LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A re ‘Tlhamalaleng!’
    Tirelo ya Bogosi—1999 | July
    • A re ‘Tlhamalaleng!’

      1 A mong wa ntlo o kile a go tsena ganong o ntse o neela puisano ya gago e o e baakanyeditseng sentle ka mafoko ano: “O batla eng? A ko o tlhamalale!” Re ka ithuta eng mo go seo?

      2 Batho ba le bantsi gompieno ba fela pelo ka bonako. Ba batla go itse gore re bomang le gore re batla eng. Fa ba utlwa gore boikaelelo jwa go bo re ba etetse ke go tlotla le bone ka Baebele, ba ka nna ba gana go reetsa. Go bala Baebele le go tlotla ka dilo tsa semoya ga se dilo tse di botlhokwa mo matshelong a batho ba le bantsi. Re ka rotloetsa beng ba matlo jang gore ba tshwanetse go ipha metsotso e sekae go tlotla le rona kgang nngwe go tswa mo Baebeleng?

      3 Se se Ka Thusang: Selo sa botlhokwa ke go bontsha mong wa ntlo gore Baebele e na le tharabololo e e mosola ya mathata a a nang le one mme re bua seo ka bokhutshwane fela. Puisano e e atlegang ke fa o botsa mong wa ntlo potso e e tla dirang gore a akanye, go tswa foo o bo o arabela potso eo ka lokwalo. O ka itumelela go leka dingwe tsa dikakantsho tse di latelang. Di diretswe go re thusa go ‘tlhamalala’ ka bonako fa re ntse re leka go dira gore mong wa ntlo a kgatlhege.

      4 Mo tshimong e mo go yone batho ba tlwaetseng go re ga ba kgatlhege, botsa potso e e ba amang ka namana:

      ◼ “Fa re ntse re atamela mileniamo, a o ikutlwa o na le tsholofelo kana o na le dipelaelo? [Letla gore a arabe.] Baebele e boleletse pele ka ditiragalo tse di tlhobaetsang tse re di bonang gompieno mmogo le diphelelo tsa tsone.” Bala 2 Timotheo 3:1, 2, 5 le Diane 2:21, 22.

      ◼ “Batho ba amegile thata ka tsa botsogo mo nageng eno. A o ne o itse gore Modimo o solofetsa gore o tla fedisa malwetse otlhe ka bosakhutleng?” Bala Tshenolo 21:3, 4.

      ◼ “O akanya gore batho ba ne ba ka solegelwa molemo jang fa mongwe le mongwe yo o nnang mono a ne a ka dirisa melaometheo ya Baebele?” Bala Mathaio 22:37-39.

      5 E re ka thomo ya rona e le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, fa go kgonega re tshwanetse go tlhokomedisa batho se Bogosi bo tlileng go se dira. O ka nna wa re:

      ◼ “A o ne o itse gore buka ya bogologolo mo lefatsheng, Baebele, e boleletse pele gore go tlile go nna le puso e le nngwe fela e e tla busang lefatshe lotlhe?” Bala Daniele 2:44.

      ◼ “O akanya gore maemo a ne a tla nna jang fa Jesu Keresete a ka bo a busa lefatshe?” Bala Pesalema 72:7, 8.

      6 Mo tshimong ya batho ba ba ratang bodumedi, o ka leka go dirisa matseno ano:

      ◼ “Batho ba le bantsi ba a tlhaolwa ka ntlha ya bong jwa bone, bodumedi, kana ka ntlha ya mmala wa bone. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang ka letlhoo le le ntseng jalo?” Bala Ditiro 10:34, 35.

      ◼ “Re a itse gore Jesu Keresete o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi mo motlheng wa gagwe. Fa go ne go ka twe o mo kope go dira kgakgamatso nngwe, o ne o tla batla gore a dire efe?” Bala Pesalema 72:12-14, 16.

      7 Fa mong wa ntlo a okaoka go bula kgoro, o ka nna wa simolola motlotlo ka go re:

      ◼ “Batho ba le bantsi gompieno ba lapisitswe ke go utlwa ka mathata. Ba batla go utlwa tharabololo. Kwantle ga pelaelo le wena o ikutlwa jalo. Mme ke kae kwa re ka bonang tharabololo ya mmatota ya mathata a rona?” Letla gore a arabe. Bala 2 Timotheo 3:16, 17.

      8 Ke Eng Fa o Sa e Leke? Gantsi go tlhokega fela go botsa potso e e motlhofo, e e tlhamaletseng gore mong wa ntlo a kgatlhege. Mosadi mongwe yo o kileng a bo a ganetsa o ne a laletsa bokgaitsadi ba babedi go tsena mo ntlong ya gagwe morago ga gore mongwe wa bone a mmotse jaana: “A o itse gore Bogosi jo o bo rapelelang mo Thapelong ya Morena ke bofe?” Mosadi yono o ne a kgatlhiwa ke potso eno, mme a dumela go ithuta Baebele. Gone jaanong ke motlhanka wa ga Jehofa yo o ineetseng!

      9 Fa o bua le mong wa ntlo, tlhomamisega ka se o se buang. Bua go tswa pelong. Batho ba ka arabela sentle fa ba tlhatswegile pelo gore tota re a ba kgatlhegela.—Dit. 2:46, 47.

      10 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo ke kgwetlho gompieno. Beng ba matlo ba bangwe ga ba tshepe batho ba ba sa ba itseng. Ba bangwe ba nna ba tshwaregile mme ga ba na nako e e kalo kalo. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisega gore go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba tshwanelang. (Math. 10:11) Maiteko a rona a go ba batla a ka atlega fa puisano ya rona e le khutshwane e bile e ‘tlhamaletse!’

  • Pego ya Tirelo ya March
    Tirelo ya Bogosi—1999 | July
    • Pego ya Tirelo ya March

      Palo Babul. Babul.

      ya Bab. Thus. Metlha

      Botswana 1 035 64 45

      Lesotho 2 500 150 183

      Namibia 856 26 39

      St. Helena 144 - -

      South Africa 63 697 3 460 4 650

      Swaziland 1 884 98 163

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela