LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Buka ya Bibela ya bo 8—Ruthe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
    • 1. (a) Ke ka ntlhayang fa buka ya Ruthe e se polelo ya lorato fela? (b) Ruthe o umakiwa jang ka tsela e e kgethegileng mo Bibeleng?

      BUKA ya Ruthe e bua ka ditiragalo tse di itumedisang tseo di felelang sentle ka polelo e e molemo ya go ratana ga ga Boase le Ruthe. Lefa go ntse jalo, ga se polelo ya lorato fela. Boikaelelo jwa yone ga se go ntsha batho bodutu. Buka eno e tlotlomatsa boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tlhagisa moruaboswa wa Bogosi, gape e tlotlomatsa bopelonomi jwa Gagwe jo bo lorato. (Ruthe 1:8; 2:20; 3:10) Nonofo e kgolo ya ga Jehofa ya lorato e bonwa mo go kgetheng ga gagwe mosadi wa Moaba, yo pele e neng e le moobamedi wa modimo wa seheitane Kemoshe, yo o neng a sokologetse mo bodumeding jwa boammaaruri, go nna maagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. Ruthe ke mongwe wa basadi ba banè bao ba umakiwang ka maina mo tlhatlhamanong ya losika loo go simologa ka Aberahame go ya go Jesu. (Math. 1:3, 5, 16) Ruthe, mmogo le Esethere, ke mongwe wa basadi ba babedi bao dibuka tsa Bibela di reeletsweng ka bone.

      2. Ditiragalo tseo di kwadilweng mo bukeng ya Ruthe di ne tsa diragala leng, buka eo e ne ya kwalwa leng, mme ya kwalwa ke mang?

      2 “Me ga dihala e rile mo metlheñ ea ha baatlhodi ba atlhola . . . ” Buka ya Ruthe e simolola polelo ya yone e e kgatlhisang ka mafoko ao a yone a ntlha. Go ya ka mafoko ano go tlhaloganyesega gore buka eo ka boyone e ne ya kwalwa moragonyana, mo motlheng wa dikgosi tsa Iseraele. Lefa go ntse jalo, ditiragalo tseo di amanang le buka eno di ne tsa diragala mo dingwageng tse 11 tseo go neng go laola baatlhodi mo go tsone. Lemororo go sa kwalwa gore e kwadilwe ke mang, e tshwanetse ya bo e ne e le Samuele, yo gape go lebegang a ile a kwala buka ya Baatlhodi le yo e neng e le motho yo o ikanyegang ka mo go tlhomologileng kwa tshimologong ya nako eo go neng go busa dikgosi mo go yone. Ereka ditemana tsa yone tsa bofelo di supa gore Dafide o ne a setse a simolola go nna motho wa maemo, seno se ka raya gore e ile ya kwalwa mo e ka nnang ka 1090 B.C.E. Samuele, yo o neng a tlwaelane thata le tsholofetso ya ga Jehofa ya gore go ne go tla tswa “tau” mo lotsong lwa Juda, e le yo o neng a ile a dirisiwa ke Jehofa go tlotsa Dafide wa lone lotso loo go nna kgosi ya Iseraele, o ne a tla rata go kwala rekoto ya losika loo go ya go fitlha mo go Dafide.—Gen. 49:9, 10; 1 Sam. 16:1, 13; Ruthe 1:1; 2:4; 4:13, 18-22.

      3. Ke dintlha dife tse di tlhomamisang fa buka ya Ruthe e le karolo ya Dikwalo tsa Bibela?

      3 Ga go na ope yo o kileng a ganetsa gore buka ya Ruthe ke karolo ya Dikwalo tsa Bibela. Seno se ile sa tlhomamisiwa ka botlalo fa Jehofa a ne a tlhotlheletsa gore Ruthe a kwalwe mo tlhatlhamanong ya losika lwa ga Jesu mo go Mathaio 1:5. Gape ka metlha Bajuda ba ile ba tsaya fa buka ya Ruthe e le karolo ya Dikwalo tsa Bibela tsa Sehebera. Ga go gakgamatse, he, go bo dikapetla tsa buka eo di ile tsa fitlhelwa gareng ga dibuka tse dingwe tsa Dikwalo tsa Bibela mo Memenong ya Lewatle je le Suleng eo e ileng ya bonwa go simologa ka 1947. Mo godimo ga moo, Ruthe e dumalana ka botlalo le maikaelelo a ga Jehofa kaga Bogosi mmogo le dipatlafalo tsa Molao wa ga Moshe. Lemororo Baiseraele ba ne ba ilediwa go nyalana le Bakanana le Bamoaba bao ba neng ba obamela medimo ya disetwa, seno se ne se sa reye gore go ne go ntse jalo le ka baeng ba ba tshwanang le Ruthe bao ba neng ba amogela kobamelo ya ga Jehofa. Mo bukeng ya Ruthe, molao wa thekololo le wa go nyala seyantlo o dirisiwa ka botlalo.—Dute. 7:1-4; 23:3, 4; 25:5-10.

      SE SE LENG MO GO RUTHE

      4. Ke tshwetso efe eo Ruthe a tshwanetseng go e dira, mme seo a kgethang go se dira se supa eng ka mofuta wa kobamelo ya gagwe?

      4 Tshwetso ya ga Ruthe ya go sa kgaogane le Naomi (1:1–22). Polelo eno e simolola ka nako eo go leng leuba mo Iseraele. Monna mongwe wa Bethelehema, eleng Elimeleke, o kgabaganya Joredane a na le mosadi wa gagwe, ebong Naomi, le barwa ba bone ba babedi, Mahelone le Kilione, go ya go thibelela ka nako e e rileng mo lefatsheng la Moaba. Fa ba le koo, barwa ba bone ba nyala basadi ba Moaba, Orepa le Ruthe. Lelapa leo le diragalelwa ke matlhotlhapelo, santlha go tlhokafala rre, moragonyana go tlhokafala barwa ba babedi ba gagwe. Go sala basadi ba bararo ba ba senang bana, bao ba leng batlholagadi, ba sena losika lope lwa ga Elimeleke. Fa Naomi a utlwalela gore Jehofa o gopotse Baiseraele gape ka go naya batho ba gagwe dijo, o fetsa ka gore a boele kwa nageng ya gagabo Juda. Dingwetsi tsa gagwe di emelela nae. Naomi o ba kopa go boela kwa moraga kwa Moaba, a rapela Jehofa gore a ba bontshe bopelonomi ka go ba naya banna gareng ga batho ba ga bone. Kwa bokhutlong Orepa “o [boela] kwa bathuñ ba ga gabō, le kwa modimoñ wa gagwè,” mme Ruthe ene, ereka a sokologetse kobamelong ya ga Jehofa ka bopeloephepa ebile a tshwareletse mo go yone, o gana go kgaogana le Naomi. Tshwetso ya gagwe e tlhalosiwa ka mo go kgatlhisang mo mafokong ano: “Kwa u eañ gōna, ke tla ea gōna; kwa u lalañ gōna, ke tla lala gōna: batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me: Kwa u shwèlañ gōna ke tla shwèla gōna, ke ba ke hitlhwa gōna: a Yehofa a ntihèlè yalo, a ba a hetisè, ha señwe se ka nkgaoganya nau ha e se losho hèla.” (1:15-17) Lefa go ntse jalo, Naomi wa motlholagadi yo o senang ngwana, yo leina la gagwe le rayang “Boitumelo jwa Me,” o akantsha gore a bidiwe Mara, leina leo le rayang “Botlhoko.”

      5. Ruthe o bontsha dinonofo dife tse di molemo, mme Boase o mo kgothatsa jang?

      5 Ruthe o ronopa mo tshimong ya ga Boase (2:1-23). Fa Ruthe a goroga mo Bethelehema, o kopa Naomi gore a mo letlelele go ronopa morago ga go sena go rojwa barele. Boase, yo eleng mong wa tshimo eo, yo eleng Mojuda yo o godileng le wa losika lo lo gaufi lwa ga matsalaagwe wa monna, ebong Elimeleke, o gapiwa pelo ke Ruthe. Lemororo go ya ka molao wa Modimo a na le ditshwanelo tsa go ronopa, Ruthe o bontsha bopelonolo ka go kopa tetla ya go bereka mo tshimong eo. (Lefi. 19:9, 10) O dumelelwa go dira jalo kwantle ga bothata bope, mme Boase o mmolelela gore a ronope fela mo tshimong ya gagwe le makgarebane a gagwe. Fa a sena go mmolelela gore o utlwaletse ka go ikanyega ga gagwe mo go Naomi, o mo kgothatsa ka mafoko ano: “A Yehofa a lebogè tihō ea gago, u bo u nèwè tuèlō e e tletseñ ke Yehofa, Modimo oa Iseraele, eo u tsileñ botshabeloñ tlhatse ga diphuka tsa gagwè.” (Ruthe 2:12) Mo phirimaneng eo, Ruthe ka bopelotshweu o abalana mofufutso wa tiro ya gagwe le Naomi a ba a tlhalosa gore o kgonne go atlega mo go ronopeng ga gagwe ka baka la bopelontle jwa ga Boase. Naomi o lemoga fa Jehofa e le ene a ikarabelelang mo go seno, a re: “A a segōhadiwè mo go Yehofa, eo o se kañ a khutlisetsa batshedi le bashwi bopelonomi yoa gagwè. . . . Monna eouō ke oa losika loa rona eo o gauhi le rona, ke moñwe oa ba ba gauhi le rona ka go tsalwa.” (2:20) Ee, Boase ke wa losika lo lo gaufi lwa bone, yo go ya kafa molaong a ka tsosolosang losika lwa ga Naomi mo boemong jwa ga Elimeleke yo o tlhokafetseng. Ruthe o tswelela ka go ronopa mo masimong a ga Boase go fitlhela go rojwa ga barele le go rojwa ga mabele go wediwa.

      6. Ruthe o kopa gore a nyalwe lenyalo la morekathoto jang, mme Boase o arabela jang?

      6 Boase, jaaka morekathoto, o nyala Ruthe (3:1–4:22). Ereka ene a ne a setse a tsofetse go ka tshola bana, Naomi o bolelela Ruthe gore a nyalwe boemong jwa gagwe mo lenyalong la morekathoto. Mo pakeng eno ya botlhokwa, e ne e le selo se se tlwaelegileng gore mong wa tshimo a okamele go olosiwa ga mabele, mo go neng go dirwa mo phirimaneng e le gore go tle go rakanwe le phefo eo e neng e foka morago ga letsatsi le le mogote. Boase o ne a tle a robale fa go phothelwang gone, mme Ruthe o mo fitlhela gone foo. O tla kwa go ene a nanabela, a mo apola kwa dinaong, a bo a robala. Fa Boase a tsoga gare ga bosigo, Ruthe o mo ipolelela gore ke mang, mme, tumalanong le tsela eo basadi ba ba batlang tshwanelo ya bone ya go nyalwa ke seyantlo ba neng ba dira ka yone, o kopa gore a mo apese kojana ya gagwe.a Boase o bolela ka go re, “U segōhadiwè mo go Yehofa, morwadiaka,” mme o mo akgolela go bo a se kile a ya kwa makawaneng ka baka la go gotelela tlhakanelodikobo kana bogagapa. Ruthe gaa itshupe e le motho yo o kgothaletsang maitshwaro mangwe a a seng phepa, go na le moo o itshupa fa a le “mosadi eo o siameñ.” (3:10, 11) Lefa go ntse jalo, jaaka jaanong a mmolelela, go na le morekathoto yo mongwe yo a leng gaufi nabo thata mo losikeng go na nae; o ne a tla ya go mmona mo mosong. Ruthe o nna a robetse fa dinaong tsa gagwe go fitlhela ka makuku. Go tswa foo o mo naya mpho ya mabele, o boela kwa go Naomi, yoo ka go tlhobaela a botsang gore dilo di tsamaile jang.

      7. Boase o tsamaisa dithulaganyo tsa lenyalo leo jang, mme go felela ka masego afe?

      7 Boase o tsoga go sa le moso thata a ya kwa kgorong ya motse go batla morekathoto yoo. O tsaya banna ba le somè ba ba godileng ba motse oo go nna basupi ba gagwe, mme o neela motho yono wa losika lo lo gaufi tshono ya ntlha ya go reka thoto yotlhe e e neng e le ya ga Elimeleke. A o tla dira jalo? Ka bokhutshwane fela o araba ka gore ee ka go lebega e le gore o tla kgona go oketsa khumo ya gagwe fa a ka dira jalo. Lefa go ntse jalo, fa a bolelelwa gore gape go tla tlhoka gore a nyale Ruthe jaaka seyantlo, o supa kafa molaong fa a sa batle go dira jalo ka go rola setlhako sa gagwe ka go bo a tshogela gore boswa jwa gagwe bo tla jewa. Mo rekotong ya Bibela ga a umakiwe ka leina, o bidiwa fela ka go nyadiwa go twe “Semañmañ.” Fa pele ga bone basupi bao, Boase morago o duelela Ruthe go nna mosadi wa gagwe. A o dira jalo ka baka la bogagapa? Nnyaa, mme o dira jalo gore “leina ya moshwi le se ka ya kgaolwa.” (4:1, 10) Batho botlhe ba ba lebeletseng ba kopa gore Jehofa a segofatse thulaganyo eno ya lorato, mme abo tshegofatso eo e nna e e gakgamatsang jang ne! Ruthe o tsholela Boase yo o setseng a godile morwa, mme Naomi e nna ene motlhokomedi wa ngwaga yoo. O bidiwa ‘ngwana wa ga Naomi’ mme o rewa leina go twe Obede.—4:17.

      8. Ke eng seo gape se supang gore go tsholwa ga Losika lo lo solofeditsweng ke thulaganyo ya ga Jehofa?

      8 Ditemana tsa bofelo tsa Ruthe di bolela tlhatlhamano ya losika lono go simologa ka Perese, go ya go Boase, mme go tswa foo go ya go Dafide. Batshwayadiphoso bangwe ba ile ba bolela gore ga go a kwadiwa dikokomana tsotlhe, ereka nako e batho ba ba seng kae bano ba neng ba tshela mo go yone e le e telele fela thata. A seo se boammaaruri? Kana a mongwe le mongwe wa bone o ne a segofadiwa ka go fiwa botshelo jo boleele le go tshola morwa a setse a tsofetse? Karabo ya potso eno ya bobedi e ka nna ya tswa e le yone e e boammaaruri, e gatelela gore Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla ka thulaganyo ya ga Jehofa le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, mme eseng ka maatla a tlholego a motho. Mo dipakeng tse dingwe Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e tshwanang, fela jaaka go tsholwa ga ga Isake, Samuele, le Johane wa Mokolobetsi.—Gen. 21:1-5; 1 Sam. 1:1-20; Luke 1:5-24, 57-66.

      LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

      9. Batho ba ba tlhomologileng bao go buiwang ka bone mo ditiragalong tsa buka ya Ruthe ke dikao tse di molemo jang mo go rona gompieno?

      9 Rekoto e e kgatlhisang eno eleruri e na le mosola, e thusa barati botlhe ba tshiamo go aga tumelo e e nonofileng. Batho botlhe ba botlhokwa mo tiragalong e e kgatlhisang eno ba bontsha fa ba na le tumelo e e tlhomologileng mo go Jehofa, mme botlhe “chupō e ba dihaletse ka tumèlō ea bōnè.” (Baheb. 11:39) Ba ne ba nna dikao tse di molemo tsa rona gompieno. Naomi o ne a bontsha tshepo e kgolo mo bopelonoming jwa ga Jehofa jo bo lorato. (Ruthe 1:8; 2:20) Ruthe ka go rata o ne a tlogela lefatshe la ga bone e le gore a tle a tswelele a obamela Jehofa; o ne a itshupa fa a ikanyega ebile a le boikobo, gape a le motho yo o ratang tiro. Kanaanelo e e nonofileng eo Boase a neng a na nayo mo molaong wa ga Jehofa le mo go direng thato ya ga Jehofa ka boikokobetso, mmogo le lorato lwa gagwe mo go Naomi yo o ikanyegang le Ruthe eo o senatla, ke tsone tse di neng tsa dira gore a kgone go diragatsa tshiamelo ya gagwe ya lenyalo la morekathoto.

      10. Ke ka ntlhayang fa rekoto e e mo go Ruthe e tshwanetse go nonotsha tshepo ya rona mo ditsholofetsong tsa Bogosi?

      10 Paakanyetso ya ga Jehofa ya lenyalo, mme mo kgannyeng eno e le lenyalo la morekathoto, e ne ya dirisediwa go mo tlotla. Jehofa e ne e le Morulaganyi wa lenyalo la ga Boase le Ruthe, mme o ne a le segofatsa go ya ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato; o ne a le dirisa go tsweledisa tlhatlhamano ya balosika lwa segosi lwa Juda eo e fitlhang mo go Dafide mme kwa bokhutlong e fitlha mo go Dafide yo Mogolwane, Jesu Keresete. Go tlhokomela ga ga Jehofa ka kelotlhoko gore go nne le Moruaboswa wa Bogosi go ya ka paakanyetso ya gagwe ya semolao go tshwanetse ga nonotsha tlhomamisego ya rona mme ga re thusa gore re lebele pele ka tshepo gore ditsholofetso tsotlhe tsa Bogosi di tla diragadiwa. Go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire ka bonatla mo tirong ya thobo ya motlha wa segompieno, re tshepile gore Jehofa, Modimo wa Iseraele wa semoya, yo ‘re tlileng go batla botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa gagwe’ le yo maikaelelo a gagwe a Bogosi a atamelang go diragala ka botlalo ka mo go itumedisang jaana o tla re naya tuelo e e itekanetseng. (2:12) Buka ya Ruthe ke nngwe ya tseo di lomaganang sentle le rekoto e e lebisang kwa Bogosing joo!

  • Buka ya Bibela ya bo 9—1 Samuele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
    • Buka ya Bibela ya bo 9—1 Samuele

      Bakwadi: Samuele, Gade, Nathane

      Lefelo Leo E Kwaletsweng Kwa Go Lone: Iseraele

      Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1078 B.C.E.

      Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 1180–1078 B.C.E.

      1. Ke phetogo efe e kgolo eo e neng ya nna gone mo ditsamaisong tsa morafe wa Iseraele ka ngwaga wa 1117 B.C.E., mme go ne go tla latela maemo afe ka baka la seo?

      MO NGWAGENG wa 1117 B.C.E., go ne ga diragala namane e tona ya phetogo mo tsamaisong ya morafe wa Iseraele. Motho o ne a tlhongwa jaaka kgosi! Seno se ne sa diragala fa Samuele a ne a dira jaaka moperofeti wa ga Jehofa mo Iseraele. Lemororo Jehofa a ne a tlhagisitse kgatlhanong le seo ebile a ile a bolelelapele ka sone, fa batho ba Iseraele ba ne ba batla gore ba nne le kgosi, seo se ne sa nna sa swabisa Samuele fela thata. Ereka Samuele a ne a sale a ineetse mo tirelong ya ga Jehofa go tswa bonyaneng jwa gagwe, ebile a ne a tlotla le go sisimoga puso ya ga Jehofa, o ne a kgona go bonelapele matlhotlhapelo ao a neng a tla tlela morafe wa ga bone o o boitshepo oo wa Modimo. Samuele o ne a ba direla seo ba neng ba se batla morago fela ga gore Jehofa a mo fe taolo. “Hoñ Samuele a bolèlèla batho mokgwa oa bogosi, a ba a go kwala mo lokwaloñ, a lo baea mo polokoñ ha pele ga Yehofa.” (1 Sam. 10:25) Ka gone motlha wa go laola ga baatlhodi o ne wa khutla, ga simologa motlha wa go busa ga dikgosi tsa batho oo mo go one Baiseraele ba neng ba tla nna le maatla le seriti seo go senang morafe ope o o kileng wa nna natso, mme ga felela ka gore kwa bokhutlong ba tlelwe ke maswabi le go latlhwa ke Jehofa.

      2. Ke bomang bao ba neng ba kwala buka ya Samuele wa Ntlha, mme ditshwanelego tsa bone e ne e le dife?

      2 Ke mang yo o neng a tla tshwanelega go kwala pego eno ya Modimo mo lobakeng lono lwa ditiragalo tse dikgolo? Ka mo go tshwanelang, Jehofa o ne a tlhopha Samuele yo o ikanyegang go simolola go e kwala. Leina Samuele le raya “Leina la Modimo,” mme eleruri o ne a tlhomologile jaaka motlotlomatsi wa leina la ga Jehofa mo metlheng eo. Go lebega gore Samuele o ne a kwala dikgaolo tsa ntlha tse 24 tsa buka eno. Go tswa foo, fa a ne a tlhokafala, Gade le Nathane ba ne ba tsweledisa go kwala moo, ba digela rekoto ya seo se neng sa diragala mo dingwageng di sekae tseo tsa bofelo go fitlhela Saulo a tlhokafala. Seno se bontshiwa ke seo se bolelwang ke 1 Ditihalō 29:29, eo e balegang ka go re: “Me ditihō tsa kgosi Dafide, tsa pele le tsa moragō, bōnañ, di kwadilwe mo mahokuñ a ga Samuele molebi, le mo mahokuñ a ga Nathane moperofeti, le mo mahokuñ a ga Gade molebi.” Ka go sa tshwane le Dikgosi le Ditihalō, dibuka tsa Samuele ga di umake direkoto tsa pele ka gope, mme ka gone di tlhomamisa gore batho ba nako ya ga Dafide ebong Samuele, Gade, le Nathane ke bone ba kwadileng buka eo. Banna bano botlhe ka boraro e ne e le baperofeti ba ga Jehofa mme ebile ba ne ba le kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa eo e neng e koafaditse morafe oo.

      3. (a) Go tlile jang gore buka ya Samuele wa Ntlha e nne buka e e sa kopaneng le epe ya Bibela? (b) E ne ya digelwa go kwalwa leng, mme e kwadilwe mo lobakeng lo lo kana kang?

      3 Kwa tshimologong dibuka tse pedi tsa Samuele e ne e le momeno o le mongwe fela, kana bolumo. Buka ya Samuele e ne ya kgaoganngwa ya dirwa dibuka tse pedi fa karolo eno ya Septuagint ya Segerika e ne e gatisiwa. Mo go Septuagint, buka ya Samuele wa Ntlha e ne e bidiwa Magosi a Ntlha. Go kgaoganngwa mo le leina Dikgosi tsa Ntlha go ne ga dirisiwa mo go Vulgate ya Selatine mme go santse go ntse jalo mo Dibibeleng tsa Sekatoliki le mo motlheng ono. Gore Samuele wa Ntlha le wa Bobedi kwa tshimologong e ne e le buka e le nngwe fela go bontshiwa ke ntlhanyana ya Ba-Masora malebana le 1 Samuele 28:24, eo e tlhalosang gore temana eno e fa gare mo bukeng ya Samuele. Go lebega buka eno e ile ya digelwa go kwalwa mo e ka nnang ka 1078 B.C.E. Ka gone buka ya Samuele wa Ntlha e ka nna ya bo e kwadilwe mo lobakeng lwa dingwaga tse di fetang lekgolo go sekae fela, go simolola ka 1180 go ya go 1078 B.C.E.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela