baagelani ba bone ka go dira jaaka e kete ba tshwarela moswi tebelelo e e tlwaelegileng. Le fa e le selo se sentle go etela ba ba swetsweng e le go ba gomotsa, seno ga se tlhoke gore go tshwarwe tirelonyana ya phitlho kwa legaeng la moswi bosigo bongwe le bongwe pele ga phitlho. Go dira seno go ka kgopisa ba ba lebeletseng, e re ka go ka dira gore ba akanye gore ba ba dirang seno tota ga ba dumele mo go se Baebele e se bolelang ka boemo jwa baswi.—1 Bakorintha 10:32.
Baebele e rotloetsa Bakeresete gore ba beye kobamelo ya Modimo kwa pele mo botshelong le go dirisa nako ya bone ka tsela e e botlhale. (Mathaio 6:33; Baefeso 5:15, 16) Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe go ile ga emisiwa tiro ya phuthego mo bekeng eo kana go feta ka ntlha ya phitlho. Bothata jono bo tlwaelegile thata mo Afrika. Malebana le phitlho nngwe, pego e e tswang kwa Amerika Borwa e bolela jaana: “Palo ya batho ba ba yang kwa dipokanong tse tharo tsa Bokeresete e ne e le kwa tlase fela thata. Tirelo ya tshimo e ne e sa tshegediwe ka malatsi a le lesome. Tota le batho ba ba seng mo phuthegong le baithuti ba Baebele ba ne ba gakgametse e bile ba kgobegile marapo go bona bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba kopanela mo go se se neng se dirwa.”
Mo mafelong mangwe, lelapa le le swetsweng le ka nna la laletsa ditsala di sekae tse di gaufi kwa legaeng la lone gore ba tle go ja dijonyana tse di motlhoswana morago ga phitlho. Mme mo dikarolong di le dintsi tsa Afrika, makgolokgolo a batho a a leng gone mo phitlhong a ya kwa legaeng la moswi mme a lebelele go tshwara mokete, koo gantsi go tlhabiwang diphologolo. Bangwe ba ba kopanelang le phuthego ya Bokeresete ba ile ba etsa ngwao eno, ba dira jaaka e kete ba keteka mekete ya ngwao e e kokobetsang baswi.
Ditirelo tsa phitlho tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa ga di imetse ba ba swetsweng ka mokgweleo o o boima. Ka jalo ga go tlhokege gore go nne le thulaganyo e e kgethegileng ka ba ba leng gone gore ba ntshe madi a a duelelang phitlho e e magasigasi. Fa batlholagadi ba ba humanegileng ba sa kgone go duelela dilo dingwe tse di tlhokegang, ga go belaetse gore bangwe mo phuthegong ba tla itumelela go thusa. Fa thuso eo e sa lekana, bagolwane ba ka rulaganya go thusa ba ba tshwanelegang ka dilo tse di bonalang.—1 Timotheo 5:3, 4.
Ga se ka dinako tsotlhe gore dingwao tsa phitlho e nne tse di thulanang le melaometheo ya Baebele. Fa di thulana, Bakeresete ba ikemisetsa go dira se se dumalanang le Dikwalo.c (Ditiro 5:29) Le mororo seno se ka oketsa tlalelo, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ka supela gore ba ile ba dirisana le diteko tse di ntseng jalo ka katlego. Ba dirile jalo ka nonofo e e tswang kwa go Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe,” le ka thuso e e lorato ya badumedikabone ba ba ileng ba ba gomotsa mo tlalelong ya bone.—2 Bakorintha 1:3, 4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go dirisitswe maina a sele mo setlhogong seno.
b Mo dipuong dingwe le mo ditsong tse dingwe lereo le le reng “tebelelo” le dirisiwa go kaya go etela ba ba swetsweng ka bokhutshwane e le go ba gomotsa. Go ka tswa go se na sepe se se leng kgatlhanong le Dikwalo mo go seno. Bona Tsogang! ya May 22, 1979 (ka Seesemane), ditsebe 27-8.
c Koo e leng gore dingwao tsa phitlho di ka tlisa diteko tse di setlhogo mo Mokereseteng, bagolwane ba ka baakanyetsa bayakolobetsong ka se se ka diragalang kwa pele. Fa ba kopana le ba basha bano go buisana ka dipotso tse di tswang mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ba tshwanetse go dira gore ba ele tlhoko thata dikarolo tse di reng “Moya, Boleo le Loso” le “Tlhakanelo-tumelo.” Ka bobedi jwa tsone di na le dipotso tse dingwe tse go ka buisanwang ka tsone. Fano bagolwane ba ka neela tshedimosetso e e malebana le dingwao tsa phitlho tse e seng tsa Dikwalo e le gore moyakolobetsong a itse se Lefoko la Modimo le tlhokang gore a se dire fa a ka lebana le maemo a a ntseng jalo.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Ba Ile ba Segofalediwa Boemo Jwa Bone jo bo Nitameng
Sibongile ke motlholagadi yo o pelokgale wa Mokeresete yo o nnang kwa Swaziland. Fa monna wa gagwe a sena go swa bosheng jaana, o ne a gana go latela dingwao tse batho ba le bantsi ba akanyang gore di kokobetsa baswi. Ka sekai, o ne a se ka a beola moriri wa gagwe. (Duteronome 14:1) Ba lelapa ba le robedi ba ne ba galefetse seno mme ba mmeola tlhogo ka dikgoka. Gape ba ne ba thibela Basupi ba ga Jehofa go etela kwa gae go tla go gomotsa Sibongile. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi ba ne ba itumelela go mo etela ba tshwere dikwalo tse di kgothatsang tse di neng di kwadilwe ke bagolwane. Mo letsatsing le Sibongile a neng a tshwanetse go apara diaparo tse di kgethegileng tsa go roula ka lone, go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang. Leloko la lelapa le le neng le le manganga thata le ne la phutha ba bangwe gore ba tle ba buisane ka go gana ga gagwe go ineela mo dingwaong tsa go roula tse di tlwaelegileng.
Sibongile o bega jaana: “Ba ne ba mpotsa gore a ditumelo tsa me tsa bodumedi di ntumelela go bontsha bohutsana ka go apara diaparo tse dintsho tse di roulang. Fa ke sena go tlhalosa boemo jwa me, ba ne ba mpolelela gore ba ka se mpateletse. Se se gakgamatsang, botlhe ba ne ba kopa maitshwarelo ka go ntshwara makgwakgwa le go mpeola moriri ke sa batle. Botlhe ba ne ba nkopa gore ke ba itshwarele.” Moragonyana, monnawe Sibongile wa mosetsana o ne a bontsha gore o tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba na le bodumedi jwa boammaaruri, mme a kopa gore a rutwe Baebele.
Akanya ka sekai se sengwe: Monna mongwe mo Afrika Borwa yo o bidiwang Benjamin o ne a na le dingwaga di le 29 fa a ne a utlwa gore rraagwe o sule ka tshoganetso. Ka nako eo, Benjamin e ne e le ene fela Mosupi mo lelapeng la gagabo. Ka nako ya tirelo ya phitlho, mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go sala ba bangwe morago mme a latlhele mmu ka letsogo mo godimo ga lekese.d Morago ga phitlho, maloko otlhe a lelapa a a gaufi a ne a beolwa moriri. E re ka Benjamin a ne a sa dire meetlo eno, baagelani le ba lelapa ba ne ba bolelela pele gore o tla otlhaiwa ke moya wa ga rraagwe yo o suleng.
Benjamin o bolela jaana: “E re ka ke ne ke ikanya Jehofa, ga go na sepe se se neng sa ntiragalela.” Ba lelapa ba ne ba lemoga gore ga a ise a diragalelwe ke sepe. Fa nako e ntse e ya, ba le mmalwa ba bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba kolobediwa e le go tshwantshetsa boineelo jwa bone go Modimo. Mme Benjamin ene? O ne a tsenela tiro ya nako e e tletseng ya go rera efangele. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, o nnile le tshiamelo e e molemo ya go direla diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa e le molebedi yo o etang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
d Ba bangwe ba ka nna ba bona go se phoso go latlhela dithunya kana mmu mo lebitleng. Le fa go ntse jalo, Mokeresete o tla tila go dira seno fa batho ba se leba e le tsela ya go kokobetsa baswi kana e le karolo ya tirelo e e okametsweng ke moruti wa bodumedi jwa maaka.—Bona Tsogang! ya March 22, 1977, (ka Seesemane) tsebe 15.
-
-
Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ya October 3, 1998Tora ya Tebelo—1998 | July 15
-
-
Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ya October 3, 1998
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 3, 1998, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, e e kwa 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha e e leng ya maloko fela e tla simolola ka 9:15 a.m., mme morago ga foo go nne le pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Lekgotla a tshwanetse go itsise Ofisi ya Mokwaledi gone jaanong fa e le gore diaterese tsa one tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng e le gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa kemedi di goroge kwa go bone ka July.
Diforomo tsa kemedi, tseo di tla romelelwang maloko mmogo le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse tsa busiwa gore di goroge kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho pele ga August 1. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa le go romela foromo ya lone ya kemedi ka bonako, le bolele gore a le tla kgona go nna teng ka namana kwa pokanong kana gore le ka se kgone. Tshedimosetso e e kwadilweng mo foromong nngwe le nngwe ya kemedi e tshwanetse ya bolela seno ka tlhomamo, e re ka e tla dirisiwa fa go tlhatlhobiwa gore ke bomang ba ba tla bong ba le teng ka namana.
Go solofetswe gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, e tla fela ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga moo. Ga go ne go nna le thulaganyo ya thapama. E re ka go tla bo go se na manno a mantsi, go tla tsena fela ba ba tshotseng dithekete. Ga go ne go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le diholo tse dingwe ka mogala.
-