Go Rulaganyetsa—Baratiwa ba Rona—Go sa Le Gale
KGANG e e hutsafatsang ya ga Annie e ne ya tlhaga bosheng jaana mo lokwalodikgannyeng longwe lwa Afrika. Monna wa ga Annie e ne e le rakgwebo. O ne a tlhokafala ka 1995, a tlogela dikoloi di le 15; diakhaonto di le mmalwa tsa banka; madi a a ka tshwarang diranta di le 18 000; lebenkele; bara; le ntlo e e nang le diphaposi tsa marobalo di le tharo. Se a neng a sa se tlogela e ne e le wili.
Go begwa fa morwarraagwe monna wa ga Annie a ne a itseela dithoto le madi a bo a mo leleka mmogo le bana ba gagwe ba barataro mo legaeng la bone. Ka go tlhoka madi jalo, ene le bana ba gagwe jaanong ba nna le kgaitsadie. Bana ba le banè ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela sekolo, e re ka go ne go se na madi a go ba tsenya sekolo kana a yunifomo.
Annie o ne a ya go ikuela kwa kgotlatshekelong e kgolo, e e neng ya atlhola ka gore o tshwanetse go busediwa dithoto dingwe, go akaretsa le koloi. Mme ga go a ka ga busiwa sepe. O tshwanetse go boela gape kwa kgotlatshekelong go ya go batla tumelelo e e tla pateletsang morwarraagwe monna wa gagwe gore a dire se kgotlatshekelo e kgolo e se atlholetseng.
Ke ka Ntlha Yang Fa o Ka Akanya ka Loso?
Kgang ya ga Annie e bontsha se se ka nnang sa diragala fa tlhogo ya lelapa e palelwa ke go rulaganyetsa gore fa e ka swa. Mo losong, batho botlhe “ba tlogelela ba bangwe dilo tsa bone tsa go itlamela.” (Pesalema 49:10, NW) Mo godimo ga moo, baswi ga ba kgone go laola gore dithoto tsa bone di dirwe eng. (Moreri 9:5, 10) Gore motho a nne le se a se buang ka se se ka dirwang ka dithoto tsa gagwe, o tshwanetse a rulaganya dilo pele a tlhokafala.
Le mororo rotlhe re itse gore re ka nna ra swa ka tshoganyetso, batho ba le bantsi ba palelwa ke go direla baratiwa ba bone ba ba tshelang dithulaganyo go sa le gale. Le fa gone puisano ya rona e tla bo e remeletse thata mo ditlhopheng tse di rileng tsa setso mo Afrika, go sa ntse go na le mathata a a tshwanang le ano mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
Gore a o tsaya dikgato dingwe malebana le go aba dithoto tsa gago fa o ka tlhokafala ke kgang ya gago ka namana. (Bagalatia 6:5) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa botsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa e re monna a sa ntse a tshela a rata le go tlhokomela mosadi le bana ba gagwe mme a bo a sa dire dithulaganyo dipe tsa go ba tlamela fa go ka direga gore a tlhokafale?’ Lebaka le legolo ke gore bontsi jwa rona ga re batle go akanya ka kgang ya gore re ka nna ra tlhokafala, ka gone ga go rulaganngwe sepe se se kalo ka loso. Tota e bile, re ka se bonele pele letsatsi le re tla tlhokafalang ka lone, jaaka Baebele e bolela jaana: “Lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso. Gonne lo mouwane o o bonalang ka lobakanyana mme go tswa foo o bo o nyelela.”—Jakobe 4:14.
Go rulaganyetsa gore fa o ka swa ke selo se se mosola. Gape go bontsha lorato mo go ba ba tla bong ba tshela. Fa re sa rulaganye dikgang tsa rona, ba bangwe ba tla re rulaganyetsa tsone. Gongwe batho ba re iseng re ko re kopane le bone ba tla dira ditshwetso ka dithoto tsa rona le go dira dithulaganyo tsa phitlho. Mo maemong a a ntseng jalo mo dinageng tse dingwe, Puso ke yone e e dirang tshwetso ya gore ke mang yo o tla tsayang madi a rona le dithoto. Mo mafelong a mangwe, ba losika ke bone ba ba dirang ditshwetso, mme ditshwetso tseno gantsi di felela di na le dingangisano tse di bakang bopeloetlhoi mo lelapeng. Mo godimo ga moo, se go dirilweng tshwetso ya sone se ka nna sa farologana thata le se re neng re se eleditse.
Go Gapiwa ga Dithoto
Motlholagadi ke ene a bogang thata fa monna wa gagwe a tlhokafala. Mo godimo ga go hutsafalela molekane wa gagwe yo o tlhokafetseng, gantsi o gapelwa dithoto. Seno se ne sa tlhalosiwa pelenyana mo kgannyeng ya ga Annie. Lebaka le lengwe le le ka dirang gore dithoto di gapiwe ke tsela e basadi ba tsewang ka yone. Mo ditsong tse dingwe mosadi wa monna ga a tsewe e le karolo ya lelapa la gagwe. O tsewa e le moeng yo o ka nnang a boela kwa ga gabo nako nngwe le nngwe kana a nyalwa gape mo lelapeng le lengwe. Se se farologaneng le seo, go akanngwa gore, bomorwarraagwe monna, bokgaitsadie le batsadi ba ka se mo tlogele. Fa a tlhokafala, lelapa la ga gabo le dumela gore se e neng e le sa gagwe ke sa bone, e seng sa mosadi le bana ba gagwe.
Banna ba ba sa boleleleng basadi ba bone dilo ba rotloetsa kgopolo e e ntseng jalo. Mike o ne a buisana le bomorwarraagwe fela ka dikgwebo tsa gagwe. Ba ne ba itse gore dithoto tsa gagwe ke dife, mme mosadi wa gagwe o ne a sa itse go le kalo. Fa a tlhokafala, bomorwarraagwe monna ba ne ba tla kwa go ene ba batla go duelwa se monna wa gagwe a neng a se kolotiwa. O ne a sa itse sepe ka gone. Go tswa foo, ba ne ba gapa metšhine e e kopololang le e e tlanyang e monna wa gagwe a neng a mo e reketse. Kgabagare, bomorwarraagwe monna ba ne ba tsaya legae la gagwe le sengwe le sengwe se se mo go lone. Motlholagadi yono le morwadie yo mmotlana ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya, ba itseetse fela diaparo tsa bone.
“Bobedi Jono bo Tla Nna Nama e le Nngwe”
Banna ba Bakeresete ba rata basadi ba bone mme ba bona ba tshwanelwa gore ba ba tlhokomele. Banna ba ba ntseng jalo ba utlwa kgakololo ya Dikwalo e e reng: “Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse ba bo ba rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” Gape banna bano ba dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ke Modimo: “Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.”—Baefeso 5:28, 31.
Gape banna ba ba ratang Modimo ba dumalana le moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, yo o neng a kwala jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Go dumalana le molaomotheo ono, fa monna wa Mokeresete a rulaganyetsa loeto lo lotelele, o tla ela tlhoko gore lelapa la gagwe le tlhokometswe fa a sa ntse a tsamaile. Ka mo go tshwanang, a ga go utlwale gore a rulaganyetse mosadi le bana ba gagwe fa a ka tlhokafala? Go mosola e bile gape go bontsha lorato go ipaakanyetsa mathata a tshoganyetso.
Ditlwaelo Tsa Phitlho
Go na le karolo e nngwe ya kgang eno e banna ba Bakeresete ba ka e sekasekang. Mo godimo ga gore motlholagadi a hutsafalele molekane wa gagwe yo o tlhokafetseng, dithoto gongwe le bana ba gagwe, ditšhaba tse dingwe di mo tlhotlheletsa go dira dingwao tsa go roula. Lokwalodikgang lwa The Guardian lwa Nigeria lo bolela gore mo dikarolong tse dingwe, ngwao e tlhoka gore motlholagadi a robale mo phaposing e le nngwe e e lefifi le setopo sa monna wa gagwe. Mo mafelong a mangwe, batlholagadi ga ba a tshwanela go tswa mo magaeng a bone ka nako ya go roula e e ka tsayang dikgwedi di le thataro. Mo nakong eo, ga ba a tshwanela go tlhapa, tota ba ilediwa go tlhapa matsogo a bone pele kana morago ga dijo.
Ditlwaelo tse di ntseng jalo di baka mathata, segolo jang mo batlholagading ba Bakeresete. Go eletsa ga bone go itumedisa Modimo go ba tlhotlheletsa go tila ditlwaelo tse di sa dumalaneng le dithuto tsa Baebele. (2 Bakorintha 6:14, 17) Le fa go ntse jalo, fa motlholagadi a sa dire go dumalana le ditlwaelo tseno, a ka nna a bogisiwa. O ka nna a ba a tshwanelwa ke go falotsa botshelo jwa gagwe ka go tshaba.
Go Tsaya Dikgato Tse Di ka Fa Molaong
Baebele e bolela jaana ka tsela e e botlhale: “Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela.” (Diane 21:5) Ke dithulaganyo dife tse tlhogo ya lelapa e ka di dirang? Mo ditšhabeng di le dintsi go ka kgonega go dira wili kana go kwala lekwalo le le bolelang kafa dithoto tsa motho di tshwanetseng go abiwa ka gone fa a ka tlhokafala. Le ka akaretsa dintlha tsa dithulaganyo tsa phitlho. Lokwalo leno gape le ka tlhalosa se molekane wa lenyalo a ka se dirang (kana a ka se kang a se dira) malebana le ditlwaelo tsa phitlho le tsa go roula.
Mosadi mongwe yo o bidiwang Leah o ne a tlhokafalelwa ke monna wa gagwe ka 1992. O bolela jaana: “Ke na le bana ba le batlhano—basetsana ba le banè le mosimane a le mongwe fela. Monna wa me o ne a lwala lobakanyana pele a tlhokafala. Mme tota le pele a lwala, o ne a kwala lekwalo le le bolelang gore o batla dithoto tsotlhe tsa gagwe di fiwa nna le bana ba rona. Di ne di akaretsa madi a inshorense, polase, diphologolo tse di ruilweng mo polaseng le ntlo. O ne a saena wili eno a bo a nneela yone. . . . Fa monna wa me a sena go tlhokafala, ba losika ba ne ba batla go kgaoganyetswa boswa jwa gagwe. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore monna wa me ke ene a itheketseng polase ka madi a gagwe le gore ga ba na tshwanelo ya go batla sepe. Fa ba bona wili e e kwadilweng, ba ne ba itlhoboga.”
Go Buisana le ba Lelapa
Go ka nna ga tsoga mathata fa motho a sa bue le ba lelapa la gagwe ka ditumelo tsa gagwe le dilo tse a di batlang. Akanya ka kgang ya monna mongwe yo ba losika lwa gagwe ba neng ba pateletsa gore a fitlhelwe kwa motsaneng mongwe go dumalana le tlwaelo ya lefelo leo. Fa matshelo a bone a le mo kotsing, motlholagadi le bana ba gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela setopo sa gagwe le ba losika. O bolela jaana a hutsafetse: “Fa monna wa me a ne a boleletse mongwe wa bomalomaagwe kana bontsalae kafa a batlang gore phitlho ya gagwe e tshwarwe ka teng, ba lelapa ba ka bo ba sa pateletsa gore go dirwe ditlwaelo tsa bone tsa phitlho.”
Mo ditšhabeng tse dingwe ditumalano tse di dirwang go buiwa ka molomo le tsone di a tlama fela jaaka lekwalo. Go ntse jalo le mo dikarolong dingwe tsa Swaziland, koo batho ba le bantsi ba nang le ditumelo tse di kgothaletsang go dirwa ga ditlwaelo tsa phitlho le tsa go roula. Ka go itse seno, monna mongwe wa Mokeresete e bong Isaac o ne a phutha ba losika lwa gagwe, ba e neng e se Basupi ba ga Jehofa, mme a buisana le bone ka se a batlang se dirwa fa a sena go tlhokafala. O ne a ba bolelela gore ke mang yo o tshwanetseng go neelwa dithoto tse di rileng, mme a ba tlhalosetsa sentle gore phitlho ya gagwe e tshwarwe jang. Fa a sena go tlhokafala, dilo di ne tsa dirwa jaaka a ne a batla. Isaac o ne a fitlhwa ka tsela ya Bokeresete, mme mosadi wa gagwe o ne a tlhokomelwa sentle.
Sireletsa ba Lelapa la Gago
Se o tla se dirang go sireletsa lelapa la gago fa o ka tlhokafala ke kgang ya gago ka namana, mme Mokeresete mongwe yo o bidiwang Edward o bolela jaana: “Ke na le inshorense ya botshelo go sireletsa ba lelapa la me ba le robedi. Mosadi wa me o saena le nna mo akhaontong ya me ya banka. Ka jalo fa ke tlhokafala, o ka kgona go tsaya madi mo akhaontong. . . . Ke dirile wili e e tla solegelang ba lelapa la me molemo. Fa nka tlhokafala, sengwe le sengwe se ke se tlogelang e tla bo e le sa mosadi wa me le bongwanake. Ke kwadile wili ya me dingwaga tse tlhano tse di fetileng. E ne ya rulaganngwa ke moitsemolao, mme mosadi wa me le morwaake ba na le khopi ya yone. Mo wiling ya me, ke tlhalositse gore ba losika lwa me ba ba kgakala ba se dire ditshwetso mo phitlhong ya me. Ke mongwe wa phuthego ya ga Jehofa. Ka jalo tota le fa Mosupi a le mongwe kana ba le babedi ba le teng go tsamaisa phitlho ya me, ba tla bo ba lekane. Ke buile seno le ba losika lwa me ba ba kgakala.”
Ka tsela nngwe, go dira dithulaganyo tse di ntseng jalo ke mpho mo lelapeng la gago. Ke boammaaruri gore go rulaganyetsa loso lo lo ka diregang ga go tshwane le mpho ya ditšhokolete kana ya dithunya. Le fa go ntse jalo, go bontsha lorato lwa gago. Go supa gore o batla go ‘tlamela maloko a e leng a ntlo ya gago’ tota le fa o sa tlhole o na le bone.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]
Jesu O ne A Rulaganyetsa Mmaagwe
“Lefa go ntse jalo, go bapa le kota ya tlhokofatso ya ga Jesu, go ne go eme mmaagwe le morwadiarraagwe mmaagwe; Marea mosadi wa ga Kelopase, le Marea Magadalena. Jalo Jesu, ka a bona mmaagwe le morutwa yo a neng a mo rata ba eme gaufi, a raya mmaagwe a re: ‘Mosadi, bona! Morwao!’ Morago ga moo a raya morutwa yono a re: ‘Bona! Mmaago!’ Mme go tloga ka nako eo go ya pele morutwa yono [Johane] a mo tseela kwa legaeng la gagwe.”—Johane 19:25-27.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Bakeresete ba le bantsi ka go akanyetsa ba tsaya dikgato tse di kafa molaong go sireletsa ba malapa a bone