Ikele Tlhoko mo Mokgweng wa Bosimone!
SIMONE wa Samaria o ne a tlotliwa thata mo lefelong le a neng a nna mo go lone. O ne a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme batho ba ne ba kgatlhwa thata ke boselamose jwa gagwe mo ba neng ba tle ba bolele jaana ka ene: “Monna yono ke Maatla a Modimo, a a ka bidiwang Mogolo.”—Ditiro 8:9-11.
Le fa go ntse jalo, fa Simone a sena go nna Mokeresete yo o kolobeditsweng, o ne a lemoga gore go na le maatla a magolwane thata go na le a o neng a na le one. E ne e le maatla a baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba a filwe, a a neng a dira gore ba kgone go abela batho bangwe dimpho tsa kgakgamatso tsa moya o o boitshepo. Seno se ne sa kgatlha Simone thata jaana mo a neng a batla go naya baaposetoloi madi mme a ba kopa jaana: “Le nna nneyeng taolo eno, gore motho yo ke mmayang diatla a amogele moya o o boitshepo.”—Ditiro 8:13-19.
Moaposetoloi Petere o ne a kgalemela Simone a re: “A selefera ya gago e nyelele le wena, ka gonne o akantse gore o ka bona mpho ya mahala ya Modimo ka madi. Ga o na karolo lefa e le seabe mo kgannyeng eno, gonne pelo ya gago ga e a tlhamalala mo ponong ya Modimo.”—Ditiro 8:20, 21.
Lefoko “bosimone” le tserwe mo go yone pego eno ya Baebele mme le tlhalosiwa e le “boleo jwa go reka kana go rekisa maemo kana go tlhatlosiwa maemo mo kerekeng.” New Catholic Encyclopedia e a dumela gore “bosimone bo ne jwa e sutlhelela mo matlong a baitlami, mo baruting ba maemo a a kwa tlase, mo go bobishopo tota le mo go bomopapa,” segolobogolo go tloga ka lekgolo la bo9 go ya go la bo11 la dingwaga. Kgatiso ya borobongwe ya The Encyclopædia Britannica (1878) e bolela jaana: “Hisitori ya dikokoano tsa Bomopapa e tlogela moithuti a se na pelaelo ya gore ga go na ditlhopho dipe tsa teng tse di ileng tsa tlhoka go se nne le mokgwa wa bosimone mme gantsi mokgwa ono wa bosimone o o neng o dirwa mo dikokoanong e ne e le wa selekanyo se segolo, se se tlhabisang ditlhong thata le se se sa fitlhegeng.”
Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse go ikela tlhoko mo mokgweng wa bosimone. Ka sekai, batho bangwe ba ka nna ba baka kana ba naya batho ba ba ka ba nayang ditshiamelo dimpho tse dikgolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba mo maemong a go aba ditshiamelo tse di ntseng jalo ba ka nna ba mpampetsa batho ba ba kgonang go ba abela dimpho le ba ba tlhagafaletseng go dira jalo. Maemo ano oomabedi a amana le mokgwa wa bosimone mme Dikwalo di kgala mokgwa o o ntseng jalo. Petere o ne a rotloetsa Simone jaana: “Jalo, ikotlhaele bosula jono jwa gago, mme o kokotlele Jehofa gore, fa go kgonega o itshwarelwe leano la pelo ya gago [“boferefere jono jwa gago,” New Jerusalem Bible]; gonne ke a bona gore o santlhoko e e nang le botlhole le kgole ya tshiamololo.”—Ditiro 8:22, 23.
Selo se se itumedisang ke gore Simone o ile a lemoga bomasisi jwa keletso ya gagwe e e sa siamang. O ne a lopa baaposetoloi jaana: “Bathong, ntirelang mokokotlelo mo go Jehofa gore sepe sa dilo tse lo di buileng se se ka sa ntlela.” (Ditiro 8:24) Ka go tsaya tsia thuto e e botlhokwa e e mo pegong eno, Bakeresete ba boammaaruri ba leka go tila selabe sepe fela sa mokgwa ono wa bosimone.