LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Nka Tlhoma Mogopolo Jang mo Dilong?
    Tsogang!—1998 | October 8
    • Barutabana ba ba Lapileng Pelo Le ba Ba Lapisang Pelo

      Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba ngongorega ka gore tota le barutabana ba bone ba lebega ba se na kgatlhego. Mosha mongwe yo o bidiwang Jesse o bolela jaana: “Barutabana ba ema fa pele ga lona, ba bua sengwe, ba lo neela tiro, mme go tswa foo ba re lo tsamaye. Ke akanya gore ba setse ba latlhelela fela jaanong. Barutabana ga ba bontshe gore selo se ba se dirang se botlhokwa, ka jalo le rona ga re bone go tlhokega gore re tlhome mogopolo.”

      A jaanong o ka swetsa ka gore go tlhoma mogopolo ke go senya nako fela? Nnyaa. Barutabana ba le bantsi e ka nna ya bo e le fela gore ba iphitlhela ba le gare ga mathata a a sa feleng. Mosha mongwe yo o bidiwang Collin o tlhalosa jaana: “Ga go na ope yo o reetsang barutabana, ka jalo barutabana le bone ba akanya gore ga go na ope yo o batlang go ithuta. Ba bo ba sa leke go ruta ka nonofo yotlhe le ka matlhagatlhaga.”

      Kwantle ga pelaelo, o ka kgona go thusa go emisa mokgwa ono. Jang? Ka go reetsa. Fa go na le moithuti a le mongwe fela yo o kgatlhegang go ka dira gore morutabana yo o lapileng pelo a kgatlhegele tiro ya gagwe gape. Ke boammaaruri gore barutabana bangwe ga ba kgone go dira gore tlelase e kgatlhegele go reetsa. Mme pele o iteseletsa go eta mogopolo, ipotse, ‘A o itse se a se buang?’ Fa go le jalo, ipolelele gore o batla go ithuta sengwe mo go ene. Reetsa ka kelotlhoko—tlhoma mogopolo! Nna le seabe ka botlalo mo dipuisanong tsa tlelase. Botsa dipotso tse di tshwanelang. Buka ya How to Study in High School e bolela jaana: “Baithuti ba le bantsi ba fitlhela go le mosola go dirisa ditshwantsho, go kwala mafoko, go dirisa ditšhate, ditlhaloso le dikgopolo tsa konokono tse morutabana a di kwalang mo lomatsanakwalelong kana tse a di gatelelang ka tsela nngwe.”

      Go Tlhokomela “go Feta Ka mo Go Tlwaelegileng”

      Le fa go ntse jalo, kwa dipokanong tsa Bokeresete ntlha eno e botlhokwa go feta gope go sele. Jesse o dumalana jaana: “Ka dinako tse dingwe basha ga ba reetse kwa dipokanong ka gonne ba sa bone botlhokwa jwa dipokano.” Mo go Bahebera 2:1, re laelwa gore re “tlhokomele go feta ka mo go tlwaelegileng dilo tse re di utlwileng, gore re se ka le ka motlha ra katogela go sele ka bonya.” Fa o tswa kwa pokanong ya phuthego, a o ka gakologelwa sengwe mo puong nngwe le nngwe? Kana a ka dinako tse dingwe o fitlhela gore ga o gakologelwe tota le ba ba neng ba le mo thulaganyong?

      Le fano gape, ke kgang ya go bona gore se o se ithutang se botlhokwa go le kana kang. Ebu, seno se ama botshelo jwa gago! (Johane 17:3) Ntlha e nngwe e o ka e akanyetsang ke eno: Fa o ithuta Baebele, o a bo o ithuta go akanya jaaka Modimo ka boene! (Isaia 55:8, 9) Mme fa o dirisa se o se ithutang, o a bo o apara se Baebele e se bitsang “botho jo bosha.” (Bakolosa 3:9, 10) Mo letlhakoreng le lengwe, fa o sa kgone go reetsa, o ka nna wa se ka wa kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gago; o tla kgoreletsa tsela e o golang ka yone ya semoya. Jehofa o a itse gore rotlhe re a tle re tlogele megopolo ya rona e kgarakgatshega. Ka gone, o re kopa jaana: “Ntheetsang thata . . . Sekegang tsebe ya lona, lo tle mo go nna; utlwang, mme mowa wa lona o tlaa tshela.”—Isaia 55:2, 3.

      Kafa Dipokano Di ka Re Solegelang Molemo Thata ka Gone

      Le fa go le jalo, kwa tshimologong go ka nna thata go reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong. Mme babatlisisi ba bolela gore fa re itlwaetsa go tlhoma mogopolo thata, boboko jwa rona bo tla kgona go bereka thata. Matthew, yo o nopotsweng kwa tshimologong, o ile a fenya bothata jwa go kgarakgatshega mogopolo kwa dipokanong. O bolela jaana: “Ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go ithapisa go reetsa. Morago ga nakwana go nna botoka, mme o ka kgona go reetsa ka lobaka lo loleelenyana.” Gape Matthew o tlhalosa lebaka le lengwe le legolo thata le le dirang gore a itumelele dipokano. O bolela jaana: “Ke baakanyetsa go sa le gale.” Mosha mongwe yo o bidiwang Charese o bua se se tshwanang: “Fa ke baakanyeditse, ke a ikutlwa tota gore ke mo pokanong. Dipuo di utlwala di gogela e bile di na le bokao thata mo go nna.”

      Gape go botlhokwa go ntsha megopolo e e itayang tsebe. Ke boammaaruri gore o ka nna wa bo o tshwenyegile ka dilo dingwe ka tshwanelo mo mogopolong wa gago: ka tlhatlhobo e e tlang mo bekeng e e tlang, kgotlhang e e go bakelang go ngomoga pelo, ditshenyegelo dingwe tse o tshwanetseng go di duela. Mme Jesu o ne a ntsha kgakololo eno: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe? Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” (Mathaio 6:27, 34) Go tlhoma mogopolo kwa dipokanong tsa phuthego ka bogone go ka se fedise mathata a gago, mme go tla go thusa go go tsosolosa mo semoyeng, gore o kgone go itshokela mathata botoka.—Bapisa 2 Bakorintha 4:16.

      Gape go reetsa ka kelotlhoko go ka go thusa go nna o tlhomile mogopolo. Matthew o bolela jaana: “Ke leka go lebelela pele gore sebui se tlile go bua ka eng mo puong ya sone mme ke bo ke bone gore o dira seo jang.” Ipotse, ‘Dintlha tsa konokono tse go buiwang ka tsone ke dife? Nka dirisa jang se se rutiwang?’ Gape go lebelela pele se sebui se tlileng go se bua go ka thusa gore o tlhome mogopolo. Leka go latela tsela e a bayang mabaka ka yone. Kwala dintlha tsa Dikwalo tse a di dirisang go baya mabaka. Akanya ka dintlha tse dikgolo o bo o di sobokanye. Kwala dintlha tse dikhutshwane, tse di botlhokwa. Fa go na le karolo e e tlhokang gore bareetsi ba nne le seabe, dira jalo! Go dira jalo go ka thusa gore o nne o tlhomile mogopolo le gore mogopolo wa gago o se ka wa kgarakgatshega.

      Ke boammaaruri gore go reetsa e ka nna kgwetlho fa sebui sengwe se sa bue ka matlhagatlhaga kana puo ya sone e lapisa. Gakologelwa se Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba se buileng malebana le kafa ba neng ba leba tsela e moaposetoloi Paulo a neng a bua ka yone: “Fa a le gone ka namana o bokoa e bile puo ya gagwe e a nyatsega.” (2 Bakorintha 10:10) Mme Paulo o ne a tsibogela go kgalwa gono ka gore: “Le eleng fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorintha 11:6) Ee, fa bareetsi ba gagwe ba ne ba tlhokomologa tsela e Paulo a buang ka yone mme ba tlhoma mogopolo mo go se a neng a se bua, ba ka bo ba ile ba ithuta “dilo [di le dintsi] tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Ka tsela e e tshwanang, o ka kgona go ithuta sengwe tota le mo sebuing se se “lapisang,” fa o tlhoma mogopolo le go reetsa. Go itse mang? A ka nna a bua sengwe kana a tlhalosa lekwalo ka tsela e o neng o ise o e akanye pele.

      Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 8:18 a sobokanya dilo sentle jaana: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” Ke boammaaruri gore go ithuta go reetsa—mme mogopolo wa gago o sa kgarakgatshege—go tlhoka boiteko le go ithapisa. Mme kgabagare o tla bona melemo ya gone. Go ithuta go tlhoma mogopolo go ka dira gore o nne le maduo a mantle mme se se botlhokwa le go feta, o ka gola semoyeng!

  • “Seporo Sa Boeleele” Sa Kwa Afrika Botlhaba
    Tsogang!—1998 | October 8
    • [Mmapa mo go tsebe 23]

      (For fully formatted text, see publication)

      KENYA

      Lake Victoria

      Kisumu

      NAIROBI

      Tsavo

      Mombasa

      LEWATLE LA INDIA

      [Metswedi ya Ditshwantsho]

      Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

      Map of Africa on globe: The Complete Encyclopedia of Illustration/J.G. Heck

      Trains: Kenya Railways

      Male and female kudu. Lydekker

      Lioness. Century Magazine

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela