LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Bamakabise E ne E le Bomang?
    Tora ya Tebelo—1998 | November 15
    • Dipolotiki mo Boemong Jwa Boineelo

      Mekgele ya tsuologo eo e ne e fitlheletswe. Go ne go sa tlhole go thibelwa ditiro tsa bodumedi jwa Sejuda. Go ne go obamelwa gape mo tempeleng e bile go ntshiwa ditlhabelo. E re ka jaanong Ba-Hasid ba ne ba kgotsofetse, ba ne ba tlogela sesole sa ga Juda Makabise mme ba boela magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, Juda o ne a na le dikakanyo tse dingwe. O ne a na le masole a a katisitsweng sentle, ke eng fa a ne a ka se a dirise go itlhomela puso e e ipusang ya Bajuda? Mabaka a bodumedi a a neng a dirile gore ba tsuologe a ne jaanong a tseelwa sebaka ke maikaelelo a sepolotiki. Ka jalo, ba ne ba tswelela pele ka go kgaratlha.

      Juda Makabise o ne a dira kgolagano le Roma e le gore e mo eme nokeng mo go lweng le puso ya Ba-Seleucus. Le fa a ile a bolawa mo ntweng ka 160 B.C.E., bomonnawe ba ne ba tsweletsa ntwa pele. Monnawe Juda e bong Jonathane o ne a dira gore babusi ba Ba-Seleucus ba dumele gore a tlhomiwe go nna moperesiti yo mogolo le molaodi wa Judea, le fa gone a ne a sa ntse a le kafa tlase ga pusokgolo ya bone. Morago ga gore Jonathane a tsiediwe, a tshwarwe le go bolawa ka ntlha ya lemena le a neng a le epetswe ke Baasiria, monnaawe e bong Simeone—wa bofelo mo barweng ba Bamakabise—o ne a tsaya taolo. Ka nako ya fa Simeone a ne a laola, masalelanyana a bofelo a go laolwa ke puso ya Ba-Seleucus a ne a fela (ka 141 B.C.E.). Simeone o ne a ntšhafatsa kgolagano ya bone le Roma mme baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dumela gore e nne mmusi le moperesitimogolo wa bone. Ka jalo go ne ga tlhomiwa puso e e ikemetseng ka nosi ya Bahešemone e eteletswe pele ke Bamakabise.

      Bamakabise ba ne ba tsosolosa kobamelo kwa tempeleng pele ga Mesia a tla. (Bapisa Johane 1:41, 42; 2:13-17.) Le fa go ntse jalo, fela jaaka baperesiti ba ba neng ba inaakantse le Tlhotlheletso ya Segerika ba ile ba dira gore ba se ka ba tlhola ba tshepiwa, go ne ga nna jalo le e leng go feta ka baperesiti ba nako ya puso ya Bahešemone. Ee ruri, Bajuda ba ne ba bona masego a mmatota go tswa mo kgosing e e ikanyegang ya losika lwa ga Dafide e seng go tswa mo pusong ya baperesiti ba ba neng ba gapilwe maikutlo ke dipolotiki.—2 Samuele 7:16; Pesalema 89:3, 4, 35, 36.

  • A ke Tshwanetse go Adima Madi mo Mokaulengweng?
    Tora ya Tebelo—1998 | November 15
    • A ke Tshwanetse go Adima Madi mo Mokaulengweng?

      NGWANA wa ga Simon yo mmotlana o a lwala mme o tlhoka thuso ya kalafi ka potlako. Mme Simon o humanegile thata e bile ga a kgone go e duelela. A ka dira eng? Gone mme, Mokeresetekaene yo o bidiwang Michael ene o mo maemong a a botokanya mo go tsa madi. Gongwe Michael a ka mo adima madi. Le fa go ntse jalo, mo pelong Simon o a itse gore a ka se kgone go duela madi a a a adimileng.a

      Fa Simon a bua le ene, Michael, o lebana le bothata. O lemoga gore tota Simon o tlhoka thuso mme o belaela gore a a ka kgona go duela madi ao ka gonne ga a kgone go otla lelapa la gagwe sentle. Ke eng se Michael a ka se dirang?

      Mo dinageng di le dintsi, batho ba latlhegelwa ke dilo tse ba iphedisang ka tsone ba sa lebelela mme ba bo ba iphitlhela ba se na madi kana inshorense ya go duelela melato ya kalafi. Dikadimo tsa banka di ka tswa di seyo kana e le tse ba ka se kang ba kgona go di duelela. Fa go tlhaga maemo a tshoganyetso, tharabololo e ka tswa e bonala e le fela go adima madi. Le fa go ntse jalo, pele ga o adima madi, go na le dilo dingwe tse di botlhokwa tse o tshwanetseng go di akanyetsa.

      Bala Ditshenyegelo

      Dikwalo di neela moadimi le yo go adingwang mo go ene kaelo. Ka go dirisa kgakololo eno, re ka tila dikgogakgogano tse dintsi le go utlwisana botlhoko.

      Ka sekai, Baebele e re gakolola gore ga re a tshwanela go tsaya kgang eno ya go adima madi motlhofo. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Lona lo se ka lwa bo lo kolota ope lefa e le sepe, fa e se go ratana; gonne yo o ratang mogagabo o diragaditse molao.” (Baroma 13:8) Ka gone, selo se le sengwe fela se Mokeresete a tshwanetseng go se kolota ba bangwe ke lorato. Ka jalo, re ka nna ra ipotsa gore, ‘A tota go a tlhokega gore ke adime madi ano?’

      Fa e le gore karabo ke ee, he go tla bo go le botlhale go akanya ka ditlamorago tsa go tsena mo sekolotong. Jesu Keresete o ne a bontsha gore ditshwetso tse di botlhokwa di tlhoka go akanyediwa le go rulaganyediwa ka kelotlhoko. O ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a ba a bala tshenyegelo, go bona fa e le gore o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Molaomotheo ono o a dira fa re akanya go adima madi mo mokaulengweng. Go bala ditshenyegelo tsa kadimo go raya gore re bale gore re tla a duela jang le gone leng.

      Motho yo o go adimang madi o na le tshwanelo ya go itse gore o tla duela madi a o a adimileng jang le gone leng. Ka go sekaseka mabaka ka kelotlhoko, re tla kgona go mo naya dikarabo tse di tlhomameng. A re ile ra bala ditshenyegelo tsa go duela madi ka sebaka sa nako se se tshwanelang? Gone ke boammaaruri gore go motlhofo go raya mokaulengwe re re: “Ke tla go duela ka bonako ka mo go kgonegang. O a itse gore o ka inkanya.” Mme gone a ga re a tshwanela go tshwara dikgang tse di ntseng jalo ka tsela e e supang gore re na le boikarabelo? Go tloga fela kwa tshimologong re tshwanetse ra bo re ikaeletse go duela madi a re a adimileng, ka gonne Jehofa o batla gore re dire jalo. Pesalema 37:21 e bolela jaana: “Moikepi o tle a adime, mme a se ke a buse.”

      Ka go akanyetsa gore re tla duela madi a re a adimileng leng e bile jang, re ikgakolola maitlamo a a masisi a re a dirang. Seno se re thusa go se itsenye mo sekolotong go sa tlhokege. Fa re ka tila go tsena mo sekolotong, re ka solegelwa molemo. Diane 22:7 e tlhagisa jaana: “Moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.” Tota le fa moadimi le yo go adingwang mo go ene e le bakaulengwe ba semoya ka bobedi, kadimo e ka ama botsalano jwa bone bobotlana go ya bokgakaleng jo bo rileng. Dikgogakgogano tse di amanang le go adimisana madi di ile tsa senya kagiso ya diphuthego dingwe.

      Tlhalosa Gore o Batla go Dira Eng ka Madi Ao

      Motho yo go adingwang mo go ene o na le tshwanelo ya go itse gore re ile go dirisa jang madi a re a adimang. Kwantle ga madi a re a adimang ano, a re adima madi gape mo go ba bangwe? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhalosa seno sentle, ka gonne go tla ama bokgoni jwa rona jwa go busa madi a re a adimileng.

      Go botlhokwa thata go farologanya kadimo ya kgwebo le madi a re tlhokang go a dirisetsa sengwe se se tlhagileng re sa lebelela. Mokaulengwe ga a patelesege go ya ka Dikwalo go adimisana ka madi a a dirisediwang go simolola kgwebo, mme gongwe a ka rata go thusa fa mokaulengwe yo mongwe a iphitlhela a sa kgone go duelela dilo tse di botlhokwa tse di jaaka dijo, diaparo, kana dilo tse dingwe tse a di tlhokang tsa kalafi a sa dire ka boomo. Go tlhalosa dilo ka tlhamalalo le go bua boammaaruri mo dikgannyeng tseno go tla re thusa go tila dikgogakgogano.—Baefeso 4:25.

      Kwala

      Pego e e kwadilweng ya tumalano ke kgato e e botlhokwa fa e le gore re batla go tila go nna le dikgogakgogano mo isagweng. Go motlhofo go lebala dintlha tse di rileng tsa tumalano fa di sa kwalwa. Re tshwanetse go kwala gore go adimilwe madi a le kana kang le gore a tla duelwa leng. Go ka nna molemo fa moadimi le yo go adingwang mo go ene ka bobedi ba saena tumalano eno mme mongwe le mongwe wa bone a bo a boloka khopi ya gagwe ka namana. Baebele e bontsha gore ditumalano tsa madi di tshwanetse go kwalwa. Pelenyana ga gore Bababilone ba senye Jerusalema, Jehofa o ne a raya Jeremia a re a reke setsha mo go mongwe wa ba losika lwa gagwe. Re ka solegelwa molemo fa re sekaseka thulaganyo eo.

      Jeremia o bolela jaana: “Mme ka reka lotlhagare lo lo mo Anathothe mo go Hanamele morwa malome, mme ka mo lekanyetsa madi, e bong dišekela di le 17 tsa selefera. Ka kwala dikwalo tsa tlhomamiso, ka kana longwe, mme ka bitsa basupi, ka mo lekanyetsa madi ka selekanyo sa pego. Jalo ka tsaya dikwalo tsa theko, lone lo lo kannweng, ka fa molaong le ka fa temalong, le lone lo lo sa kanwang. Lokwalo lwa theko ka lo neela Baruke morwa Neria, morwa Maseia, mo ponong ya ga Hanamele morwa malome, le mo ponong ya basupi ba ba ikwadileng mo lokwalong lwa theko, fa pele ga Bajuta botlhe ba ba dutseng mo lwapeng lwa balebedi.” (Jeremia 32:9-12) Le mororo sekai se se fano se amana le go reka e seng go adima madi, se bontsha botlhokwa jwa go tshwara ditumalano tsa madi ka tsela e e tlhamaletseng le e e tlhaloganyegang sentle.—Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1973, ditsebe 215-6.

      Fa go tlhaga mathata, Bakeresete ba tshwanetse go leka go a rarabolola go ya ka kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Mathaio 18:15-17. Mme mogolwane mongwe yo o neng a leka go thusa mo dikgannyeng tse di ntseng jalo o akgela jaana: “Mo e ka nnang mo kgannyeng nngwe le nngwe, go ne go se na tumalano e e kwadilweng. Ka ntlha ya seo, batho ba babedi ba ba amegang ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore madi a a adimilweng a ne a tshwanetse go duelwa jang. Ke dumela thata gore go kwala dikgang tse di ntseng jaana ke sesupo sa lorato, e seng go se tshepane.”

      Fa re setse re dirile tumalano, re tshwanetse go leka go boloka lefoko la rona. Jesu o ne a kgothatsa jaana: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa; gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.” (Mathaio 5:37) Fa bothata bongwe jo bo neng bo sa lebelelwa bo ka dira gore re se ka ra kgona go duela madi a re a adimileng ka nako e e beilweng, re tshwanetse go tlhalosetsa motho yo o re adimileng madi boemo ka bonako. Gongwe o tla re letla go duela madi a re a adimileng ka selekanyo se sennye mo lobakeng lo lo teletsana.

      Le fa go ntse jalo, maemo a a sa itumediseng ga se seipato sa gore re se ka ra diragatsa maikarabelo a rona. Motho yo o boifang Jehofa o dira gotlhe mo a ka go kgonang gore a diragatse se a se solofeditseng. (Pesalema 15:4) Le fa dilo di ka tswa di sa tsamaye kafa re lebeletseng ka teng, re tshwanetse go ipaakanyetsa go ithontsha dilo dingwe gore re tle re duele sekoloto sa rona, ka gonne seo ke boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete.

      Nna Kelotlhoko ka go Adimisana Madi

      Gone ke boammaaruri, ga se motho yo o adimang madi fela yo o tlhokang go sekaseka mabaka ka kelotlhoko. Mokaulengwe yo go adingwang madi mo go ene le ene o tshwanetse go bala ditshenyegelo. Pele ga re adimisana ka madi, go tla bo go le botlhale go ipha nako ya go sekaseka mabaka ka kelotlhoko le ka tsela e e lekalekaneng. Baebele e neela tlhagiso ka go bolela jaana: “O se ka wa nna mongwe wa ba ba opanang diatla, le fa e le wa bone ba e leng baemedi ba melato.”—Diane 22:26.

      Pele ga o itlama, akanyetsa gore go ka direga eng fa mokaulengwe a sa kgone go go duela. A le wena o tla nna le mathata a a masisi a tsa madi? Le fa mokaulengwe a ka tswa a na le maikaelelo a a siameng, maemo a ka nna a fetoga kana a ka tswa a sa sekaseka maemo sentle. Jakobe 4:14 e re gakolola rotlhe jaana: “[Ga lo] itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso. Gonne lo mouwane o o bonalang ka lobakanyana mme go tswa foo o bo o nyelela.”—Bapisa Moreri 9:11.

      Go tla nna botlhale go sekaseka tsela e motho yo o adimang madi a itsegeng ka yone segolobolo fa go tla mo go tsa kgwebo. A o itsege e le motho yo o ikanyegang kana a ga a kgone go tlhokomela dikgang tsa madi? A o rata go nna a adima madi mo bathong ba ba farologaneng mo phuthegong? Go molemo go gakologelwa mafoko ano: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”—Diane 14:15.

      Ka dinako tse dingwe, go adima madi go ka tswa go sa siamela tota le motho yo o a adimang. Go ka direga gore o nne mokgweleo mo go ene, go dira gore a se ka a itumela. A re batla gore mokaulengwe yo o ntseng jalo e nne “motlhanka” wa rona? A go mo adima madi go ka ama botsalano jwa rona, go dira gore a se ka a gololesega, kana le e leng go tlhabiwa ke ditlhong fa a sa kgone go a duela?

      Fa a tlhoka madi ao thata, a re ka akanyetsa go mo a naya e le mpho go na le go mo adima tota le fa e le a mannye go na le a a a batlang? Dikwalo di re kgothaletsa go tlhomogela mokaulengwe pelo fa re bona a tlhoka. Mopesalema o ne a opela jaana: “Mosiami o dira ka pelotshweu, a neye fela.” (Pesalema 37:21) Lorato lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira se re ka se kgonang go thusa bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang.—Jakobe 2:15, 16.

      Sekaseka Dikgato Tsa Gago ka Kelotlhoko

      E re ka go adima madi go ka baka dikgotlhang, re ka go tsaya e le selo sa bofelo se re ka se akanyetsang fa re setse re lekile mekgwa e mengwe. Jaaka fa go tlhalositswe pelenyana, motho yo o adimang madi o tshwanetse go tlhalosetsa motho yo o mo adimang madi mabaka ka tlhamalalo, a kwale gore o tla duela madi a a a adimileng jang e bile leng. Mme mo kgannyeng ya fa go na le mathata a magolo, go ka nna molemo bogolo go mo a naya e le mpho.

      Michael ga a ka a adima Simon madi a a neng a a batla. Go na le moo, Michael o ne a mo naya madi a a kwa tlasenyana e le mpho. Simon o ne a lebogela thuso eo ya go duelela melemo ya ngwana wa gagwe. Mme Michael o ne a itumetse go bo a kgonne go bontsha mokaulengwe wa gagwe lorato ka tsela e e ka mo solegelang molemo. (Diane 14:21; Ditiro 20:35) Michael le Simon ka bobedi ba lebeletse pele nako ya fa Keresete ka puso ya Bogosi a ‘tla gololang mohumanegi yo o goang a kopa thuso’ mme ope ga a kitla a re “Ke a bobola.” (Pesalema 72:12; Isaia 33:24) Go fitlha nako eo e tla, a re sekasekeng dikgato tsa rona ka kelotlhoko fa re ikutlwa re patelesega go adima madi mo mokaulengweng.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Go dirisitswe maina a e seng a mmatota fano.

      [Setshwantsho mo go tsebe 25]

      Go kwala ditumalano tsa go adima madi ke sesupo sa lorato e seng sa go sa tshepane

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela