LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 4-7
  • A o Ka Ikanya Segakolodi sa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Ikanya Segakolodi sa Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thapisa Segakolodi
  • Go Tsamaisana le Mogopolo wa Modimo
  • Selo se se Thusang go Thapisa Segakolodi
  • Go Nna le “Mogopolo wa ga Keresete”
  • Go Solegelwa Molemo ke Segakolodi se se Thapisitsweng
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Letla Melao le Melaometheo ya Baebele Gore e Thapise Segakolodi sa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 4-7

A o Ka Ikanya Segakolodi sa Gago?

KA TLWAELO, kompase ke sedirisiwa se re ka se ikanyang. Lenaka la yone le le laolwang ke makenete ya lefatshe le aga le ntse le supile kwa bokone. Batsamai ba ikaega ka dikompase gore di ba kaele fa go se na matshwao a a ba kaelang. Mme go diragalang fa makenete o bapisitswe le kompase? Lenaka le tla siela kwa makeneteng go na le gore le supe kwa bokone. Ga e tlhole e le selo se se ka ikanngwang.

Go ka diragala selo se se tshwanang ka segakolodi sa motho. Mmopi o tsentse selo seno mo go rona gore re ikanye gore se tla re kaela. E re ka re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ka metlha segakolodi se tshwanetse go re kaela tsela e e siameng fa re tlhoka go dira ditshwetso. Se tshwanetse go re tlhotlheletsa go tshela go ya ka melao ya Modimo ya boitshwaro. (Genesise 1:27) Gantsi se dira jalo. Ka sekai, moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo, o ile a kwala a bolela gore le e leng batho bangwe ba ba se nang molao o o senotsweng wa Modimo “ba dira ka tlholego dilo tsa molao.” Ka ntlha yang? Ka gonne “segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone.”—Baroma 2:14, 15.

Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha segakolodi se go tsibosang fa se tshwanetse go dira jalo. Ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho, re sekametse thata mo go direng dilo tse re itseng gore di phoso. Paulo o ne a dumela jaana: “Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Baroma 7:22, 23) Fa re ineela gantsintsi mo go direng dilo tse di phoso, segakolodi sa rona se ka koafala ka bonya ka bonya mme kwa bofelong se emise go re bolelela gore boitshwaro jo bo ntseng jalo bo phoso.

Le fa go ntse jalo, le fa re sa itekanela, re ka dumalanya segakolodi sa rona le melao ya Modimo. E bile tota, go botlhokwa gore re dire jalo. Segakolodi se se phepa, se se thapisitsweng sentle ga se dire fela gore o nne le botsala le Modimo mme gape se ka go thusa gore o bolokwe. (Bahebera 10:22; 1 Petere 1:15, 16) Mo godimo ga moo, segakolodi se se molemo se tla re thusa go dira ditshwetso tse di molemo mo botshelong, tse di tla dirang gore re nne le kagiso le boitumelo. Mopesalema o ne a bolela jaana ka motho yo o nang le segakolodi se se ntseng jalo: “Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe; ga go dikgato dipe tsa gagwe tse di tlaa relelang.”—Pesalema 37:31.

Go Thapisa Segakolodi

Go thapisa segakolodi go akaretsa se se fetang go tshwara lenaane la melao ka tlhogo mme o bo o le ngaparela thata. Ke seo Bafarasai ba motlha wa ga Jesu ba neng ba se dira. Baeteledipele bano ba bodumedi ba ne ba itse Molao mme ba ne ba tlhamile ngwao e e nang le melawana e mentsintsi, gongwe e le go thusa batho go tila go tlola Molao. Ka jalo ba ne ba itlhaganelela go latofatsa barutwa ba ga Jesu fa ba ne ba kgetla diako tsa mabele ka Sabata le go ja dithoro tsa one. Gape ba ne ba gwetlha Jesu fa a ne a fodisa seatla se se neng se omeletse sa monna mongwe ka Sabata. (Mathaio 12:1, 2, 9, 10) Ditiro tseno tse pedi, go ya ka ngwao ya Bafarasai, di ne di dira gore motho a tlole molao wa bonè.—Ekesodo 20:8-11.

Kwantle ga pelaelo, Bafarasai ba ne ba ithutile Molao. Mme le fa go ntse jalo, a digakolodi tsa bone di ne di dumalana le melao ya Modimo? Le e seng! Ebu, morago fela ga gore Bafarasai ba latofatse Jesu ka seo ba neng ba akanya gore ke go tlola molao wa Sabata go go masisi, ba ne ba gakololana “gore ba tle ba mo senye.” (Mathaio 12:14) Akanya fela—baeteledipele bano ba bodumedi ba ba iphakang gore ba siame, ba ne ba tsosa kgang fela ka go ja diako tsa mabele tse di neng di sa tswa go kgetlwa le go fodisa ka Sabata; mme le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tshwenngwa ke digakolodi fa ba ne ba loga leano la go bolaya Jesu!

Baperesiti ba bagolo le bone ba ne ba supa mogopolo ono o o sokameng. Banna bano ba ba bosula ga ba a ka ba tshwenngwa ke digakolodi le e seng fa ba ne ba reka Judase ka dipapetlana tsa selefera di le 30 tse ba neng ba di tsere mo bobolokelamatlotlong jwa tempele go oka Jesu ka tsone. Mme fa Judase a ne a busa madi ano a a latlhela gape kwa tempeleng ba sa solofela, digakolodi tsa baperesiti bano ba bagolo di ne tsa lebana le bothata jwa go thulana le molao. Ba ne ba re: “Ga go kafa molaong gore [dipapetlana] di latlhelwe mo bobolokelamatlotlong jo bo boitshepo, ka gonne ke se se rekileng madi.” (Mathaio 27:3-6) Go bonala baperesiti bano ba bagolo ba ne ba tshwenyegile ka gore madi a ga Judase a ne jaanong a itshekologile. (Bapisa Duteronome 23:18.) Le fa go ntse jalo, sone setlhopha seno sa banna ga se a ka sa bona phoso epe ka go dirisa madi ano go duelela go okwa ga Morwa Modimo!

Go Tsamaisana le Mogopolo wa Modimo

Dikai tse di fa godimo di bontsha gore go thapisa segakolodi go tlhoka se se fetang fela go tlatsa tlhaloganyo ka lenaane la melawana. Gone ke boammaaruri gore go nna le kitso ka melao ya Modimo go botlhokwa, le gore go e ikobela go botlhokwa gore motho a bolokwe. (Pesalema 19:7-11) Le fa go ntse jalo, mo godimo ga go ithuta melao ya Modimo, re tshwanetse go nna le pelo e e tsamaisanang le mogopolo wa Modimo. Ka tsela e e ntseng jalo re ka bona boperofeti jwa ga Jehofa ka Isaia bo diragadiwa jo bo reng: “Matlho a gago a tlaa bona [Motlhatlheledi wa gago yo Mogolo, NW]. Le ditsebe tsa gago di tla utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone,’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.”—Isaia 30:20, 21; 48:17.

Gone mme, seno ga se reye gore fa re lebane le go dira tshwetso e e bokete re tla utlwa lentswe la mmatota le re bolelela se re tshwanetseng go se dira. Le fa go ntse jalo, fa mogopolo wa rona o tsamaisana le tsela e Modimo a akanyang dilo ka yone, digakolodi tsa rona di tla kgona go re thusa go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang.—Diane 27:11.

Akanya ka Josefa yo o neng a tshela mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a mo rapela gore a dire boaka le ene, Josefa o ne a gana, a re: “Bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?” (Genesise 39:9) Mo motlheng wa ga Josefa go ne go se na molao wa Modimo o o neng o kwadilwe o o neng o kgala go dira boaka. Mo godimo ga moo, Josefa o ne a nna kwa Egepeto, a le kgakala le thapiso ya lelapa la gagabo kana melao ya ditlhogo tsa lotso. Ke eng he, se se neng sa thusa Josefa go fenya thaelo eno? Re ka re fela ke segakolodi sa gagwe se se neng se thapisitswe. Josefa o ne a leba dilo ka pono ya Modimo ya gore monna le mosadi ba ne ba “tlaa nna nama e le nngwe fela.” (Genesise 2:24) Ka jalo o ne a bona gore go tla bo go le phoso go tsaya mosadi wa monna yo mongwe. Mogopolo wa ga Josefa o ne o tsamaisana le tsela e Modimo a akanyang dilo ka yone. Boaka bo ne bo sa dumalane le boikutlo jwa gagwe ka boitshwaro.

Gompieno ke batho ba le mmalwa fela ba ba tshwanang le Josefa. Boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo atile mme ba le bantsi ga ba ikutlwe ba ikarabela mo go Mmopi wa bone, mo go bone ka bobone, kana le e leng mo bathong ba ba nyalaneng le bone gore ba nne ba le phepa mo boitshwarong. Seemo seno se tshwana fela thata le se se tlhalositsweng mo go Jeremia: “Ga go motho ope yo o ikwatlhaelang boikepo jwa gagwe ka go re: ‘Ke dirile eng?’ Mongwe le mongwe o fapogela tseleng ya gagwe, jaaka pitse e e sotlhomelang mo tlhabanong.” (Jeremia 8:6) Ka jalo, go tlhokega thata go feta le fa e le leng pele gore re tsamaisane le mogopolo wa Modimo. Re na le selo se se molemo thata se se ka re thusang go dira jalo.

Selo se se Thusang go Thapisa Segakolodi

Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di “mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.” (2 Timotheo 3:16, 17) Go ithuta Baebele go tla re thusa go thapisa se Baebele e se bitsang ‘dikgono tsa rona tsa go lemoga,’ gore re kgone go farologanya se se siameng le se se phoso. (Bahebera 5:14) Go tla re thusa go rata dilo tse Modimo a di ratang le go ila tse a di ilang.—Pesalema 97:10; 139:21.

Ka jalo, boikaelelo jwa rona fa re ithuta Baebele ke gore re tlhaloganye boammaaruri sentle ka botlalo e seng go nna fela le kitso e ntsintsi fela. Tora ya Tebelo ya September 1, 1976 (ka Seesemane) e ne ya tlhalosa jaana: “Mo go ithuteng ga rona Dikwalo re tshwanetse ra leka go tlhaloganya boikutlo jwa Modimo ka tshiamiso, lorato le tshiamo mme re di jale kwa tengteng ga dipelo tsa rona gore di nne dilo tse re tshelang ka tsone fela jaaka go ja le go hema. Re tshwanetse go leka go nna kelotlhoko thata malebana le maikarabelo a re nang le one a go nna le boitshwaro jo bo siameng ka go kgaratlhela go itse go farologanya se se siameng le se se phoso. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dira gore digakolodi tsa rona di ikutlwe di ikarabela tota mo go Moneimolao wa rona yo o itekanetseng le Moatlhodi wa rona. (Isa. 33:22) Ka jalo, fa re ntse re ithuta dilo dingwe ka Modimo, re tshwanetse go leka go mo etsa mo mokgweng mongwe le mongwe wa rona wa botshelo.”

Go Nna le “Mogopolo wa ga Keresete”

Go ithuta Baebele gape go tla re thusa go nna le “mogopolo wa ga Keresete,” e leng mokgwa wa go akanya wa go nna kutlo le go nna boikokobetso o Jesu a neng a na le one. (1 Bakorintha 2:16) O ne a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe, e se selo fela se a se dirang ka tsela ya seomodiro kwantle ga go akanya. Boikutlo jwa gagwe bo ne jwa tlhalosiwa ke mopesalema Dafite fa a ne a bolela jaana ka tsela ya boporofeti: “Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me; ee, molao wa gago o mo teng ga pelo ya me.”a—Pesalema 40:8.

Go nna le “mogopolo wa ga Keresete” go botlhokwa mo go thapiseng segakolodi. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng e le motho yo o itekanetseng, o ne a dira gotlhe mo motho a ka go kgonang go supa dinonofo le botho tsa ga Rraagwe. Ka jalo o ne a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Mo maemong a Jesu a neng a kopana le one mo lefatsheng, o ne a dira fela se Rraagwe a neng a batla gore a se dire. Ka jalo, fa re ithuta ka botshelo jwa ga Jesu, re kgona go bona sentle gore Jehofa Modimo o ntse jang.

Re bolelelwa gore Jehofa o ‘tletse bopelotlhomogi, o tsalano, o bonya go galefa, e bile o letlotlo la boutlwelo botlhoko.’ (Ekesodo 34:6) Gangwe le gape Jesu o ne a supa dinonofo tseno fa a dirisana le baaposetoloi ba gagwe. Fa gangwe le gape ba ne ba ganetsana ka ga gore ke mang yo mogolo, ka bopelotelele Jesu o ne a ba ruta ka lefoko le ka sekao gore, “lefa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme lefa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” (Mathaio 20:26, 27) Seno ke sekai se le sengwe fela se se supang gore re ka kgona go tsamaisana le tsela ya Modimo ya go akanya ka go ela tlhoko botshelo jwa ga Jesu.

Fa re ntse re ithuta thata ka Jesu, ke gone re tla kgonang go etsa Rraarona wa selegodimo, Jehofa sentle. (Baefeso 5:1, 2) Segakolodi se se tsamaisanang le tsela ya Modimo ya go akanya se tla re kaela mo tseleng e e siameng. Jehofa o solofetsa ba ba mo ikanyang jaana: “Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena.”—Pesalema 32:8.

Go Solegelwa Molemo ke Segakolodi se se Thapisitsweng

E re ka Moshe a ne a itse ka go tlhoka kutlo ga batho ba ba sa itekanelang, o ne a tlhagisa Baiseraele jaana: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a molao o, a ke lo a itsiseng gompieno, go tla lo a bolelela bana ba lona go a dirafatsa.” (Duteronome 32:46) Le rona re tshwanetse ra kwala molao wa Modimo mo dipelong tsa rona. Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo gore digakolodi tsa rona di kaele dikgato tsa rona le go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng.

Gone mme, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.” (Diane 14:12) Ke ka ntlha yang fa gantsi go nna jalo? Ka gonne ke fela jaaka Baebele e bolela: “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata; e mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) Ka jalo, go botlhokwa gore rotlhe re latele kgakololo e e mo go Diane 3:5, 6 e e reng: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo lekwalong la gagwe a kwalela Bahebera, moaposetoloi Paulo o ne a lebisa mafoko a Pesalema ya bo40 mo go Jesu Keresete.—Bahebera 10:5-10.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka kompase, segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele se ka re kaela mo tseleng e e siameng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Compass: Courtesy, Peabody Essex Museum, Salem, Mass.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela