LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/1 ts. 14-19
  • Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tse di Agang
  • Baakanyetsa Sentle
  • Dikai go Tswa mo Lefokong la Modimo
  • Sekao se se Molemolemo
  • Dikao Tsa Segompieno
  • Go Tlotla Dikokoano Tsa Rona Tse di Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/1 ts. 14-19

Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete

“A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”—BAHEBERA 10:24, 25.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa e le tshiamelo go nna teng kwa dikokoanong tsa Bakeresete ba boammaaruri? (b) Jesu o teng ka tsela efe kwa dikokoanong tsa balatedi ba gagwe?

A BO e le tshiamelo jang ne go nna teng mo kokoanong ya Bokeresete, e ka tswa go phuthegile ba ba kwa tlase ga lesome kana dikete di le mmalwa tsa baobamedi ba ga Jehofa, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone”! (Mathaio 18:20) Ke boammaaruri gore fa Jesu a ne a dira tsholofetso eo, o ne a tlotla ka dikgang tsa katlholelo tse di neng di tlhoka go tshwarwa sentle ke ba ba eteletseng pele mo phuthegong. (Mathaio 18:15-19) A mme mafoko a ga Jesu a ka dirisiwa gape e le molaomotheo mo dikokoanong tsotlhe tsa Bokeresete tse di bulwang le go tswalwa ka thapelo mo leineng la gagwe? Ee. Gakologelwa, fa Jesu a ne a roma balatedi ba gagwe go ya go dira tiro ya go dira barutwa, o ne a solofetsa jaana: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 28:20.

2 Ga go na pelaelo gore Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Morena Jesu Keresete, o kgatlhegela dikokoano tsotlhe tsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang thata. Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore o na le bone ka moya o o boitshepo wa Modimo. (Ditiro 2:33; Tshenolo 5:6) Jehofa Modimo le ene o kgatlhegela go kopana ga rona mmogo. Boikaelelo jo bogolo jwa dipokano tse di ntseng jalo ke go isetsa Modimo pako mo “diphuthegong.” (Pesalema 26:12) Go nna teng ga rona mo dipokanong tsa phuthego go supa gore re a mo rata.

3. Ke ka ntlha ya mabaka afe a a botlhokwa re anaanelang dikokoano tsa Bokeresete?

3 Go na le mabaka a mangwe a a molemo a go bo re anaanela dikokoano tsa Bokeresete. Pele ga a tswa mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a tlhoma barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng go dira e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” yo o tla abelang ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Tsela e e botlhokwa e go abiwa go go ntseng jalo ga dijo tsa semoya go dirwang ka yone ke ka dipokano tsa phuthego mmogo le dikokoano tse dikgolwane—dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Morena Jesu Keresete o kaela motlhanka yo o boikanngo yono gore a neele botlhe ba ba batlang go falola bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno le go bona botshelo mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo a ba neele tshedimosetso e e botlhokwa kwa dikokoanong tse di ntseng jalo.

4. Ke “mokgwa” ofe o o kotsi o o umakiwang mo Baebeleng mme ke eng se se tla re thusang go o tila?

4 Ka jalo, ga go na Mokeresete ope yo o ka itetlang go nna le tlwaelo e e kotsi e moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala jaana a ileng a bua ka yone: “A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Go tlhatlhanya ka tshiamelo le melemo ya go nna teng mo dikokoanong tsa Bokeresete go tla re thusa gore re tshegetse dikokoano tse di ntseng jalo ka boikanyegi le ka peloyotlhe.

Dipokano Tse di Agang

5. (a) Puo ya rona e tshwanetse go nna le matswela afe kwa dipokanong? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go diega go laletsa ba ba kgatlhegang go nna teng kwa dipokanong?

5 E re ka Bakeresete ba rapelela gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o dire mo dipokanong tsa Bokeresete, mongwe le mongwe yo o nnang teng o tshwanetse go dira gotlhe mo a ka go kgonang go dira tumalanong le moya ono mme a ‘se ka a ba a hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo.’ (Baefeso 4:30) Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala mafoko a a tlhotlheleditsweng ao, o ne a bua ka go dirisa puo sentle. Se re se buang ka metlha se tshwanetse go buiwa ka tsela ya go “aga kafa go tlhokegang ka gone, gore [se] tle [se] abele bautlwi se se rategang.” (Baefeso 4:29) Seno se botlhokwa segolobogolo kwa dikokoanong tsa Bokeresete. Mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bakorintha, Paulo o ne a gatelela ntlha ya gore go botlhokwa gore dipokano e nne tse di agang, tse di rutang le tse di kgothatsang. (1 Bakorintha 14:5, 12, 19, 26, 31) Botlhe ba ba leng teng ba solegelwa molemo mo dipokanong tseno, go akaretsa le ba ba simololang go nna teng, ba ba ka nnang ba swetsa ka gore: “Modimo ruri o gareng ga lona.” (1 Bakorintha 14:25) Ka ntlha ya lebaka leno, ga re a tshwanela go diega go laletsa batho ba ba sa tswang go kgatlhega go kopanela le rona, ka gonne go dira jalo go tla akofisa go gatela pele ga bone mo semoyeng.

6. Ke mabaka mangwe afe a a thusang gore pokano e nne e e agang?

6 Botlhe ba ba abetsweng dipuo, dipotsolotso, kana dipontsho kwa pokanong ya Bokeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore puo ya bone e a aga e bile e dumalana le Lefoko la Modimo le le kwadilweng e leng Baebele. Mo godimo ga go bua sentle, re tshwanetse go bontsha maikutlo a a dumalanang le dinonofo tse di lorato tsa Modimo le Keresete. Fa botlhe ba ba nang le seabe mo thulaganyong ya pokano ba leka go supa ‘maungo a moya wa Modimo,’ a a jaaka boitumelo, bopelotelele le tumelo, he botlhe ba ba leng teng ba tla ikutlwa ba agegile tota.—Bagalatia 5:22, 23.

7. Botlhe ba ba nnang teng ba ka thusa jang go dira gore kokoano e nne e e agang?

7 Le mororo e le ba sekae fela ba ba ka nnang le seabe mo thulaganyong ya dipokano tsa phuthego, rotlhe re ka thusa go dira gore e nne kokoano e e agang. Gantsi bareetsi ba nna le tshono ya go araba dipotso. Dinako tseno ke tsa gore re bolele tumelo ya rona phatlalatsa. (Baroma 10:9) Le ka motlha ga re a tshwanela go di dirisa gore e nne nako ya go buelela dipono tsa rona, go ikgantsha ka dilo tse re kgonang go di fitlhelela, kana go tshwaya badumedikarona diphoso. A seo ga se ka ke sa hutsafatsa moya wa Modimo? Fa re na le dikgotlhang le badumedikarona re ka di rarabolola botoka kwa thoko ka moya wa lorato. Baebele e bolela jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.” (Baefeso 4:32) A bo dikokoano tsa Bokeresete di re naya tshono e e molemolemo jang ne ya go dirisa kgakololo e e molemo eno! Go fitlhelela seo, ba le bantsi ba fitlha go sa le gale kwa dipokanong mme ba nna nakwana morago ga tsone. Seno le sone se thusa ba ba sa tswang go kgatlhega, bao segolobogolo ba batlang go ikutlwa ba amogelesega. Ka jalo Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba na le seabe sa gore ba dire gore dipokano e nne tse di agang ka go ‘akanyetsana le go tlhotlheletsana mo loratong le ditirong tse di molemomogolo.’

Baakanyetsa Sentle

8. (a) Bangwe ba dira matsapa a a kgatlhang jang gore ba nne teng kwa dipokanong? (b) Jehofa o tlhoma sekao sefe jaaka modisa?

8 Le fa go ka tswa go le motlhofo mo go ba bangwe go nna teng kwa dikokoanong tsa Bokeresete, ba bangwe ba tlhoka go dira matsapa ka metlha go nna teng. Ka sekai, mmè mongwe wa Mokeresete yo o tshwanelwang ke go dira tiro ya boitshediso gore a thuse go tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse di tlhokegang gantsi o tla gae a lapile go tswa kwa tirong. Fa a fitlha a ka nna a bo a tshwanelwa ke gore a apeele bana ba gagwe le go baakanyetsa go ya pokanong. Bakeresete ba bangwe ba ka nna ba bo ba tshwanelwa go tsamaya sekgala se seleele go ya kwa dipokanong, kana ba ka nna ba bo ba sa kgone ka ntlha ya bokoa kana botsofe. Eleruri, Jehofa Modimo o tlhaloganya boemo jwa mongwe le mongwe yo o nnang teng ka boikanyegi kwa dipokanong, fela jaaka modisa yo o lorato a tlhaloganya se nku nngwe le nngwe ya letsomane la gagwe e se tlhokang. Baebele e bolela jaana: “[Jehofa] o tlaa fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o tlaa phuthela dikwanyana mo letsogong la gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe, tse di amusang o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.”—Isaia 40:11.

9, 10. Re ka solegelwa molemo thata jang mo dipokanong?

9 Ba ba tlhokang go tsaya matsapa a magolo gore ba nne teng ka metlha kwa dipokanong ba ka nna ba bo ba se na nako e ntsi ya go baakanyetsa tshedimosetso e e tla sekasekiwang. Go latela thulaganyo ya mmalo wa Baebele wa beke le beke go dira gore go nna teng kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go nne mosola thata. Ka mo go tshwanang, go baakanyetsa dipokano tse dingwe tse di jaaka Thuto ya Tora ya Tebelo le Thuto ya Buka ya Phuthego go sa le gale, go dira gore di nne mosola thata. Ka go bala tshedimosetso e e tla ithutiwang go sa le gale le go sekaseka bobotlana ditemana dingwe tse di umakilweng tsa Baebele, ba boemo jwa bone jwa lelapa bo ba tlhokang nako e ntsi ba tla kgona go nna le seabe se se molemo mo metlotlong e e botlhokwa eno ya Baebele.

10 Ba bangwe, ba maemo a bone a sa ba tlameng thata, ba kgona go dirisa nako e ntsinyana ba baakanyetsa dipokano. Ka sekai, ba ka nna ba dira dipatlisiso ka dikwalo tse di umakilweng fela mme di sa nopolwa. Ka jalo botlhe ba ka nna ba ipaakanyetsa gore ba solegelwe molemo thata kwa dipokanong le go nna le seabe se se molemo mo go ageng phuthego ka dipuo le dikakgelo tsa bone. Fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ipaakanyetsa sentle, ba ka tlhoma sekao se sentle ka go neela dikarabo tse dikhutshwane tse di opang kgomo lonaka. Fa ba ba leng teng ba tlotla dilo tseno tse Jehofa a re di nayang, ga ba na go dira dilo tse di itayang tsebe fa dipokano di ntse di tsweletse.—1 Petere 5:3.

11. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega go ikgalemela go baakanyetsa dipokano?

11 Ditiro le dilo tse di tshegisang tse di seng botlhokwa mo bomoyeng jwa rona di ka nna tsa re jela nako e ntsi. Fa go ntse jalo, re tlhoka go itlhatlhoba mme re ‘kgaotse go nna ba ba seng kakanyetso’ malebana le tsela e re dirisang nako ya rona ka yone. (Baefeso 5:17) Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go ‘reka nako’ mo dilong tse di seng botlhokwa thata gore re dirise nako e e oketsegileng mo go ithuteng Baebele le mo go baakanyetseng dipokano, mmogo le tirelo ya Bogosi. (Baefeso 5:16) Gone mme, ga go motlhofo ka metlha mme go tlhokega gore re ikgalemele. Basha ba ba elang seno tlhoko ba thaya motheo o o molemo wa go gatela pele mo isagweng. Paulo o ne a kwalela tsala ya gagwe e potlana Timotheo jaana: “Tlhatlhanya ka dilo tseno [kgakololo ya ga Paulo mo go Timotheo]; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Timotheo 4:15.

Dikai go Tswa mo Lefokong la Modimo

12. Lelapa la gaabo Samuele le ne la tlhoma sekao sefe se se tlhomologileng?

12 Akanya ka sekao se se molemo se se tlhomilweng ke ba lelapa la ga Samuele, ba ba neng ba nna le seabe ka metlha mo dithulaganyong tsa go kopana le baobamedimmogo fa motlaagana wa Modimo o ne o le kwa Shilo. E ne e le banna fela ba ba neng ba tlhoka go dira maeto a ngwaga le ngwaga kwa meletlong eno. Mme rraagwe Samuele e bong Elekana, o ne a tsaya lelapa la gagwe lotlhe fa a ne a tle a “tswe kwa motseng wa ga gabo ka ngwaga le ngwaga, a ya go obamela le go isetsa Jehofa wa masomosomo tlhabelo kwa Shilo.” (1 Samuele 1:3-5) Motse o Samuele a tsholetsweng kwa go one e leng Ramathaimesofime, o ka tswa o ne o le gaufi le lobopo lwa segompieno e leng Rentis kwa botlaseng jwa “lefatshe la Eferaime la makgabana.” (1 Samuele 1:1) Ka jalo go tsaya loeto lwa go ya kwa Shilo go ne go ka tswa go raya go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 30, o e neng e le motsamao o o lapisang tota mo metlheng eo. Se ke se lelapa la ga Elekana le neng le se dira ka boikanyego “ngwaga le ngwaga e re [ba] tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa.”—1 Samuele 1:7.

13. Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba tlhoma sekao sefe ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?

13 Jesu le ene o goletse mo lelapeng le legolo. Ngwaga le ngwaga lelapa le ne le tsaya loeto go tswa kwa Nasaretha mo e ka nnang dikilometara di le 100 go ya borwa go nna teng kwa moletlong wa Tlolaganyo kwa Jerusalema. Go na le ditsela tse pedi tse ba ka tswang ba ne ba di dirisa. E e tlhamaletseng thata ke ya go fologela mo Mokgatsheng wa Megido mme o bo o tlhatlogela gape mo e ka nnang dimetara di le 600 go ralala naga ya Basamaria go ya go tsena kwa Jerusalema. Tsela e nngwe e e neng e tlwaelegile ke e Jesu a neng a e dirisa mo loetong lwa gagwe la bofelo go ya Jerusalema ka 33 C.E. Seno se ne se raya go tsamaela kwa tlase go ya kwa Mokgatsheng wa Jorodane kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle go fitlha a fitlha mo “dikgaolong tse e leng molelwane wa Judea . . . ka kwa ga Jorodane.” (Mareko 10:1) Go tloga mo lefelong leno, ‘tsela e e tlhatlogelang kwa Jerusalema’ ke bokgakala jwa dikilometara tse di ka nnang 30 tse di akaretsang go tlhatlogela kwa godimo ka dimetara di le 1100. (Mareko 10:32) Matshutitshuti a batho ba ba neng ba keteka moletlo ka boikanyegi, a ne a tsamaya ka metlha ka tsela e e lapisang eno go tswa kwa Galalea go ya Jerusalema. (Luke 2:44) A bo e le sekao se se molemo jang ne mo batlhankeng ba ga Jehofa ba ba nnang mo dinageng tse di itsholetseng gompieno, bao bontsi jwa bone ba kgonang go nna teng kwa dikokoanong tsa Bokeresete motlhofo fela, ka ntlha ya mefuta ya dipalangwa tsa segompieno!

14, 15. (a) Ana o ne a tlhoma sekao sefe? (b) Re ka ithuta eng ka boikutlo jo bontle jo ba ba simololang go nna teng kwa dipokanong ba nang najo?

14 Sekai se sengwe ke sa motlholagadi wa dingwaga di le 84 e bong Ana. Baebele e bolela gore o ne a “se ka a tlhokega mo tempeleng.” (Luke 2:37) Mo godimo ga moo, Ana o ne a kgatlhegela ba bangwe ka lorato. Fa a bona lesea Jesu mme a utlwa gore ke ene Mesia yo o solofeditsweng, o ne a dira eng? O ne a leboga Modimo mme a simolola go “bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.” (Luke 2:38) A bo e le boikutlo jo bontle jang ne, sekao mo Bakereseteng gompieno!

15 Ee, go nna teng le go nna le seabe mo dipokanong tsa rona go tshwanetse ga re itumedisa thata jaana gore, jaaka Ana, le ka motlha re se ka ra batla go tlhokega mo go tsone. Ba le bantsi ba basha ba ikutlwa ka tsela eno. E re ka ba tswile mo lefifing ba bo ba tsena mo leseding le le itumedisang la Modimo, ba batla go ithuta gotlhe mo ba ka go kgonang, mme ba le bantsi ba bontsha fa ba tlhagafalela dipokano tsa Bokeresete thata. Mo letlhakoreng le lengwe, ba ba setseng ba na le nakonyana e teleele mo boammaaruring ba tshwanetse go tlhokomela gore ‘ba se ka ba tlogela lorato lo ba neng ba na le lone pele.’ (Tshenolo 2:4) Mathata a a masisi a botsogo kana mabaka a mangwe a motho a sa kgoneng go a laola ka dinako tse dingwe a ka nna a dira gore motho a se ka a nna teng ka metlha kwa dipokanong. Mme ga re a tshwanela le ka motlha go letla go rata dilo tse di bonalang, boitapoloso kana go sa kgatlhege go dire gore re se ka ra ipaakanyetsa, re se tlhagafale kana re se nne teng ka metlha kwa dipokanong.—Luke 8:14.

Sekao se se Molemolemo

16, 17. (a) Jesu o ne a ikutlwa jang ka dikokoano tsa semoya? (b) Bakeresete botlhe ba tshwanetse go leka go latela mokgwa ofe o o molemo?

16 Jesu o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng sa go anaanela dikokoano tsa semoya. Fa a sa le mosha thata a le dingwaga di le 12, o ne a supa gore o rata ntlo ya Modimo kwa Jerusalema. Batsadi ba gagwe ba ne ba sa itse koo a leng teng mme kgabagare ba mo fitlhela a tlotla ka Lefoko la Modimo le barutisi mo tempeleng. Fa a ne a arabela lebaka la go bo batsadi ba gagwe ba ne ba amega ka ene, Jesu o ne a ba botsa jaana ka tlotlo: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” (Luke 2:49) Ka boikokobetso, Jesu yo mmotlana o ne a boela Nasaretha le batsadi ba gagwe. Fa a le koo o ne a tswelela pele a rata dikokoano tsa kobamelo ka go nna teng ka metlha kwa sinagogeng. Ka jalo, fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, Baebele e bega jaana: “A tla Nasaretha, kwa a neng a godiseditswe gone; mme, go ya ka mokgwa wa gagwe mo letsatsing la sabata, a tsena mo sinagogeng, mme a ema ka dinao gore a bale.” Fa Jesu a sena go bala le go tlhalosa Isaia 61:1, 2, bareetsi ba ne ba simolola “go gakgamalela mafoko a a ipedisang a a tswang mo molomong wa gagwe.”—Luke 4:16, 22.

17 Dipokano tsa Bokeresete gompieno di nna ka tsela e e tshwanang. Fa pokano e sena go bulwa ka pina ya pako le thapelo, go balwa le go tlhalosiwa ditemana go tswa mo Baebeleng (kana ditemana tse di nopotsweng mo tshedimosetsong ya Baebele e e ithutiwang). Bakeresete ba boammaaruri ba na le boikarabelo jwa go etsa mokgwa o montle wa ga Jesu Keresete. Go ya kafa maemo a bone a ba dumelang ka teng, ba itumelela go nna teng ka metlha mo dikokoanong tsa Bokeresete.

Dikao Tsa Segompieno

18, 19. Bakaulengwe ba ba nnang kwa dinageng tse di sa humang thata ba ile ba tlhoma dikao dife tse dintle thata malebana le dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo?

18 Mo dikarolong tse di sa humang thata tsa lefatshe, ba le bantsi ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhoma sekao se se molemo sa go anaanela dikokoano tsa Bokeresete. Kwa Mozambique go ne ga tsaya molebedi wa kgaolo Orlando le mosadi wa gagwe Amélia, diura di le 45 go tsamaya dikilometara di le 90 go ralala thaba e e kwa godimo go ya go tshwara kopano. Morago ga moo ba ne ba tshwanela gore ba tseye loeto lo lo tshwanang go ya go tshwara kopano e nngwe. Orlando o bega jaana ka boikokobetso: “Re ne ra akanya gore ga re a dira sepe fa re kopana le bakaulengwe ba ba tswang kwa Phuthegong ya Bawa. Gore ba nne teng kwa kopanong le go boela kwa magaeng a bone go ne go tlhokega gore ba tseye loeto lwa malatsi a le marataro lwa dikilometara tse di ka nnang 400 ka dinao, mme mo gare ga bone go ne go na le mokaulengwe wa dingwaga di le 60!”

19 Go tweng ka go anaanela dipokano tsa beke le beke tsa phuthego? Kashwashwa Njamba ke kgaitsadi yo o bokoa yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70. O nna kwa Kaisosi, motsana o monnye o o ka nnang dikilometara di le tlhano go tswa kwa Holong ya Bogosi kwa Rundu, kwa Namibia. Gore a nne teng kwa dipokanong, o tsamaya sekgala sa go ya le go boa sa dikilometara di le lesome a ralala sekgwa. Ba bangwe ba ile ba tlhaselwa mo tseleng eno, mme Kashwashwa o nna a ntse a tla ka metlha. Bontsi jwa dipokano di tshwarwa ka dipuo tse a sa di tlhaloganyeng. Jaanong o solegelwa molemo jang ka go nna teng? Kashwashwa o bolela gore, “ka go latela dikwalo, ke leka go akanya gore puo e bua ka eng.” Mme ga a kgone go bala le go kwala, ka jalo o latela jang dikwalo? O araba ka gore, “ke reetsa go utlwa dikwalo tse ke di itseng ka tlhogo.” Mme go ralala dingwaga, o ile a ithuta ditemana di le dintsi ka tlhogo. Go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go dirisa Baebele, o nna teng kwa ditlelaseng tsa go ithuta go bala le go kwala tse di rulagantsweng ke phuthego. O bolela jaana: “Ke rata go nna teng kwa dipokanong. Ka metlha go na le dilo tse disha tse o ka di ithutang. Ke rata go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi. Tota le fa ke sa kgone go bua le bone botlhe, ba tla go ntumedisa ka metlha. Mme se se botlhokwa le go feta, ke a itse gore ka go nna teng mo dipokanong, ke itumedisa pelo ya ga Jehofa.”

20. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go bakela dikokoano tsa rona tsa Bokeresete?

20 Jaaka Kashwashwa, didikadike tsa baobamedi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di anaanela dikokoano tsa Bokeresete ka tsela e e itumedisang. Jaaka lefatshe la ga Satane le ntse le atamela tshenyego, ga re a tshwanela go bakela go kopana mmogo ga rona. Go na le moo, a re nneng re tsogile mo semoyeng e bile re anaanela dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo thata. Seo ga se kitla fela se itumedisa pelo ya ga Jehofa mme se tla re solegela molemo thata fa re ntse re amogela thuto ya Modimo e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Diane 27:11; Isaia 48:17, 18; Mareko 13:35-37.

Dipotso Tsa Poeletso

◻ Ke ka ntlha yang fa e le tshiamelo go nna teng kwa dikokoanong tsa Bokeresete?

◻ Botlhe ba ba nnang teng ba ka thusa jang go dira gore pokano e nne e e agang?

◻ Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao sefe se se tlhomologileng?

◻ Re ka ithuta thuto efe mo bakaulengweng ba ba nnang kwa dinageng tse di sa humang thata?

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Ba Anaanela Dipokano Tsa Beke le Beke

Didikadike tsa batho di nna mo ditoropongkgolo tse di tletseng lehuma le bokebekwa. Go sa kgathalesege maemo a a ntseng jalo, Bakeresete ba boammaaruri gareng ga bone ba anaanela dikokoano tsa Bokeresete ka tsela e e itumedisang. Mogolwane mongwe yo o direlang kwa go nngwe ya diphuthego tsa kwa Soweto kwa Gauteng, kwa Afrika Borwa, o bega jaana: “Mo phuthegong ya Basupi ba le 60 le baboledi ba ba sa kolobediwang, re na le batho ba ba fa gare ga 70 le 80 mme ka dinako tse dingwe e nna ba ba oketsegileng. Le mororo bakaulengwe le bokgaitsadi ba sa tsamaye sekgala se se kgakala go nna teng, seemo mo karolong eno ya Soweto se boima. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhabiwa mo mokwatleng fa a ntse a ya pokanong. Bobotlana bokgaitsadi ba babedi ba ne ba phamolwa ka maiteko a go ba thukhutha. Mme seno ga se ba thibele go tla. Ka Bosontaga, re na le thulaganyo e khutshwane ya go ithuta dipina fa re sena go tswala pokano ka thapelo. Bobotlana diperesente di le 95 di a sala ka metlha mme botlhe ba opela dipina tse di tla dirisiwang mo dipokanong mo bekeng e e latelang. Seno se thusa ba ba sa tswang go kgatlhega go ithuta dipina le go opela mmogo.”

Baagi ba metseselegae ba na le dikgoreletsi tse dingwe, tse di jaaka gore ba tshwanetse go tsamaya dikgala tse ditelele gore ba nne teng kwa dipokanong gararo ka beke. Banyalani bangwe ba ba kgatlhegang ba nna dikilometara di le 15 go tswa kwa Holong ya Bogosi kwa Lobatse, kwa Botswana. Mo ngwageng o o fetileng, ba ile ba nna teng ka metlha mo dipokanong le bana ba bone ba babedi. Monna o baakanya ditlhako go tlamela lelapa. Mosadi o rekisa dilwana tse dinnye go thusa ka madi a a tsenang mo lelapeng gore ba tle ba kgone go duelela sepalangwa sa go ya le go boa kwa dipokanong.

Mo maitseboeng mangwe bosheng jaana, morago ga go nna le pokano le molebedi wa potologo, lelapa leno le ile la iphitlhela le se na se le ka se dirang kwa boemelabese ka 9:​00 p.m. Dibese di ne di emisitse go tsamaya go sa le gale ka ntlha ya maemo a bosa a a sa itumediseng. Modiredi mongwe wa lepodise o ne a ema ka bene ya gagwe mme a botsa gore ba ya kae. Fa a utlwa ka bothata jwa bone, o ne a ba utlwela botlhoko mme a ba isa gae sekgala sa dikilometara di le 15. Mosadi, yo e leng mmoledi yo o sa kolobediwang, o ne a bolelela monna wa gagwe jaana: “Wa bona, fa re baya dipokano kwa pele, Jehofa o tla re thusa ka metlha.” Gone jaanong monna le ene o batla go nna moreri wa dikgang tse di molemo.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Basupi ba ba jaaka bano ba kwa Romania ba tlhoma sekao se sentle sa go anaanela dikokoano tsa Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela