Tshiamiso ya Boammaaruri—E Tla Tla Leng Mme Jang?
BATHO ba ba se nang molato ga ba tlhoke go boifa sepe mo tshiamisong ya boammaaruri. Totatota, baagi mo e ka nnang gongwe le gongwe ba na le lebaka la go itumela fa e le gore naga ya bone e na le tsamaiso ya semolao e e lekang go tlhomamisa tshiamiso. Tsamaiso e e ntseng jalo e akaretsa melao e mentsi, mapodisi a a tla tlhokomelang gore e diragadiwe le dikgotlatshekelo tse di tla diragatsang tshiamiso. Bakeresete ba boammaaruri ba tlotla tsamaiso ya boatlhodi e ba leng mo go yone, ba latela kgakololo ya Baebele ya go nna “mo taolong ya balaodi ba bagolo.”—Baroma 13:1-7.
Le fa go ntse jalo, ditsamaiso tsa boatlhodi mo dinageng tse di farologaneng di ile tsa dira diphoso tse di utlwisang botlhoko le tse di tlhabisang ditlhong.a Go na le gore ba otlhaye ba ba molato le go sireletsa ba ba se nang molato, ka dinako tse dingwe batho ba ba se nang molato ba ile ba otlhaelwa melato e ba sa e dirang. Batho ba bangwe ba ile ba nna mo kgolegelong ka dingwaga di le dintsi, mme ba gololwa ba ise ba fetse nako e ba e atlholetsweng ka ntlha ya dipelaelo tse di masisi tsa gore a tota ba ne ba le molato le gore a tota ba ne ba tshwanelwa ke go atlholwa. Ka jalo, ba le bantsi ba ipotsa gore, A mongwe le mongwe o tla tsamaya a bona tshiamiso ya boammaaruri? Fa go ntse jalo, e tla tla leng mme jang? Re ka ikanya mang gore o tla sireletsa ba ba se nang molato? Mme ba ba direlwang tshiamololo ba ka nna le tsholofelo efe?
Tshiamiso e Senyegile
Mo dingwageng tsa bo1980, go ile ga nna le “tiragalo nngwe e e neng e ama maikutlo thata ya nako ya morago ga ntwa” kwa Jeremane e mo go yone mmè a neng a tsenngwa mo kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe ka ntlha ya go bolaya barwadi ba gagwe ba babedi. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse dintsi moragonyana, bosupi jo bo neng bo neetswe kgatlhanong le ene bo ne jwa sekasekiwa gape, mme o ne a gololwa gore a letele tsheko e ntšha. Die Zeit ka 1995 e ne ya bega gore katlholo ya ntlha, “e ka itshupa e ne e le phoso ya boatlhodi.” Ka nako ya fa seno se kwalwa, mosadi yono o ne a setse a nnile dingwaga di le robongwe kwa kgolegelong go sa tlhomamisege gore a o molato kana a ga a na molato.
Ka maitseboa mangwe ka November ka 1974, garegare ga toropokgolo ya Birmingham, kwa Engelane, e ne ya feretlhiwa ke go thunya ga dibomo tse pedi tse di neng tsa bolaya batho ba le 21. E ne e le tiragalo e “go se nang ope kwa Birmingham yo o neng a tla tsamaya a e lebala,” go ne ga kwala jalo Chris Mullen, leloko la Palamente. Moragonyana, “go ne ga atlholwa banna ba barataro ba ba se nang molato ba atlholelwa polao e kgolo go di gaisa tsotlhe mo hisitoring ya Boritani.” Moragonyana ba ne ba se ka ba tlhola ba bonwa molato—mme e le morago ga dingwaga di le 16 ba tswaletswe kwa kgolegelong!
Moitsemolao Ken Crispin o ne a bega ka kgetsi e e neng ya “ama maikutlo a setšhaba ka tsela e e sa tlwaelegang mo dipegong tsa hisitori ya molao ya Australia.” Lelapa lengwe le ne le kampile gaufi le Ayers Rock fa lesea la bone le ne la nyelela, mme ba se ka ba tlhola ba mmona gape. Mmè o ne a latofadiwa ka polao, a bonwa molato mme a atlholelwa go nna mo kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe. Ka 1987, fa a sena go tswalelwa mo kgolegelong ka dingwaga tse di fetang tse tharo, go ya ka patlisiso e e kafa molaong go ne ga fitlhelwa gore bosupi jo bo neetsweng kgatlhanong le ene bo ne bo sa letle gore a atlholwe ka tsela e a atlhotsweng ka yone. O ne a gololwa mme ga bolelwa fa a se na molato.
Mosadi mongwe wa dingwaga tse 18 yo o nnang kwa ntlheng ya borwa jwa United States o ne a bolawa ka 1986. Monna mongwe wa dingwaga tsa bogare o ne a latofadiwa, a bonwa molato mme a atlholelwa loso. O ne a nna dingwaga di le thataro mo kgolegelong a letetse go bolawa pele ga go ka bonwa gore o ne a sa amane ka gope le tlolomolao eo.
A tseno ke dikai tse di sa tlwaelegang tsa diphoso tsa boatlhodi? David Rudovsky wa Sekolo sa Molao sa Yunibesithi ya Pennsylvania o akgela jaana: “Ke nnile mo tsamaisong eno mo e ka nnang ka dingwaga di le 25 mme ke bone dikgetsi di le dintsi. Nka re ba ba bonweng molato ba tota ba se nang molato . . . nka fopholetsa gore e ka nna ba ba fa gare ga diperesente di le tlhano le di le 10.” Crispin o botsa potso eno e e tshwenyang: “A go na le batho ba ba se nang molato ba ba ntseng mo diseleng tsa kgolegelo ba se na tsholofelo?” Go tla jang gore go dirwe diphoso tse di masisi jaana?
Ditsamaiso Tsa Boatlhodi Tsa Batho —Tse di Nang le Makoa a Batho
“Ga go na tsamaiso epe ya batho e e ka lebelelang gore e nne e e itekanetseng,” go ne ga gatelela jalo Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya kwa Boritani ka 1991. Tsamaiso ya boatlhodi e ka nna tekatekano e bile e ikanyega fela fa batho ba ba e tlhomileng le ba ba e diragatsang le bone ba ntse jalo. Batho ba dira diphoso, ga ba ikanyege e bile ba tlhaola batho. Ka jalo, ga go a tshwanela go gakgamatsa go bo ditsamaiso tsa boatlhodi tsa batho di na le makoa one ano. Akanya ka se se latelang.
Go ya ka Moatlhodi Rolf Bender wa kwa Jeremane, mo diperesenteng di le 95 tsa dikgetsi tsa bokebekwa, dilo tse basupi ba di buang ke bosupi jwa makgaolakgang. A mme basupi bano kwa kgotlatshekelong ba ka ikanngwa ka metlha? Moatlhodi Bender ga a akanye jalo. O fopholetsa gore bontlhanngwe jwa basupi ba ba yang kgotlatshekelong ba bua maaka. Bernd Schünemann porofesa e leng mankge wa tsa molao wa bokebekwa kwa Yunibesithing ya Munich, kwa Jeremane, le ene o ne a bolela jalo. Fa a botsolotsiwa ke Die Zeit, Schünemann o ne a tlhomamisa gore dilo tse di buiwang ke basupi ke jone bosupi jo bo tsewang tsia thata—le mororo bo sa ikanyege. “Nka re lebaka le legolo la go bo go na le diphoso mo tshiamisong ke ka gonne moatlhodi o ikaegile ka dilo tse di sa ikanyegeng tse basupi ba di buang.”
Basupi ba dira diphoso; le mapodise a dira diphoso. Segolobogolo fa e le molato o o dirang gore setšhaba se galefe, mapodise a nna kafa tlase ga kgatelelo ya gore a tshware mongwe. Ka ntlha ya maemo a a ntseng jalo, mapodise mangwe a ile a ineela mo thaelong ya go itirela bosupi kana go pateletsa motho yo o belaelwang gore a dumele molato. Fa banna ba le barataro ba ba neng ba bonwe molato ka ntlha ya go thuntshiwa ga dibomo kwa Birmingham ba gololwa, lokwalodikgang lwa Boritani lwa The Independent lo ne lo na le setlhogo se segolo se se reng: “Go Bonwa Molato ga ba Barataro ke Molato wa Mapodise a Dinokwane.” Go ya ka The Times: “Mapodise a ne a aka, a loga maano le go tsietsa.”
Mo dikgetsing dingwe, go tlhaola batho go ka dira gore mapodise le setšhaba se belaele batho ba lotso lo lo rileng, bodumedi kana setšhaba. Jaaka U.S.News & World Report e bega, go baakanya bokebekwa go ka nna ga fetoga “kgang ya lotso go na le gore go lebelelwe mabaka.”
Fa kgetsi e setse e fitlha kwa kgotlatshekelong, ditshwetso tse di dirwang di ka amiwa e seng fela ke se basupi ba se bolelang mme gape le ke bosupi jwa saense. Mo dikgannyeng tse di ntseng di nna di raraana tsa bosupi jwa saense ya kalafi, moatlhodi kana setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi se ka nna sa kopiwa go dira tshwetso malebana le gore a motho o molato kana ga a molato e le tshwetso e e theilweng mo kitsong ya dithunya kana mo go boneng metlhala ya menwana, mokwalo wa seatla, setlhopha sa madi, mmala wa moriri, mologo wa ditlhale, kana disampole tsa DNA. Moitsemolao mongwe o ne a bolela gore dikgotlatshekelo di lebane le “ditlhopha tsa baitsesaense ba ba tlhalosang dithulaganyo tse di raraaneng thata.”
Mo godimo ga moo, makasine wa Nature o bolela gore ga se baitsesaense botlhe ba ba dumalanang le mo go tlhalosiwang ke bosupi jwa saense ya kalafi. “Go ka nna le go sa dumalane ga mmatota fa gare ga baitsesaense ba ba neelang bosupi jwa kalafi ya saense kwa kgotlatshekelong.” Ka maswabi, “bosupi jwa kalafi ya saense jo bo phoso bo setse bo bakile dikatlholo tse dintsi tse diphoso.”
Go sa kgathalesege gore re nna kae, ditsamaiso tsotlhe tsa boatlhodi tse di dirang gone jaanong di supa kafa batho ba tlhaelang ka teng. Ka jalo re ka ikanya mang go sireletsa batho ba ba se nang molato? A re ka solofela gore go tla tsamaya go nna le tshiamiso ya boammaaruri? Mme go na le tsholofelo efe ka ba ba ileng ba se ka ba atlholwa ka tsela e e siameng?
“Ke Nna Jehofa ke Rata Tshiamiso”
Fa e le gore wena kana mongwe wa leloko la lelapa la gago ga lo a atlholwa ka tsela e e siameng, Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu, ba bona se se lo diragalelang. Tshiamololo e e maswe thata e e kileng ya dirwa e ne e le fa Keresete a ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso. Moaposetoloi Petere o re bolelela gore Jesu “ga aa ka a dira boleo bope.” Le fa go ntse jalo, o ne a latofadiwa ke basupi ba maaka, a bonwa molato a bo a bolawa.—1 Petere 2:22; Mathaio 26:3, 4, 59-62.
Akanya fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang ka tsela e Morwawe a neng a tshwerwe makgwakgwa ka yone! Tshiamiso ke nngwe ya dinonofo tse dikgolo thata tsa ga Jehofa. Baebele e re bolelela jaana: “Ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso.”—Duteronome 32:4; Pesalema 33:5.
Jehofa o ne a neela Iseraele tsamaiso e e tlhomologileng ya boatlhodi. Mo kgannyeng ya polao e e sa kgoneng go rarabololwa, loso lo ne lo letlanyetswa le setlhabelo. Moatlhodi o ne a sa patelesege go rarabolola molato mongwe le mongwe, mo go neng go ka nna ga mmaya mo kotsing ya gore a atlhole motho yo o se nang molato. Go ne go se na ope yo o neng a ka atlholelwa polao fela ka ntlha ya bosupi jo bo sa tlhamalalang kana jwa saense; go ne go tlhokega bobotlana basupi ba le babedi ba ba boneng ka matlho. (Duteronome 17:6; 21:1-9) Dikai tseno di supa gore Jehofa o na le ditekanyetso tse di kwa godimo e bile o amegile ka gore tshiamiso e dirwe sentle. Tota e bile, o bolela jaana: “Nna Jehofa ke rata tshiamiso.”—Isaia 61:8.
Gone mme, tsamaiso ya Iseraele ya boatlhodi e ne e laolwa ke batho ba ba nang le diphoso fela jaaka tsa rona. Go ne go na le dinako tse ka tsone molao o neng o diragadiwa ka tsela e e sa siamang. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Fa o bona patikego ya bahumanegi, le bapatiki ba tlosa katlholo le tshiamiso mo kgaolong nngwe ya lefatshe, o se ka wa gakgamalela selo seo.”—Moreri 5:8.
Jehofa o ne a kgona go baakanya tshiamololo e e diretsweng Morwawe. Gore tota seno se ne se tla diragala go ne ga nonotsha Jesu yo “ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso.” Ka mo go tshwanang, tebelelo e e itumedisang ya go tshela mo lefatsheng la paradaise kafa tlase ga puso ya ga Mesia, mo go nang le tshiamiso ya boammaaruri, e ka re nonotsha gore re itshokele go utlwa kana go direlwa tshiamololo mo tsamaisong e kgologolo eno. Ga go na botlhoko kana kgobalo epe e Jehofa a ka se kang a kgona go e baakanya ka nako e a e beileng. Tota le ba ba swang ka ntlha ya diphoso tsa boatlhodi ba ka tsosiwa mo baswing.—Bahebera 12:2; Ditiro 24:15.
Fa re direlwa tshiamololo, re ka leboga go bo ditsamaiso tse dintsi tsa boatlhodi di na le ditsela tse di kafa molaong tse di ka re thusang go baakanya boemo. Bakeresete ba ka kgona go dirisa ditsela tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ba gakologelwa ntlha eno: Ditsamaiso tsa boatlhodi tse di sa itekanelang di supa gore go tlhokega tiro e kgolo ya go rulaganya setšhaba sesha. Seo se tla tloga se diragala—se dirwa ke Modimo.
Jehofa o tla tloga a fedisa tsamaiso eno ya dilo e e se nang tshiamiso mme a bo a e emisetsa ka tsamaiso e ntšha e ‘go tla nnang le tshiamo mo go yone.’ Re ka nna le tshepo e e feletseng ya gore Mmopi wa rona o tla diragatsa tshiamiso ka Kgosi ya gagwe ya Bomesia e bong Jesu Keresete. Tshiamiso ya boammaaruri mo go mongwe le mongwe e gaufi! A bo re ka lebogela tsholofelo eno jang ne.—2 Petere 3:13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo dikgannyeng tse di umakilweng fano, Tora ya Tebelo ga e bue ka molato le go tlhoka molato ga motho ope, e bile makasine ono ga o buelele tsamaiso ya boatlhodi ya naga epe jaaka e e botoka mo go e nngwe. Mo godimo ga moo, makasine ono ga o buelele kotlhao epe go feta e nngwe. Setlhogo seno se bua fela ka mabaka jaaka a ne a itsege ka nako ya fa se ne se kwalwa.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Ditsamaiso tsa boatlhodi tse di sa itekanelang—mmogo le puso e e bosula, bodumedi jo bo senyegileng, dipapatso tse di seng kafa molaong—di supa gore go tlhokega tiro e kgolo ya go rulaganya setšhaba se sesha
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Kgomotso go Tswa mo Dikwalong Tse di Boitshepo
Ka November 1952, Derek Bentley le Christopher Craig ba ne ba thuba mo teng ga bobolokelo kwa Croydon, gaufi le Lontone, kwa Engelane. Bentley o ne a le dingwaga di le 19 mme Craig o ne a le dingwaga di le 16. Go ne ga bidiwa mapodise, mme Craig o ne a thuntsha a bo a bolaya lepodise le le lengwe. Craig o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le robongwe, fa Bentley ene a ile a kalediwa ka ntlha ya polao ka January 1953.
Kgaitsadie Bentley, e bong Iris, o ne a lwa ka dingwaga di le 40 go tlhatswa leina la gagwe ka polao e a sa e dirang. Ka 1993 Mmusi o ne a kopa maitshwarelo malebana le katlholo e e ntshitsweng, a dumela gore Derek Bentley o ne a sa tshwanela tota gore a ka bo a ile a kalediwa. Iris Bentley o ne a kwala jaana malebana le kgetsi eno mo bukeng ya Let Him Have Justice:
“Mo e ka nnang ngwaga pele ga go thuntsha gono o ne a kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo mmileng . . . Kgaitsadi Lane o ne a sa nne kgakala le kwa re nnang gone kwa Fairview Road mme o ne a laletsa Derek go ya kwa ntlong ya gagwe go reetsa dikgang tsa Baebele. . . . Se se neng se thusa ke gore Kgaitsadi Lane o ne a na le dikgang tsa Baebele tse di rekotilweng mo dikhaseteng, tse a neng a di mo adima [gonne Derek o ne a sa kgone go bala sentle]. . . . E ne e tle e re a boa a mpolelele gore o mmoleletse eng, dilo tse di jaaka gore re tla tsoga gape fa re swa.”
Iris Bentley o ne a etela kgaitsadie fa a ne a letetse katlholo ya loso kwa kgolegelong pele ga a bolawa. O ne a ikutlwa jang? “Dilo tse Kgaitsadi Lane a di mmoleletseng di ile tsa mo thusa go itshoka mo malatsing ao a bofelo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Fa o boga ka ntlha ya go sa atlholelwa sentle, go tla nna molemo fa o ka bala le go tlhatlhanya ka boammaaruri jwa Baebele. Seno se ka go gomotsa thata, ka gonne Jehofa Modimo ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a a tlekeetso le Modimo wa kgomotso yotlhe, o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go ne ga dirwa tshiamololo e e maswe thata fa Keresete a ne a bolawa