LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 9/15 ts. 10-15
  • Botlhe ba Tshwanetse go Ikarabela mo Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhe ba Tshwanetse go Ikarabela mo Modimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baengele ba a Ikarabela
  • Morwa Modimo o a Ikarabela
  • Go Ikarabela re le Ditšhaba
  • Dikai Tsa go Ikarabela Motho ka Namana
  • Go Ikarabela mo Phuthegong ya Bokeresete
  • E Kete Jehofa a ka Itumelela go Ikarabela ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bakeresete Ba a Tlhokana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng Seo Modimo O Ntseng O Se Dira?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 9/15 ts. 10-15

Botlhe ba Tshwanetse go Ikarabela mo Modimong

“Mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.”—BAROMA 14:12.

1. Ke ditekanyetso dife tse di neng tsa bewa mo godimo ga kgololesego e Atame le Efa ba neng ba na le yone?

JEHOFA MODIMO o ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha, Atame le Efa, ba kgona go itlhophela se ba se batlang. Lefa gone ba ne ba le kwa tlase ga baengele, e ne e le dibopiwa tse di botlhale tse di neng di ka kgona go itirela ditshwetso tse di tshwanetseng. (Pesalema 8:4, 5) Lefa go ntse jalo, kgololesego eo e e neng e tswa kwa Modimong e ne e sa ba neele tetla ya go itirela tshwetso ya se se molemo le se se bosula. Ba ne ba ikarabela mo Mmoping wa bone, mme boikarabelo jono bo ne jwa fetela le mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa bone.

2. Ke eng se Jehofa a tla tlogang a se atlhola, mme ka ntlha yang?

2 E re ka jaanong re le gaufi le bofelo jwa tsamaiso eno e e bosula ya dilo, Jehofa o tla atlhola lefatshe leno. (Bapisa Baroma 9:28.) Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla ikarabela mo go Jehofa Modimo ka ntlha ya go senya dikhumo tsa lefatshe, go bolaya batho, mme segolobogolo ka ntlha ya go bogisa batlhanka ba gagwe.—Tshenolo 6:10; 11:18.

3. Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang?

3 E re ka re lebane le ponatshegelo eno e e masisi, go tla re solegela molemo fa re akanya ka ditsela tse di siameng tse Jehofa a neng a dirisana le dibopiwa tsa gagwe ka tsone mo metlheng e e fetileng. Dikwalo di ka re thusa jang rona ka namana, gore re ikarabele mo Mmoping ka tsela e a e amogelang? Ke dikai dife tse di ka re solegelang molemo, mme ke dife tse re tshwanetseng go tila go di etsa?

Baengele ba a Ikarabela

4. Re itse jang gore Modimo o dira gore baengele ba ikarabelele ditiro tsa bone?

4 Dibopiwa tsa ga Jehofa tsa baengele tse di kwa legodimong le tsone di ikarabela mo go ene fela jaaka rona. Pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, baengele bangwe ba ne ba ikapesa mebele ya batho ka go tlhoka kutlo e le gore ba tlhakanele dikobo le basadi. E re ka dibopiwa tseno tsa semoya di ne di ka dira tshwetso eno ya go itlhophela se di se batlang, lefa go ntse jalo Modimo o ne wa dira gore ba ikarabelele seo. Fa baengele ba ba se nang kutlo ba ne ba boela kwa lefelong la meya, Jehofa o ne a se ka a ba letla gore ba nne le boemo jwa bone jwa kwa tshimologong. Morutwa Juta o re bolelela gore “ba letisits[we] letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, ba le kwa tlase ga lefifi.”—Juta 6.

5. Satane le badimona ba gagwe ba ile ba piriganyediwa fa fatshe ka tsela e e ntseng jang, mme kgang ya botsuolodi jwa bone e tla rarabololwa jang?

5 Baengele bano ba ba se nang kutlo, kana badimona, ba busiwa ke Satane Diabolo. (Mathaio 12:24-26) Moengele yono yo o bosula o ne a tsuologela Mmopi wa gagwe mme a belaela fa bolaodi jwa ga Jehofa bo siame. Satane o ne a dira gore batsadi ba rona ba ntlha ba leofe, mme seno se ne sa felela ka gore kgabagare ba swe. (Genesise 3:1-7, 17-19) Le mororo Jehofa a ne a lesa Satane a le mo malwapaneng a legodimo ka nakwana morago ga moo, buka ya Baebele ya Tshenolo e ne ya bolelela pele gore ka nako e Modimo a e beileng, modirabosula yono o ne a tla latlhelwa mo lefatsheng. Bosupi bo bontsha gore seno se ne sa diragala fela morago ga gore Jesu Keresete a neelwe maatla a Bogosi ka 1914. Kwa bofelong, Diabolo le badimona ba gagwe ba tla senngwa ka bosakhutleng. Fa kgabagare kgang ya bolaodi e setse e rarabolotswe, katlholo ya botsuolodi he e tla bo e rarabolotswe ka tshiamiso.—Jobe 1:6-12; 2:1-7; Tshenolo 12:7-9; 20:10.

Morwa Modimo o a Ikarabela

6. Jesu o leba jang boikarabelo jwa gagwe mo go Rraagwe?

6 A bo Morwa Modimo, Jesu Keresete a ne a tlhoma sekao se se molemo jang ne! Jesu o ne a itumelela go dira thato ya Modimo, e le motho yo o neng a itekanetse jaaka Atame. Gape o ne a itumelela go ikarabelela go diragatsa molao wa ga Jehofa. Mopesalema o ne a porofeta jaana ka tshwanelo malebana le ene: “Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me; ee, molao wa gago o mo teng ga pelo ya me.”—Pesalema 40:8; Bahebere 10:6-9.

7. Fa Jesu a ne a rapela mo bosigong jwa pele a swa, ke ka ntlha yang fa a ne a ka bolela mafoko a a kwadilweng mo go Johane 17:4, 5?

7 Go sa kgathalesege gore Jesu o ne a ganediwa ka letlhoo le le kana kang, o ne a dira go rata ga Modimo a bo a boloka bothokgami go fitlha a swela mo koteng ya tlhokofatso. Ka go dira jalo o ne a duela tlhwatlhwa ya thekololo gore a rekolole batho mo diphelelong tsa boleo jwa ga Atame tse di bolayang. (Mathaio 20:28) Ka gone, mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a kgona go rapela jaana a na le tshepo: “Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne.” (Johane 17:4, 5) Jesu o ne a ka bolelela Rraagwe wa selegodimo mafoko ao ka gonne o ne a fentse teko ya boikarabelo ka katlego mme o ne a amogelwa ke Modimo.

8. (a) Paulo o ne a bontsha jang gore re tshwanetse go ikarabela mo go Jehofa Modimo? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re amogelwe ke Modimo?

8 Rona ga re a itekanela jaaka monna yo o itekanetseng Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, re ikarabela mo Modimong. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Wena, ana o sekisetsang wa gaeno? E bile o nyaletsang wa gaeno e ntse e le wena fela? Gonne rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo. Gonne go kwadilwe ga twe: ‘Jaaka ke tshedile,’ go bua Morena, ‘mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.’ Ke gone jalo, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo.” (Baroma 14:10-12) E le gore re kgone go dira jalo le gore re amogelwe ke Jehofa, o re neile segakolodi le Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele ka tsela e e lorato, gore di re kaele mo go se re se buang le se re se dirang. (Baroma 2:14, 15; 2 Timotheo 3:16, 17) Fa re dirisa ka botlalo dilo tsa semoya tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone le go latela segakolodi sa rona se se katisitsweng ka Baebele go tla re thusa gore re amogelwe ke Modimo. (Mathaio 24:45-47) Moya wa ga Jehofa o o boitshepo, kana maatla a a dirang, ke one a a re okeletsang nonofo le go re kaela. Fa re dira go dumalana le kaelo ya moya ono le go latela segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele, re a bo re bontsha gore ga re ‘gane Modimo,’ ene yo re tshwanetseng go ikarabela mo go ene ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa rona.—1 Bathesalonika 4:3-8; 1 Petere 3:16, 21.

Go Ikarabela re le Ditšhaba

9. Baetome e ne e le bomang, mme ke eng se se neng sa ba diragalela ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshwara Baiseraele ka yone?

9 Jehofa o dira gore ditšhaba di ikarabele. (Jeremia 25:12-14; Sefania 3:6, 7) Akanya ka bogosi jwa Etome jwa bogologolo, jo bo neng bo busa kafa ntlheng ya borwa jwa Lewatle le le Suleng le kafa ntlheng ya bokone jwa Kgogometso ya Aqaba. Baetome e ne e le Ba-Semite, ba ba neng ba amana thata le Baiseraele. Lefa gone mogologolwane wa Baetome e ne e le setlogolo sa ga Aberahame e bong Esau, Baiseraele ba ne ba sa letlelelwe go ralala Etome ka “tsela e kgolo ya kgosi” fa ba ne ba ya kwa Nageng e e Solofeditsweng. (Dipalo 20:14-21) Ka makgolokgolo a dingwaga Baetome ba ne ba simolola go tlhoa Baiseraele mo go setlhogo. Kgabagare, Baetome ba ne ba ikarabelela go rotloetsa Bababilone gore ba senye Jerusalema ka 607 B.C.E. (Pesalema 137:7) Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., masole a Babilone a a neng a eteletswe pele ke Kgosi Nabonitase a ne a fenya Etome mme e ne ya swafala, fela jaaka Jehofa a ne a laotse.—Jeremia 49:20; Obadia 9-11.

10. Bamoabe ba ne ba tshwara Baiseraele jang, mme Modimo o ne a dira gore Moabe e ikarabele jang?

10 Bamoabe le bone ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang. Bogosi jwa Moabe bo ne bo busa kafa ntlheng ya bokone jwa Etome le kafa botlhabatsatsi jwa Lewatle le le Suleng. Pele Baiseraele ba tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng, Bamoabe ba ne ba se ka ba ba amogela sentle, go bonala ba ne ba ba neela senkgwe le metsi gore ba bone madi fela. (Duteronome 23:3, 4) Kgosi Balake wa Moabe o ne a hira Balaame gore a hutse Iseraele, mme basadi ba Moabe ba ne ba dirisiwa gore ba gogele banna ba Iseraele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le mo kobamelong ya medimo ya disetwa. (Dipalo 22:2-8; 25:1-9) Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a tlhokomologa tsela e Bamoabe ba neng ba tlhoile Iseraele ka yone. Jaaka go ne ga porofetiwa, Moabe o ne a senngwa ke Bababilone. (Jeremia 9:25, 26; Sefania 2:8-11) Ee, Modimo o ne a dira gore Moabe e ikarabele.

11. Moabe le Amone di ne tsa tshwana le metse efe, mme ke eng se boporofeti jwa Baebele bo se bontshang malebana le tsamaiso ya gompieno e e bosula ya dilo?

11 Mme e ne e se Moabe fela gape le Amone e ne e ikarabela mo Modimong. Jehofa o ne a boleletse pele jaana: “Ruri Moabe o tlaa nna jaaka Sotoma, le bana ba Amo[n]e jaaka Gomora, e nna felo ga dikhi, le mahuti a lobu, le tshwafalo e e sa khutleng.” (Sefania 2:9) Dinaga tsa Moabe le Amone di ne tsa senngwa, fela jaaka Modimo a ne a senya metse ya Sotoma le Gomora. Geological Society of London e bolela gore babatlisisi ba bolela fa ba bone mafelo a a neng a senngwa a Sotoma le Gomora kwa lotshitshing lo lo kafa botlhabatsatsi jwa Lewatle le le Suleng. Bosupi bope fela jo bo ka ikanngwang jo bo santseng bo ka bonwa malebana le seno bo ka tshegetsa boporofeti jwa Baebele jo bo bontshang gore tsamaiso e e bosula ya gompieno ya dilo le yone e tla ikarabela mo go Jehofa Modimo.—2 Petere 3:6-12.

12. Le mororo Iseraele e ne e tshwanetse go ikarabela mo Modimong ka ntlha ya maleo a yone, ke eng se se neng sa bolelelwa pele malebana le masalela a Bajuta?

12 Le fa gone Iseraele e ne e ratiwa thata ke Jehofa, e ne e tshwanetse go ikarabela mo Modimong ka ntlha ya maleo a yone. Fa Jesu Keresete a ne a tla mo setšhabeng sa Iseraele, bontsi jwa sone bo ne bo mo gana. E ne e le masalela fela a ba ba neng ba dumela mme ba nna balatedi ba gagwe. Paulo o ne a dirisa boporofeti bongwe jo bo rileng ka masalela ano a Bajuta fa a ne a kwala jaana: “Isaia o buela godimo ka ga Iseraele a re: ‘Le fa palo ya bana ba Iseraele e ntse jaaka mošawa wa lewatle, masalela ke one a tlaa bolokwang; gonne Morena o tlaa dirafatsa lefoko la gagwe mo lefatsheng, a le wetsa, a le khutshwafatsa.’ Le jaaka Isaia a buile gale a re: ‘Fa Morena wa masomosomo a ka bo a se ka a re sadisetsa bangwenyana ba losika, re ka bo re tshwana le Sotoma, ra ba ra dirwa jaaka Gomora.’” (Baroma 9:27-29; Isaia 1:9; 10:22, 23) Moaposetoloi o ne a umaka sekai sa batho ba ba 7 000 ba mo motlheng wa ga Elija ba ba neng ba sa obamele Baale, mme go tswa foo o ne a re: “Go ntse jalo le gompieno go na le masalela ka fa boitshenkelong jwa tshegofatso.” (Baroma 11:5) Masalela ao a ne a na le batho ba ba neng ba ikarabela mo Modimong ka namana.

Dikai Tsa go Ikarabela Motho ka Namana

13. Ke eng se se neng sa diragalela Kaine fa Modimo a ne a dira gore a ikarabelele go bolaya monnawe Abele?

13 Baebele e umaka ka makgetlho a le mantsi a batho ba ba neng ba ikarabela mo go Jehofa Modimo ka namana. Tsaya sekai sa morwa Atame wa leitibolo e bong Kaine. Ene mmogo le monnawe Abele ba ne ba isetsa Jehofa ditlhabelo. Modimo o ne a amogela setlhabelo sa ga Abele, mme o ne a sa amogele sa ga Kaine. Fa Kaine a ne a tshwanelwa ke gore a ikarabelele go bolaya monnawe ka tsela e e setlhogo, o ne a bolelela Modimo jaana a sena bopelotlhomogi: “A ke modisa wa ga nnake?” Ka ntlha ya boleo jwa gagwe, Kaine o ne a kobelwa kwa “lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.” Ga a ka a bontsha boikotlhao jo bo tswang mo pelong ka ntlha ya tlolomolao e a e dirileng, o ne a hutsafalela fela katlholo e e neng e mo tshwanetse.—Genesise 4:3-16.

14. Go ikarabela mo Modimong ka namana go ne ga bontshiwa jang mo kgannyeng ya moperesiti yo mogolo Eli le bomorwawe?

14 Gape go ikarabela mo Modimong motho ka namana go bontshitswe mo kgannyeng ya moperisiti yo mogolo wa Iseraele e bong Eli. Bomorwawe e bong Hofeni le Finease, ba ne ba direla e le baperesiti mme “ba na le molato wa go sa tshware batho sentle, e bile ba sa tlotle Modimo, mme ba sa ithiba mo mofuteng ope wa boikepo,” go bolela jalo mokwalahisetori mongwe e bong Josephus. “Banna ba diramatla” bano ba ne ba sa itse Jehofa, ba itshwara ka tsela e e makgapha, mme ba ne ba na le molato wa boitsholo jo bo sa siamang. (1 Samuele 1:3; 2:12-17, 22-25) Eli jaaka rraabone e bile e le moperesiti yo mogolo wa Iseraele, o ne a na le boikarabelo jwa go ba tlhamalatsa, mme o ne a ba kgalemela fela ka tsela e e motlhofo. Eli ‘o ne a tlotla bomorwawe bogolo go Jehofa.’ (1 Samuele 2:29) Ba ntlo ya ga Eli ba ne ba otlhaiwa. Barwa ba babedi ba ne ba swa mo letsatsing le le lengwe fela le rraabone, mme kgabagare losika lwa bone lwa boperesiti lo ne lwa kgaolwa gotlhelele. Ka gone kgang eno e ne ya rarabololwa.—1 Samuele 3:13, 14; 4:11, 17, 18.

15. Ke ka ntlha yang fa morwa wa ga Kgosi Saule e bong Jonathane a ne a nna le tuelo?

15 Sekao se se farologaneng gotlhelele se ne sa tlhomiwa ke morwa wa ga Kgosi Saule e bong Jonathane. Morago fela ga gore Dafite a bolaye Goliathe, “mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite,” mme ba ne ba dira kgolagano ya botsala. (1 Samuele 18:1, 3) Gongwe, Jonathane o ne a lemoga gore moya wa Modimo o ne o seyo mo go Saule, mme go tlhagafalela ga gagwe kobamelo ya boammaaruri go ne ga se ka ga fetoga. (1 Samuele 16:14) Tsela e Jonathane a neng a anaanela ka yone bolaodi jwa ga Dafite jo a bo neilweng ke Modimo e ne ya se ka ya reketla. Jonathane o ne a lemoga gore o ikarabela mo Modimong, mme Jehofa o ne a mo duelela mokgwa wa gagwe o o tlotlegang ka go tlhomamisa gore losika lwa gagwe lo tswelele pele go ya kwa dikokomaneng tse dingwe.—1 Ditirafalo 8:33-40.

Go Ikarabela mo Phuthegong ya Bokeresete

16. Tito e ne e le mang, mme ke ka ntlha yang fa go ka twe o ne a ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo?

16 Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di bolela ka tshwanelo ka banna le basadi ba le bantsi ba ba neng ba ikarabela ka tsela e e molemo. Ka sekai, go ne go na le Mokeresete wa Mogerika yo o neng a bidiwa Tito. Go ntse go akanngwa gore o ne a nna Mokeresete ka nako ya loeto lwa ntlha lwa ga Paulo lwa borongwa fa a ne a ya kwa Kupero. E re ka Bajuta le basokologi ba kwa Kupero ba ka tswa ba ne ba le kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E., Bokeresete bo ka tswa bo ile jwa fitlha kwa setlhaketlhakeng seo ka bonako fela morago ga moo. (Ditiro 11:19) Lefa go ntse jalo, Tito o ne a itshupa e le mongwe wa badirimmogo le Paulo ba ba neng ba ikanyega. O ne a tsamaya le Paulo le Barenabase fa ba ne ba ya kwa Jerusalema mo e ka nnang ka 49 C.E., fa kgang e e botlhokwa ya go rupa e ne e rarabololwa. Lebaka la go bo Tito a ne a sa rupa le ne la oketsa botlhokwa jwa kgang ya ga Paulo ya gore basokologela mo Bokereseteng ba ne ba sa tshwanela go laolwa ke Molao wa ga Moshe. (Bagalatia 2:1-3) Bodiredi jo bo molemo jwa ga Tito bo tlhomamisiwa mo Dikwalong, mme tota le Paulo o ne a mo kwalela lekwalo le le neng le tlhotlheleditswe ke Modimo. (2 Bakorinthe 7:6; Tito 1:1-4) Ga go belaetse gore go ya fela kwa bofelong jwa tiro ya gagwe a le mo lefatsheng, Tito o ne a tswelela pele a ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo.

17. Timotheo o ne a ikarabela ka tsela efe, mme sekao seno se ka re ama jang?

17 Timotheo e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba le tlhaga yo o neng a ikarabela mo go Jehofa Modimo ka tsela e a e amogelang. Lefa gone Timotheo a ne a na le mathata mangwe a botsogo, o ne a na le “tumelo e e se nang boitimokanyo” mme ‘a direla le Paulo mo go tsweledisetseng Mafoko a a Molemo kwa pele.’ Ka gone moaposetoloi o ne a ka bolelela Bakeresetekaene jaana kwa Filipi: “Ga ke na ope yo o pelo e tshwanang le ya [ga Timotheo], yo o tlaa tlhokomelang ka tlhoma[m]o ka fa lo tshelang ka teng.” (2 Timotheo 1:5; Bafilipi 2:20, 22; 1 Timotheo 5:23) Fa re na le makoa e bile re lebane le diteko dingwe, le rona re ka nna le tumelo e e se nang boitimokanyi le gone re ka ikarabela mo Modimong ka tsela e a e amogelang.

18. Lidia e ne e le mang, mme o ne a bontsha moya ofe?

18 Lidia e ne e le mosadi yo o ratang Modimo yo kwantle ga pelaelo a neng a ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo. Ene le ba lelapa la gagwe e ne e le bangwe ba batho ba ntlha kwa Yuropa ba ba neng ba amogela Bokeresete ka ntlha ya tiro ya ga Paulo ya kwa Filipi mo e ka nnang ka 50 C.E. Lidia jaaka moagi mongwe wa Thiatira, gongwe e ne e le mosokologelabojuteng, mme go ka nna ga bo go ne go na le Bajuta ba sekae mme go sena sinagoge kwa Filipi. Ene le basadi ba bangwe ba ba neng ba le badumedi ba ne ba kopane mmogo gaufi le noka fa Paulo a ne a bua le bone. Ka ntlha ya seo, Lidia o ne a nna Mokeresete mme a atlega go dira gore Paulo le ditsala tsa gagwe ba nne le ene. (Ditiro 16:12-15) Go amogela baeng mo Lidia a neng a go bontsha e santse e le letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri.

19. Ke ditiro dife tse di molemo tse Dorekase a neng a ikarabela mo Modimong ka tsone ka tsela e e molemo?

19 Dorekase e ne e le mosadi yo mongwe yo o neng a ikarabela mo go Jehofa Modimo ka tsela e e molemo. Fa a ne a tlhokafala, Petere o ne a ya kwa Jopa e re ka a ne a kopilwe ke barutwa ba ba neng ba nna koo. Banna ba babedi ba ba neng ba bona Petere ba ne “ba mo isa mo ntlonyaneng e e kwa godimo. Basadi ba batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene, ba lela, ba supa dikobo le diaparo tse Dorekase o di dirileng a sa ntse a na nabo.” Dorekase o ne a tsosiwa mo losong. A mme o tshwanetse go gakologelwa fela ka moya wa gagwe o o pelotshweu? Nnyaa. E ne e le “morutwa” e bile tota a tshwaregile mo tirong ya go dira barutwa. Basadi ba Bakeresete gompieno ka tsela e e tshwanang ba “tletse ditiro tse di molemo, le dikatso.” Gape ba itumelela go nna le seabe ka botlhaga mo go boleleng mafoko a a molemo a Bogosi le go dira barutwa.—Ditiro 9:36-42; Mathaio 24:14; 28:19, 20.

20. Ke dipotso dife tse re ka nnang ra di ipotsa?

20 Baebele e bontsha sentle gore ditšhaba le batho ba tshwanetse go ikarabela mo Molaoding Morena Jehofa. (Sefania 1:7) Fa e le gore re ineetse mo Modimong, ka gone re ka nna ra ipotsa, ‘Ke leba ditshiamelo le maikarabelo a me a ke a neilweng ke Modimo jang? Ke ikarabela ka tsela efe mo go Jehofa Modimo mmogo le Jesu Keresete?’

Dikarabo Tsa Gago ke Dife?

◻ O ne o ka supa jang gore Morwa Modimo le baengele ba ikarabela mo go Jehofa?

◻ Ke dikai dife tse di mo Baebeleng tse di bontshang gore Modimo o dira gore ditšhaba di ikarabele mo go ene?

◻ Ke eng se Baebele e se bolelang ka go ikarabela mo Modimong ka namana?

◻ Ke batho bafe ba bangwe ba ba kwadilweng mo Baebeleng ba ba neng ba ikarabela mo go Jehofa Modimo ka tsela e e molemo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu Keresete o ne a ikarabela mo go Rraagwe wa selegodimo ka tsela e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jaaka Dorekase, basadi ba Bakeresete gompieno ba ikarabela mo go Jehofa Modimo ka tsela e e molemo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

The Death of Abel/The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela