LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Banna ba ba Nang le “Maikutlo a a Tshwanang le a Rona”
    Tora ya Tebelo—1998 | March 1
    • Banna ba ba Nang le “Maikutlo a a Tshwanang le a Rona”

      O NE a le kgosi le moporofeti mme gape e ne e le rre yo o lorato. Mongwe wa barwa ba gagwe o ne a gola mme a nna motho yo o ikgopolang e bile a le boikgogomoso. Ka a ne a ikemiseditse go leka go gapa setulo sa bogosi, morwa yono o ne a tsosa ntwa ya maraganelateng a bana ba mpa, a batla go bolaya rraagwe. Mme mo ntweng e e neng ya nna teng, go ne ga swa morwa yono. Fa rraagwe a utlwa ka loso lwa morwawe, o ne a ya kwa borulelong jwa ntlo a le nosi mme a lela jaana: “Abesalome, morwaake wee! Abesalome, morwaake wee! A bo ke ka bo ke go swetse, Abesalome, morwaake wee! morwaake wee!” (2 Samuele 18:33) Rraagwe e ne e le Kgosi Dafide. Jaaka baporofeti ba bangwe ba ga Jehofa, e ne e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.”—Jakobe 5:17.

      Mo metlheng ya Baebele banna le basadi ba ba neng ba buelela Jehofa e ne e le batho ba mefuta yotlhe e bile e le batho ba ba tlwaelegileng. Jaaka rona, ba ne ba na le mathata e bile ba boga ka ntlha ya go sa itekanela. Bangwe ba baporofeti bano e ne e le bomang, mme maikutlo a bone a ne a tshwana jang le a rona?

      Moshe O ne A Fetoga mo go Itshepeng Thata a Nna Bonolo

      Moporofeti yo o neng a itsege thata wa metlha ya pele ga Bokeresete e ne e le Moshe. Le fa go ntse jalo, tota le ka nako ya fa a le dingwaga di le 40, o ne a ise a siamele go direla e le mmueledi wa ga Jehofa. Ka ntlha yang? Fa bomorwarraagwe ba ne ba gatelelwa ke Faro kwa Egepeto, Moshe o ne a godisetswa mo ntlong ya ga Faro mme o ne a ‘nonofile mo puong le mo ditirong.’ Pego e re bolelela jaana: “A itlhoma ba ga gabo ba tlhalogantse fa Modimo o ba direla kgololo ka seatla sa gagwe.” Ka ntlha ya go itshepa thata, o ne a nna bogale a femela lekgoba lengwe la Mohebera, a bo a bolaya Moegepeto.—Ditiro 7:22-25; Ekesodo 2:11-14.

      Jaanong Moshe o ne a patelesega gore a tshabe mme o ne a nna masome a le manè a dingwaga e le modisa kwa Mediana e e kwa kgakala. (Ekesodo 2:15) Kwa bofelong jwa nako eo, Moshe, yo jaanong a neng a setse a le dingwaga di le 80, o ne a romiwa ke Jehofa go nna moporofeti. Mme Moshe o ne a sa tlhole a itshepa thata. O ne a ikutlwa a sa tshwanelege mo e leng gore o ne a belaela lebaka la go bo Jehofa a mo roma jaaka moporofeti wa gagwe, a dirisa mafoko a a jaaka, “Ana nna ke mang, fa e bo ne ne ke ka ya kwa go Faro?” le gore, “Ke ba reye ke reng?” (Ekesodo 3:11, 13) Ka tlhomamisetso e e lorato le thuso ya ga Jehofa, Moshe o ne a ya go dira thomo ya gagwe ka katlego e kgolo.

      A le wena jaaka Moshe, o kile wa letla go itshepa thata gore go dire gore o dire kana o bue dilo tse di sa tshwanelang? Fa go ntse jalo, amogela thapiso e e oketsegileng ka boikokobetso. Kana a o kile wa ikutlwa o sa tshwanelege go diragatsa maikarabelo mangwe a Bokeresete? Go na le go ikgogona, amogela thuso e o e fiwang ke Jehofa le phuthego ya gagwe. Ene yo o thusitseng Moshe a ka go thusa le wena.

      Elija O ne A na Le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona ka Nako ya fa a Ntsha Katlholo

      “Elija e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona, mme lefa go ntse jalo mo thapelong o ne a rapelela gore pula e se ka ya na; mme ya se ka ya na mo lefatsheng ka dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.” (Jakobe 5:17) Thapelo ya ga Elija e ne e dumalana le thato ya ga Jehofa ya go otlhaya setšhaba se se neng se Mo furaletse. Le fa go ntse jalo, Elija o ne a itse gore leuba le a neng a le rapelela le ne le tla dira gore batho ba boge. Baiseraele ba ne ba dirisa temothuo thata; batho ba ne ba tshela ka monyo le pula. Leuba le le nnetseng ruri le ne le tla tlisa tlalelo e kgolo thata. Dijalo di ne di tla swaba; dimela di se kitla di mela. Diruiwa tse di dirisetswang tiro le dijo di ne di tla swa mme malapa mangwe a ne a tla tlhaselwa ke tlala. Ke bomang ba ba neng ba tla boga thata? Batho ba ba tlwaelegileng. Motlholagadi mongwe moragonyana o ne a bolelela Elija gore o ne a saletswe fela ke boupenyana le lookwanenyana. O ne a tlhomamisega gore go ise go ye kae ene le morwawe ba tla bolawa ke tlala. (1 Dikgosi 17:12) Gore Elija a rapele jaaka a dirile, o ne a tshwanetse gore a bo a na le tumelo e e nonofileng ya gore Jehofa o tla tlhokomela batlhanka ba Gagwe—ba ba humileng kana ba ba humanegileng—bao ba ileng ba se ka ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. Jaaka pego e bontsha, Elija ga a ka a swabisiwa.—1 Dikgosi 17:13-16; 18:3-5.

      Dingwaga tse tharo moragonyana fa Jehofa a ne a bontsha gore o tla tloga a tlisa pula, go tlhoafalela ga ga Elija go bona leuba le fela go bonwa ka dithapelo tsa gagwe tse di tlhoafetseng tse a neng a di boeletsa fa a ntse a “inamela fa fatshe, a itsenya sefatlhogo fa gare ga mangole.” (1 Dikgosi 18:42) O ne a kopa motlhanka wa gagwe gangwe le gape jaana: “A ko o tlhatloge, o lebe kwa lewatleng” go bona sesupo sengwe sa gore Jehofa o utlwile dithapelo tsa gagwe. (1 Dikgosi 18:43) A bo a tshwanetse a bo a ile a itumela jang ne fa kgabagare, jaaka karabelo ya dithapelo tsa gagwe, “legodimo la ntsha pula mme lefatshe la ntsha leungo la lone”!—Jakobe 5:18.

      Fa o le motsadi kana mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete, o ka nna wa bo o tshwanelwa ke go lwantshana le maikutlo a a botlhoko fa o neela kotlhao. Le fa go ntse jalo, maikutlo a a ntseng jalo a botho a tshwanetse go lekalekanngwa le tshepo ya gore kotlhao e a tlhokega ka dinako tse dingwe mme fa e neelwa ka lorato, e “ungwe[la] leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:11) Ditlamorago tsa go ikobela melao ya ga Jehofa di a itumedisa ka metlha. Jaaka Elija, re rapela go tswa mo pelong gore di diragadiwe.

      Jeremia O ne A Supa Bopelokgale go sa Kgathalesege go Kgobiwa Marapo

      Mo bakwading botlhe ba Baebele, go bonala Jeremia a kwadile thata ka maikutlo a gagwe go gaisa ba bangwe botlhe. Fa e ne e le lekawana, o ne a etsaetsega go amogela thomo ya gagwe. (Jeremia 1:6) Le fa go ntse jalo o ne a ya go bolela lefoko la Modimo ka bopelokgale, e le fa a ya go lebana le kganetso e e bogale go tswa go Baiseraelekaene—go tloga ka kgosi go ya go motho yo o tlwaelegileng. Ka dinako tse dingwe kganetso eo e ne e dira gore a galefe le go lela. (Jeremia 9:3; 18:20-23; 20:7-18) Mo makgetlhong a a farologaneng o ne a tlhaselwa ke segopa, a itewa, a bofiwa, a tsenngwa mo kgolegelong, a tshosediwa gore o tla bolawa, le go tlogelwa mo teng ga loraga gore a swe kwa tlase ga lediba le le se nang metsi. Ka dinako tse dingwe tota le molaetsa wa ga Jehofa o ne o utlwisa botlhoko, jaaka go supiwa ke mafoko ano a gagwe: “Mala a me we, mala a me we! Ke botlhoko le mo pelong ya me tota.”—Jeremia 4:19.

      Le fa go ntse jalo, o ne a rata lefoko la ga Jehofa, a bolela jaana: “Mafoko a gago a ne a le boitumelo mo go nna, le boipelo jwa pelo ya me.” (Jeremia 15:16) Ka nako e e tshwanang, go kgobega marapo go ne go dira gore a bolelele Jehofa jaana: “Ruri o tlaa nna mo go nna jaaka nokana e e tsietsang, jaaka metsi a a sa tlhomamang,” jaaka a molatswana o o tšhang ka bonako. (Jeremia 15:18) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhaloganya maikutlo a gagwe a a ganetsanang mme a tswelela pele a mo tshegetsa gore a tle a diragatse thomo ya gagwe.—Jeremia 15:20; bona gape 20:7-9.

      A le wena, jaaka Jeremia, o lebana le go kgobega marapo kana kganetso mo go diragatseng bodiredi jwa gago? Ikanye Jehofa. Tswelela pele o latela kaelo ya gagwe mme Jehofa o tla go duelela maiteko a gago.

      Jesu O ne A na Le Maikutlo a a Tshwanang le a Rona

      Moporofeti yo mogolo go gaisa botlhe e ne e le Morwa Modimo e leng Jesu Keresete. Le fa e ne e le monna yo o itekanetseng, o ne a sa fitlhe maikutlo a gagwe. Gantsi re bala ka maikutlo a gagwe a a boteng, a a tshwanetseng a bo a ile a bonala mo sefatlhegong sa gagwe le mo tseleng e a neng a itshwara ka teng mo go ba bangwe. Gantsi Jesu o ne a “tlhotlheletsega go tlhomoga pelo,” mme o ne a dirisa one mafoko ao go tlhalosa batho mo ditshwantshong tsa gagwe.—Mareko 1:41; 6:34; Luke 10:33.

      O tshwanetse a bo a ile a buela kwa godimo fa a ne a ntsha barekisi le diphologolo mo tempeleng ka mafoko a a reng: “Tlosang dilo tse fano!” (Johane 2:14-16) Kakantsho ya ga Petere ya gore “Nna pelonomi mo go wena, Morena,” e ne ya dira gore a arabe ka bogale, “Pota kafa morago ga me, Satane!”—Mathaio 16:22, 23.

      Jesu o ne a na le lorato lo lo kgethegileng ka bangwe ba ba neng ba atamalane thata le ene. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosiwa e le “morutwa yo Jesu a kileng a bo a mo rata.” (Johane 21:7, 20) Mme re bala jaana: “Jaanong Jesu o ne a rata Maratha le morwadiarraagwe le Lasaro.”—Johane 11:5.

      Jesu gape o ne a kgona go hutsafala. Fa a ne a utlwa botlhoko jwa loso lwa ga Lasaro “Jesu a tsholola dikeledi.” (Johane 11:32-36) Fa a ne a senola tsela e pelo ya gagwe e leng botlhoko ka yone ka go bo Judase Isekariota a mo oka, Jesu o ne a nopola mafoko a a amang maikutlo go tswa mo go Dipesalema: “Yo o neng a tle a je senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.”—Johane 13:18; Pesalema 41:9.

      Tota le fa a ne a utlwa botlhoko jo bogolo thata mo koteng, Jesu o ne a supa boikutlo jwa gagwe jwa kwa teng. Ka lorato o ne a dira gore mmaagwe a tlhokomelwe ke “morutwa yo a neng a mo rata.” (Johane 19:26, 27) Fa a ne a bona bosupi jwa gore mongwe wa badirabosula yo o neng a bapolwa le ene o ne a ikwatlhaya, Jesu o ne a bolela jaana ka kutlwelobotlhoko: “O tla nna le nna mo Paradaeseng.” (Luke 23:43) Re kgona go utlwa go hutsafala ga gagwe mo mafokong ano a gagwe: “Modimo wa me, Modimo wa me, ke ka ntlha yang o ntatlhile?” (Mathaio 27:46) Mme mafoko a gagwe a bofelo fa a ne a swa a supa lorato lo lo tswang pelong le tsholofelo: “Rara, ke neela moya wa me mo diatleng tsa gago.”—Luke 23:46.

      A bo seno se re tlhomamisa rotlhe jang ne! “Gonne yo re nang le ene e le moperesiti yo o kwa godimo, ga se yo o sa ka keng a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke [Jesu] yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.”—Bahebera 4:15.

      Go Ikanya ga ga Jehofa

      Le ka motlha Jehofa ga a ise a ko a ikwatlhaye ka ntlha ya babueledi ba a ba tlhophileng. O ne a itse kafa ba ikanyegang ka teng mo go ene, mme ka bopelotlhomogi, makoa a ba ba sa itekanelang o ne a a tlodisa matlho. Le fa go ntse jalo o ne a lebeletse gore ba diragatse thomo ya bone. Ka thuso ya gagwe ba ne ba kgona go dira jalo.

      A ka bopelotelele re ikanye bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang. Ba tla nna ba sa itekanela mo tsamaisong eno ya dilo, fela jaaka rona. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go atlhola bakaulengwe ba rona jaaka batho ba ba sa tshwanelwang ke lorato le tlhokomelo ya rona. Paulo o ne a kwala jaana: “Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re se ka ra bo re iitumedisa.”—Baroma 15:1; Bakolosa 3:13, 14.

      Baporofeti ba ga Jehofa ba ne ba nna le maikutlo otlhe a re nang le one. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikanya Jehofa, mme Jehofa o ne a ba tshegetsa. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ba naya mabaka a go itumela—segakolodi se se siameng, go lemoga gore o a ba amogela, ba na le ditsala tse di ikanyegang tse di ba tshegetsang le tlhomamisego ya go bona isagwe e e itumetseng. (Bahebera 12:1-3) A le rona re ngaparele Jehofa re na le tsholofelo e e tletseng fa re ntse re etsa tumelo ya baporofeti ba bogologolo, banna ‘ba ba nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.’

  • Dingaka, Baatlhodi le Basupi ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo—1998 | March 1
    • Dingaka, Baatlhodi le Basupi ba ga Jehofa

      MORAGO kwa ka March 1995, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshegetsa ka madi diseminara di le pedi kwa Brazil. Maikaelelo e ne e le eng? Go batla tirisanommogo ya badiri ba tsa kalafi le ba molao fa molwetse wa kokelo e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a ka se ka a dumela go tshelwa madi.—Ditiro 15:29.

      Ka maswabi, mo makgetlhong mangwe dingaka di ile tsa itlhokomolosa dikeletso tsa balwetse ba Basupi mme ba batla go bona taolo ya kgotlatshekelo go ba pateletsa go tshela madi. Mo maemong a a ntseng jalo Basupi ba ile ba dirisa ditsela tsotlhe tse di leng teng tse di kafa molaong go itshireletsa. Le fa go ntse jalo, ba rata tirisanommogo go na le go lwa. Ka jalo, diseminara tseno di ne di gatelela gore go na le dilo tse dintsi tse di ka dirisiwang go na le kalafi ya go tshela madi a mofuta o o tshwanang mme Basupi ba ga Jehofa ba amogela tseno ka boitumelo.a

      Kokoano nngwe ya Regional Council of Medicine ya São Paulo e ne e setse e ema boemo jwa Basupi nokeng. Ka January 1995 fa lekgotla leno le kopana le ile la swetsa gore fa kalafi e ngaka e e akantshang e sa ratiwe, molwetse o na le tshwanelo ya go e gana le go tlhopha ngaka e nngwe.

      Ka mo go itumedisang, gone jaanong go na le makgolokgolo a ba ba leng mo tirong ya kalafi kwa Brazil ba ba ikemiseditseng go dirisa kalafi e e seng ya madi mo balwetseng ba ba e batlang. Fa e sa le ka nako ya diseminara tsa March 1995, tirisanommogo fa gare ga dingaka, baatlhodi le Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil go ile ga tokafala thata. Ka 1997 makasine wa tsa kalafi wa Brazil wa Âmbito Hospitalar o ne wa gatisa setlhogo se se neng se gatelela gore ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa malebana le kgang ya madi di tshwanetse go tlotliwa. Go itsege gongwe le gongwe jaanong gore, jaaka go tlhalositswe ke Regional Councils of Medicine ya dinaga tsa Rio de Janeiro le São Paulo, “boikarabelo jwa ngaka jwa go sireletsa botshelo jwa molwetse wa gagwe ga bo a tshwanela go feta boikarabelo jwa gagwe jwa go emela tshwanelo ya molwetse ya go dira tshwetso.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela