LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/99 ts. 1
  • Tsela ya go Itumelela Dipokano Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Itumelela Dipokano Thata
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Dipokano di Solegela Basha Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 10/99 ts. 1

Tsela ya go Itumelela Dipokano Thata

1 Dipokano di botlhokwa gore re itekanele sentle mo semoyeng. Boitumelo jo re nnang le jone fa re le kwa go tsone bo amana thata le se re se dirang pele ga dipokano, ka nako ya dipokano le morago ga tsone. Re ka ithusa jang e bile re ka thusa ba bangwe jang gore ba tswelele pele ba itumelela thata go nna gone kwa dipokanong?

2 Pele ga Dipokano: Go baakanyetsa ke gone go dirang gore re itumelele dipokano. Fa re baakanyeditse sentle, re kgona go tlhoma mogopolo le go nna le seabe. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go baakanyetsa sentle kabelo epe e re e neelwang ya dipokano, re na le boikaelelo jwa go fetisetsa tshedimosetso ka tsela e e tlhomameng jaaka ditaelo di bontsha le ka boikaelelo jwa go ngoka kgatlhego ya bareetsi. Re tshwanetse ra itlwaetsa yone ka botlalo. Fa re dira gore dipokano e nne tse di tlhotlheletsang le tse di agang tse di solegelang mongwe le mongwe molemo, go tla bontsha gore re gatetse pele e bile re tla itumela thata.—1 Tim. 4:15, 16.

3 Ka Nako ya Dipokano: Go akgela kwa dipokanong go ka re thusa gore re di itumelele thata. Mongwe le mongwe mo phuthegong o tshwanetse go leba dipuo tse di tlhokang gore bareetsi ba nne le seabe mo go tsone e le dikabelo tsa gagwe ka namana. Dikakgelo tse dikhutshwane le tse di opang kgomo lonaka gantsi di nna le matswela. Go bolela maitemogelo a makhutshwane a a agang go ka kgothatsa le go nonotsha, mme re tshwanetse ra tlhokomela gore re akaretsa seno nako le nako fa go tshwanela gore re dire jalo. (Dia. 15:23; Dit. 15:3) Fa re na le puo mo pokanong, re tshwanetse go bua ka matlhagatlhaga le ka tsela e e tlhatswang pelo, re dire gore e kgatlhe, e utlwale, e bile e nne mosola.

4 Morago ga Dipokano: Go bua le ba bangwe sengwe se se molemo, go ba dumedisa ka botsalano le go ba tlotlela dintlhakgolo di sekae tse go tlotlilweng ka tsone kwa dipokanong go tla re solegela molemo rotlhe. Fa re bontsha basha, bagolo le ba ba sa tswang go kopanela gore re itumelela go ba bona ba nna le seabe, go tla godisa lorato lwa bokaulengwe. Go na le gore re bue maswe ka bangwe ba ba ka tswang ba sa tle dipokanong ka metlha, re tshwanetse ra ba tlotlela dilo tse re ileng ra itumelela tsone mo dipokanong, ka go dira jalo re ba kgothaletsa gore ba nne gone.—Baheb. 10:24, 25.

5 Re se ka ra ithontsha thulaganyo eno e e botlhokwa ya go kgothatsana. (Bar. 1:11, 12) Fa re ka tlhokomela gore re dira ka bojotlhe, rotlhe re ka nna re itumelela go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela