LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/15 ts. 21-23
  • A o Tsaya Modimo e le Motho wa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tsaya Modimo e le Motho wa Mmatota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute Dikwalo
  • Rapela ka Metlha le ka Maikutlo Otlhe
  • Go Leba Popo ka Kelotlhoko
  • Sepela le Jehofa
  • Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ka mo Re Ka Itseng ka Gone Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/15 ts. 21-23

A o Tsaya Modimo e le Motho wa Mmatota?

FA O nna le mathata a a ngomolang pelo, a o atamela Modimo ka thapelo kwantle ga go okaoka? Fa go ntse jalo, a o lemoga gore o bua le motho wa mmatota?

Jesu Keresete, o ne a bua jaana ka Rraagwe wa selegodimo: “Yo o nthomileng ke wa mmatota.” (Johane 7:28) Ee, Jehofa Modimo ke motho wa mmatota, mme go mo rapela go tshwana le go ya kwa tsaleng e o e ratang thata gore e go thuse kana e go gakolole. Gone mme, gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona, di tshwanetse tsa dumalana le se se batlwang ke Dikwalo. Ka sekai, re tshwanetse go atamela ‘Moutlwi wa dithapelo’ ka boikokobetso ka Morwawe, Jesu Keresete.—Pesalema 65:2; 138:6; Johane 14:6.

Bangwe ba ka akanya gore e re ka Modimo a sa bonale, ga se motho wa mmatota. Ba ka akanya gore Modimo ke selo fela se se sa tsheleng. Le e leng Bakeresete bangwe ba ba ithutileng ka dinonofo tse di molemolemo tsa Modimo, ba ka fitlhela go le thata ka dinako dingwe go tlhaloganya gore ke motho wa mmatota go le kana kang. A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Fa go le jalo, ke eng se se ka go thusang gore o tseye Jehofa Modimo e le motho wa mmatota?

Ithute Dikwalo

A o ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo ka metlha? Fa o ithuta Baebele gangwe le gape le go e bala ka maikutlo otlhe, seo se tla dira gore o tseye Jehofa Modimo e le motho wa mmatota. Ka jalo, tumelo ya gago e tla nonotshiwa, totatota, e go thusa go “bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:6, 27) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o ithuta Baebele ka sewelo kana ka go tla o kgaotsa, ga go ka ke ga tlhotlheletsa tumelo ya gago ka gope.

Fa re tshwantsha: A re re ngaka ya gago e go laetse gore o itshase setlolo sengwe gabedi ka letsatsi go fokotsa boswata jo bo sa foleng. A boswata jwa gago bo ne bo tla nyelela fa o tshasa setlolo gangwe kana gabedi fela ka kgwedi? Ga go ka ke ga direga. Ka go tshwana, mopesalema o re naya “ditaelo” tse di ka dirang gore re itekanele mo semoyeng. Bala Lefoko la Modimo ka go “akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Gore re solegelwe molemo thata, re tlhoka go latela “ditaelo”—letsatsi le letsatsi, re tlhatlhoba se se buiwang ke Lefoko la Modimo ka thuso ya dikgatiso tsa Bokeresete.—Jošua 1:8.

A o ka rata gore dinako tsa gago tsa go ithuta e nne tse di nonotshang tumelo thata? Kakantsho nngwe ke eno: Fa o sena go bala kgaolo nngwe mo go New World Translation of the Holy Scriptures kana Baebele nngwe e e nang le ditshupiso tsa ditemana tse di nyalanang, tlhopha temana nngwe e e kgatlhang mme o lebe ditemana tse di nyalanang le yone tse di kwadilweng go bapa le yone. Seno se tla dira gore o ithute go le gontsi, mme kwantle ga pelaelo o tla kgatlhiwa thata ke tsela e Baebele e utlwanang ka yone. Mme seno ke sone se se tla dirang gore o tseye Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo, e le motho wa mmatota.

Gape go dirisa ditshupiso tsa ditemana tse di nyalanang go ka nna ga dira gore o tlhaloganye boperofeti jwa Baebele sentle le tsela e bo diragadiwang ka yone. Gongwe o tlwaelane le dipolelopele tse dikgolo tsa Baebele tse di jaaka ya go senngwa ga Jerusalema ke Bababilona. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng go na le dipolelopele tse dintsi tse di amanang le tse dingwe le ka tsela ya go diragadiwa ga tsone. Dingwe tsa tsone ga di itsege thata.

Ka sekai, bala boporofeti jo bo buang ka go otlhaiwa ga motho yo o ka agang Jeriko sesha, go tswa foo o bo o ela tlhoko tsela e bo diragadiwang ka yone. Jošua 6:26 e bolela jaana: “Jošua a ba laya ka ikano ka baka loo, a re: ‘Go hutsegile motho fa pele ga Jehofa, yo o tlaa emang a aga motse wa Jeriko, o tlaa swelwa ke motsalwapele wa gagwe a thaya motheo wa one, mme o tlaa swelwa ke morwawe yo mmotlana a tlhoma ditswalo tsa one.’” Bo ne jwa diragadiwa dingwaga di le 500 moragonyana, ka go bo re bala jaana mo go 1 Dikgosi 16:34: “E rile mo motlheng wa [ga Kgosi Ahabe] ya bo e le gone Hiele wa Mobethele a aga Jeriko; a thaya motheo wa gone ka go swelwa ke Abirame motsalwapele wa gagwe, mme a emisa dikgoro tsa gone ka go swelwa ke Segobe morwawe yo mmotlana; jaaka lefoko la ga Jehofa le o ne a le bua ka Jošua morwa Nune.”a Ke Modimo wa mmatota fela yo o neng a ka tlhotlheletsa boperofeti jo bo ntseng jalo le go bona gore bo a diragadiwa.

Fa o ntse o bala Baebele o ka nna wa tla o kgatlhegela dintlha dingwe. Ka sekai, o ka ipotsa gore go tsere dingwaga di le kae go tloga ka nako ya fa boperofeti bongwe bo bolelwa le nako ya fa bo diragadiwa. Go na le gore fela o botse mongwe, ke eng fa o sa dire matsapa a go ipatlela karabo? Ka thuso ya ditšhate le dilo dingwe tse di go thusang go ithuta Baebele, batlisisa dikarabo ka matlhagatlhaga fela jaaka fa o sekaseka mmapa o o go kaelang kwa matlotlo mangwe a leng gone. (Diane 2:4, 5) Go bona dikarabo jalo go ka tlhotlheletsa tumelo ya gago thata, e bile go tla dira gore o tseye Jehofa Modimo e le motho wa mmatota.

Rapela ka Metlha le ka Maikutlo Otlhe

O se ka wa tlhokomologa botlhokwa jwa thapelo le go nna le tumelo. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba kopa jaana ka tlhamalalo: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5) Fa go bonala e kete ga o tseye Jehofa e le motho wa mmatota, ke ka ntlha yang o sa mo rapele o mmolelele gore o tlhoka go nna le tumelo e e oketsegileng? Kopa Rraago wa selegodimo o sa belaele gore a go thuse gore o mo tseye e le motho wa mmatota.

Fa bothata bongwe bo go tshwenya, iphe nako ya go bulela Tsala ya gago ya selegodimo mafatlha o bua go tswa pelong. Ka nako ya fa Jesu a ne a atamela go swa, o ne a rapela ka tlhoafalo tota. Le fa gone a ile a kgala mokgwa wa bodumedi wa go rapela dithapelo tse ditelele tse ba neng ba di direla fela go bonwa ke batho, o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela mo sephiring pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12. (Mareko 12:38-40; Luke 6:12-16) Gape re ka ithuta sengwe ka Hana, yo o neng a nna mmaagwe moperofeti Samuele. E re ka a ne a eletsa tota go nna le ngwana wa mosimane, o ne a ‘rapela Jehofa ka lobaka lo loleele.’—1 Samuele 1:12.

Re ithuta eng sa botlhokwa mo go seno sotlhe? Fa o batla gore dithapelo tsa gago di arabiwe, o tshwanetse go rapela ka tlhoafalo, ka maikutlo otlhe, o sa lape, e bile o dumalana le thato ya Modimo. (Luke 22:44; Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17; 1 Johane 5:13-15) Go dira jalo go tla go thusa gore o tseye Modimo e le motho wa mmatota.

Go Leba Popo ka Kelotlhoko

Botho jwa motaki bo ka bonala mo ditshwantshong tse a di takang. “Dinonofo tse di sa bonaleng” tsa ga Jehofa e bong Motlhodi le Mmopi wa lobopo, le tsone di bonala sentle mo popong. (Baroma 1:20) Fa re leba tiro ya diatla ya ga Jehofa ka kelotlhoko, re kgona go tlhaloganya botho jwa gagwe botoka mme ka jalo o nna motho wa mmatota mo go rona.

Fa o leba dilo tse Modimo a di dirileng ka kelotlhoko, o ka nna wa kgatlhiwa thata ke dinonofo tsa gagwe tsa mmatota. Ka sekai, go ithuta ka bokgoni jo dinonyane di nang le jone mo go fofeng go ka oketsa tsela e o anaanelang botlhale jwa ga Jehofa ka yone. Fa o bala ka lobopo, o ka nna wa ithuta gore lesagaripa la Molala wa Tladi le le ka nnang sekgala sa dingwagasedi di le 100000, ke le le lengwe fela la masagaripa a go fopholediwang gore a ka nna dimilione di le diketekete mo lefaufaung lotlhe. A seno ga se dire gore tota o bone gore Mmopi o botlhale?

Eleruri, botlhale jwa ga Jehofa ke jwa mmatota! Mme le fa go ntse jalo, seo se kaya eng mo go wena? Ee ruri, a ka se palelwe ke go rarabolola mathata a mongwe le mongwe fela wa rona a mmolelelang one ka thapelo. Ee, le e leng kitsonyana fela ka popo e ka dira gore o tseye Jehofa e le motho wa mmatota.

Sepela le Jehofa

A o ka kgona go itemogela ka bowena kafa Jehofa e leng motho wa mmatota ka teng? Ee, fa o tshwana le tlhogo ya lotso e e ikanyegang e bong Noa. Ka metlha o ne a ikobela Jehofa, ke ka moo go ka bolelwang jaana ka ene: “Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:9) Noa o ne a tshela fela jaaka e kete Jehofa o eme gaufi le ene. Modimo a ka nna motho wa mmatota jalo le mo go wena.

Fa o sepela le Modimo, o supa gore o ikanya se Dikwalo di se solofetsang e bile o dira tumalanong le tsone. Ka sekai, o dumela mafoko a ga Jesu a a reng: “Nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya [Modimo], mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [dilo tse lo di tlhokang tsa senama] lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25-33) Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha Jehofa a go nayang dilo tse o di tlhokang ka tsela e o neng o lebeletse ka yone. Le fa go ntse jalo, fa o rapela o bo o iponela ka namana thuso ya Modimo, o tla nna motho wa mmatota jaaka e kete o bapile le wena.

Go tsalana thata jalo le Jehofa go a gola fa motho a sepela le Modimo a sa kgaotse. Akanya ka Manuela, e bong mosadi mongwe wa Mosupi yo o buang Se-Spain, yo o neng a itshokela diteko di le dintsi. O bolela jaana: “Nako le nako fa ke tshwenyegile kana ke tlhoka sengwe, ke dirisa molaomotheo o o mo go Diane 18:10. Ke tshabela kwa go Jehofa gore a nthuse. Ka metlha o ile a nna ‘kago ya me e e godileng e e thata.’” Manuela a ka bolela seno morago ga dingwaga di le 36 a ikaegile ka Jehofa le go iponela ka namana tshegetso ya gagwe.

A ke gone o simololang go ikanya Jehofa? O se ka wa kgobega marapo fa e le gore botsala jwa gago le ene ga bo ise bo nne ka tsela e o batlang ka yone. Tshela letsatsi le letsatsi jaaka motho yo o sepelang le Modimo. Fa o tshela ka boikanyegi, o tla nna le botsala jo bogolo le Jehofa.—Pesalema 25:14; Diane 3:26, 32.

Tsela e nngwe ya go tsamaya le Modimo ke go ineela ka bojotlhe mo tirelong ya gagwe. Fa o nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, o modirimmogo le Jehofa. (1 Bakorintha 3:9) Go itse seno go thusa motho go tsaya Modimo e le motho wa mmatota.

Mopesalema o rotloetsa jaana: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa; o bo o mo ikanye mme, o tlaa go dirafatsa.” (Pesalema 37:5) O se ka wa palelwa ke go latlhela morwalo le fa e ka nna ofe kana ditlhobaelo tse o nang le tsone mo Modimong. Ka metlha leba mo go ene gore a go thuse le go go kaela. Fa ka thapelo o ikaega ka Jehofa Modimo mme ka metlha o mo ikanya o sa belaele, o tla ikutlwa o sireletsegile ka gonne o itse gore a ka se palelwe ke go go ema nokeng. A o bolelela Jehofa dilo tse di go tshwenyang o sa mo belaele? Go tla nna jalo—fa o tsaya Modimo e le motho wa mmatota.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona sekai se sengwe gape, bala ka go itshekologa ga aletara ya ga Jeroboame go go neng go boleletswe pele mo go 1 Dikgosi 13:1-3. Mme o bo o ela tlhoko go diragadiwa ga jone mo go 2 Dikgosi 23:16-18.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dira gore dinako tsa gago tsa go ithuta e nne tse di go nonotshang tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Iphe nako ya go rapela ka metlha le ka maikutlo otlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Leba ka kelotlhoko ka moo dinonofo tsa Modimo di bonalang ka gone mo popong

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Hummingbird: U.S. Fish and Wildlife Service, Washington, D.C./Dean Biggins; stars: Photo: Copyright IAC/RGO 1991, Dr. D. Malin et al, Isaac Newton Telescope, Roque de los Muchachos Observatory, La Palma, Canary Islands

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela