-
DikitsisoTirelo ya Bogosi—1997 | November
-
-
Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ya November: Re tla tswelela go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Diphuthego tse di fetsang tshimo ya tsone ka go tsamaisetsa beng ba matlo otlhe pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 di ka nna tsa tsamaisa buka ya Kitso ka moneelo wa R4,00. December: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R8,00. January: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R12,00, kana Matsapa a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R6,00. February: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! ka moneelo wa R12,00.
◼ Fa letsholo leno le le kgethegileng le sena go wediwa ka November 16, diphuthego tse di sa ntseng di na le dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi No. 35 di ka kgothaletsa baboledi go di tsamaisa ka tsela e dipampitshana di tsamaisiwang ka yone, e ka ne e le ka ntlo le ntlo kana go sele. Fa go siame, baboledi ba ka nna ba tlogela e le nngwe kwa ntlong nngwe le nngwe e go se nang batho kwa go yone, ba tlhomamisa gore ga e bonwe ke batho ba ba fetang ka tsela. Go tshwanetse ga dirwa maiteko a go tsamaisa dikhopi tsotlhe tse di setseng tsa molaetsa ono o o botlhokwa.
◼ Molebedi yo o okamelang: Tsweetswee tlhomamisa gore pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) e bo e tladitswe e bile e rometswe kwa Mokgatlhong e seng morago ga November 17, 1997. Gape tlhomamisa gore go dirisiwe setempe sa madi a a lekaneng go di romela. Fa go na le maitemogelo a mangwe a a tlhomologileng ka tshimo e e sa abiwang, tsweetswee di romele le pego eno.
◼ Compact Disc e Ntšha e e Leng Gone:
Kingdom Melodies Bolumo 5 (Mmino wa orchestra; phuthego, batho botlhe le babulatsela: R17,00)
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Leng Gone:
The Bible—Its Power in Your Life (Bolumo 3 ya motseletsele wa The Bible—A Book of Fact and Prophecy; phuthego le batho botlhe: R52,00; babulatsela: R45,00)—Seesemane
-
-
Dikgang Tse di Molemo ka InternetTirelo ya Bogosi—1997 | November
-
-
Dikgang Tse di Molemo ka Internet
Mo motlheng ono wa rona wa boranyane, batho bangwe ba bona tshedimosetso mo metsweding ya eleketeroniki, e e akaretsang Internet. Ka jalo Mokgatlho o tsentse tshedimosetso nngwe e e boammaaruri ka ga ditumelo le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo Internet.
Aterese ya rona ya Internet Web ke http://www.watchtower.org mme e na le tshedimosetso ya dipampitshana tse di farologaneng, diboroutšhara le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Seesemane, Se-China (Se se Tlhofofaditsweng), Sejeremane, Se-Russia, Se-Spain mmogo le dipuo tse dingwe. Dikgatiso tse di mo atereseng eno ya Web di setse di le gone mo diphuthegong e bile di dirisiwa mo bodireding. Maikaelelo a rona ka aterese eno ya Web ga se go golola dikgatiso tse disha, mme ke go dira gore batho botlhe ba kgone go iponela tshedimosetso eno e e mo khomputareng. Ga go tlhokege gore ope a rulaganye tshedimosetso epe e e amanang le Basupi ba ga Jehofa, tiro ya rona kana dilo tse re di dumelang gore a e tsenye mo Internet. Aterese eno ya rona e e kwadisitsweng kafa molaong e tshotse tshedimosetso e e boammaaruri e e ka bonwang ke mongwe le mongwe yo o e batlang.
Le fa go se na thulaganyo ya go romela melaetsa ya eleketeroniki (electronic messages [E-mail]), re tsentse diaterese tsa poso tsa makala tsa lefatshe ka bophara. Ka jalo batho ba ka nna ba kwala go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana go thusiwa ka namana ke Basupi ba ba mo mafelong a bone. Gololesega go bolelela ope fela yo o ka tswang a ka batla go simolola go ithuta boammaaruri jwa Baebele ka thulaganyo eno, o mmolelele ka aterese eno ya Internet.
-
-
Ke Tla Reng?Tirelo ya Bogosi—1997 | November
-
-
Ke Tla Reng?
Fa re kopana le batho ba ba arabelang sentle mo tshimong, re eletsa go boela kwa go bone go ya go ba neela bosupi gape. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra bo re sa itse gore re reng go simolola motlotlo mo nakong e e tlang. O ka nna wa leka go simolola jaana: Botsa potso e e kgatlhang, o bo o bula buka ya Go Fetolana go bontsha karabo e e tswang mo Dikwalong. Go ka thusa fa o ka nna le lenaane la dipotso tse o ka tlhophang mo go tsone potso e o akanyang gore e ka tsosa kgatlhego mo mothong yo o rileng. Lenaane le le fa tlase fano, le le rulagantsweng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana, le bontsha nomoro ya tsebe e karabo nngwe le nngwe e ka fitlhelwang mo go yone:
◼ Ke goreng re tsofala re bo re swa? (243)
◼ A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong? (287)
◼ A Modimo tota o a amega ka seo se diragalelang rona batho? (289)
◼ A motho o tshwanetse go ya legodimong go nna le isagwe e e itumedisang eleruri? (228)
◼ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse le go dirisa leina la Modimo la mmatota? (194)
◼ Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng? (85)
◼ Boikaelelo jwa botshelo jwa batho ke eng? (129)
◼ Ke ka ntlha yang fa go na le ditumelo tse dintsi jaana? (72)
◼ Motho o ka itse jang gore ke bodumedi bofe jo bo siameng? (78)
◼ Satane o maatla go le kana kang mo lefatsheng la gompieno? (349)
◼ Ke goreng Modimo o letlelela pogo? (323)
◼ Ke ka ntlha yang fa go na le boikepo jo bo kana kana? (91)
O ka nna wa baya lenaane le le ntseng jaana la dipotso mo Baebeleng ya gago kana mo bukeng ya gago ya Go Fetolana gore o kgone go leba mo go yone ka bonako. Go akanya ka selo se se rileng se o ka tlotlang ka sone mo loetong lwa go boela go tla go kgothatsa gore o boele ka boikanyego kwa bathong ba ba kgatlhegang.
-