LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/1 ts. 20-23
  • Go Sikara Boikarabelo Jwa go Tlhokomela Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sikara Boikarabelo Jwa go Tlhokomela Lelapa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlamela ka Dithoto le mo Semoyeng
  • “Fa o Dutse mo Ntlong ya Gago”
  • Fetofetoga le go Itshoka
  • Go Thusa ‘Masiela’ a Basimane le Basetsana
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ithuteng Lefoko la Modimo ka Metlha lo le Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/1 ts. 20-23

Go Sikara Boikarabelo Jwa go Tlhokomela Lelapa

“BORRABANA, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Ka mafoko ao a a tlhotlheleditsweng, moaposetoloi Paulo ka phepafalo o ne a baya boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa fa bo tshwanetseng—mo magetleng a rre.

Mo malapeng a le mantsi ga se rre fela yo o tlhokomelang bana ba gagwe. Mosadi wa gagwe, mmaagwe bana ba gagwe, o itumelela go rwadisana morwalo ono le monna wa gagwe. Ka gone, Kgosi Solomone o ne a bolela jaana: “Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.”—Diane 1:8.

Go Tlamela ka Dithoto le mo Semoyeng

Batsadi ba ba ratang bana ba bone ga ba ba tlhokomologe ka boomo. Eleruri, fa Bakeresete ba ka dira jalo seno se tla bo se tshwana le fa ba latotse tumelo ya bone, jaaka re bona go tswa mo mafokong a Paulo a neng a a bolelela Timotheo: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Bakeresete ba lemoga gore go godisa bana mo “tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” go tlhoka se se fetang go ba tlamela fela ka dithoto.

Akanya ka kgothatso e Moshe a neng a e neela setšhaba sa Iseraele fa ba ne ba thibeletse kwa dipoeng tsa Moabe, pelenyana fela ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. Koo o ne a boeletsa melao ya Modimo le bone mme a ba laela jaana: “Bolokang mafoko a, a me, mo pelong ya lona, le mo moweng wa lona.” (Duteronome 11:18) Pelenyana o ne a ba gakolotse gore ba tshwanetse go rata Jehofa ka pelo ya bone yotlhe, ka moya le ka maatla otlhe, a oketsa jaana: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.” (Duteronome 6:5, 6) Go ne go le botlhokwa gore batsadi ba Baiseraele ba letle mafoko a Molao wa Modimo a nwelelele mo dipelong tsa bone. Ka dipelo tse di tletseng go anaanela dilo tsa semoya, batsadi ba Baiseraele ba ne ba ka utlwa mafoko a ga Moshe a a latelang ka tsela e e molemo thata: “[Mafoko a Molao wa Modimo] o a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 6:7; 11:19; bapisa Mathaio 12:34, 35.

Ela tlhoko gore borre ba ne ba tshwanetse gore mafoko ano ba a “rute” bana ba bone le gore ba “bue ka ga one.” Merriam-Webster’s Collegiate Dictionary e tlhalosa ‘go ruta’ e le “go laya le go gatelela ka go boeletsa kgapetsakgapetsa kana ka ditlhagiso.” Fa batsadi ba ne ba bua ka Molao wa Modimo ka malatsi otlhe—mo mosong, motshegare le bosigo—seno se ne se gatelela mo gontsi mo baneng ba bone. Fa bana ba ne ba lemoga gore batsadi ba bone ba rata Molao wa Modimo, le bone ba ne ba tlhotlheletsega go nna gaufi thata le Jehofa. (Duteronome 6:24, 25) Se se kgatlhang ke gore Moshe o ne a laela borrabana ka tlhamalalo go ruta bana ba bone ‘fa ba dutse mo ntlong ya bone.’ Thuto e e ntseng jalo e ne e le karolo ya go tlhokomela lelapa. Mme go tweng ka gompieno?

“Fa o Dutse mo Ntlong ya Gago”

“Ga go motlhofo,” go tlhalosa jalo Janet, mmè mongwe wa Mokeresete yo o nang le bana ba le banè.a “O tlhoka go nna pelotelele,” go dumela jalo Paul, monna wa gagwe. Fela jaaka batsadi ba bangwe ba le bantsi ba Basupi, Paul le Janet ba leka go ithuta Baebele le bana ba bone gongwe gangwe fela ka beke. “Re leka go tshwara puisano ya rona ya lelapa ya Baebele ka Mantaga mongwe le mongwe maitseboa ka nako e e beilweng,” Paul o tlhalosa jalo, a dumela jaana: “Mme ga se ka metlha e atlegang.” Jaaka mogolwane yo o tlhomilweng mo phuthegong ya gagabo, ka dinako tse dingwe o a tle a bidiwe go ya go rarabolola dikgang dingwe tse di potlakileng. Bana ba gagwe ba babedi ba bagolo ba direla e le badiredi ba nako e e tletseng. Ba fitlhela gore dinako tsa maitseboa di na le matswela fa go buisanwa le batho mo bodireding. Ka gone, jaaka lelapa, ba ile ba fetola nako ya bone ya thuto ya lelapa. Paul o tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe re tshwara thuto ya rona ka bonako fela morago ga dijo tsa maitseboa.”

Le mororo batsadi ba fetofetola nako ya thuto ya lelapa ka tsela e e botlhale, ba leka gore e tshwarwe ka metlha. Morwadiabone e bong Clare o bolela jaana: “Fa go tlhokega gore nako ya thuto ya rona e fetolwe, ka metlha Rre o baya nako e ntšha mo lebating la foriji, e le gore rotlhe re itse gore e tlile go tshwarwa leng.”

Go phuthega mmogo go tshwara thuto ya Baebele ya lelapa gape go thusa gore go nne le sebaka se se molemo sa gore ba bannye mo lelapeng ba bue le batsadi ba bone ka dilo tse di ba tshwenyang le mathata a bone. Thuto e e ntseng jalo e a atlega fa e se thata mo bana ba ka balang fela dikarabo tsa dipotso tse di boditsweng mo bukeng e e balwang ya Baebele. “Thuto ya rona ya lelapa ke bokopanelo jwa puisano,” Martin yo o nang le barwa ba babedi o tlhalosa jalo. “Fa lo kopana mmogo gangwe mo bekeng gore lo buisane ka setlhogo sengwe sa Dikwalo, lo bona kafa lelapa la lona le dirang ka gone mo semoyeng,” o akgela jalo. “Re lemoga dilo tse di farologaneng mo puisanong. O itse gore ke eng se se diragalang kwa sekolong, mme se se kgatlhang le go feta, o lemoga gore bana ba gago ba nna le maikutlo afe.” Mosadi wa gagwe, Sandra, o dumalana le ene e bile o akanya gore le ene o ithuta mo gontsi mo thutong ya lelapa. O bolela jaana: “Fa monna wa me a tshwere thuto, ke ithuta mo gontsi fa ke reeditse tsela e bomorwaake ba arabang dipotso ka yone.” Go tswa foo Sandra a bo a dirisa dikakgelo tsa gagwe go thusa basimane ba gagwe. O itumelela thuto thata ka gonne o nna le seabe ka botlalo mo go yone. Ee, dinako tsa thuto ya lelapa di dira gore batsadi ba lemoge tsela e bana ba bone ba akanyang ka yone.—Diane 16:23; 20:5.

Fetofetoga le go Itshoka

Fa nako ya lona ya thuto ya lelapa e fitlha, o ka fitlhela gore ngwana mongwe a ka tswa a le podi matseba e bile a e kgatlhegela, fa yo mongwe a tlhoka go rotloediwa gore a tlhome mogopolo le go solegelwa molemo. Mmè mongwe wa Mokeresete o akgela jaana: “Botshelo jwa lelapa bo ntse jalo! O itse se o tshwanetseng go se dira jaaka motsadi. Ka jalo fa o tswelela pele ka yone, Jehofa o a go thusa mme o lere diphelelo tse di molemo.”

Selekanyo se ngwana a kgonang go nna a reetsa ka sone se ka farologana thata, go ikaegile ka dingwaga tsa gagwe. Motsadi yo o nang le temogo o tla akanyetsa seno. Banyalani bangwe ba na le bana ba le batlhano, ba na le dingwaga tse 6 go ya go tse 20. Rraabone, Michael, o bolela jaana: “Neela bana ba bannye sebaka sa go araba dipotso pele. Go tswa foo letla bana ba ba godileng gore ba arabe ka botlalo ba bo ba ntsha dintlha tse ba di baakanyeditseng.” Tsela eno ya go dirisana ka temogo le bana ba bone go thusa batsadi gore ba ba rute botlhokwa jwa go akanyetsa ba bangwe. “Mongwe wa barwa ba rona a ka tlhaloganya,” go bolela jalo Martin, “mme mosimane yo mongwe o tlhoka thuso e e oketsegileng gore a tlhaloganye ntlha. Ke bone gore nako ya thuto e go thapisetsa go bontsha bopelotelele jwa Mokeresete le maungo a mangwe a moya.”—Bagalatia 5:22, 23; Bafilipi 2:4.

Ipaakanyetse go fetofetoga go ya ka dikgono tsa bana ba gago tse di farologaneng le go ya ka bogolo jwa bone. Simon le Mark, ba jaanong ba leng mo dingwageng tsa bolesome, ba ne ba fitlhela gore fa ba ne ba le bannye, tota ba ne ba itumelela go ithuta buka ya Monna yo Mogolo yo o Kileng a Tshela le batsadi ba bone. Ba gakologelwa jaana: “Rraarona o ne a dira gore re tshameke dikarolo tse di farologaneng fela jaaka mo motshamekong.” Rraabone o gakologelwa a tsamaya ka diatla le mangole a tshameka setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo le bomorwawe. (Luke 10:30-35) “E ne e le selo sa mmatota e bile go le monate.”

Bana ba le bantsi ga ba rate thulaganyo e e sa fetofetogeng ya thuto ya lelapa. A seno se tshwanetse sa emisa batsadi go tshwara thuto le fa e ne e rulagantswe? Tota nnyaa. Diane 22:15 e bolela jaana: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya ngwanyana.” Mmè mongwe yo o se nang molekane o ne a akanya gore o a palelwa jaaka motshwari wa thuto ya lelapa fa, ka makgetlho a le mantsi, go ne go na le dikgoreletsi tse di senyang thulaganyo eno. Mme o ne a itshoka. Jaanong bana ba gagwe ba mo tlotla thata mme ba bona gore o ne a ba rata e bile a amegile ka bone ka go tswelela pele a tshwara thuto ya lelapa ka metlha.

Go Thusa ‘Masiela’ a Basimane le Basetsana

Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ‘disa letsomane la Modimo.’ (1 Petere 5:2, 3) Go etela malapa a a mo diphuthegong tsa bone ka metlha go ba neela sebaka sa go akgola batsadi ba ba sikereng maikarabelo a bone a Bokeresete. Boikarabelo jwa go ruta bana ba batsadi ba ba se nang balekane bo sikarwa ke bomang? O se ka wa lebala gore boikarabelo jwa go ruta bana ke jwa motsadi.

Go dira dilo ka botlhale jaaka Mokeresete go tla thusa bagolwane gore ba tile maemo a a ka dirang gore ba ineele fa ba ne ba ka dira seabe sa motsadi yo o seyong. Le mororo bakaulengwe ba babedi ba ka nna ba etela kgaitsadi wa Mokeresete yo a se nang molekane, ka dinako tsotlhe ba tla nna podi matseba mo go se ba se rulaganyang ka boikaelelo jwa go tshegetsa thulaganyo ya thuto ya lelapa. Gangwe le gape, go laletsa bana (tota mmogo le motsadi yo o se nang molekane) gore ba kopanele mo thutong ya lelapa la mogolwane go ka itshupa go aga e bile go le mosola. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore Jehofa ke Rraarona yo mogolo wa selegodimo. Eleruri o teng gore a kaele le go thusa mmè fa a tshwara thuto le bana ba gagwe, le fa a ka tswa a dira seno a le nosi.

Go tweng mo boemong jwa fa mosha a nonofile mo semoyeng, mme batsadi ba gagwe ba sa amega ka maikarabelo a bone a semoya? Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ga ba a tshwanela go kgobega marapo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Yo o se nang boithuso o itesa mo go wena [Jehofa Modimo]; o ne o ntse o le mothusi wa masiela.” (Pesalema 10:14) Ka jalo, bagolwane ba ba lorato mo phuthegong ba tla dira se ba ka se kgonang go kgothatsa batsadi fa ba ntse ba tlhokometse bana ba bone. Ba ka nna ba akantsha gore go nne le puisano ya lelapa mme le bone ba nne teng gore ba ntshe dikakantsho tse di mosola tse di malebana le gore go ka ithutiwa jang mmogo. Legale, ba ka se tseye boikarabelo jwa batsadi, ba boikarabelo jono bo sikarwang ke bone go ya ka Dikwalo.

Bana ba batsadi ba bone ba sa dumeleng ba tlhoka thuso thata. Go kopanela le bone mo thutong ya lona ya lelapa go ka itshupa go le mosola fa batsadi ba bone ba dumela seo. Robert, yo jaanong a setseng a godile e bile a na le lelapa la gagwe, o ne a ya kwa dipokanong tsa Bokeresete le batsadi ba gagwe fa a ne a le dingwaga di le tharo fela. O ne a ntse a rata dipokano tse di ntseng jalo tota le morago ga gore batsadi ba gagwe ba tlogele go kopanela le phuthego ya Bokeresete. Fa a ne a na le dingwaga di le lesome, o ne a kopana le mosimane mongwe wa Mosupi yo o neng a tsamaya le ene go ya kwa dipokanong. Batsadi ba mosimane yono wa Mosupi ba ne ba tsaya Robert gore ba mo tlhokomele e le lesiela la semoya mme moragonyana ba ithuta le ene. A thusiwa ke tlhokomelo eno e e lorato, o ne a gatela pele ka bonako mme gone jaanong o itumelela go direla e le mogolwane mo phuthegong.

Tota le fa batsadi ba le kgatlhanong le kgatelopele ya bana ba bone, bana ga ba bosi. Jehofa o tla nna a ntse a le Rre yo o ikanyegang wa selegodimo. Pesalema 68:5 e bolela jaana: “Modimo ke rramasiela . . . mo boagong jwa one jo bo boitshepo.” Masiela a semoya a itse gore a ka ya kwa go ene ka thapelo, mme o tla a thusa. (Pesalema 55:22; 146:9) Phuthego ya ga Jehofa e e jaaka mmè e diragatsa boikarabelo jwa jone ka botlalo gore e rulaganye dijo tsa semoya tse di monate tse di leng mo dikgatisong tsa yone le kwa dipokanong tsa diphuthego tsa Bokeresete tse di fetang 85 000 mo lefatsheng lotlhe. Ka gone, ka thuso ya semoya e e tswang kwa go Rraarona, Jehofa, le mo phuthegong ya gagwe e e jaaka mmè, tota le “masiela” a tla itumelela thuto ya Baebele.

Batsadi ba Bakeresete ba ba tshwarang dithuto tsa lelapa tsa Baebele ka metlha le bana ba bone ba tshwanetse go akgolwa. Batsadi ba ba se nang balekane ba ba itshokelang go thapisa bana ba bone mo ditseleng tsa ga Jehofa ba tshwanelwa ke go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng le go bakwa ka ntlha ya maiteko a bone. (Diane 22:6) Botlhe ba ba amegang ka bana ba masiela kafa semoyeng ba itse gore seno se itumedisa Rraarona wa selegodimo, Jehofa. Go tlamela lelapa ka dilo tse di le tlhokang mo semoyeng ke boikarabelo jo bogolo. Mme ‘o se lese, gonne o tla roba mo pakeng e e leng yone fa o sa lape.’—Bagalatia 6:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Thuto ya lelapa e neela ba bannye sebaka se se molemo sa gore ba bue le batsadi ba bone ka dilo tse di ba tshwenyang

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Harper’s

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela