LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/15 ts. 25-28
  • Phuthego ya Bokeresete—Thuso e e Nonotshang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Phuthego ya Bokeresete—Thuso e e Nonotshang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshegetso le Thuso
  • Thuso e e Tswang go Balebedi ba ba Lorato
  • Thuso ya Mmatota ka Nako e e Tshwanetseng
  • Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo
  • Nonotshanang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Phuthego e Agiwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Phuthego e Bake Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Bona Polokesego Mo Bathong Ba Modimo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/15 ts. 25-28

Phuthego ya Bokeresete—Thuso e e Nonotshang

POPI, mosadi mongwe yo o sa ntseng a le mo tshimologong ya dingwaga tsa gagwe tsa bo20, o ne a kgobegile marapo ka ntlha ya maemo a a utlwisang botlhoko a lelapa a a amanang le go tlhoka puisano e ntle le batsadi ba gagwe.a Fa a sena go bulela mogolwane mongwe wa Mokeresete le mosadi wa gagwe mafatlha, o ne a ba kwalela jaana: “Ke lo leboga thata go bo lo ile lwa ipha nako ya go bua le nna. Ga lo itse gore go botlhokwa jang mo go nna go bo lo amega ka nna. Ke leboga Jehofa go bo a nneile batho ba nka ba ikanyang le ba nka buang le bone.”

Toula, mosadi yo o sa tswang go nna motlholagadi bosheng jaana wa bana ba babedi ba dingwaga tsa bolesome, o ile a iphitlhela a le mo tobekanong ya maikutlo a a tshwenyegileng le mo mathateng a tsa madi. Ene le bana ba gagwe ka metlha ba ne ba nna le diketelo tse di nonotshang tsa banyalani ba Bakeresete mo phuthegong. Fa a sena go fenya bothata jwa gagwe ka katlego, o ne a ba romelela karata, a re: “Ke lo gopola ka metlha mo dithapelong tsa me. Ke gopola makgetlo a mantsi a lo ileng lwa nthusa le go nkema nokeng ka one.”

A ka dinako tse dingwe o ikutlwa o ‘imelwa’ ke dikgatelelo tse di ntseng di oketsega tsa lefatshe? (Mathaio 11:28) A “nako le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ile tsa dira gore botshelo jwa gago bo tlale ka dilo tse di utlwisang botlhoko? (Moreri 9:11, NW) Fa go le jalo ga o esi. Mme jaaka dikete tsa batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ba ile ba bona, le wena o ka kgona go bona thuso e e tla go solegelang molemo mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore badumedikaene ba ba rileng e ne e le “thuso e e nonotshang” thata mo go ene. (Bakolosa 4:10, 11) Go ka nna jalo le ka wena.

Tshegetso le Thuso

Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko “phuthego” le ranolwa go tswa mo lefokong la Segerika e leng ek·kle·siʹa le le rayang setlhopha sa batho ba ba phuthilweng. Lefoko leo le na le bokao jwa kutlwano le go tshegetsana.

Phuthego ya Bokeresete e tshegetsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo e bile e bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (1 Timotheo 3:15; 1 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, phuthego gape e neela ba ba kopanelang mo go yone tshegetso le thuso ya semoya. Mo go yone, motho a ka bona setlhopha sa ditsala tse di lorato, le tse di amegang, tse di iketleeditseng go thusa le go gomotsa ba bangwe ka dinako tsa tlalelo.—2 Bakorintha 7:5-7.

Baobamedi ba ga Jehofa ga ba bolo go ikutlwa ba sireletsegile e bile ba babalesegile mo phuthegong ya gagwe. Mopesalema o ne a supa fa a ne a ipela e bile a ikutlwa a babalesegile mo gare ga batho ba Modimo ba ba phuthegileng. (Pesalema 27:4, 5; 55:14; 122:1) Ka mo go tshwanang gompieno, phuthego ya Bokeresete ke bokopano jwa badumedimmogo ba ba aganang le ba ba kgothatsanang.—Diane 13:20; Baroma 1:11, 12.

Maloko a phuthego a rutiwa gore a “[dire] se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le [bone] mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Thuto e e theilweng mo Baebeleng e ba e rutiwang e ba tlhotlheletsa go bontshana lorato lwa bokaulengwe le katamalano e e bothitho. (Baroma 12:10; 1 Petere 3:8) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya mo phuthegong ba tlhotlheletsega gore ba nne pelonomi, ba nne le kagiso e bile ba le pelotlhomogi ka tlekeetso. (Baefeso 4:3) Go na le gore ba bo ba le baobamedi ba ba tlwaelegileng fela, ba amega ka tsela e e lorato ka ba bangwe.—Jakobe 1:27.

Ka jalo, batho ba ba gateletsweng ba bona moya o o botsalano o o tshwanang le wa lelapa mo phuthegong. (Mareko 10:29, 30) Go ikutlwa ba le karolo ya setlhopha se se atamalaneng se se lorato go a ba nonotsha. (Pesalema 133:1-3) “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” o re tlamela ka “dijo” tse di nonotshang tsa semoya ka “nako e e tshwanetseng” ka phuthego.—Mathaio 24:45.

Thuso e e Tswang go Balebedi ba ba Lorato

Maloko a phuthego ya Bokeresete a ka lebelela gore mo go yone ba fitlhele badisa ba ba tshwanelegang ba ba lorato, ba ba tlhaloganyang, ba ba ka ba tshegetsang mo semoyeng le ba ba ka ba kgothatsang. Badisa ba ba nang le dinonofo tse di ntseng jalo ba ntse jaaka “boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong.” (Isaia 32:1, 2) Bagolwane ba ba tlhomilweng ka moya kana balebedi, ba tlhokomela batho ba Modimo ba sekadinku, ba kgothaletsa ba ba lwalang le ba ba hutsafetseng e bile ba leka go busa ba ba fositseng.—Pesalema 100:3; 1 Petere 5:2, 3.

Le gale, setlhopha sa bagolwane ba phuthego ga se setlhopha sa baalafi ba porofeshenale kana dingaka, tse di ka kgonang go fodisa mathata a botsogo jwa mmele kana a tlhaloganyo a badumedikabone ba lebanang le one. Mo tsamaisong eno ya dilo, ba ba lwalang ba sa ntse ba ‘tlhoka ngaka.’ (Luke 5:31) Le fa go ntse jalo, badisa ba ba ntseng jalo ba ka kgona go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya semoya. (Jakobe 5:14, 15) Fa go kgonega, bagolwane ba ka rulaganya gore ba bone thuso e nngwe.—Jakobe 2:15, 16.

Ke mang yo o dirang thulaganyo e e lorato eno? Jehofa Modimo ka boene! Moporofeti Esekiele o tlhalosa fa Jehofa a bolela jaana: “Ke tla batla dinku tsa me ke di tlhokomele. . . . Ke tla di golola mo mafelong otlhe a di gasamiseditsweng kwa go one . . . Nna ke tla fepa dinku tsa me, mme nna ke tla di bothisa.” Modimo o amega gape ka dinku tse di bokoa.—Esekiele 34:11, 12, 15, 16, NW.

Thuso ya Mmatota ka Nako e e Tshwanetseng

A tota go na le thuso ya mmatota mo phuthegong ya Bokeresete? Ee, mme dikai tse di latelang di supa maemo a a farologaneng a phuthego e thusang mo go one.

◆ Go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang. Monna wa ga Anna o ne a tlhokafala morago ga bolwetse jo bo telele. O bolela jaana: “Fa e sa le ka nako eo, ke ne ka bona lorato lo logolo mo bokaulengweng jwa Bokeresete. Mafoko a a pelonomi a tshegetso le kgothatso a a tswang mo badumedingkanna, go akaretsa le go ntlamparela ga bone ka lorato, go ne ga dira gore pelo ya me e nne e itaya ka ntlha ya boitumelo go na le gore ke nne ke hutsafetse, mme ke leboga Jehofa. Lorato lwa bone lo dirile gore ke ikutlwe ke tshegeditswe thata, ke gomotsegile kgabagare, ke tlhokometswe ka tsela e e lorato.” Le wena o ka tswa o ile wa diragalelwa ke selo se se botlhoko sa go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang ka ntlha ya loso. Ka dinako tse di ntseng jalo, maloko a phuthego a ka go neela kgomotso e o e tlhokang thata le go go tshegetsa mo maikutlong.

◆ Bolwetse. Arthur yo e leng molebedi yo o etang go tswa kwa Poland, o ne a tle a etele diphuthego tsa kwa Asia Bogare ka metlha go di nonotsha mo semoyeng. Mo go lengwe la maeto ano, o ne a lwala thata mme fa a ntse a fola o ne a nna le mathata a a masisi. Arthur o gakologelwa jaana ka kanaanelo e kgolo: “Ke batla go lo bolelela kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa [motseng mongwe kwa Kazakhstan] ba ileng ba ntlhokomela ka teng. Bakaulengwe le bokgaitsadi, ba bontsi jwa bone ke sa ba itseng—tota le ba ba kgatlhegang—ba ne ba ntlisetsa madi, dijo le ditlhare. . . . Mme ba ne ba go dira ka boipelo jo bogolo.

“Akanya fela gore ke ne ka ikutlwa jang fa ke ne ke amogela enfelopo e e nang le madi le lekwalo le le latelang: ‘Mokaulengwe yo o rategang, ke go romelela madume a a lorato. Mama o ne a mphile madi a go reka aesekerimi, mme ke ne ka swetsa gore ke a go neye gore o reke setlhare. Tsweetswee nna botoka ka bonako. Jehofa o re tlhoka nako e telele. Ke go eleletsa masego. O re bolelele dikgang tse dingwe tse di monate tse di rutang. Vova.’” Ee, jaaka go supilwe mo kgannyeng eno, basha le bagolo mo phuthegong ba ka neela thuso e e nonotshang ka nako ya bolwetse.—Bafilipi 2:25-29.

◆ Go tshwenyega thata mo maikutlong. Teri o ne a eletsa thata go nna mmulatsela, kana mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya mathata, o ne a tshwanela gore a emise go bula tsela. O bolela jaana: “Ke ne ka ikutlwa ke le molato thata ka go bo ke lekile go tsena mo tirelong eno mme ke sa kgona go fetsa ngwaga otlhe mo go yone.” Teri o ne a dumela ka tsela e e sa tshwanelang gore e le gore motho a amogelwe ke Jehofa go ikaegile fela ka selekanyo sa tirelo e a mo e neelang. (Bapisa Mareko 12:41-44.) E re ka a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong, o ne a ikgaphela kwa thoko. Mme o ne a bona thuso e e nonotshang go tswa mo phuthegong.

Teri o gakologelwa jaana: “Kgaitsadi mongwe yo o godileng wa mmulatsela o ne a nthusa mme a ntheetsa fa ke ntse ke mmulela mafatlha a me. Fa ke tswa kwa ntlong ya gagwe, ke ne ka ikutlwa e kete go na le sengwe se se bokete se se tlositsweng mo go nna. Go tloga ka nako eo, kgaitsadi yono wa mmulatsela le monna wa gagwe, yo e leng mogolwane mo phuthegong, ba ne ba nthusa thata. Ba ne ba nteletsa mogala letsatsi le letsatsi ba mpotsa gore ke ikutlwa jang. . . . Ba ile ba ntetla gore ke kopanele le bone mo thutong ya bone ya lelapa ka dinako tse dingwe, e leng selo se se ileng sa dira gore ke bone botlhokwa jwa gore malapa a nne a atamalane.”

Ke selo se se tlwaelegileng gore batho ba le bantsi—tota le Bakeresete ba ba ineetseng—ba tshwenyege thata mo maikutlong, ba kgobege marapo le go jewa ke bodutu. A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo go na le thuso e e lorato, e e seng ya bopelotshetlha mo phuthegong ya Modimo!—1 Bathesalonika 5:14.

◆ Dikotsi tsa masetlapelo le dikotsi. A ko o akanye fela o le mo seemong sa lelapa le le ileng la latlhegelwa ke dithoto tsa lone tsotlhe fa ntlo ya bone e ne e shela. Go ise go ye kae ba ne ba bona se ba neng ba re ke “tiragalo e e kgothatsang e e tla re amang ka metlha le e e ileng ya dira gore re kgatlhiwe ke lorato lwa boammaaruri mo gare ga batho ba ga Jehofa.” Ba tlhalosa jaana: “Ka bonako fela re ne ra amogela megala e mentsi ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya ya go supa go amega go tswa pelong le go re utlwela botlhoko. Mogala o ne o nna o ntse o lela. Kamego e e tswang pelong le lorato lwa mongwe le mongwe di ne tsa re ama thata jaana mo e leng gore re ne ra lela ka ntlha ya kanaanelo.”

Go ise go ye kae, bagolwane ba phuthego ba ne ba rulaganya setlhopha se segolo sa bakaulengwe, mme mo malatsing a sekae, ba ne ba agela lelapa leno ntlo e ntšha. Moagelani mongwe o ne a tlhaeletsa jaana: “E kete o ka ba bona! Go na le mefuta yotlhe ya batho e e berekeng moo—banna, basadi, bantsho, Ba-Hispanic!” Seno e ne e le bosupi jo bo phepafetseng jwa lorato lwa bokaulengwe.—Johane 13:35.

Bakeresetemmogo ba ne ba naya lelapa leno diaparo, dijo le madi. Rre wa lelapa leo o akgela jaana: “E ne e le ka nako ya Keresemose e mongwe le mongwe a neng a aba dimpho, mme re ka bolela go tswa pelong gore ga go na ope yo o ileng a amogela mofuta wa bopelotshweu jo rona re ileng ra bo bona.” Mme ba oketsa jaana: “Go akanya ka molelo go ntse go nyelela ka bonya mme go tseelwa sebaka ke dikgakologelo tse re sa batleng go di lebala tsa ditiro tsa bopelonomi le ditsala tse di molemo. Re leboga Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa, go bo re na le lelapa le le gakgamatsang le le utlwanang la bakaulengwe mo lefatsheng, mme re itumela thata go bo re le karolo ya lone!”

Le gale, thuso e e ntseng jalo ga e kgonege e bile ga e a lebelelwa ka nako nngwe le nngwe ya masetlapelo a a ntseng jalo. Mme se se diregileng fano ruri se supa kafa phuthego e ka re tshegetsang ka gone.

Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo

Batho ba le bantsi ba ile ba bona mofuta o mongwe wa thuso le nonofo mo phuthegong ya Bokeresete. Ke efe eo? Dikgatiso tse re di direlwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” Tse di tlhomologileng mo go tsone ke makwalopaka a Tora ya Tebelo le Tsogang! Gore dikgatiso tseno di neele kgakololo le kaelo e e botlhale le e e dirang, di ikaega thata ka botlhale jwa Modimo jo bo tswang mo Baebeleng. (Pesalema 119:105) Tshedimosetso ya Dikwalo e tlatselediwa ka patlisiso e e dirwang ka kelotlhoko le e e ka ikanngwang malebana le dikgang tse di jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, go fola matsadi a go sotliwa, mathata a a farologaneng a tsa loago le tsa itsholelo, dikgwetlho tse basha ba lebanang le tsone, le mathata a a fitlhelwang segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang. Mo godimo ga moo, dikgatiso tseno di buelela tsela ya Modimo jaaka tsela e e molemolemo ya botshelo.—Isaia 30:20, 21.

Ngwaga mongwe le mongwe, Mokgatlho wa Watch Tower o amogela makwalo a a diketekete a kanaanelo. Ka sekai, lekawana lengwe la kwa Russia le ne la kwala jaana malebana le setlhogo sengwe sa Tsogang! se se buang ka go ipolaya: “E re ka ke atisa go tshwenyega thata mo maikutlong, . . . ke ile ka akanya go ipolaya ka makgetlo a le mantsi. Setlhogo seno se ne sa nonotsha tumelo ya me ya gore Modimo o tla nthusa gore ke rarabolole mathata a me. O batla gore ke tshele. Ke mo lebogela go bo a ile a nthusa ka setlhogo seno.”

Fa mathata a a sa feleng a lefatshe leno a bonala a le boima thata go ka emelana le one, o ka tlhomamisega gore go na le lefelo le le babalesegileng mo phuthegong ya Bokeresete. Ee ruri, fa sekaka se se omeletseng sa tsamaiso eno e e se nang lorato se monya nonofo ya gago, o ka kgona go bona metsi a a elelang a a lapolosang mo phuthegong ya ga Jehofa. Fa o sena go tshegediwa ka tsela e e ntseng jalo, le wena o ka nna wa nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a atlega go lebana le bolwetse jo bo masisi jwa monna wa gagwe mme a kwala jaana: “Ka ntlha ya lorato le tlhokomelo e ba ileng ba re neela yone, ke ikutlwa e kete Jehofa o ne a re rwele mo seatleng sa gagwe ka nako ya mathata a rona. A bo ke leboga jang ne go bo ke le karolo ya phuthego e e gakgamatsang ya ga Jehofa!”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a ile a fetolwa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Re ka neela ba ba lwalang, ba ba swetsweng le ba bangwe thuso e e nonotshang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela