Dikgakololo Tse di Malebana le Mokgwa o o Tlhofofaditsweng wa go Tsamaisa Dibuka
1 Re romilwe go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Re itumelela go bona tsela e dibuka le dimakasine di tsamaisiwang ka bontsi thata ka teng fa e sa le re simolola ka thulaganyo eno e e tlhofofaditsweng ya go tsamaisa dibuka. Ka tsela eno go fitlhelelwa batho ba le bantsi thata ka dikgang tse di molemo. Thulaganyo eno e e tlhofofaditsweng ya go tsamaisa dibuka e dira jang mo phuthegong ya lona? Re amogetse mafoko a le mantsi a tebogo. Molemo mongwe o mogolo thata wa yone ke gore jaanong mongwe le mongwe mo phuthegong o kgona go nna le khopi ya gagwe ya Tora ya Tebelo le buka ya Daniele go e dirisa mo dipokanong tsa phuthego, go sa kgathalesege gore a ba kgona go ntsha moneelo o o lekaneng go duelela ditshenyegelo tsa dibuka tseno kgotsa nnyaa. Seno se thusa botlhe mo phuthegong go gatela pele ka tsela e e molemo semoyeng.
2 Ba le bantsi ba ipotsa gore, Meneelo e tla jang jaanong fa e sa le re tsamaisa dibuka le dimakasine kwantle ga go duedisa batho? Diphuthego di le dintsi di dira sentle thata, di romela meneelo e mentsinyana go feta pele. Le fa go ntse jalo, ka jaanong diphuthego di romelelwa dibuka ka selekanyo se se batlang se menagane gabedi go feta pele, re tshwanetse go lebelela go amogela moneelo o montsinyana o o ntshetswang tiro ya lefatshe lotlhe. Mme gone jaanong ga go a nna jalo mo Afrika Borwa.
3 Seno se tsosa potso, Ke mang yo o nang le boikarabelo jwa go duelela ditshenyegelo tsa dibuka le dimakasine tse re di tsamaisang? Fa go ne go simololwa thulaganyo eno e e tlhofofaditsweng ya go tsamaisa dibuka, Setlhopha se se Laolang se ne sa bolela jaana: “Batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ke bone ba segolobogolo ba etleetsang tiro eno.” Se ne sa oketsa jaana: “Rotlhe re tshwanetse go sikara boikarabelo jwa dilo tse re di tsereng.” Ka jalo fa re amogela dibuka kana dimakasine, rona ka borona re tshwanetse go utlwa re na le boikarabelo jwa go ntsha moneelo ka go tsenya moneelo mo mabokoseng a a kwadilweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe ya Mokgatlho—Math. 24:14.” Fa re sa kgone go duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa dibuka le dimakasine tse re di amogelang, a bogolo ga re a tshwanela go ntsha bobotlana jo re ka bo kgonang? Fa re sa itse gore totatota selwana se re se batlang se ja bokae, re na le sebaka sa go etsa motlhomasekao wa rona, e bong Jesu Keresete, ka go ntsha mo gontsi go feta mo go tlhokwang.—Bapisa Mathaio 14:14-21; 1 Petere 2:21.
4 Mo godimo ga moo, fa re tsamaisetsa batho mo tshimong dibuka tsa rona tsa Baebele mme ba re botsa gore ke bokae, re ba bolelela gore re di tsamaisa kwantle ga go ba duedisa. Le fa go ntse jalo, re oketsa ka go ba bolelela gore tiro ya rona ya lefatshe lotlhe e etleetswa ka meneelo ya boithatelo le gore fa ba batla go ntsha moneelonyana o o rileng go etleetsa tiro ya rona ya lefatshe lotlhe ya go rera ba ka nna ba tsenya moneelo wa bone mo enfelopong e re e tshwereng. Ka metlha re tshwanetse go nna re na le enfelopo eno ka boikaelelo jono. Mme gape madi ano otlhe a tshwanetse go tsenngwa mo mabokoseng a moneelo a a kwadilweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe ya Mokgatlho—Math. 24:14.” Meneelo e re e ntshang le e re e amogelang kwa tshimong e tshwanetse ya thusa Mokgatlho go tswelela pele o gatisa dibuka le dimakasine le go tlhokomela tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera. Bakaulengwe ba babedi ba ba ineetseng ba tshwanetse go bula mabokose ano, ba bale madi ano mmogo ba bo ba kwale rasiti mme ba neye motlhanka wa diakhaonto khopi ya rasiti eno le madi.
5 Re tshwanetse go leba jang go amogela Dibaebele tsa deluxe, dibolumo tsa Insight, tsa Watchtower le Awake! le dilwana tse dingwe tse di jang madi a mantsi? Ebu, ipotse, ‘A nka bo ke na le dilwana tseno tse di jang madi a mantsi fa thulaganyo eno e e tlhofofaditsweng ya go tsamaisa dibuka e ne e ise e nne gone? Mme a jaanong nka kgona go ntsha moneelo o o tshwanetseng go duelela ditshenyegelo tsa go dira dikgatiso tseno?’ Ka sekai, mo boemong jwa go batla Baebele ya deluxe, ke ka ntlha yang fa o sa kgotsofalele fela go nna le Baebele e e tlwaelegileng? Moo malapa a kgonang go bala Seesemane gone mme ba ka kgona go solegelwa molemo tota ke dibolumo tsa Insight, ba ka nna ba dira gore lelapa le nne le sete e le nngwe fela. Go ka dirwa se se tshwanang le ka dilwana tse dingwe tse di jang madi a mantsi tse di tshwanang le dikhasete le ditheipi tsa bidio. Rotlhe re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re amogela dilwana tseno fela ka gonne go sa tlhokege gore re di duelele kwa khaontareng. Re sa ntse re tshwanelwa ke go ikutlwa re sikara boikarabelo jwa go duelela dilwana tseno go ya kafa re kgonang ka gone.
6 A re ka dirisa mangwe a madi a re a amogelang mo mabokoseng a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe ya Mokgatlho—Math. 24:14” go duelela kadimo ya madi a Holo ya Bogosi kana go duelela ditshenyegelo tse dingwe tsa phuthego? Nnyaa, go tla bo go sa tshwanela go dira jalo. Madi a a mo mabokoseng ano ga se a phuthego mme ke a Mokgatlho a tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera mme a tshwanetse go romelwa kwa Mokgatlhong mo bokhutlong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Ga a tshwanela go dirisediwa sepe se sengwe. Ditshenyegelo tsa Holo ya Bogosi di tshwanetse go duelelwa ka meneelo e e tsentsweng mo lebokosong le le kwadilweng “Meneelo ya Phuthego.”
7 Re itumelela thulaganyo eno e e tlhofofaditsweng ya go tsamaisa dibuka. A rotlhe re bontsheng gore re a e anaanela ka go ntsha moneelo wa dibuka le dimakasine tse re di amogelang gore e nne tsa rona le tse re di tsamaisang mo tshimong.