LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 59-64
  • Buka ya Bibela ya bo 10—2 Samuele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 10—2 Samuele
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO SAMUELE WA BOBEDI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Dintlha Tsa 2 Samuele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Mathata mo Ntlong ya ga Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 59-64

Buka ya Bibela ya bo 10—2 Samuele

Bakwadi: Gade le Nathane

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Iseraele

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1040 B.C.E.

Lobaka Lo Lo Tserweng: 1077–mo e ka nnang ka 1040 B.C.E.

1. Buka ya Samuele wa Bobedi e simolola ka ditiragalo dife tse di diragetseng pele, mme pego ya yone e tswelela jang?

MORAFE wa Iseraele o ne o itlhobogile morago ga masetlapelo a kwa Gileboa ao a neng a felela ka go tlhaselwa gangwe le gape ke Bafilisitia bao ba ba fentseng. Baeteledipele ba Baiseraele le makawana ao ba neng ba kgana ka one ba ne ba sule. Mo seemong seno “motlodiwa oa ga Yehofa” yo mmotlana, ebong Dafide morwa Jese, o ne a simolola go tuma ka botlalo mo morafeng oo. (2 Sam. 19:21) Buka ya Samuele wa Bobedi, eo go ka nnang ga tshwanela gore e bidiwe buka ya ga Jehofa le Dafide, e simolola ka tsela eno. Polelo ya yone e tletse ka ditiragalo tsa mefuta yotlhe. Re bolelelwa kaga go fenngwa mo go botlhoko le phenyo e kgolo, kaga ditlalelo tsa morafe oo o kgautlhantsweng ke ditlhaselano o o neng wa tloga wa nna bogosi jo bo kitlaneng, kaga matlhagatlhaga a bosha le botlhale jwa bogodi. Mono re bolelelwa ka botshelo jwa sephiri jwa ga Dafide jaaka a ne a senka go latela Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.a Ke polelo eo e tshwanetseng go dira gore mmadi mongwe le mongwe a iphukutse pelo e le gore a tle a nonotshe botsalano jwa gagwe le seemo sa gagwe fa pele ga Mmopi wa gagwe.

2. (a) Go tlile jang gore buka eo e bidiwe Samuele wa Bobedi? (b) Bakwadi ba yone e ne e le bomang, ditshwanelego tsa bone e ne e le dife, mme ke rekoto efe fela eo ba neng ba batla go e boloka?

2 Tota mo pegong ya Samuele wa Bobedi leina Samuele ga le umakiwe gotlhelele, gongwe buka eno e reeletswe jalo ka go bo pele e ne e le momeno o le mongwe fela kana bolumo le Samuele wa Ntlha. Baperofeti Nathane le Gade, bao ba neng ba feleletsa go kwalwa ga buka ya Samuele wa Ntlha ba ne ba tswelela ba kwala le buka yotlhe ya Samuele wa Bobedi. (1 Ditih. 29:29) Ba ne ba tshwanelega go dira namane e tona eno ya tiro ka botlalo. Gade o ne a ntse a na le Dafide fa a ne a santse a tsongwa jaaka senokwane mo Iseraele, mme kwa bokhutlong jwa puso ya dingwaga tse 40 ya ga Dafide, o ne a ntse a le tsala e kgolo ya kgosi eo. Gade ke ene yo o neng a bolelela Dafide gore Jehofa o ne a sa itumelela phoso e a e dirileng ka go bala Baiseraele. (1 Sam. 22:5; 2 Sam. 24:1-25) Nathane moperofeti o ne a nna a tsweledisa tiro ya gagwe le morago ga loso lwa ga Gade, yo o neng a le tsala e kgolo ya ga Dafide. O ne a nna le tshiamelo ya go itsise kgolagano ya botlhokwa eo Jehofa a neng a e dira le Dafide, kgolagano eo e neng e le ya bogosi jwa bosakhutleng. Ke ene yo ka bopelokgale le ka go tlhotlhelediwa a neng a bua kgatlhanong le boleo jo bogolo jwa ga Dafide joo a neng a bo dira le Bathesheba le katlholo ya jone. (2 Sam. 7:1-17; 12:1-15) Ka gone Jehofa o ne a dirisa Nathane, yo leina la gagwe le rayang “[Modimo] o File,” le Gade, yo leina la gagwe le rayang “Lesego le le Molemo,” go kwala tshedimosetso e e tlhotlheleditsweng le e e nang le mosola ya buka ya Samuele wa Bobedi. Boraditiragalo bano ba ba sa itseeleng kwa godimo ba ne ba seka ba batla go itirela leina, ereka go sena tshedimosetso epe kaga bagologolwane ba bone kana ya matshelo a bone. Ba ne ba batla fela go boloka rekoto e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, gore e tle e solegele baobamedi ba ga Jehofa ba nako e e tlang molemo.

3. Buka ya Samuele wa Bobedi e kwadilwe mo lobakeng lo lo kana kang, mme e ne ya wediwa leng?

3 Buka ya Samuele wa Bobedi e tsweledisa hisitori ya mannete ya Bibela morago ga loso lwa ga Saulo, eleng kgosi ya ntlha ya Iseraele, e bo e ya go fitlha kwa bokhutlong jwa ngwaga wa bo 40 wa puso ya ga Dafide. Ka jalo, nako e e kwadilweng ka yone ke go simolola ka 1077 B.C.E. go ya go mo e ka nnang ka 1040 B.C.E. Lebaka la go bo buka eo e sa bege kaga loso lwa ga Dafide ke bosupi jo bo kwenneng jwa gore e kwadilwe mo e ka nnang ka 1040 B.C.E., kana pele fela ga loso lwa gagwe.

4. Buka ya Samuele wa Bobedi e tshwanetse go amogelwa jaaka karolo ya Dikwalo tsa Bibela ka mabaka afe?

4 Ka baka la one mabaka ao a ntshitsweng malebana le Samuele wa Ntlha, buka ya Samuele wa Bobedi e tshwanetse go amogelwa jaaka karolo ya Dikwalo tsa Bibela. Ga go na pelaelo ya gore ke ya boammaaruri. Go ikanyega ga yone, mo ebileng e sa bipe boleo jwa ga Kgosi Dafide le ditlhaelo tsa gagwe, ke bosupi jo bo tletseng jo bo nonofileng ka bogone.

5. Lebaka le le kwenneng la go bo re tshwanetse go amogela buka ya Samuele wa Bobedi jaaka Lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng ke lefe?

5 Lefa go ntse jalo, bosupi jo bo kwenneng kaga gore buka ya Samuele wa Bobedi e boammaaruri bo fitlhelwa mo boperofeting jo bo diragaditsweng, segolobogolo jo bo amanang le kgolagano ya Bogosi e e dirilweng le Dafide. Modimo o ne wa solofetsa Dafide ka go re: “Motse oa gago o tla tlhōmamisiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutleñ ha pele ga gago: le setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.” (7:16) Le eleng mo malatsing a bofelo a bogosi jwa Juda, Jeremia o ne a umaka gore bantlo ya ga Dafide ba ne ba santse ba solofediwa jalo ka mafoko a a reng: “Yehofa o bua yana: a re, Dafide ga a ketla a tlhōka monna gopè eo o dulañ mo setuloñ sa bogosi sa ntlo ea Iseraela.” (Yer. 33:17) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka boammaaruri, ka gonne moragonyana Jehofa o ne a tlhagisa “Yesu Keresete, morwa Dafide” e le wa lotso lwa Juda, fela jaaka Bibela e supa ka phepafalo.—Math. 1:1.

SEO SE LENG MO GO SAMUELE WA BOBEDI

6. Dafide o itshwara jang fa a utlwa dikgang tsa gore Saulo le Jonathane ba tlhokafetse?

6 Ditiragalo tsa ntlha tsa bogosi jwa ga Dafide (1:1–4:12). Morago ga fa Saulo a sena go tlhokafala kwa Thabeng ya Gileboa, motshabi mongwe wa Moamaleka yo o neng a tshabile kwa ntweng o tla a sianetse kwa go Dafide kwa Sikelaga go tla go mmegela sengwe. Ereka a ne a batla go lopela Dafide, o tlhama polelo ya gore ke ene yo a ileng a bolaya Saulo. Go na le go akgolwa, seo Moamaleka yoo a duelwang ka sone fela ke loso, ka gonne o itliseditse katlholo ka go bolela gore o ile a bolaya “motlodiwa wa ga Jehofa.” (1:16) Kgosi e ntšha eo, ebong Dafide, jaanong o tlhama sefela sa khutsafalo, “Bora,” seo mo go sone a lelelang Saulo le Jonathane ba ba tlhokafetseng. Sefela seno se fitlha kwa setlhoeng sa sone fa se umaka mafoko a a tlhalosang lorato lo logolo lo Dafide a neng a rata Jonathane ka lone ka go re: “Ke mo tlaleloñ kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, u nntse u le natehō thata: loratō loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta loratō loa basadi. Ana digañka di olè yañ, le dibolaō tsa ntwa di nyeletse yañ!”—1:17, 18, 26, 27.

7. Ke ditiragalo dife tse dingwe tseo di diragalang mo tshimologong ya puso ya ga Dafide?

7 Ka taolo ya ga Jehofa, Dafide le banna ba gagwe ba fudusetsa bamalapa a bone kwa Heberona mo kgaolong ya Juda. Fa ba fitlha fano bagolwane ba lotso loo ba tla go tlotsa Dafide go nna kgosi ya bone ka 1077 B.C.E. Molaodi wa masole Joabe o nna moemanokeng yo mogolo wa ga Dafide. Lefa go ntse jalo, jaaka molwelabogosi jwa morafe oo, Ishi-boshethe, eleng morwa wa ga Saulo, o tlodiwa ke Abenere, yo eleng mookamedi wa masole. Matsholo a mabedi ao a nnela go thulana gangwe le gape, mme Abenere o bolaya morwarraagwe Joabe. Kwa bokhutlong, Abenere o ngwegela kwa bothibelelong jwa ga Dafide. O isetsa Dafide morwadia Saulo ebong Mikale, yo Dafide a neng a sa bolo go mo ntshetsa bogadi. Lefa go ntse jalo, ka go ipusolosetsa mo polaong ya ga morwarraagwe, Joabe o bona sebaka sa go bolaya Abenere. Dafide o tshwentswe ke seno fela thata, a bolela fa a sena boikarabelo mo go sepe sa dilo tseno. Ka bokhutshwane fela morago ga seo Ishi-boshethe ka boene o bolawa a santse a “itapolositse go le motshegare.”—4:5.

8. Jehofa o tlhogonolofatsa go busa ga ga Dafide Iseraele yotlhe jang?

8 Dafide ke kgosi mo Jerusalema (5:1–6:23). Lemororo Dafide a ne a ntse a busa mo Juda ka dingwaga tse supa le dikgwedi tse thataro, jaanong o nna mmusi yo batho botlhe ba mo amogelang, mme baemedi ba ditso tsotlhe ba mo tlotsa go nna kgosi mo Iseraele yotlhe. Lekgetlo leno ke la boraro a tlodiwa (1070 B.C.E.). Nngwe ya ditiro tsa ntlha tsa ga Dafide fa a sena go nna kgosi ya bogosi joo jotlhe ke go gapa kago e e thata e e kwa Siona mo Jerusalema mo Bajebuseng ba ba itshireleditseng, a ba tshwara ba sa itebetse ka go tsena ka moedi wa metsi. Go tswa foo Dafide o dira Jerusalema motsemogolo wa gagwe. Jehofa wa masomosomo o segofatsa Dafide, a mo dira gore a nnele mogolo kwa pele. Le eleng Hirame, kgosi e e tumileng ya Ture, o romelela Dafide ditlhare tsa masedara le babereki go ya go agela kgosi eo ntlo. Balelapa la ga Dafide baa oketsega, mme Jehofa o tlhogonolofatsa puso ya gagwe. O thulana gabedi le Bafilisitia ba ba ratang ntwa. Mo thulanong ya ntlha ya tseno, Jehofa o lwela Dafide kgatlhanong le baba ba gagwe kwa Baala-perasima, a mo dira mofenyi. Mo thulanong ya bobedi, Jehofa o dira kgakgamatso e nngwe ka go dira gore go nne le “moshumō oa motsamaō mo godimo ga ditlhare tsa mamulubere,” a supa gore Jehofa o etelela Baiseraela pele go ya go ganyaola masole a Bafilisitia. (5:24) Abo e ne e le phenyo e nngwe e e tlhomologileng jang ne ya matsholo a ga Jehofa!

9. Tlhalosa ditiragalo tseo di diragalang fa Letlole le tlisiwa mo Jerusalema.

9 Dafide o tsamaya le banna ba le 30 000 go ya go tsaya letlole la kgolagano kwa Baala-Juda (Kiriatha-jearima) ba le tlisa mo Jerusalema. Jaaka le tlisiwa go opelelwa kwa godimo ebile go itumetswe thata, kolotsana eo le pegilweng mo go yone e a sekama, mme Usa, yo o neng a tsamaya go bapa le yone, o atamela go tshegetsa Letlole le le boitshepo leo. “Me bogale yoa ga Yehofa yoa tukèla Usa, me Modimo oa mo iteèla gōna ka ntlha ea timèlō ea gagwè.” (6:7) Letlole leo le ne la gorosediwa mo ntlong ya ga Obede-edome, mme mo dikgweding tse tharo tse di latelang, Jehofa o segofatsa bantlo ya ga Obede-edome fela thata. Morago ga dikgwedi tse tharo Dafide o tla go tsaya Letlole leo ka mokgwa o o tshwanetseng go fitlhela a le gorosa. Letlole leo le tlisiwa mo motsemogolong wa ga Dafide ka meduduetso, dipina, ebile go binwa. Dafide o supa boipelo jwa gagwe jo bogolo ka go bina fa pele ga ga Jehofa, mme mosadi wa gagwe Mikale a mo nyaletsa gone. Dafide o gatelela ka go re: “Ke gōna ke tla nyalakègañ hèla ha pele ga Yehofa.” (6:21) Ka baka la seno Mikale o nna moopa go fitlhela a tlhokafala.b

10. Jehofa o dira kgolagano efe le tsholofetso tseo re bolelelwang ka tsone?

10 Kgolagano ya Modimo le Dafide (7:1-29). Jaanong re fitlha fa go nngwe ya ditiragalo tsa botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa ga Dafide, eo e amanang ka tlhamalalo le setlhogo se segolo sa Bibela, eleng go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi jwa Losika lo lo solofeditsweng. Tiragalo eno e bakiwa ke keletso ya ga Dafide ya go agela letlole la Modimo ntlo. Ereka ene a ne a nna mo ntlong e ntle e e agilweng ka ditlhare tsa masedara, o bolelela Nathane gore o eletsa go agela lefelo la ga Jehofa la kgolagano ntlo. Jehofa o tlhomamisetsa Dafide ka Nathane gore O tla bontsha Iseraele bopelonomi jo bo lorato mme o dira kgolagano le ene eo e tla nnelang ruri. Lefa go ntse jalo, o mmolelela gore ga se Dafide mme ke losika lwa gagwe loo lo tla agang ntlo ya leina la ga Jehofa. Mo godimo ga moo, Jehofa o solofetsa jaana ka lorato: “Me motse oa gago o tla tlhōmamisiwa le bogosi yoa gago ka bosakhutleñ ha pele ga gago: le setulō sa gago sa bogosi se tla tlhōmamisiwa ka bosakhutleñ.”—7:16.

11. Dafide o tlhalosa tebogo ya gagwe ka thapelo efe?

11 Ereka a ne a tserwe maikutlo ke molemo wa ga Jehofa, oo a neng a o bontshitse ka kgolagano ya gagwe ya Bogosi, Dafide o tsholola se se mo pelong ya gagwe a lebogela bopelonomi jotlhe jo bo lorato jwa Modimo ka go re: “Go na le morahe ohe mo lehatshiñ o o chwanañ le batho ba gago, ke go re, o o chwanañ le ba Iseraela, ba Modimo o ileñ go ba ithèkololèla gore e nnè chaba, le gore o itihèlè leina, le gore o ba dihèlè dilō tse dikgolo, le lehatshe ya gago go le dihèla dilō tse di boitshègañ, . . . Le wèna Yehofa, ua ba ua tla ua nna Modimo oa bōnè.” (7:23, 24) O ne a rapela ka tlhoafalo gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe le gore ntlo ya ga Dafide e nne e e tlhomameng ka nitamo fa pele ga Gagwe.

12. Ke dintwa dife tseo Dafide a di tlhabanang, mme o bontsha bantlo ya ga Saulo bopelonomi bofe?

12 Dafide o atolosa bogosi jwa Iseraele (8:1–10:19). Lefa go ntse jalo, Dafide ga a busetse ka kagiso ruri. Go na le dintwa tseo a tshwanetseng go tlhabana mo go tsone. Dafide o tswelela ka go kgemetha Bafilisitia, Bamoaba, Basoba, Basiria, le Baedoma, a atolosetsa melelwane ya Iseraele go ya kwa Modimo o e laoletseng gone. (2 Sam. 8:1-5, 13-15; Dute. 11:24) Go tswa foo o lebisa tlhokomelo ya gagwe go bantlo ya ga Saulo e le gore ka baka la ga Jonathane, a ke a bontshe bopelonomi jo bo lorato mo go bape fela ba ba setseng. Sibe, motlhanka wa ga Saulo, o mmolelela kaga morwa wa ga Jonathane, Mefiboshethe, yo o segole mo maotong. Ka bokhutshwane fela, Dafide o ntsha taolo ya gore dithoto tsotlhe tsa ga Saulo di neelwe Mefiboshethe le gore lefatshe la gagwe le lengwè ke Sibe le batlhanka ba gagwe go direla bantlo ya ga Mefiboshethe dijo. Lefa go ntse jalo, Mefiboshethe ene o tla jela mo lomating lwa bojelo lwa ga Dafide.

13. Jehofa o bontsha fa a na le Dafide ka diphenyo dife tse dingwe?

13 Fa kgosi ya Amona e tlhokafala, Dafide o romela baemedi ba gagwe kwa go Hanune morwawe go mmontsha bopelonomi jo bo lorato. Lefa go ntse jalo, bagakolodi ba ga Hanune ba pega Dafide molato wa gore o ba rometse go tla go nna ditlhola mo lefatsheng leo, mme ka jalo ba ba tlhabisa ditlhong ka go ba busetsa morago ba ba kgagoletse diaparo ka bogare. A galefisitswe ke tlhapatso eno, Dafide o romela Joabe le masole a gagwe go ya go busolosa molato oo. Ka motlhofo fela, fa a sena go kgaoganya masole a gagwe, o fenya Baamona le Basiria bao ba tlileng go ba thusa. Basiria ba kgobokanya masole a bone gape, mme ba boela ba fenngwa gape ke masole a ga Jehofa a a eteletsweng pele ke Dafide mme ba latlhegelwa ke bapagami ba dikara tsa ntwa ba le 700 le bapagami ba dipitse ba le 40 000. Seno ke bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o amogela Dafide ebile o a mo segofatsa.

14. Ke boleo bofe joo Dafide a bo dirang le Batheshebe?

14 Dafide o leofela Jehofa (11:1–12:31). Dikgakologo tse di latelang Dafide o romela Joabe gape kwa Amona go ya go tlhasela Raba, fa ene a sala mo Jerusalema. Phirimane nngwe fa a le kwa godimo ga ntlo ya gagwe, go diragala gore a tlhome matlho a gagwe mo go Batheshebe yo montle, mosadi wa ga Uria wa Mohita, jaaka a ntse a tlhapa. Fa a sena go mo lere kwa ntlong ya gagwe, a lala nae, mme mosadi yoo o a ithwala. Dafide o leka go bipa seno ka go busa Uria kwa ntweng e e kwa Raba a bo a mo romela kwa ntlong ya gagwe go ya go ithoba dingalo. Lefa go ntse jalo, Uria o gana go iitumedisa ka go lala le mosadi wa gagwe fa Letlole lone le masole di le “mo dioboñ.” Ka go bo a sa itse se a ka se dirang Dafide o romela Uria kwa go Joabe ka lokwalo lo lo reng: “U tlo u beè Uria kwa pele, kwa tlhabanō e gotetseñ bogolo gōna, me lo mo cwè, lo boeè ka moragō, gore a tlè itewè, a shwè.” (11:11, 15) Uria o swa ka tsela eno. Morago ga lobaka lwa ga Batheshebe lwa go hutsafala lo sena go feta, ka bokhutshwane fela Dafide o mo tseela kwa ntlong ya gagwe, koo a mo tsayang gore a nne mosadi wa gagwe, mme o tshola ngwana wa bone, ngwana wa mosimane.

15. Nathane o bolelela Dafide katlholo ya gagwe ka tsela ya boperofeti jang?

15 Selo seno se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O romela moperofeti Nathane kwa go Dafide ka molaetsa wa katlholo. Nathane o bolelela Dafide kaga monna mongwe wa mohumi le wa mohumanegi. Yo mongwe o ne a na le letsomane le lentsi, mme yo mongwe a na le konyana e namagadi fela, eo e neng e ratwa thata ke balelapa la gagwe ebile e le “ñwana oa mosetsana hèla.” Lefa go ntse jalo, fa nako ya go dira moletlo e tla, monna wa mohumi o tsaya, eseng nngwe ya dinku tsa letsomane la gagwe, mme o tsaya konyana e namagadi eno ya monna wa mohumanegi. Fa Dafide a galefisiwa ke go utlwa seno, o khutsa ka go re: “Yaka Yehofa a tshedile, monna eo o dihileñ seo se o chwanetse go shwa.” Nathane o mo fetola ka mafoko a a reng: “Ke wèna monna eouō.” (12:3, 5, 7) Go tswa foo o bolelela Dafide katlholo ya boperofeti ya gore basadi ba gagwe ba tla betelelwa ke monna o sele fa pele ga matlho a batho, gore bantlo ya gagwe ba tla lwa ka bobone, le gore ngwana wa gagwe yo o mo tshotseng le Batheshebe o tla swa.

16. (a) Maina ao a rewang morwa wa bobedi wa ga Dafide le Batheshebe a raya eng? (b) Ke eng se se diragalang kwa bofelong morago ga ntwa ya kwa Raba?

16 Dafide o itsise jaana a sa itobe, a hutsafetse eleruri ebile a ikotlhaya: “Ke leohetse Yehofa.” (12:13) Fela jaaka Jehofa a ne a bolela, ngwana yo o tshotsweng ka boaka yoo o tlhokafala morago ga go lwala malatsi a supa. (Moragonyana, Dafide o tshola morwa yo mongwe le Batheshebe; yono ba mmitsa Solomone, leina leo le tswang mo moding o o rayang “kagiso.” Lefa go ntse jalo, Jehofa o romela Nathane gore gape a bidiwe Jedidia, leina leo le rayang “Moratwa wa ga Jehofa.”) Morago ga boitemogelo jwa gagwe jo bo amang pelo, Dafide o bilediwa ke Joabe kwa Raba, koo a baakanyeditsweng gore a tle go dira tlhaselo ya bofelo. Ereka a ne a setse a gapile lefelo le metsi a motse oo a tswang mo go lone, Joabe ka tlotlo o dira gore kgosi eo e newe tlotlo ya go gapa motse oo ka boyone.

17. Bantlo ya ga Dafide ka bobone ba welwa ke matshwenyego afe?

17 Mathata a ga Dafide a balelapa la gagwe (13:1–18:33). Matshwenyego a bantlo ya ga Dafide a simolola fa Amenone, mongwe wa barwa ba ga Dafide, a nna le keletso e e nonofileng ya go batla go tlhakanela dikobo le Tamare, yo eleng kgaitsadia morwarraagwe wa ga rraagwe ebong Abesalome. Amenone o ipaya yo o lwalang a ba a kopa gore Tamare yo montle a romelwe go tla go mo tlhokomela. O a mmetelela mme go tswa foo a bo a mo ila ka kilo e kgolo, mo a bileng a ba a mo leleka mo go tlhabisang ditlhong. Abesalome o rulaganyetsa go busolosa seno, a emela nako e a ka kgonang go dira seno mo go yone. Dingwaga di ka nna pedi moragonyana, o dira mokete oo Amenone le barwa botlhe ba kgosi ba lalediwang kwa go one. Fa pelo ya ga Amenone e santse e thamisitswe ke bojalwa jwa mofine, Abesalome o ntsha taolo ya gore a tshwarwe a sa itebetse a bo a bolawe.

18. Abesalome o busiwa kwa botshabelong jwa gagwe ka boferefere bofe?

18 Ereka a ne a boifa bogale jwa kgosi, Abesalome o tshabela kwa Geshura, koo a nnang motshabi wa nakwana gone ka dingwaga di le tharo. Mo nakong eo, Joabe, yo eleng mogolwane wa masole a ga Dafide, o loga leano la go letlanya Dafide le Abesalome. O rulaganyetsa gore mosadi mongwe yo o botlhale wa Tekoa a tshwantshetse boemo bongwe jo bo malebana le ipusolosetso, teleko, le kotlhao fa pele ga kgosi. Fa kgosi e ntsha katlholo malebana le seno, mosadi yono o bolela lebaka la boammaaruri la go bo a le fa pele ga kgosi, eleng gore morwa kgosi ebong Abesalome o leleketswe kwa Geshura. Dafide o lemoga gore Joabe ke ene yo o rulaganyeditseng selo seno mme o letlelela gore morwawe a boele kwa Jerusalema. Go feta dingwaga tse dingwe di le pedi pele ga kgosi a dumela go buisana le Abesalome ba lebane difatlhego.

19. Ke morero ofe oo jaanong o senogang, mme ka diphelelo dife go Dafide?

19 Go sa kgathalesege bopelonomi jo bo lorato jwa ga Dafide, go ise go fete lobaka Abesalome o rera go tseela rraagwe setulo sa bogosi. Abesalome ke monna yo montle go gaisa banna botlhe ba diganka tsa Iseraele, mme seno se dira gore a nne boikgogomoso le mabela. Ngwaga le ngwaga moriri wa gagwe o o golang ka bofefo fa o kgaolwa o nna bokete jwa dikilogerama di le 2.3 (2 Sam. 14:26, ntlhanyana e e kwa tlase ya NW.) Ka go dirisa maano a a farologaneng a boferefere, Abesalome o simolola go gapa dipelo tsa banna bangwe mo Iseraele. Kwa bokhutlong, go diragala gore morero wa gagwe o itsiwe. Fa rraagwe a sena go mo letlelela go ya kwa Heberona, Abesalome o itsise kaga boikaelelo jwa gagwe jwa go tsuolola a ba a kopa Baiseraele botlhe go mo emanokeng mo go tsuologeleng Dafide ga gagwe. Fa palo e kgolo ya batho e ya go ema le morwawe wa motsuolodi, Dafide o tswa mo Jerusalema a tshaba a na le baemanokeng ba sekae ba ba ikanyegang, bangwe ba bano e le Itai wa Mogita, yoo o bolelang ka go re: “Yaka Yehofa a tshedile, le yaka kgosi morèna oa me a tshedile, rure kwa kgosi morèna oa me o tla nnañ gōna, kana e le go shwa, kana e le go tshela, motlhanka oa gago le èna o tla nna gōna hèla.”—15:21.

20, 21. (a) Ke ditiragalo dife tseo di diragalang fa Dafide a tshaba, mme boperofeti jwa ga Nathane bo diragala jang? (b) Ahitofele wa senokwane o felela jang?

20 Fa Dafide a ntse a tshabile kwa Jerusalema, o utlwalela ka bonokwane jwa mongwe wa bagakolodi ba gagwe yo o neng a mo tshepa thata, ebong Ahitofele. O rapela ka go re: “Yehofa, kea gu rapèla, a ko u hetolè kgakololō ea ga Ahitofele bonyana hèla.” (15:31) Sadoke le Abiathare, baperesiti ba ba ikanyegang ba ga Dafide, le Hushai wa Moareka ba romelwa kwa Jerusalema go ya go ela dilo tlhoko le go boa ba bega kaga ditiro tsa ga Abesalome. Mo nakong eo, fa Dafide a le mo nageng, o kopana le Sibe, ebong motlhokomedi wa ga Mefiboshethe, yo o mmolelelang gore mong wa gagwe jaanong o lebeletse gore bogosi bo boele e nne jwa bantlo ya ga Saulo. Jaaka Dafide a feta, Shimei, yo eleng wa ntlo ya ga Saulo, o mo hutsa a ba a mo konopa ka matlapa, mme Dafide o kganela banna ba gagwe gore ba seka ba ipusolosetsa.

21 Mo Jerusalema, mophamolabogosi Abesalome, ka go utlwa kgakololo ya ga Ahitofele, o sala a tlhakanela dikobo le bagadingwana ba ga rraagwe “mo ponoñ ea ba Iseraela botlhe.” Seno ke tiragatso ya katlholo ya boperofeti ya ga Nathane. (16:22; 12:11) Gape, Ahitofele o gakolola Abesalome gore a tseye mophato wa banna ba le 12 000 mme ba tsome Dafide mo nageng yotlhe fela. Lefa go ntse jalo, Hushai, yo o neng a setse a tshepiwa ke Abesalome thata, o akantsha ka tsela e nngwe. Mme fela jaaka Dafide a ile a rapela, kgakololo ya ga Ahitofele ga e bereke. Fela jaaka Judase, Ahitofele yo o tlhakanyeng tlhogo o boela kwa gae a ba a ipolaya. Hushai ka bokukuntshwane o begela baperesiti Sadoke le Abiathare maano a ga Abesalome, bao, kwa morago, ba dirang gore molaetsa oo o bolelelwe Dafide yo a leng mo nageng.

22. Phenyo ya ga Dafide e pataganye le kutlobotlhoko efe?

22 Seno se kgonisa Dafide go kgabaganya noka ya Joredane le go kgetha lefelo leo go tla tlhabanelwang mo go lone mo sekgweng sa Mahanaima. Fa a le koo o rulaganya masole a gagwe a bo a ba laela gore ba neneketse Abesalome. Batsuolodi bao ba fenngwa mo go botlhoko. Jaaka Abesalome a tshaba a palame mmoulo a raletse sekgwa se se kitlaneng, tlhogo ya gagwe e tshwarwa ke dikala tse di kwa tlasetlase tsa setlhare sengwe se segolo, mme o sala a akgega mo go sone. Fa Joabe a mo fitlhela a le mo tlalelong eno, o a mmolaya, a tlhokomologa taolo ya kgosi gotlhelele. Kutlobotlhoko e kgolo ya ga Dafide fa a utlwalela ka loso lwa ga morwawe e lemotshiwa ke selelo sa gagwe sa go re: “Abesalome, morwaake wè! Abesalome, morwaake wè! A bo ke ka bo ke gu shwetse, Abesalome, morwaake wè! morwaake wè!”—18:33.

23. Ke dithulaganyo dife tseo di diragalang fa Dafide a boela gae jaaka kgosi?

23 Ditiragalo tsa bofelo tsa puso ya ga Dafide (19:1–24:25). Dafide o tswelela a lela selelo se se botlhoko go fitlhela Joabe a mo gobagobeletse go tsaya boemo jwa gagwe jo bo mo tshwanetseng jwa go nna kgosi. Go tswa foo o tlhoma Amase jaaka tlhogo ya masole mo boemong jwa ga Joabe. Fa a boela kwa morago, o amogelwa ke batho botlhe, go akaretsa le Shimei, yo Dafide a mo tlogelang fela a sa mmolaye. Mefiboshethe le ene o tla go ikuela ka kgang ya gagwe, mme Dafide o mo naya boswa jo bo lekanang le jwa ga Sibe. Iseraele yotlhe le Juda di nna seoposengwe gape di eteletswepele ke Dafide.

24. Ke ditiragalo dife tse dingwe tse di diragalang tseo di kopanyeletsang lotso lwa Benjamine?

24 Lefa go ntse jalo, go santse go tla nna le mathata gape. Shebe, yo eleng Mobenjamine, o ipaya kgosi a ba a dira gore batho ba le bantsi ba tlhanogele Dafide. Amase, fa a sena go fiwa taolo ke Dafide gore a phuthe mophato wa banna go ya go fedisa botsuolodi joo, o kopana le Joabe a bo a mmolaya ka bonokwane. Go tswa foo Joabe ke ene yo o etelelang masole pele a bo a konatelela Shebe kwa motseng wa Abela wa Bethe-maaka a ba a o tlhasela. Baagi ba motse oo ba utlwa kgakololo ya mosadi mongwe yo o botlhale wa motse oo, ba bo ba bolaya Shebe, mme Joabe o boela morago. Ereka Saulo a ile a bolaya Bagibeona mme molato oo wa madi o ne o ise o busolosediwe, go diragala gore go nne le leuba mo Iseraele ka dingwaga di le tharo. Go tlosolosa molato oo wa madi, go bolawa barwa ba supa ba ntlo ya ga Saulo. Moragonyana, fa Dafide a tlhabana le Bafilisitia gape, botshelo jwa gagwe bo falodisiwa ka letshoba la mogodu ke Abishai yo eleng setlogolo sa gagwe. Banna ba gagwe ba ikana gore ga a tshwanela go tlhola a ya go tlhabana le bone “gore u se ka ua tima lobōnè loa Iseraela.” (21:17) Go tswa foo banna ba le bararo ba gagwe ba ba nonofileng ba dira ka bonatla fa ba kgemetha diganka tsa Bafilisitia.

25. Ke eng seo se tlhalosiwang mo difeleng tseo di kwalwang morago tsa ga Dafide?

25 Fa mokwadi a fitlha fano, o tswelela ka sefela seo Dafide a neng a se opelela Jehofa, se se tshwanang le Pesalema 18 a lebogela go gololwa ga gagwe “mo seatleñ sa baba botlhe ba gagwè, le mo seatleñ sa ga Saule.” O bolela jaana ka boitumelo: “Yehofa ke lehika ya me, le kagō ea me ea phemèlō, le mogolodi oa me, eboñ oa me. O naea kgosi ea gagwè kgololō e kgolo: me o ichupa bopelonomi mo go motlodiwa oa gagwè, mo go Dafide le losika loa gagwè ka bosakhutleñ.” (22:1, 2, 51) Go tswa foo go latela sefela sa bofelo sa ga Dafide, seo mo go sone a itsiseng go re, “Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me.”—23:2.

26. Go kwadilwe eng kaga banna ba ba nonofileng ba ga Dafide, mme o bontsha jang gore o tlotla madi a bone a botshelo?

26 Fa re boela mo rekotong e e sa lebalesegeng eno, re bona tlhatlhamano ya banna ba ba nonofileng ba ga Dafide, mme mo go bone go tlhomologile ba le bararo. Bano ba na le seabe mo tiragalong nngwe e e diragalang fa masole a tshireletso a Bafilisitia a se na go tlhoma bothibelelo jwa bone mo Bethelehema, eo e neng e le motse wa ga Dafide. Dafide o tlhalosa keletso ya gagwe ka go re: “A bo moñwe a ka ka a nnosa metse a sediba sa Bethe-lehema, se se ha kgoroñ!” (23:15) Fa a rialo, banna ba ba nonofileng ba bararo bao ba tsena ka tsela nngwe mo bothibelelong jwa Bafilisitia, ba ga metsi mo sedibeng seo, ba bo ba a isa kwa go Dafide. Mme Dafide o gana go a nwa. Go na le moo, o a tshololela fa fatshe, a re: “A go nnè kgakala le nna, Yehofa, ha nka diha seo se: a ke tla nwa madi a banna ba ba tsamaileñ ba le mo pitlaganoñ kaga botshelo yoa bōnè?” (23:17) O ne a tsaya fa metsi ao a ne a tshwana fela le madi a botshelo jwa bone joo ba neng ba bo baya mo kotsing ka baka la one. Go tswa foo go kwalwa banna ba ba nonofileng go feta botlhe ba masole a gagwe ba le 30 le ditiro tsa bone tsa boganka.

27. Ke boleo bofe jwa bofelo joo Dafide a bo dirang? Sebetso seo se nnang gone ka ntlha ya jone se emisiwa jang?

27 Kwa bokhutlong, Dafide o leofa ka go bala batho. Fa a sena go ikopela kutlwelobotlhoko mo Modimong, o newa gore a ikgethele gareng ga dikatlholo tse tharo: eleng gore go nne leuba dingwaga di supa, masole a gagwe a fenngwe mo dikgweding tse tharo, kana go nne le kgogodi ya bolwetsi mo lefatsheng ka malatsi a le mararo. Dafide o fetola ka go re: “A re weleñ yana mo seatleñ sa ga Yehofa; gonne mautlwèlō botlhoko a gagwè a magolo: me a ke se wèle mo seatleñ sa motho.” (24:14) Kgogodi ya bolwetsi e e welang morafe oo otlhe e bolaya batho ba le 70 000, eo e emang fela fa Dafide a sena go reka serepodi sa ga Arauna se a isetsang Jehofa ditshupelo tse di besitsweng le tsa kagiso mo go sone, morago ga fa a sena go fiwa taolo ya go dira jalo ke Jehofa ka Gade.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

28. Ke ditlhagiso dife tse di utlwalang sentle tseo di kwadilweng mo bukeng ya Samuele wa Bobedi?

28 Go na le dilo di le dintsi mo bukeng ya Samuele wa Bobedi tseo di ka solegelang mmadi wa segompieno molemo! Mo e ka nnang boikutlo bongwe le bongwe jwa batho bo supiwa fano ka botlalo tota, mo dilong tseo di neng tsa diragala tota mo botshelong. Ka gone, re tlhagisiwa ka mo go utlwalang sentle kaga diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa boikgodiso le go ipusolosetsa (3:27-30), tsa go eletsa molekane wa motho yo mongwe wa lenyalo mo go sa siamang (11:2-4, 15-17; 12:9, 10), tsa tsietso (15:12, 31; 17:23), tsa lorato lo eleng kgotelo fela (13:10-15, 28, 29), tsa go nna mafega mo go atlholeng (16:3, 4; 19:25-30), le tsa go nyatsa maiteko a a dirwang ke motho yo mongwe mo kobamelong.—6:20-23.

29. Ke dikao dife tsa boitshwaro jo bo siameng le ditiro tseo di fitlhelwang mo go Samuele wa Bobedi?

29 Lefa go ntse jalo, molemo o mogolo o motho o ka o bonang mo bukeng ya Samuele wa Bobedi ke dilo tse di molemo tseo e buang ka tsone, ke go latela dikao tse dintsi tse di molemo tsa boitsholo jo bo siameng le ditiro tse di kwadilweng mo go yone. Dafide ke sekao se se molemo tota sa go ineela mo Modimong ka botlalo (7:22), sa boikokobetso fa pele ga Modimo (7:18), sa go tlotlomatsa leina la ga Jehofa (7:23-26), sa go nna le pono e e siameng fa a le mo pitlaganong (15:25), sa go ikotlhaela boleo jwa gagwe ka bopeloephepa (12:13), sa go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka boikanyego (9:1, 7), sa go nna maikutlo a a lekalekanyeng fa a le mo ditekong (16:11, 12), sa go sa kgaotseng go ikaega ka Jehofa (5:12, 20), le sa go tlotla dithulaganyo tsa ga Jehofa thatathata le batho bao a ba kgethileng (1:11, 12). Ga go gakgamatse go bo Dafide a ne a bidiwa “monna eo o nntseñ kaha peduñ ea [ga Jehofa]”!—1 Sam. 13:14.

30. Ke melaometheo efe eo e dirisiwang le go tshwantshiwa mo go Samuele wa Bobedi?

30 Seo gape se bonwang mo bukeng ya Samuele wa Bobedi ke go dirisiwa ga melaometheo e mentsi ya Bibela. Gareng ga eno go na le melaometheo ya go ikarabelela jaaka morafe (2 Sam. 3:29; 24:11-15), gore molemo mongwe o motho a o dirang ga o fetole dilo tse Modimo o di rulagantseng (6:6, 7), gore mo thulaganyong ya ga Jehofa ya bolegodimo go tshwanetse ga tlotliwa botlhogo (12:28), gore madi a tshwanetse go tsewa a le boitshepo (23:17), gore madi a a tsholotsweng a tshwanetse go ntshediwa tetlanyo (21:1-6, 9, 14), gore motho a le mongwe fela o ka falotsa batho ba le bantsi mo matlhotlhapelong (2 Sam. 20:21, 22; Mor. 9:15), le gore batho ba tshwanetse go ikanyega go phuthego ya ga Jehofa le baemedi ba gagwe ka metlha “kana e le go shwa, kana e le go tshela.”—2 Sam. 15:18-22.

31. Buka ya Samuele wa Bobedi e latswisa dilo tse di tla diragalang mo Bogosing jwa Modimo jang, jaaka go supiwa mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika?

31 Sa botlhokwa go feta tsotlhe, Samuele wa Bobedi e lebisa go Bogosi jwa Modimo, joo a bo nayang “morwa Dafide,” ebong Jesu Keresete, ebile e re latswisa dilo tse dintle tseo bo tla di dirang. (Math. 1:1) Ikano eo Jehofa a neng a ikanela Dafide ka yone ya gore bogosi jwa gagwe bo ne bo tla nnela ruri (2 Sam. 7:16) e tsopolwa mo go Ditihō 2:29-36 go lebisitswe go Jesu. Gore boperofeti jo bo reng, “Ke tla nna rragwè, me èna o tla nna morwake” (2 Sam. 7:14), eleruri bo ne bo lebisitswe go Jesu go bontshiwa ke se se buiwang mo go Bahebera 1:5. Seno gape se supelwa ke mafoko ao Jehofa a neng a a bua a le kwa legodimong a a reng: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Math. 3:17; 17:5) Kwa bokhutlong, kgolagano ya Bogosi eo e neng ya dirwa le Dafide e umakiwa ke Gabariele mo mafokong ao a neng a a bua le Marie kaga Jesu a re: “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè: Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” (Luke 1:32, 33) Abo tsholofetso ya Losika lwa Bogosi e bonala e kgatlhisa jang ne jaaka re iponela ka matlho a rona kgato nngwe le nngwe ya go diragala ga yone!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 745-7.

b Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 373-4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela