Tlhomamisa Gore Dilo Tsa Pele di Tle Pele!
Ke maitseboa a dipokano, mme o na le tiro e o tshwanetseng go e dira. O tla baya eng kwa pele?
O MONNA yo o nyetseng e bile o rrabana. Fa letsatsi le leleele le le lapisang le ntse le atamela go fela, o simolola go akanya ka dipokano tsa phuthego tse di tlileng go nna gone maitseboa ao. Fa o ka tlhamalalela kwa gae morago ga tiro, o tla nna le nako e e lekaneng ya go tlhapa, go apara, le go ja sengwe ka bonako pele o ya dipokanong. Ka tshoganyetso mothapi wa gago o a tsena mme o go kopa gore o bereke nako e e oketsegileng. O go solofetsa gore o tla go duela go bonala. O tlhoka madi ao.
Kana o mosadi yo o nyetsweng le mmabana. Fa o ntse o baakanyetsa dijo tsa maitseboa o lemoga gore go na le mokoa wa diaparo tse di sa aeniwang, dingwe tsa tsone di tla aparwa ka moso. O ipotsa jaana, ‘Fa nka ya dipokanong gompieno ke tla nna leng le nako ya go di aena?’ E re ka o sa tswa go bona tiro ya letsatsi lotlhe, o lemoga ka fa go leng boima ka gone go dira ditiro tsa legae o tla o dira le ya boitshediso.
Kana o ngwana wa sekolo. Mo kamoreng ya gago, mo desekeng ya gago go tletse tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Bontsi jwa tiro eo o sa le o e neilwe gore o e dire nako e e fetileng, mme le fa go ntse jalo, o ile wa nnela go e busetsa kwa morago, mme jaanong yotlhe fela e batlega ka nako e le nngwe. O ikutlwa o batla go kopa batsadi ba gago gore ba go letle gore o se ka wa ya dipokanong gore o fetse tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae.
Ke eng se o tla se bayang kwa pele: tiro e e oketsegileng ya boitshediso, go aena diaparo, tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, kana dipokano tsa phuthego? Fa re bua ka tsela ya semoya, go raya eng go baya dilo tse di tlang pele kwa pele? Pono ya ga Jehofa ke eng malebang le seno?
Ke Eng se se Tlang Pele?
Moragonyana fela ga gore Baiseraele ba newe Melao e e Lesome, monna mongwe o ne a fitlhelwa a rwalela dikgong ka Sabata. Seno se ne se sa letlelelwa gotlhelele ke Molao. (Dipalo 15:32-34; Duteronome 5:12-15) O ka bo o ile wa atlhola kgetsi eno jang? A o ka bo o ile wa itshwarela monna yono, o mpampetsa kgang ya gagwe ka gore o ne a sa berekele gore a nne le botshelo jwa manobonobo go na le moo o ne a berekela go tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang? A o ka bo o ile wa ntsha mabaka a gore go ne go tla nna le ditshono di le dintsi ngwaga otlhe tsa go keteka Sabata le gore go fetiwa ke tshono e le nngwe fela gongwe e le ka go palelwa ga monna yoo go rulaganyetsa kwa pele, o ne a ka go itshwarelwa motlhofo fela?
Jehofa o ne a leba kgang eno e le masisi tota. Baebele e bolela jaana: “Jehofa a raya Moshe a re: ‘Ruri motho yoo o tla bolawa.’” (Dipalo 15:35) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a tsaya se monna yono a se dirileng se le masisi thata?
Batho ba ne ba na le malatsi a le marataro gore ba rwalele dikgong mmogo le go bona gore ba tlhoka eng malebang le dijo, diaparo le marobalo. Letsatsi la bosupa le ne le tshwanetse go beelwa dilo tsa bone tsa semoya. Le fa gone go ne go se phoso go rwalela dikgong, go ne go le phoso go dira tiro eno ka nako e e ka bong e beetswe go obamela Jehofa. Le fa gone Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, a gompieno tiragalo eno ga e re rute gore re beye dilo tse di tlang pele mo maemong a tsone?—Bafilipi 1:10.
Baiseraele ba ne ba ipaakanyetsa go tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng morago ga go fetsa dingwaga di le 40 ba le kwa nageng. Bangwe ba ne ba setse ba lapisitswe ke go ja mana a ba neng ba a fiwa ke Modimo kwa nageng mme ga go pelaelo gore ba ne ba tlhoafaletse go ja dijo tse di farologaneng. Go ba thusa go nna le mogopolo o o siameng jaaka fa ba ne ba tla bo ba tsena mo nageng e e “elang maši le dinotshe,” Jehofa o ne a ba gakolola jaana: ‘Motho ga a tshele ka dijo di le tsosi, fa e se gore, motho o tshela ka sengwe le sengwe se se tswang mo molomong wa ga Jehofa.’—Ekesodo 3:8; Duteronome 8:3.
Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira ka natla go bona “maši le dinotshe.” Go ne go sa ntse go na le masole a ba neng ba tshwanetse go a fenya, go aga matlo, le go lema masimo. Go ntse go le jalo, Jehofa o ne a laela batho gore ba iphe nako ya go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya letsatsi le letsatsi. Gape ba ne ba tshwanetse go nna le nako ya go ruta bana ba bone ditsela tsa Modimo. Jehofa o ne a re: “Lo rute bana ba lona [ditaolo tsa me], lo bue ka ga [tsone], fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 11:19.
Moiseraele mongwe le mongwe le mosokologi mongwe le mongwe wa monna wa naga eo o ne a laetswe gore a ye go bonala fa pele ga Jehofa gararo ka ngwaga. Ditlhogo di le dintsi tsa malapa ka go lemoga gore lelapa lotlhe le ne le tla solegelwa molemo semoyeng ke dikokoano tse di ntseng jalo, ba ne ba rulaganya gore basadi le bana ba bone ba tsamaye mmogo le bone. Mme le fa go ntse jalo, ke mang yo o neng a tla sireletsa magae a bone le masimo a bone mo go tlhaselweng ke dira fa ba tsamaile? Jehofa o ne a ba solofetsa jaana: “Ga go na motho ope yo o tlaa eletsang lefatshe la gago, mogang o yang go bonala fa pele ga Jehofa Modimo wa gago gararo ka ngwaga.” (Ekesodo 34:24) Go ne go tlhoka tumelo gore Baiseraele ba dumele gore fa ba baya dilo tsa semoya kwa pele, ba ka se latlhegelwe ke dilo tsa bone tsa senama. A Jehofa o ne a boloka lefoko la gagwe? Ruri o ne a le boloka!
Tswelelang lo Batla Bogosi Pele
Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go baya dilo tsa semoya kwa pele ga dilo dipe di sele. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a gakolola bareetsi ba gagwe jaana: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [tse lo di tlhokang tsa senama] lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:31, 33) Go ise go ye kae morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba ne ba latela kgakololo eo. Bontsi jwa bone e ne e le Bajuda kana basokologela Bojudeng ba ba neng ba tshotse loeto go ya kwa Jerusalema go ya go keteka moletlo wa Pentekosete ka 33 C.E. Fa ba le koo, go ne ga diragala sengwe se ba neng ba sa se lebelela. Ba ne ba utlwa le go amogela ka boitumelo dikgang tse di molemo ka ga Jesu Keresete. E re ka ba ne ba tlhagafaletse go ithuta go le gontsi ka tumelo eno ya bone e ntšha, ba ne ba sala kwa Jerusalema. Dijo tsa bone di ne tsa simolola go ngotlega, mme le fa go ntse jalo, dilo tsa bone tsa senama di ne di se botlhokwa go feta tsa semoya. Ba ne ba bone Mesia! Bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ne ba ba abela dilo dipe fela tsa bone tsa senama gore botlhe ba tswelele ba “ineela mo thutong ya baaposetoloi . . . le mo dithapelong.”—Ditiro 2:42.
Fa nako e ntse e ya, Bakeresete bangwe ba ne ba tlhokomologa botlhokwa jwa go nna gone ka metlha kwa dipokanong. (Bahebera 10:23-25) Gongwe ba ile ba rata dikhumo, ba tlhokomologa dilo tsa semoya fa ba ntse ba leka go dira gore bone le malapa a bone ba nne le madi a mantsi. Fa a sena go rotloetsa bakaulengwe ba gagwe gore ba se lese go nna gone kwa dipokanong, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo o se nne wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope lefa e le go go latlha ka gope.’”—Bahebera 13:5.
Kgakololo ya ga Paulo e ne ya itshupa e tlile ka nako e e tshwanetseng. Mo e ka nnang dingwaga di le tlhano morago ga gore Paulo a kwale lokwalo lwa gagwe go Bahebera, masole a Roma a ga Cestius Gallus a ne a dikaganyetsa Jerusalema. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba gakologelwa tlhagiso ya ga Jesu: “Fa lo tshogana ka lo bona selo [seno] . . . , a monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa, lefa e le go tsena mo teng go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe; mme a monna yo o mo tshimong a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa kafa ntle.” (Mareko 13:14-16) Ba ne ba itse gore phalolo ya bone e ne e sa ikaega ka tiro ya bone e e tlhomameng kana boleng jwa dithoto tsa bone, mme e ne e ikaegile ka go ikobela ga bone ditaelo tsa ga Jesu. Kwantle ga pelaelo, ba ba neng ba reetsa kgakololo ya ga Paulo mme ba baya dilo tse ba di tlhokang semoyeng kwa pele, ba ile ba fitlhela go le motlhofo go tlogela magae a bone, ditiro, diaparo le dithoto tsa bone tse ba di ratang thata mme ba tshabela kwa dithabeng go na le ope fela yo o neng a se ka a tlogela go rata madi.
Kafa Bangwe Gompieno ba Bayang Dilo Tsa Pele Kwa Pele ka Gone
Bakeresete ba ba ikanyegang gompieno ba itumelela go kopana mmogo ka metlha le bakaulengwe ba bone, mme bontsi jwa bone ba itima dilo dingwe gore ba tle ba nne gone kwa dipokanong. Mo mafelong a mangwe, tiro e e leng gone fela ke ya go refosana le ba bangwe. Mokaulengwe mongwe o ithaopela go dira tiro ya badirikaene ka Matlhatso maitseboa, e leng letsatsi le bontsi jwa batho ba lefelo leo ba ratang go le dirisetsa boitlosobodutu, mme bone ba dira tiro ya gagwe ka maitseboa a dipokano. Bakaulengwe ba bangwe ba ba dirang tiro ya go refosana ba ya dipokanong tsa phuthego e e gaufi le bone fa tiro ya bone e ba thibela go ya kwa go tsa bone. Ka tsela eno, ga se gantsi ba fosang dipokano. Motho mongwe yo o kgatlhegang kwa Canada o ne a bona botlhokwa jwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo, mme le fa go ntse jalo, thulaganyo ya gagwe ya kwa tirong e ne e mo kgoreletsa go nna gone koo. O ne a duela modirikaene gore a dire tiro ya gagwe gore a tle a kgone go nna gone kwa dipokanong tseno tse di botlhokwa.
Bontsi jwa batho ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa foleng ga se gantsi ba fosang dipokano. Ba reetsa thulaganyo ka founo ba le kwa gae kana mo theiping e e rekotang fa ba sa kgone go nna gone kwa Holong ya Bogosi. Ba tshwanelwa ke go akgolwa ka ntlha ya go bontsha go anaanela dilo tsa semoya tse Jehofa a re neelang tsone ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela”! (Mathaio 24:45) Bakeresete ba ba tlhokomelang batsadi ba bone ba ba godileng ba anaanela tota fa mokaulengwe kana kgaitsadi a ithaopela go sala le motsadi wa bone gore motlhokomedi yono a kgone go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.
Rulaganyetsa Kwa Pele!
Batsadi ba ba etseng tlhoko dilo tse ba di tlhokang semoyeng ba thusa bana ba bone go anaanela dipokano tsa Bokeresete. Ka tlwaelo, ba lebeletse gore bana ba bone ba dire tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae ka nako e e tshwanetseng go na le go tlogela gore tiro e koelane. Ka malatsi a dipokano tsa maitseboa bana ba tshwanetse go dira tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae ka bonako fela fa ba fitlha go tswa sekolong. Ga ba letle gore ditiro tsa go itlosa bodutu le ditiro tse dingwe di ba kgoreletse go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.
Fa o le monna yo nyetseng le rrabana, a o dira gore go nna gone kwa dipokanong go tle pele? Fa o le mosadi yo o nyetsweng le mmabana, a o leka go rulaganya ditiro tsa gago sentle gore o kgone go nna gone kwa dipokanong? Fa o le mosha, a o tsaya dipokano di le botlhokwa go feta tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae kana o tsaya tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae e le botlhokwa go feta dipokano?
Dipokano ke paakanyetso e e lorato ya ga Jehofa. Re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go nna le seabe mo thulaganyong eo. Jehofa o tla go segofatsa ka botlalo fa o baya dilo tse di tlang pele kwa pele!