A o Itshupa O na Le Tebogo?
Kwa legaeng la barongwa kwa Afrika bophirima, go kile ga bo go na le ntša nngwe e e bidiwang teddy. Fa motho a ne a ka latlhelela Teddy lenathwana la nama, o ne a tle a e metse ka yone nako eo kwantle ga go e dupa le go e tlhafuna. O ne a tle a fegelwe mo letsatsing le le bogale a letetse gore a latlhelelwe lenathwana le lengwe la nama. Fa nama e setse e fedile, o ne a retologa a bo a itsamaela.
Teddy o ne a se ke a bontsha go lebogela se a se newang. go ne go se ope yo o neng a lebeletse gore a dire jalo. kana tota, e ne e le ntša fela.
MALEBANA le go bontsha tebogo, re lebeletse gore batho ba go bontshe ka selekanyo se segolo go feta diphologolo. Gantsi re a swaba. Bontsi jwa batho ba gogorupa sengwe le sengwe fela se ba ka se kgonang mo botshelong go tswa foo ba bo ba batla mo gontsinyana. Seno le sone ga se gakgamatse. Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo batho e tla nna ba ba sa lebogeng.—2 Timotheo 3:1, 2.
Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo bone ba na le moya o o sa tshwaneng le oo. Ba tsaya tsia kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, yo o ileng a tlhagisa badumedikaene jaana: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.
Jehofa o Itshupa A na Le Tebogo
Jehofa Modimo o tlhoma sekao se se molemo mo go bontsheng kanaanelo. Akanya ka tsela e a lebang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka yone. Paulo o ile a tlhotlhelediwa go kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo direla.”—Bahebera 6:10.
Dikai tse di bontshang gore Jehofa o anaanela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang di dintsi. O ne a segofatsa Aborahame ka go atisa losika lwa gagwe, gore ba nne “jaaka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o mo dintshing tsa lewatle.” (Genesise 22:17) Fa Jehofa a ne a bontsha go anaanela boikanyegi jwa ga Jobe mo ditekong, ga a ka a busetsa Jobe khumo ya gagwe e kgolo fela mme gape o ile a mo e okeletsa “sebedi bogolo.” (Jobe 42:10) Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le batho ka yone mo diketeketeng tsa dingwaga tse di fetileng e bontsha fa mafoko ano a le boammaaruri: “Matlho a ga Jehofa a sianela kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe go iponatsa fa a le thata ntlheng ya batho ba dipelo tsa bone di leng boitekanelo mo go ene.”—2 Ditirafalo 16:9.
Kanaanelo ya Modimo le tsela e a ratang go duela batho ba ba batlang go dira thato ya gagwe ka yone, ke dilo tsa konokono tse di tlhomololang botho jwa gagwe. Go itse seno ke selo sa konokono mo tumelong ya Mokeresete. Paulo o ile a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go o itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela . . . gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.
Fa Jehofa e ka bo e le motho yo o makgwakgwa, yo o ratang go tshwaya diphoso, go ne go se kitla go nna le ope yo o falolang. Mopesalema o ile a tlhalosa seno jaana bogologolo: “Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena?” (Pesalema 130:3) Jehofa ga se motho yo o sa anaaneleng le yo o ratang go tshwaya diphoso. O anaanela batho ba ba mo direlang. O itshupa a na le tebogo.
Jesu—Motho yo o Nang le Kanaanelo e Kgolo
Jesu Keresete o etsa dinonofo tse di molemo tsa ga Rraagwe wa selegodimo ka go bontsha go anaanela dilo tse batho ba bangwe ba di dirileng ka ntlha ya tumelo. Akanya ka se se kileng sa direga kwa tempeleng kwa Jerusalema: “Jaanong ya re [Jesu] a leba a bona bahumi ba latlhela dimpho tsa bone mo matloleng a matlotlo. Foo a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a latlhela madinyana a tshipi a mabedi a tlhotlhwa e nnye fela thata moo, mme a re: ‘Ke lo bolelela ka ammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta jaaka botlhe ba dirile. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.’”—Luke 21:1-4.
Moneelo ono fa o o lebile e ne e le madi a mannye, segolobogolo fa o o bapisa le wa bahumi. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le gone koo ba ne ba ka se mmone ka gope. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a bona motlholagadi yono. O ile a tlhaloganya maemo a gagwe. Jesu o ile a mmona a ba a mo tlotlomatsa.
Tiragalo e nngwe e amana le mosadi yo o humileng e bong Marea. Fa Jesu a dutse a ja, o ile a tlotsa Jesu ka lookwane lo lo tlhwatlhwakgolo mo dinaong le mo tlhogong. Batho bangwe ba ile ba mo tshwaya phoso, ba bolela gore lookwane loo lo ka bo lo ile lwa rekisiwa mme madi a lone a dirisiwa go thusa bahumanegi. Jesu o ile a tsibogela seo jang? O ile a re: “Mo leseng. Ke ka ntlha yang fa lo leka go mo direla letshwenyo? O ntiretse tiro e e molemomogolo. Ammaaruri ke a lo raya, Gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, se mosadi yono a se dirileng le sone se tla bolelwa e le go mo gopola.”—Mareko 14:3-6, 9; Johane 12:3.
Jesu ga a ka a ngongorega ka go mo tshwaya phoso ya gore lookwane lo ka bo lo diriseditswe tiro nngwe e sele. O ile a anaanela tsela ya bopelotshweu e Marea a ileng a bontsha lorato le tumelo ka yone. Tiragalo eo e kwadilwe mo Baebeleng gore go gopolwe tiro eno ya gagwe e e molemo. Dipego tseno le tse dingwe di bontsha gore Jesu e ne e le motho yo o nang le kanaanelo e kgolo.
Fa o le motlhanka wa Modimo, o ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba anaanela thata maiteko a gago mo go etleetseng kobamelo e e itshekileng. Go itse seno go re dira gore re ba rate e bile go re tlhotlheletsa gore re ba etse ka go nna batho ba ba lebogang.
Go Rata go Tshwaya Diphoso ga ga Satane
Jaanong a re sekasekeng sekai sa motho yo o sa lebogeng—Satane Diabolo. Go tlhoka kanaanelo ga ga Satane go ile ga dira gore a simolole botsuolodi kgatlhanong le Modimo ka tsela e e neng ya felela ka masetlapelo.
Satane o ile a simolola go bontsha moya wa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso morago ga go fetsa nako a o godisa mo teng ga gagwe. Akanya ka ditiragalo tsa kwa tshimong ya Edene. Jehofa o ile a bopa monna le mosadi wa ntlha, a ba baya mo tshingwaneng ya paradaise, mme a ba raya a re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata.” Go ne go beilwe thibelo e le nngwe fela. Modimo o ile a re: “Mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”—Genesise 2:16, 17.
Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke fa Satane a gwetlha taolo ya ga Jehofa. Ka tsela nngwe o ne a batla gore Efa le ene a tlhoke tebogo gore a bo a tlhotlheletsege go tsuologela Jehofa fela jaaka ene Satane a ile a mo tsuologela. Satane o ile a botsa jaana: “A ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” (Genesise 3:1) Tota o ne a bolela gore Modimo o ne a tima Efa sengwe se se botlhokwa thata, sengwe se se neng se ka mmula matlho se mo dira gore a tshwane le Modimo ka boene. Go na le gore Efa a bontshe go anaanela masego a mantsintsi a Jehofa a neng a mo neile one, o ile a simolola go eletsa selo se se neng se ileditswe.—Genesise 3:5, 6.
Re itse matswela a gone a a sa itumediseng. Le mororo Efa a ne a filwe leina leno “ka gobo e le mmabatshedi botlhe,” ka tsela e nngwe o ne a nna mma mongwe le mongwe yo o swang. Batho botlhe ba ile ba gotsa boleo jo bo felelang ka loso go tswa mo go Adame.—Genesise 3:20; Baroma 5:12.
Etsa Modimo le Keresete
Akanya ka tsela e Satane a farologaneng thata le Jesu ka yone. Satane o tlhalosiwa e le “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona . . . , yo o ba latofatsang motshegare le bosigo fa pele ga Modimo wa rona.” (Tshenolo 12:10) Jesu o “[kgona] go boloka ka mo go feletseng ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela go ba rapelela.”—Bahebera 7:25.
Satane o latofatsa batlhanka ba Modimo. Jesu ene o a ba anaanela e bile o a ba rapelela. E re ka Bakeresete e le baetsi ba ga Keresete, ba tshwanetse go leka go tlhoma matlho thata mo dinonofong tse di molemo tse ba bangwe ba nang le tsone, ba anaanelana e bile ba tseelana kwa godimo. Ka go dira jalo, ba bontsha go leboga ene yo o tlhomang sekao se se molemo thata sa go bontsha kanaanelo, Jehofa Modimo.—1 Bakorintha 11:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Jesu o ile a anaanela tiro e e molemo ya ga Marea