Buka ya Bibela ya bo 15—Esere
Mokwadi: Esere
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 460 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 537–mo e ka nnang ka 467 B.C.E.
1. Ke boperofeti bofe jo bo neng bo tlhomamisa gore Jerusalema e tla tsosolosiwa?
DINGWAGA tse 70 tse go neng go boleletswe pele gore Jerusalema e ne e tla di fetsa e ntse a swafetse tlase ga Babelona di ne di setse di fela. Ka boammaaruri, Babelona o ne a itsege ka gore o ne a seke a golola batshwarwa ba gagwe, mme lefoko la ga Jehofa le ne le tla itshupa le nonofile go feta thata ya Babelona. Batho ba ga Jehofa ba ne ba setse ba tla gololwa. Tempele e e sentsweng ya ga Jehofa e ne e tla agiwa gape, mme ditlhabelo tsa boitshwarelo jwa dibe di ne di tla isiwa mo sebesong sa ga Jehofa gape. Jerusalema o ne a tla tlala ka modumo le pako ya moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa. Jeremia o ne a boleletse pele lobaka lo e neng e tla nna mo tshwafalong ka lone, mme Isaia o ne a perofesitse kafa batshwarwa ba neng ba tla gololwa ka gone. Isaia o ne a biditse le eleng Kurose wa Moperesia ka leina a re ke ‘modisa wa ga Jehofa,’ yo a neng a tla diga Babelona yo o ikgogomosang mo boemong jwa gagwe jaaka mmuso wa boraro wa lefatshe mo hisitoring ya Bibela.—Isa. 44:28; 45:1, 2; Yer. 25:12.
2. Babelona e ne ya wa leng mme ke dilo dife tse di neng di diragala mo nakong ya fa e wa?
2 Babelona e ne ya welwa ke masetlapelo mo bosigong jwa October 5, 539 B.C.E. (go ya ka khalendara ya Gregory), fa kgosi Beleshasare wa Babelona le bagadingwana ba gagwe ba ne ba nwa ba itumedisa medimo ya bone ya badimona. Ba ne ba oketsa makgapha a bone a boheitane, ka go dirisa dijana tse di boitshepo tse di tswang kwa tempeleng ya ga Jehofa jaaka dinwelo! Abo go ne go tshwanela jang ne go bo Kurose a ne a le kafa ntle ga dithako tsa Babelona mo go jone bosigo joo go tla go diragatsa boperofeti!
3. Ke taolo efe ya ga Kurose eo e neng ya kgonisa gore kobamelo ya ga Jehofa e tsosolosiwe morago ga dingwaga tse 70 fa esale Jerusalema e swafadiwa?
3 Letlha leno la 539 B.C.E. ke le le botlhokwa thata, ke gore, ke letlha leo le ka nyalanngwang le hisitori e e kwadilweng ke batho le hisitori ya Bibela. Mo ngwageng wa gagwe wa ntlha a busa Babelona, Kurose o ne a “diha kitsisō mo bogosiñ yotlhe yoa gagwè,” a naya Bajuda tetla ya go ya kwa Jerusalema go ya go tsosolosa ntlo ya ga Jehofa. Taolo eno go lebega e ne ya ntshiwa kwa bokhutlong jwa 538 B.C.E. kana kwa tshimologong ya 537 B.C.E.a Masalela a a ikanyegang ano a ne a boela morago kwa Jerusalema ba lebagane sentle le nako ya go aga sebeso le go isa ditlhabelo tsa ntlha tsa “kgwedi ea boshupa” (Tishri, eo e tsamaelanang le September-October) ka ngwaga wa 537 B.C.E.—dingwaga di le 70 ka tlhomamo mo go yone kgwedi eo morago ga gore Juda le Jerusalema di senngwe ke Nebukadenesare.—Esere 1:1-3; 3:1-6.
4. (a) Buka ya Esere e remeletse mo go eng, mme e kwadilwe ke mang? (b) Esere e kwadilwe leng, mme e tsere lobaka lo lo kae?
4 Tsosoloso! Seno ke se buka ya Esere e remeletseng mo go sone. Go bua ga gagwe jaaka mmui mo kgannyeng e e simololang mo go kgaolo 7 temana 27 go ya go kgaolo 9 go supa ka phepafalo gore Esere ke ene mokwadi wa yone. Ke “mokwadi eo o bobèbè mo molaoñ oa ga Moshe” le monna yo a neng a na le tumelo e e tlhaga yo o “na a itlhōmamisitse pelo go re, o tla batla molaō oa ga Yehofa, a ba a o diha, a ba a ruta,” mme Esere o tshwanela sentle go kwala hisitori eno le eleng fela jaaka a kwadilwe Ditihalō. (Esere 7:6, 10) Ereka buka ya Esere e le tswelediso ya Ditihalō, go dumelwa gore di kwadilwe ka nako e e tshwanang, mo e ka nnang ka 460 B.C.E. E akaretsa lobaka lwa dingwaga di le 70, go tloga ka nako ya fa Bajuda e ne e le morafe o o kgaoganeng, o o gasameng, ba tshwaiwa jaaka “ba ba laolecweñ losho” go fitlha kwa go wediweng ga tempele ya bobedi le go itshekisiwa ga boperesiti morago ga go boela ga ga Esere kwa Jerusalema.—Esere 1:1; 7:7; 10:17; Pes. 102:20.
5. Buka ya Esere e amana jang le ya ga Nehemia, mme e ne ya kwalwa ka dipuo dife?
5 Leina la Sehebera Esere le raya “Thuso.” Kwa tshimologong dibuka tsa Esere le Nehemia e ne e le momeno o le mongwe. (Neh. 3:32, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Moragonyana Bajuda ba ne ba kgaoganya momeno ono mme ba o bitsa Esere wa Ntlha le wa Bobedi. Dibuka tsa segompieno tsa Bibela tsa Sehebera di bitsa dibuka tse pedi tseno Esere le Nehemia, fela jaaka bakwadi ba bangwe ba segompieno ba Bibela. Karolo ya buka ya Esere (4:8 go ya go 6:18 le 7:12-26) di ne di kwadilwe ka Searamaika mme tse dingwe tse di setseng ka Sehebera, mme Esere e ne e le setswerere mo dipuong tseno tsoopedi.
6. Ke eng seo se supang gore buka ya Esere e tlhomame?
6 Gompieno bontsi jwa bakanoki bo dumela gore buka ya Esere e tlhomame. Malebana le go nna ga Esere karolo ya Dikwalo, W. F. Albright o kwadile mo dikwalong tsa gagwe The Bible After Twenty Years of Archaeology jaana: “Tshedimosetso ya baithutamarope ka gone e ile ya tlhomamisa kafa dibuka tsa Jeremia le Esekiele, tsa ga Esere le Nehemia di simologileng ka gone kwantle ga pelaelo; mme e ile ya tlhomamisa ditiragalo tseo di leng mo go tsone, le go tlhomagana ga tsone.”
7. Buka ya Esere e supiwa jang gore ke karolo ya boammaaruri ya rekoto ya bomodimo?
7 Lemororo bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba sa tsopole buka ya Esere ka tlhamalalo, ga go na pelaelo epe ya gore ke karolo ya Bibela. E na le rekoto ya ditirisano tsa ga Jehofa le Bajuda go fitlha ka nako ya fa Dikwalo tsa Sehebera di kwadiwa, eleng tiro eo bogolo jwa yone bo neng jwa dirwa ke Esere, go ya ka dipolelo tsa Bajuda. Mo godimo ga moo, buka ya Esere e tlotlomatsa boperofeti jotlhe jo bo amanang le go tsosolosiwa mme e supa gore eleruri ke karolo ya botlhokwa ya rekoto ya bomodimo, eo e dumalanang le yone ka botlalo. Mo godimo ga moo, e tlotlomatsa kobamelo e e itshekileng mme e itshepisa leina le legolo la ga Jehofa Modimo.
SEO SE LENG MO GO ESERE
8. Tlhalosa motseletsele wa ditiragalo tseo di neng tsa gogela kwa bokhutlong jwa tshwafatso ya dingwaga tse 70.
8 Masalela aa boa (1:1–3:6). Kgosi ya Moperesia Kurose e ntsha taolo ya gore Bajuda ba boele morago mme ba age ntlo ya ga Jehofa kwa Jerusalema, a dira jalo moya wa gagwe o tlhotlhelediwa ke Jehofa. O kopa Bajuda bao ba ka batlang go sala mo Babelona gore ba ntshetse kago eo moneelo mme o rulaganyetsa gore Bajuda bao ba boelang kwa morago ba tseye dijana tsa tempele ya ntlhantlha. Serubabele (Sheshebasare) yo o eteletseng pele lotso lwa segosi lwa Juda le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, o tlhomilwe jaaka mmusi yo o tla etelelang pele ba ba golotsweng bano, mme Jeshua (Joshua) ke ene moperesiti yo mogolo. (Esere 1:8; 5:2; Seka. 3:1) Masalela a palo e e ka nnang 200 000 a batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, go akaretsa banna, basadi, le bana, a tsaya loeto loo lo loleele. Ba aga mo metseng ya bone mo e ka nnang ka kgwedi ya bosupa, go ya ka khalendara ya Sejuda, mme ba phuthegela kwa Jerusalema go isa ditlhabelo mo lefelong la sebeso sa tempele le go keteka Moletlo wa Metlaagana mo dikgakologong tsa 537 B.C.E. Ka jalo dingwaga tse 70 tsa tshwafalo di khutla sentle ka nako!b
9. Tiro ya tempele e simolola jang, mme go diragala eng mo dingwageng tse di latelang?
9 Go agiwa gape ga tempele (3:7–6:22). Didirisiwa di a phuthiwa, mme mo ngwageng wa bobedi ba ntse ba boile, batho ba tlhaba mokgosi wa boitumelo le bannabagolo bao ba neng ba bone ntlo ya pele ya ga Jehofa ba lela fa ba bona go thaiwa motheo wa tempele ya ga Jehofa. Batho ba ba mo tikologong, baba ba bone, ba ba thusa mo kagong eo, ba bolela gore le bone ba batla Modimo o o tshwanang, mme masalela a Bajuda a gana go dira kgolagano le bone. Baba bano ba tswelela go leka go ba koafatsa le go kgoba Bajuda bano marapo le go senya tiro ya bone, go tloga ka puso ya ga Kurose go tla go fitlha fa go busa Dario. Kgabagare, mo malatsing a ga “Aretaserese” (Bardiya kana gongwe Mo-Magus yo a bidiwang Gaumata, 522 B.C.E.), ba dira gore tiro eo e emisiwe ka taolo ya segosi. Thibelo eno e tswelela go fitlha mo “ngwageñ oa bobedi oa pushō ea ga Dario kgosi ea Peresia” (520 B.C.E.), mme e ne e le go feta dingwaga di le 15 morago ga go thaiwa ga yone.—4:4-7, 24.
10. (a) Kgothatso e e tswang mo baperofeting ba Modimo e tsamaisana jang le taolo ya kgosi mo go wetseng tiro? (b) Ke boipelo bofe jo bo neng jwa nna gone fa tempele ya bobedi e neelwa?
10 Jehofa jaanong o roma baperofeti ba gagwe Hagai le Sekaria go tlhagafatsa Serubabele le Jeshua, mme tiro ya go aga e simololwa ka matlhagatlhaga a magolo. Baba bano ba ngongoregela kgosi gape, mme tiro jaanong e tswelela ka botlhaga jo bogolo. Morago ga gore Dario I (Hystaspis) a umake molao wa ga Kurose, o laela gore tiro eo e tswelele mme e se kgorelediwe mme o laela le baganetsi bao gore ba ntshe dilo tse di agang go tsweletsa kago eo. Ka ba ne ba ntse ba kgothadiwa ke baperofeti ba ga Jehofa, baagi ba wetsa tempele mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse tlhano. Seo se diragala mo kgweding ya Adara mo ngwageng wa borataro wa ga Dario, kana gaufi le dikgakologo tsa 515 B.C.E., mme tiro yotlhe ya go aga e tsere dingwaga tse di ka nnang 20. (6:14, 15) Ntlo ya Modimo jaanong e neelwa ka boipelo ebile go dirwa ditlhabelo tse di tshwanetseng. Batho jaanong ba keteka Tlolaganyo mme ba tswelela ka “modihō oa senkgwè se se sa bedisiwañ ka malatsi a shupa ka boitumèlō.” (6:22) Ee, ba neela tempele eno ya bobedi e Jehofa a tla bakiwang mo go yone ka boipelo le boitumelo.
11. Kgosi e ne ya neela Esere “kaha a lopañ ka gōna” jang, mme Esere o arabela jang?
11 Esere o boela kwa Jerusalema (7:1–8:36). Go fetile mo e ka nnang dingwaga di le 50, mme re mo go 468 B.C.E., ngwaga wa bosupa wa kgosi ya Moperesia Aretaserese (yo o itsiweng jaaka Longimanus ka gonne letsogo la gagwe la moja le le leleele go feta la molema). Kgosi e naya mokwadi yono wa setswerere ebong Esere “kaha o lōpañ ka gōna” malebana le loeto lwa gagwe lwa go ya kwa Jerusalema go ya go thusa koo. (7:6) Fa a mo naya taolo eno, kgosi e kgothatsa Bajuda go tsamaya le ene mme e naya Esere dijana tsa selefera le gouta tse di tla dirisiwang kwa tempeleng, mmogo le korong, beine, lookwane, le letswai. O dira gore baperesiti le botlhe ba ba dirang mo tempeleng ba seka ba duela lekgetho. Kgosi e naya Esere boikarabelo jwa go ruta batho mme e bolela gore motho ope fela yo a tla sekang a dira go ya ka molao wa ga Jehofa le molao wa kgosi o tla bo a dira molato o mogolo. Esere o tsaya kgato ka bonako a dira thomo eo ka a ne a lebogela Jehofa go bo a bontshitse boutlwelobotlhoko jwa gagwe ka kgosi eno.
12. Jehofa o supa jang gore o na le setlhopha sa ga Esere mo loetong lwa sone?
12 Esere o simolola ka pego ya gagwe eo a e boneng ka matlho fano, a kwala e le ene a buang. O phuthela Bajuda botlhe ba ba boelang gae fa nokeng ya Ahafa go ba fa ditaolo tsa bofelo, mme o tsenya Balefi ba bangwe mo setlhopheng sa banna ba ba ka nnang 1 500 bao ba neng ba setse ba phuthegile koo. Esere o lemoga fa go na le kotsi mo tseleng eo ba tla e tsayang mme ga a kope kgosi gore e ba neye batho ba ba tla tsamayang nabo, a akanya gore seo se ka nna sa bontsha go sa nneng le tumelo mo go Jehofa. Go na le moo, o ba kopa gore ba itime dijo mme o etelela bontsintsi joo pele mo go rapeleng Modimo. Thapelo eno e a arabiwa, mme tshireletso ya ga Jehofa e nna le bone mo loetong lotlhe lwa bone. Ka gone, ba kgona go lere dikhumo tsa bone (tsa tlhwatlhwa e e fetang R110 000 000 go ya ka ditekanyetso tsa segompieno) di bolokesegile kwa ntlong ya ga Jehofa kwa Jerusalema.—8:26, 27.
13. Esere o tsaya kgato ya go tlosa bomaswe jo bo mo gare ga Bajuda jang?
13 Go phepafatsa boperesiti (9:1–10:44). Mme dilo ga di a ka tsa tsamaya sentle tsotlhe mo dingwageng tse 69 tsa go nna ga bone mo lefatsheng le le tsosolositsweng leno. Esere o utlwa ka maemo mangwe a a tshwenyang, a gore batho, baperesiti, le Balefi ba nyalane le Bakanana ba baheitane. Esere yo o ikanyegang o gakgamaditswe ke seno. O rapela Jehofa kaga seno. Batho ba ipolela phoso e ba e dirileng mme ba kopa Esere gore a ‘nametsege mme a go dire.’ (10:4) O laela Bajuda bao go tlogela basadi bao ba seeng bao ba ba tsereng ka ntlha ya go roba molao wa Modimo, mme leswe leo le tlosiwe mo go bone mo lobakeng lwa dikgwedi tse di ka nnang tharo.—10:10-12, 16, 17.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
14. Buka ya Esere e bontsha eng malebana le boperofeti jwa ga Jehofa?
14 Selo sa ntlha, buka ya Esere e mosola mo go supeng ga yone kafa boperofeti jwa ga Jehofa bo diragadiwang ka gone ka go opa kgomo lonaka. Jeremia, yo a neng a boleletse pele go senngwa ga Jerusalema ka tlhomamo, o ne a bolelela pele gape le go tsosolosiwa ga one morago ga dingwaga di le 70. (Yer. 29:10) Jehofa o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato mo go tliseng batho ba gagwe, masalela a a ikanyegang, a ba busetsa gape kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng ka nako e e tlhomameng go ya go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri.
15. (a) Tempele e e tsosolositsweng e ne ya fitlhelela boikaelelo jwa ga Jehofa jang? (b) E ne e tlhaela kgalalelo e e tshwanang le ya tempele ya ntlha mo dikarolong dife?
15 Kobamelo ya ga Jehofa e ne ya golediwa gape mo bathong ka tempele e e tsosolositsweng, mme e ne ya ema e le bosupi jwa gore o segofatsa ka go mo gakgamatsang ebile a utlwela botlhoko botlhe bao ba retologelang kwa go ene ba ba ratang kobamelo ya boammaaruri. Lemororo e ne e sa galalele jaaka tempele ya ga Solomone, e ne e fitlhelela boikaelelo jwa yone tumalanong le go rata ga Modimo. Dilo tse di bonalang tse dintle di ne di sa tlhole di le teng. E ne e bile e tlhoka le dikhumo dingwe tsa semoya, ka sekai, letlole la kgolagano.c Go neelwa ga tempele eno ya ga Serubabele go ne go sa tshwane le go neelwa ga tempele mo motlheng wa ga Solomone. Ditlhabelo tsa dikgomo le dinku di ne di sa lekane le ditlhabelo tsa tempele ya ga Solomone lefa e le ka bongwe lekgolong. Ga go leru lepe la kgalalelo leo le neng la tlala ka ntlo, jaaka go ne go diragetse pele, kana le one molelo ga o a ka wa tswa kwa go Jehofa go fisa tshupelo ya phiso. Lefa go ntse jalo, ditempele tsoopedi, di ne di fitlhelela boikaelelo jwa botlhokwa jwa go goletsa kobamelo ya ga Jehofa, Modimo wa boammaaruri.
16. Mme ke tempele efe e nngwe gape eo e fetang ditempele tsa selefatshe ka kgalalelo?
16 Tempele e e agilweng ke Serubabele, motlaagana o o agilweng ke Moshe le ditempele tse di agilweng ke Solomone le Herode, mmogo le dikarolo tse dingwe tsa tsone e ne e le ditshwani fela kana e le tsa tshwantshetso fela. Tseno di ne di emela “motlaagana oa amarure, o Morèna o o tlhomileñ, eseñ motho.” (Baheb. 8:2) Tempele eno ya semoya ke thulaganyo ya go atamela Jehofa ka go mo obamela mo motheong wa setlhabelo se se gololang sa ga Keresete. (Baheb. 9:2-10, 23) Tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya e galalela tota mme bontle jwa yone le go eletsega ga yone ga go kake ga bapisiwa le sepe; go galalela ga yone ke go go sa feleng ebile go feta kago epe fela e e bonalang.
17. Ke dithuto dife tsa botlhokwa tseo di fitlhelwang mo bukeng ya Esere?
17 Go na le dithuto tse di botlhokwa fela thata tseo Bakeresete ba ka di ithutang mo bukeng ya Esere. Mo go yone re bala ka moo batho ba ga Jehofa ba neng ba dira meneelo ka boithatelo ka gone ba direla tiro ya gagwe. (Esere 2:68; 2 Bakor. 9:7) Re kgothadiwa ke go itse gore Jehofa o tlamela batho ba gagwe ebile o segofatsa dikokoano tsotlhe tsa bao ba mmakang. (Esere 6:16, 22) Re bona sekao se se molemo sa Banethinima le batho bangwe bao e neng e se Bajuda bao ba neng ba supa tumelo mme ba tsamaya le masalela ba bo ba a tshegetsa ka pelo yotlhe mo kobamelong ya ga Jehofa. (2:43, 55) Tlhokomela gape go ikotlhaya ka boikobo ga batho fa ba ne ba gakololwa ka tsela ya bone e e phoso ya go nyalana le baagelani ba bone ba baheitane. (10:2-4) Go nna le bokopano jo bo sa siamang go ne go dira gore ba seka ba amogelwa ke Modimo. (9:14, 15) Fa ba tlhagafala ka boipelo mo tirong ya gagwe o ne a ba amogela le go ba segofatsa.—6:14, 21, 22.
18. Ke ka ntlhayang fa go tsosolosiwa ga batho ba ga Jehofa e ne e le kgato ya botlhokwa eo e neng e isa kwa go tleng ga ga Mesia, Kgosi?
18 Lemororo go ne go ka se tlhole go nna le kgosi e e tla nnang mo setulong sa ga Jehofa sa bogosi kwa Jerusalema, go tsosolosiwa ga yone go ne go dira gore batho ba lebelele gore e tla re morago ga nako Jehofa a tlise Kgosi ya gagwe e e solofeditsweng mo losikeng lwa ga Dafide. Morafe oo o o tsosolositsweng jaanong o ne o le mo boemong jwa go tlhokomela dipolelo tse di boitshepo le kobamelo ya Modimo go fitlha Mesia a tla. Fa masalela ano a ne a se kile a arabela ka tumelo mme a boela kwa lefatsheng la bone, Mesia o ne a tla tlela bomang? Ka boammaaruri, ditiragalo tsa buka ya Esere ke karolo ya botlhokwa ya hisitori eo e gogelang kwa go tleng ga ga Mesia le Kgosi! E botlhokwa fela thata gore re e ithute gompieno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 452-4, 458.
b Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 332.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 1079.