LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/1 ts. 28-31
  • Nna o Gatele Pele mo Semoyeng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Gatele Pele mo Semoyeng!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gatela Pele ka go Ithuta ka Namana
  • Botlhokwa Jwa go Tsalana Thata le Modimo
  • Go Nna le Botsala jo Bogolo le Jehofa
  • Go Gatela Pele mo Bodireding Jwa Gago
  • Basha—Nnang lo Gatela Pele fa lo Sena go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Itlhomele Mokgele Wa Go Direla Modimo Ka Bosakhutleng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Tsaya Kgato e e Siameng gore O Tle O Gatele Pele Ka mo Go Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tswelelang Pele lo Tsamaya ka Thulaganyo ya ka Metlha e e Manontlhotlho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/1 ts. 28-31

Nna o Gatele Pele mo Semoyeng!

Letsatsi La Go Kolobediwa Ga Rona Re Tshwanetse Go Le Tsaya Le Le Botlhokwa Le Go Aga Re Le Gakologelwa. Kana E Bile, Ke Letsatsi Le Re Neng Ra Bontsha Phatlhalatsa Ka Lone Gore Re Ineetse Go Direla Modimo.

BATHO ba le bantsi ba kgaratlha tota gore ba fitlhe mo kgatong eno—ba tshwanelwa ke go tlogela mekgwa e e maswe e ba sa bolong go nna le yone, go kgaogana le ditsala tse di sa siamang, go fetola tsela ya go akanya le boitshwaro jo ba sa bolong go nna le jone.

Le fa go kolobediwa e le tiragalo e e itumedisang le e e botlhokwa thata mo botshelong jwa Mokeresete, tota ke kgato ya tshimologo fela. Moaposetoloi Paulo o ile a raya Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba kwa Judea a re: “E re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha kaga Keresete, a re gagamaleleng kwa go goleng sentle.” (Bahebera 6:1) Ee, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go “fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e leng yone kaga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” (Baefeso 4:13) Re ka kgona go ‘tsepama tota mo tumelong’ fa fela re gatela pele go fitlha re gola sentle mo semoyeng.—Bakolosa 2:7.

Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, dikete di le makgolokgolo tsa baobamedi ba ba sa tswang go ineela di ile tsa tla mo phuthegong ya Bokeresete. Gongwe o mongwe wa bone. Fela jaaka bakaulengwe ba gago ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ga o batle go nna o le lesea mo semoyeng. O batla go gola, go gatela pele! Jang? Mme dingwe tsa ditsela tse o ka gatelang pele jalo ka tsone ke dife?

Go Gatela Pele ka go Ithuta ka Namana

Paulo o ne a raya Bakeresete ba Filipi a re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote le eleng segolo bogolo ka kitso e e leng yone le temogo e e tletseng.” (Bafilipi 1:9) Go godisa ‘kitso ya gago e e leng yone’ go ka go thusa thata gore o gatele pele mo semoyeng. ‘Go anya kitso ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete’ ke selo se o tshwanetseng go tswelela pele o se dira, ga se selo se se felang fa o sena go kolobediwa.—Johane 17:3.

Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo re tla mmitsang Alexandra, o ne a lemoga seno dingwaga di le lesome morago ga go kolobediwa a le dingwaga tse 16. O ne a godiseditswe mo boammaaruring e bile o ne a nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera. O kwala jaana: “Mo dikgweding di sekae tse di fetileng ke ne ka lemoga gore dilo ga di tsamaye sentle. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke itshekatsheke ka kelotlhoko, gore ke ikutlwa jang ka boammaaruri le gore ke ka ntlha yang fa ke sa ntse ke le mo boammaaruring.” O ile a lemoga eng? O tswelela pele jaana: “Ke ne ka lemoga gore mabaka a go bo ke le mo boammaaruring a ne a sa nkgotsofatse. Ke ne ka gakologelwa gore ka nako ya fa ke ntse ke gola go ne go gatelelwa botlhokwa jwa dipokano le tirelo ya tshimo. Go ne go ntse jaaka e kete go itlwaetsa go ithuta ka namana le go rapela e ne e tla nna dilo tse di itlelang fela. Mme fa ke ntse ke sekaseka seemo sa me, ke ne ka lemoga gore go ne ga se ka ga direga jalo.”

Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “Go ya bokgakaleng jo re dirileng kgatelopele mo go jone, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa ono.” (Bafilipi 3:16) Go nna le thulaganyo go ka go thusa go gatela pele. Ga go pelaelo gore pele ga o kolobediwa o ne o na le thulaganyo ya beke le beke ya go ithuta Baebele le morutisi yo o tshwanelegang sentle. Fa kanaanelo ya gago e ntse e gola, thulaganyo eo e ne ya akaretsa go ipaakanyetsa thuto ya gago ya beke le beke, o leba ditemana tsa Baebele tse di umakilweng, jalo le jalo. E re ka jaanong o setse o kolobeditswe, a o sa ntse o ‘tsamaya ka yone thulaganyo eo’?

Fa e le gore ga go jalo, o tshwanetse go sekaseka dilo tse o di tsayang di le botlhokwa thata, o “tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo.” (Bafilipi 1:10) Mo botshelong jwa rona jwa go aga re tshwaregile, re tlhoka go nna le boikgapo gore re iphe nako ya go ithuta ka namana le go nna le mmalo wa Baebele. Melemo ya go dira maiteko a a ntseng jalo e megolo thata. Akanya gape ka se se diragaletseng Alexandra. O ipobola jaana: “Tota ke feditse dingwaga di le 20 kana go feta ke le mo boammaaruring ka leina fela, ke nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo.” Le fa go ntse jalo, o tswelela pele jaana: “Ke ne ka lemoga gore le mororo dilo tseno di le botlhokwa, ka botsone fela ga di kitla di kgona go nthusa fa dilo di simolola go nna maswe. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa senoga ka gonne ke sa tlhole ke ithuta ka namana e bile dithapelo tsa me di se na bokao e le tsa go ikgolola fela. Jaanong ke a lemoga gore ke tshwanetse ka fetola tsela ya me ya go akanya mme ke simolole go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta gore ke tle ke itse Jehofa sentle le go mo rata le go anaanela se Morwawe a re diretseng sone.”

Fa e le gore o tlhoka thuso ya go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta ka namana, bagolwane ba phuthego ya lona le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng sentle ba ka itumelela go go thusa. Mo godimo ga moo, ditlhogo tsa Tora ya Tebelo ya May 1, 1995; August 15, 1993; le May 15, 1986 di na le dikakantsho tse dintsi tse di molemo.

Botlhokwa Jwa go Tsalana Thata le Modimo

Selo se sengwe se o tshwanetseng go kgaratlhela go gatela pele mo go sone ke botsala jwa gago le Modimo. Ka dinako tse dingwe seno se ka nna sa bo se tlhokega thata. Akanya ka Anthony yo o neng a kolobediwa a sa le mmotlana. O bolela jaana: “Ke ne ka nna ngwana wa ntlha go kolobediwa mo lelapeng la gaetsho. Morago ga go kolobediwa mmè o ne a ntlamparela ka lorato. Ga ke ise nko ke mmone a itumetse jalo. Go ne go rena boitumelo fela mme ke ne ke ikutlwa ke nonofile.” Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe gape. Anthony o tswelela pele jaana: “Go ne go setse go fetile nako e telele go se na mosha ope yo o kolobediwang mo phuthegong ya rona. Ka jalo ke ne ka itlotlomatsa thata. Ke ne ke itlotlomatsa le ka dikakgelo le dipuo tsa me kwa dipokanong. Ke ne ke batla go ratwa ke batho thata go gaisa go batla go galaletsa Jehofa. Tota ke ne ke sa tsalane thata le ene.”

Fela jaaka Anthony, bangwe ba ka tswa ba ile ba ineela mo go Jehofa ka gonne ba batla go itumedisa batho bangwe e seng go itumedisa ene. Le fa go ka nna jalo, Modimo o lebeletse gore batho ba ba ntseng jalo ba diragatse tsholofetso ya bone ya gore ba tla mo direla. (Bapisa Moreri 5:4.) Mme gone, gantsi ga go motlhofo go dira jalo ka gonne ba se na botsala jo bogolo le Modimo. Anthony o gakologelwa jaana: “Boitumelo jo bogolo jo ke neng ka nna le jone fa ke kolobediwa bo ne jwa nna ka nakwana. Go ne ga se ka ga ntsaya ngwaga morago ga go kolobediwa ke fa ke dirile boleo jo bo masisi mme ka kgalemelwa ke bagolwane ba phuthego. Ke ne ka kgaolwa mo phuthegong ka ntlha ya go nna ke wela mo boitshwarong jo bo sa siamang. Dingwaga di le thataro morago ga go ineela mo go Jehofa, ke ne ka tshwarwa mme ka latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go bolaya motho.”

Go Nna le Botsala jo Bogolo le Jehofa

Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, Bakeresete botlhe ba ka tsibogela taletso eno ya Baebele: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ga go pelaelo gore o ile wa tsalana le Modimo ka selekanyo se se rileng fa o ne o simolola go ithuta Baebele. O ne wa ithuta gore Modimo o na le leina, e bong Jehofa, ga se modimonyana fela yo o sa tsheleng yo o obamelwang ke batho ba Labokeresete. Gape o ne wa ithuta gore o na le dinonofo tse di kgatlhang thata, ke “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko.”—Ekesodo 34:6.

Mme gone, fa o batla go tswelela pele o ineetse mo go direleng Modimo, o tshwanetse go atamalana thata le ene! Jang? Mopesalema o ne a rapela jaana: “Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago.” (Pesalema 25:4) Go ithuta Baebele ka namana le dikgatiso tsa Mokgatlho go ka go thusa go itse Jehofa botoka. Gape go botlhokwa gore o rapele ka metlha go tswa pelong. Mopesalema o ne a kgothatsa jaana: “Tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one.” (Pesalema 62:8) Fa o ntse o bona dithapelo tsa gago di arabiwa, o tla lemoga gore Modimo o amega ka wena ka namana. Seno se tla dira gore o ikutlwe o atamalane thata le ene.

Diteko le mathata le tsone di ka naya motho tshono ya go tsalana thata le Modimo. O ka nna wa lebana le dikgwetlho le dilo tse di lekang tumelo ya gago, tse di jaaka bolwetse, kgatelelo ya kwa sekolong le kwa tirong, kana mathata a itsholelo. E ka nna ya bo e le gore ga go motlhofo go latela thulaganyo e e tlwaelegileng ya go nna le seabe mo bodireding, go nna gone kwa dipokanong, kana go ithuta Baebele le bana ba gago. Se lebane le mathata ao o le nosi! Kopa Modimo gore a go thuse, o kopa gore a go goge le go go kaela. (Diane 3:5, 6) Mo kope moya wa gagwe o o boitshepo! (Luke 11:13) Fa o ntse o bona Modimo a go thusa ka lorato, o tla tsalana thata le ene. Go ntse fela jaaka mopesalema Dafide a ile a re, “a ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo . . . go sego monna yo o mo ikanyang.”—Pesalema 34:8.

Go tweng ka Anthony? O gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go akanya ka nako ya fa ke ne ke ipeetse mekgele e mentsi ya semoya e e neng e amana le go dira thato ya ga Jehofa. Go ne go le botlhoko. Le fa ke ne ke utlwile botlhoko jalo e bile ke swabile, ke ne ka gakologelwa lorato lwa ga Jehofa. Go ne ga ntsaya nako pele ga ke kgona go ka rapela Jehofa, mme gone ke ne ka go dira, ke ne ka mo tlhotlhorela maikutlo otlhe a me, ke mo kopa gore a intshwarele. Gape ke ne ka simolola go bala Baebele mme ka gakgamala thata go lemoga dilo tse dintsi tse ke neng ke setse ke di lebetse le gore tota ke ntse ke sa itse Jehofa sentle.” Le fa Anthony a sa ntse a tshwanelwa ke go wetsa katlholo ya kwa kgolegelong ya molato wa gagwe, Basupi ba lefelo leo ba a mo thusa mme o ntse o a itharabologelwa mo semoyeng. Anthony o bua jaana ka tebogo: “Ke leboga Jehofa le phuthego ya gagwe go nthusa go apola botho jwa me jwa bogologolo, mme ke kgaratlhela go apara jo bosha letsatsi le letsatsi. Jaanong ke tsaya botsala jwa me le Jehofa bo le botlhokwa go gaisa dilo tsothe.”

Go Gatela Pele mo Bodireding Jwa Gago

Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba nne bareri ba ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) E re ka o sa ntse o le mmoledi yo mosha wa dikgang tse di molemo, o ka nna wa bo o se na maitemogelo go le kalo mo bodireding. Mme gone, o ka dira jang gore o gatele pele e le gore o ‘wetse bodiredi jwa gago ka botlalo’?—2 Timotheo 4:5.

Tsela e nngwe ke ka go nna le maikutlo a a siameng. Ithute go tsaya tiro ya go rera e le “letlotlo,” e le tshiamelo. (2 Bakorintha 4:7) Ke selo se se re nayang tshono ya go supa lorato, boikanyegi le bothokgami jwa rona mo go Jehofa. Gape go re naya tshono ya go bontsha kafa re amegang ka teng ka baagelani ba rona. Go intsha setlhabelo jalo ka tsela e e seng ya bogagapa go ka re dira gore re nne le boitumelo jwa mmatota.—Ditiro 20:35.

Jesu ka boene o ne a na le maikutlo a a siameng ka tiro ya go rera. Go bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele go ne go tshwana le “dijo” mo go ene. (Johane 4:34) Ka gone, re ka sobokanya selo se se neng se dira gore a thuse batho ba bangwe ka mafoko ano a gagwe, “Ke a batla.” (Mathaio 8:3) Jesu o ne a tlhomogela batho pelo, segolobogolo ba ba neng ba “sotlegile e bile ba gasame” ka ntlha ya lefatshe la ga Satane. (Mathaio 9:35, 36) A le wena o “batla” go thusa batho ba ba mo lefifing la semoya mme ba tlhoka lesedi le le tswang mo Lefokong la Modimo? Fa go le jalo, o tla ikutlwa o patelesega go tsibogela taelo eno ya ga Jesu: “Jalo tsamayang lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Ee ruri, o tla tlhotlheletsega go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno go ya kafa botsogo jwa gago le maemo a go letlang ka teng.

Selo se sengwe se se ka go thusang go gatela pele ke go nna le seabe ka metlha mo bodireding—fa go kgonega, beke nngwe le nngwe. Go dira jalo go ka go thusa go fenya letshogo le poifo tse gantsi motho yo o rerang ka sewelo a nnang le tsone. Go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo go ka go solegela molemo ka ditsela tse dingwe gape. Go tla godisa tsela e o anaanelang boammaaruri ka yone, go tla nonotsha lorato lwa gago ka Jehofa le baagelani e bile go tla go thusa go tlhoma mogopolo mo tsholofelong ya Bogosi.

Mme go tweng fa e le gore maemo a gago a gone jaanong a go kgoreletsa thata mo o sa kgoneng go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera? Fa e le gore ga go kafa o ka fetolang maemo ka teng, o ka gomodiwa ke go itse gore Modimo o itumelela sengwe le sengwe fela se o kgonang go se dira mo tirelong ya gagwe, fa fela o se dira ka moya otlhe. (Mathaio 13:23) Gongwe o ka gatela pele ka ditsela tse dingwe, tse di jaaka go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rera. Mo phuthegong, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo di re naya thapiso e e molemo thata mo kgannyeng eno. Fa re nna ditswerere mo bodireding seo se tla dira gore re bo itumelele e bile re tla bona matswela.

Go phepafetse he gore, motho ga a tshwanela go emisa go gatela pele fa a se na go kolobediwa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le tsholofelo ya gagwe ya go bona botshelo jwa bosasweng kwa legodimong: “Bakaulengwe, ga ke itseye gore ke setse ke se tshwere; mme go na le selo se le sengwe kaga sone: Ka ke lebala dilo tse di kwa morago e bile ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng wa sekgele sa pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu. A he, rona ba re godileng sentle rotlhe fela, re nneng ba boikutlo jono jwa mogopolo; mme fa mogopolo wa lona o sekametse go sele ka tsela epe, Modimo o tla lo senolela boikutlo jo bo fa godimo.”—Bafilipi 3:13-15.

Ee, Bakeresete botlhe, e ka ne tsholofelo ya bone ke ya bosasweng kwa legodimong kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise, ba tshwanetse go “gagamalela pele”—ba ntsha ga tshwene jaaka fa re ka rialo, gore ba bone mokgele wa botshelo! O ne wa dira sentle fa o ne o tsaya kgato ya go kolobediwa, mme e ne e le tshimologo fela. Tswelela pele o kgaratlhela go gatela pele mo semoyeng. Dira gore dipokano le thuto ya gago ka namana di go thuse go nna motho yo o “godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.” (1 Bakorintha 14:20) Leka gore o “kgone go tshwara ka botlalo ka mogopolo se e leng bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri. (Baefeso 3:18) Kgatelopele e o tla e dirang ga e kitla e go thusa fela gore gone jaanong o nne le boipelo le boitumelo mme gape e tla go thusa go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo le mo go lone o tla kgonang go gatela pele ka bosakhutleng mo pusong ya Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo!

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go tlhokega gore o nne le boikgapo gore o iphe nako ya go ithuta ka namana

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go nna le maikutlo a a siameng go ka re thusa go itumelela bodiredi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela