LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 2 ts. 12-22
  • Buka E E Senolang Kitso Ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka E E Senolang Kitso Ya Modimo
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE BAEBELE E SE TSHOTSENG
  • A O KA IKANYA BAEBELE?
  • E TLHOMAME E BILE E KA IKANNGWA
  • BUKA YA BOPEROFETI
  • ‘O TLHOLOGELELWE’ KITSO YA MODIMO
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 2 ts. 12-22

Kgaolo 2

Buka E E Senolang Kitso Ya Modimo

1, 2. Ke eng fa re tlhoka go kaelwa ke Mmopi wa rona?

GO A utlwala tota gore Mmopi wa rona yo o lorato o ne a tla re naya buka e e nang le ditaelo le e e kaelang batho. Mme e bile a ga o dumele gore batho ba tlhoka go kaelwa?

2 Moperofeti mongwe yo e bileng e ne e le rahisitori o ne a kwala jaana dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng: “Ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Gompieno boammaaruri jwa polelo eno bo iponatsa sentle go feta lefa e le nako epe fela e sele. Ke gone ka moo, rahisitori William H. McNeill a akgelang jaana: “Mo e ka nnang dilo tsotlhe tse motho a ileng a di dira mo polaneteng eno e nnile mogolagang fela wa dikotsi le go senya thulaganyo e e tlhomilweng mo setšhabeng.”

3, 4. (a) Re tshwanetse go ithuta Baebele ka tsela efe? (b) Re tlile go tswelela re sekaseka Baebele jang?

3 Baebele e re naya kaelo e e botlhale e re e tlhokang. Ke boammaaruri gore, ba le bantsi ba a tlalelwa fa ba simolola go tlhatlhoba Baebele. Ke buka e kgolo, e bile dikarolo tse dingwe tsa yone ga di motlhofo go tlhaloganngwa. Mme lefa go ntse jalo, fa o ne o ka fiwa lekwalo lengwe la semolao le le neng le bolela se o neng o tshwanetse go se dira gore o kgone go bona boswa bongwe, a o ne o ka se ka wa ipha nako gore o le tlhatlhobe ka kelotlhoko? Fa e le gore o ne o sa tlhaloganye dikarolo dingwe tsa lone, o ne o tla kopa mongwe yo o itseng ka dikgang tseno gore a le go thuse. Ke eng o sa dire jalo ka Baebele? (Ditiro 17:11) Go na le sengwe se se botlhokwa thata go feta boswa jwa dithoto tse di bonalang. Jaaka re setse re ithutile mo kgaolong e e fetileng, go itse Modimo go isa botshelong jo bo sa khutleng.

4 A re sekasekeng buka eno e e senolang kitso ya Modimo. Re tlile go tlhatlhoba Baebele yotlhe ka bokhutshwane. Morago re tla tlotla ka mabaka a a dirang gore batho ba bantsi ba ba nang le kitso ba dumele gore ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.

SE BAEBELE E SE TSHOTSENG

5. (a) Ke eng se se leng mo Dikwalong tsa Sehebera? (b) Ke eng se se leng mo Dikwalong tsa Segerika?

5 Baebele e na le dibuka tse 66 tse di kgaogantsweng ka dikarolo tse pedi, tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha. Dibuka tse 39 tsa Baebele di ne di kwadilwe thata ka Sehebera mme tse 27 ka Segerika. Dikwalo tsa Sehebera, tse di simololang ka Genesise go fitlha ka Malaki, di bua ka popo le dingwaga tsa ntlha tse 3 500 tsa hisitori ya motho. Fa re tlhatlhoba karolo eno ya Baebele, re ithuta kafa Modimo o neng o dirisana ka teng le Baiseraele—go tloga fa morafe wa bone o simolola mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E. go tsena mo lekgolong la bo5 la dingwaga B.C.E.a Dikwalo tsa Segerika, tse di nang le dibuka tse di tlogang ka Mathaio go fitlha ka Tshenolo, di bua thata ka dithuto le ditiro tsa ga Jesu Keresete le barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta Baebele yotlhe?

6 Bangwe ba bolela gore “Tesetamente e Kgologolo” e kwaletswe Bajuta mme “Tesetamente e Ntšha” e kwaletswe Bakeresete. Mme lefa go ntse jalo, go ya ka 2 Timotheo 3:16, ‘lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo e bile lo molemo.’ (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone, fa o ithuta Dikwalo sentle o tshwanetse wa ithuta Baebele yotlhe. Tota e bile, dikarolo tse pedi tseno tsa Baebele di a thusana, di nyalana sentle go buelela setlhogo se le sengwe.

7. Setlhogo sa Baebele ke sefe?

7 Gongwe o na le dingwaga tse dintsi o ntse o ya go reetsa dithero tsa sedumedi mme o kile wa utlwa Baebele e balelwa kwa godimo. Kana o ka tswa o kile wa bala dikarolo dingwe tse di tserweng mo go yone. A o ne o itse gore Baebele e bua selo se le sengwe fela go tswa mo go Genesise go fitlha mo go Tshenolo? Ee, Baebele yotlhe e na le setlhogo se le sengwe fela. Setlhogo seo ke sefe? Ke go tlotlomadiwa ga thata ya Modimo ya go busa batho le go dirwa ga boikaelelo jwa gagwe jo bo lorato ka Bogosi jwa gagwe. Re tlile go bona kafa Modimo o tlileng go diragatsa boikaelelo jono ka gone, moragonyana.

8. Ke eng se Baebele e se senolang ka botho jwa Modimo?

8 Mo godimo ga go bolela boikaelelo jwa Modimo, Baebele e senola gape le botho jwa gagwe. Ka sekai, mo Baebeleng re ithuta gore Modimo o na le maikutlo le gore o amega ka dilo dipe tse re di itlhophelang. (Pesalema 78:40, 41; Diane 27:11; Esekiele 33:11) Pesalema 103:8-14 e bolela gore Modimo “o tletse bopelotlhomogi, mme o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko.” O re utlwela botlhoko, a ‘gakologelwa gore re dirilwe ka lorole’ e bile re boela mo go lone fa re swa. (Genesise 2:7; 3:19) A bo a supa dinonofo tse di gakgamatsang jang ne! A yono ga se Modimo o o ka batlang go o obamela?

9. Baebele e re tlhalosetsa melelwane ya Modimo jang ka phepafalo, mme re ka solegelwa molemo jang ke kitso e e ntseng jalo?

9 Baebele e re bolelela melelwane e e tlhomilweng ke Modimo ka phepafalo. Gantsi e kaiwa gore ke melao. Lefa go ntse jalo, gantsi, e supiwa ke melaometheo e e rutiwang ka dikao. Modimo o ile a dira gore go kwalwe ditiragalo dingwe tsa hisitori ya Iseraele wa bogologolo gore di re solegele molemo. Dipego tseno tse di bolelang dilo fela jaaka di diragetse di supa se se diragalang fa batho ba dira tumalanong le maikaelelo a Modimo, mmogo le dilo tse di utlwisang botlhoko tse di nnang gone fa ba dira dilo kafa ba ratang ka teng. (1 Dikgosi 5:4; 11:4-6; 2 Ditirafalo 15:8-15) Ruri dipego tse di ntseng jalo tsa dilo tse di diragetseng di tla ama dipelo tsa rona fa re di bala. Fa re ka leka go bona ditiragalo tse di kwadilweng tseo ka leitlho la mogopolo, ruri re ka ipona gore re batho bafe mo go ba ba neng ba na le seabe mo go tsone. Ka tsela eno, re ka solegelwa molemo ke dikao tse di molemo mme ra tila go wela mo seraing se se neng sa tshwara badirabosula. Lefa go ntse jalo, potso e e botlhokwa eno e tlhoka go arabiwa: Re ka tlhomamisa jang gore se re se balang mo Baebeleng ruri se tlhotlheleditswe ke Modimo?

A O KA IKANYA BAEBELE?

10. (a) Ke eng fa bangwe ba akanya gore Baebele ga e kake ya thusa sepe mo nakong eno? (b) Ke eng se 2 Timotheo 3:16, 17 e se re bolelelang ka Baebele?

10 Gongwe o lemogile gore dibuka tse dintsi di naya kgakololo e mo dingwageng di le mmalwa e sa tlholeng e le mosola. Go tweng ka Baebele? E kgologolo tota, e bile go fetile dingwaga tse di ka nnang 2 000 fa e sale mafoko a yone a bofelo a kwalwa. Ka jalo, batho bangwe ba akanya gore ga e kake ya thusa ka sepe mo motlheng ono wa rona wa segompieno. Mme fa e le gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, kgakololo ya yone e tshwanetse go tswelela e ntse e thusa lefa yone e ka tswa e le kgologolo. Dikwalo di tshwanetse tsa bo di santse di le “molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

11-13. Ke eng fa re ka bolela gore Baebele e santse e ka thusa mo motlheng ono wa rona?

11 Fa re tlhatlhoba melaometheo ya Baebele sentle go senoga gore e dira sentle fela gompieno fela jaaka e ne e dira fa e ne e kwalwa la ntlha. Ka sekai, fa go tla mo bothong jwa motho, Baebele e naya kitso e e molemo thata e e dirang mo kokomaneng e nngwe le e nngwe ya motho. Re ka kgona go bona seno motlhofo mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng e e fitlhelwang mo bukeng ya Mathaio, dikgaolo 5 go ya go 7. Thero eno e ne ya kgatlha moeteledipele yo o tlhokafetseng wa India, Mohandas K. Gandhi mo go begiwang gore o ne a raya modiredi mongwe yo mogolo wa Moborithane a re: “Fa naga ya gaeno le ya ga etsho di ka dumalana mo dithutong tse di neng tsa bolelwa ke Keresete mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, re tla bo re kgonne go rarabolola mathata eseng fela a dinaga tsa rona mme le a lefatshe lotlhe.”

12 Ga go gakgamatse go bo batho ba kgatlhiwa ke dithuto tsa ga Jesu! Mo Therong ya kwa Thabeng o ne a bolela kafa boitumelo jwa boammaaruri bo ka bonwang ka teng. O ne a tlhalosa kafa dikgotlhang di ka rarabololwang ka teng. Jesu o ne a ntsha ditaelo tsa gore go rapelwe jang. O ne a supa tsela e e botlhale go di gaisa tsotlhe e re tshwanetseng go ikutlwa ka yone ka dilo tsa senama tse re di tlhokang mme a tlhoma Molao wa Sekagouta gore re kgone go tshedisana sentle. Kafa batsietsi ba bodumedi ba ka lemogiwang ka teng le kafa motho a ka bonang isagwe e e babalesegileng ka teng, ke dingwe tsa dintlha tse a neng a di bolela mo therong ya gagwe.

13 Mo Therong ya kwa Thabeng le mo ditsebeng tse dingwe tsa yone, Baebele e re bolelela ka phepafalo se re tshwanetseng go se dira le se re tshwanetseng go se tila gore re tokafatse botshelo jwa rona. Kgakololo ya yone e kgona go dirisiwa tota mo morutisi mongwe a neng a bolela jaana: “Le mororo ke le mogakolodi mo sekolong se segolo e bile ke na le dikerii ya bachelor le master e bile ke badile dibuka tse dintsi ka boitekanelo jwa tlhaloganyo mmogo le tsa thutotlhaloganyo, ke ne ka fitlhela gore kgakololo ya Baebele mo dilong tse di ntseng jaaka go nna le lenyalo le le itumetseng, go thibela boganana jwa bana le kafa o ka nnang le ditsala ka teng, e feta sengwe le sengwe se nkileng ka se bala kana ka se ithuta kwa yunibesithing.” Mo godimo ga gore e kgona go dirisiwa e bile e bua ka dilo tsa gone jaanong, Baebele e ka ikanngwa.

E TLHOMAME E BILE E KA IKANNGWA

14. Ke eng se se bontshang gore Baebele e bua boammaaruri mo dikgannyeng tsa saense?

14 Le mororo Baebele e se buka ya saense, e bua boammaaruri ka dilo tsa saense. Ka sekai, ka nako ya fa batho ba bantsi ba ne ba dumela gore lefatshe le sephaphathi, moperofeti Isaia o ne a re le “kgolokwe” (ka Sehebera, chugh, leo fano le nang le kgopolo ya “kgolokwe”). (Isaia 40:22, NW) Batho ba ne ba simolola go dumela kgopolo eno ya gore lefatshe le kgolokwe diketekete tsa dingwaga fela morago ga motlha wa ga Isaia. Mo godimo ga moo, Jobe 26:7—e e kwadilweng dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng—e bolela gore Modimo o ‘lepeletsa lefatshe kwa go seng sepe.’ Mokanoki mongwe wa Baebele o bolela jaana: “Batho ba ba ganetsang gore Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhotlheleditswe ga ba kgone go araba potso ya gore Jobe o ne a itse jang boammaaruri joo bo neng jwa supiwa ke baithutadinaledi jwa gore lefatshe le lepeletse fela le sa tshikhinyege mo sebakeng fela.”

15. Mokgwa o Baebele e begang dilo ka one o ka nonotsha jang tsela e re e tshepang ka yone?

15 Mokgwa o dilo di begiwang ka one mo Baebeleng le one o dira gore re tshepe buka eno ya bogologolo tota. Go farologana le ditlhamane, ditiragalo tse di umakiwang ke Baebele di umaka batho ba mmatota e bile di diragetse ka matlha a a tlhomameng tota. (1 Dikgosi 14:25; Isaia 36:1; Luke 3:1, 2) Gape, le mororo borahisitori ba bogologolo ba ne ba rata go tlhalosa phenyo ya babusi ba bone ka tsela e e feteletseng mme ba bo ba loba fa ba fentswe kana fa ba dirile diphoso dingwe, bakwadi ba Baebele ba ne ba bolela dilo fela jaaka di diragetse e bile ba ikanyega—le ka maleo a bone a a masisi.—Dipalo 20:7-13; 2 Samuele 12:7-14; 24:10.

BUKA YA BOPEROFETI

16. Ke bosupi bofe jo bo nonofileng go gaisa dilo tsotlhe jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo?

16 Boperofeti jo bo diragetseng bo naya bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Baebele e na le boperofeti jo bontsi jo bo diragetseng ka botlalo. Go phepafetse gore batho ba ne ba ka se ka ba kgona go dira seno. Gone mme he, boperofeti jono bo tswa kae? Baebele ka boyone e bolela gore “ga go polelelopele epe e e kileng ya tla ka go rata ga motho fela; mme go bua ga batho ga tswa mo Modimong, ka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo,” kana maatla a a dirang a Modimo. (2 Petere 1:21) Akanya ka dikai tseno.

17. Ke boperofeti bofe jo bo ileng jwa bolelela pele go wa ga Babilone, mme bo ile jwa diragala jang?

17 Go wa ga Babilone. Isaia le Jeremia ba ne ba bolelela pele botlhe gore Babilone e ne e tla thopiwa ke Bameda le Baperesia. Se se kgatlhang ke gore, tiragalo eno e ne ya kwalwa mo boperofeting jwa ga Isaia dingwaga tse 200 pele Babilone e senngwa! Dikarolo tse di latelang tsa boperofeti jaanong di kwadilwe mo hisitoring: go kgala ga Noka ya Euferatese ka go faposetsa metsi a yone kwa letsheng le le itiretsweng (Isaia 44:27; Jeremia 50:38); go sa dise dikgoro tsa noka ya Babilone kafa tshwanelong (Isaia 45:1); le phenyo ya mmusi yo o neng a bidiwa Kuruse.—Isaia 44:28.

18. Boperofeti jwa Baebele bo ile jwa diragala jang mabapi le go tlhongwa le go phutlhama ga “kgosi ya Gerika”?

18 Go tlhongwa le go phutlhama ga “kgosi ya Gerika.” Daniele o ne a bona phoko e diga phelefu, e roba dinaka tsa yone tse pedi mo ponatshegelong. Morago ga foo, lonaka lo logolo lwa phoko lo ne lwa robega, mme go ne ga tlhoga a le mane mo boemong jwa lone. (Daniele 8:1-8) Daniele o ne a tlhalosediwa jaana: “Phelefu e o e bonyeng e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Phoko e e maodi, ke kgosi ya Gerika; mme lonaka lo logolo lo lo fa gare ga matlho a yone ke kgosi ya ntlha. Ka ga lo lo robegileng, lo dinaka di le nne tse di emeng mo boemong jwa lone, magosi a le mane a tlaa ema a tswa mo morafeng o le mongwe fela, mme e seng ka thata ya yone kgosi eo.” (Daniele 8:20-22) Fela jaaka boperofeti jono bo ne bo boletse, makgolo a mabedi a dingwaga moragonyana, “kgosi ya Gerika,” Alexander yo Mogolo, o ne a thopa Mmusomogolo wa dinaka tse pedi wa Bameda le Baperesia. Alexander o ne a swa ka 323 B.C.E. mme morago go ne ga busa bojenerale ba le bane mo boemong jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, ga go na epe ya dipuso tse di neng tsa latela e e neng ya tshwana le mmusomogolo wa ga Alexander.

19. Ke boperofeti bofe jo bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete?

19 Botshelo jwa ga Jesu Keresete. Dikwalo tsa Sehebera di na le boperofeti jo bontsi jo bo neng jwa diragala ka nako ya botsalo, bodiredi, loso le tsogo ya ga Jesu. Ka sekai, Mika o ne a bolelela pele gore Mesia, kana Keresete, o ne a tla tsalelwa kwa Bethelehema dingwaga tse 700 pele ga foo. (Mika 5:2; Luke 2:4-7) Isaia yo a neng a tshela mo metlheng ya ga Mika o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a tla itewa a bo a kgwelwe mathe. (Isaia 50:6; Mathaio 26:67) Dingwaga tse di ka nnang 500 pele ga foo, Sekaria o ne a perofeta gore Mesia o ne a tla okiwa ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. (Sekaria 11:12; Mathaio 26:15) Dingwaga tse di fetang sekete pele ga foo, Dafite o ne a bolelela pele dilo tse di neng di amana le loso lwa ga Jesu jaaka Mesia. (Pesalema 22:7, 8, 18; Mathaio 27:35, 39-43) Mme dingwaga di le makgolo a matlhano pele ga foo, boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa senola gore Mesia o ne a tla tla leng, gore bodiredi jwa gagwe bo ne bo tla tsaya lobaka lo lo kana kang le nako e a neng a tla swa ka yone. (Daniele 9:24-27) Tseno ke dikai di le mmalwa fela tsa boperofeti jo Jesu Keresete a neng a bo diragatsa. O tlile go fitlhela go le mosola tota go ithuta go le gontsi ka ene moragonyana.

20. Pego e e boammaaruri ya Baebele ya boperofeti jo bo diragetseng e tshwanetse go re naya tsholofelo efe?

20 Go na le boperofeti jo bontsi jwa Baebele jo bo diragetseng jo bo nang le lobaka bo boletswe. ‘Mme gone, bo ama botshelo jwa me jang?’ o ka nna wa botsa jalo. Mme kana, fa mongwe a ne a tlhola a go bolelela boammaaruri ka dingwaga tse dintsi, a o ne o tla simolola go mmelaela ka tshoganetso fela fa a go bolelela sengwe se sesha? Nnyaa! Modimo o ile a bua boammaaruri mo Baebeleng yotlhe. A seno ga se a tshwanela go dira gore o ikanye se Baebele e se solofetsang, jaaka boperofeti jwa yone jo bo bolelang ka lefatshe le le tlang la paradaise? Eleruri, re ka tshepa fela jalo jaaka Paulo, morutwa mongwe wa ga Jesu wa lekgolo la ntlha la dingwaga, yoo a neng a kwala gore ‘Modimo ga o ka ke wa aka.’ (Tito 1:2) Mo godimo ga moo, fa re bala Dikwalo re bo re dirisa kgakololo ya tsone, re dirisa botlhale joo motho a ka se kgoneng go nna najo fela ka boene, ka go bo Baebele ke buka e e senolang kitso ya Modimo e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

‘O TLHOLOGELELWE’ KITSO YA MODIMO

21. O tshwanetse wa dira eng fa dilo dingwe tse o di ithutang mo Baebeleng di dira gore o tlalelwe?

21 Fa o ntse o ithuta Baebele, o tlile go ithuta dilo dingwe tse di farologaneng le se o kileng wa se rutiwa mo nakong e e fetileng. O ka nna wa fitlhela le gore dingwao dingwe tse o di ratang thata tsa bodumedi ga di itumedise Modimo. O tlile go ithuta gore Modimo o tlhomile melao e e kwa godimo ga e e tlwaetsweng mo lefatsheng leno le le senang boitsholo e e supang se se molemo le se se bosula. Seno se ka nna sa dira gore o tlalelwe kwa tshimologong. Mme lefa go ntse jalo, nna pelotelele! Tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko gore o bone kitso ya Modimo. Nna o iketleeditse go fetola tsela e o akanyang ka yone le e o dirang ka yone go ya kafa Baebele e ka nnang ya go gakolola ka teng.

22. Ke ka ntlha yang fa o ithuta Baebele, mme o ka thusa ba bangwe jang go tlhaloganya seno?

22 Ditsala le ba losika ba ka nna ba go ganetsa fa o ithuta Baebele mme bone ba re ba a go thusa, lefa go ntse jalo Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.” (Mathaio 10:32, 33) Bangwe ba ka nna ba boifa gore o tlile go tsena mo lekokong lengwe le le belaetsang kana o tlile go nna motho yo o sa amogeleng megopolo ya ba bangwe. Lefa go ntse jalo, totatota, se o lekang fela go se dira ke go bona kitso e e tlhomameng ka Modimo le boammaaruri jwa gagwe. (1 Timotheo 2:3, 4) Fa o bua le bone ka dilo tse o di ithutang, o nne motho yo o maikutlo a a lekalekaneng, o se ka wa nna manganga, e le gore o tle o kgone go ba thusa go tlhaloganya seno. (Bafilipi 4:5) Gakologelwa gore batho ba le bantsi ba “tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko” fa ba bona bosupi jwa gore kitso ya Baebele e solegela batho molemo.—1 Petere 3:1, 2.

23. O ka dira jang gore o ‘tlhologelelwe’ kitso ya Modimo?

23 Baebele e re kgothatsa jaana: “Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere.” (1 Petere 2:2) Ngwana yo o anyang o ikaega ka go fepiwa ke mmaagwe mme o nnela go mo tsenya letsatsi go fitlha a mo fepa. Ka tsela e e tshwanang, re ikaega ka kitso ya Modimo. ‘Tlhologelelwa’ Lefoko la gagwe ka go tswelela o ithuta. E re ka o itse dilo tseno tsotlhe, itlhomele mokgele wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Pesalema 1:1-3) Seno se tla go leretse masego a le mantsi ka go bo Pesalema 19:11 e bolela jaana ka melao ya Modimo: “Mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a B.C.E. e kaya “before the Common Era, [pele ga Motlha o o Tlwaelegileng],” eo e leng yone e e siameng thata go na le B.C. (“before Christ [pele ga Keresete]”). C.E. e kaya “Common Era [Motlha o o Tlwaelegileng],” gantsi e bidiwa A.D., e e emelang anno Domini, e e kayang “mo motlheng wa Morena wa rona.”

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Baebele e farologana jang le buka epe fela e sele?

Ke ka ntlha yang fa o ka ikanya Baebele?

Ke eng se se go tlhomamisetsang gore Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo?

[Lebokoso mo go tsebe 14]

DIRISA BAEBELE YA GAGO TOTA

Go dirisa Baebele ga se selo se se ka nnang bokete. Dirisa diteng tsa yone go ithuta kafa dibuka tsa Baebele di latelanang ka teng le gore di fa kae.

Dibuka tsa Baebele di na le dikgaolo le ditemana gore o kgone go di bona ka pele. E ile ya kgaoganngwa ka dikgaolo mo lekgolong la bo13 la dingwaga, mme go lebega mogatisi mongwe wa Mofora a ne a kgaoganya Dikwalo tsa Segerika ka ditemana tsa tsone tsa gompieno mo lekgolong la bo16 la dingwaga. Baebele ya ntlha e e feletseng e e neng e na le dikgaolo le ditemana e ne e le thanolo ya Sefora e e neng ya gatisiwa ka 1553.

Fa go umakiwa lokwalo mo bukeng eno, nomoro ya ntlha e supa kgaolo mme e e latelang e supa temana. Ka sekai, fa go twe “Diane 2:5” seo se raya gore ke buka ya Diane, kgaolo 2, temana 5. Fa o itlwaetsa go bula ditemana tse di umakiwang, go ise go e kae o tla kgona go bona ditemana tsa Baebele motlhofo.

Tsela e e molemo thata ya go dirisa Baebele ka botlalo ke go e bala letsatsi le letsatsi. Kwa tshimologong, seno se ka bonala e le selo se se seng motlhofo. Mme fa o bala go tloga ka dikgaolo tse tharo go ya go tse tlhano ka letsatsi, go ya ka gore di boleele jo bo kana kang, o tla kgona go bala Baebele yotlhe ka lobaka lwa ngwaga fela. Ke eng fa o sa simolole gompieno?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

BAEBELE—BUKA E E SA TSHWANENG LE EPE

• Baebele e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo.’ (2 Timotheo 3:16) Le mororo mafoko a yone a kwadilwe ke batho, Modimo o ne wa kaela kafa ba neng ba akanya ka teng, mo e leng gore Baebele eleruri ke “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

• Baebele e ne ya kwalwa mo lobakeng lwa makgolo a le 16 a dingwaga, ke batho ba le 40 ba ba farologaneng thata. Lefa go ntse jalo, se ba se kwadileng se utlwana go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong.

• Baebele e ile ya fenya dikgoreletsi tsotlhe fela go feta buka epe e sele. Mo Metlheng ya Bogare, batho ba ne ba fisiwa ba pegilwe mo koteng fela ka go bo ba ne ba na le khopi ya Dikwalo.

• Baebele ke buka e e rekwang thata go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. E ile ya ranolelwa yotlhe kana karolo ya yone mo dipuong tse di fetang 2 000. Go gatisitswe dimilione di le diketekete tsa dikhopi tsa yone e bile ga go na lefelo lepe fela mo lefatsheng koo o ka se kang wa fitlhela khopi ya yone teng.

• Karolo e kgologolo go di feta tsotlhe ya Baebele e nnile teng ka lekgolo la bo16 la dingwaga B.C.E. Seno ke pele go nna teng Rig-Veda ya Bahindu (mo e ka nnang ka 1300 B.C.E.), kana “Canon of the Three Baskets” (ya lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.) ya Babuda, kana Korane ya Baiselamo (lekgolo la bosupa la dingwaga C.E.), mmogo le Nihongi ya Bashinto (720 C.E.).

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 20]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela