LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rq thuto 6 ts. 12-13
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Batla Gore re Direng?
rq thuto 6 ts. 12-13

Thuto 6

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi jwa Modimo bo kwa kae? (1) Kgosi ya jone ke mang? (2)

A go na le batho ba bangwe ba ba busang le Kgosi eno? Fa e le gore go ntse jalo, ba bakae? (3)

Ke eng se se supang gore re tshela mo metlheng ya bofelo? (4)

Bogosi jwa Modimo bo tla direla batho eng mo isagweng? (5-7)

1. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi jwa Modimo. Bogosi ke puso e e laolwang ke kgosi. Bogosi jwa Modimo ke puso e e kgethegileng. Bo tlhomilwe kwa legodimong mme bo tla busa lefatshe. Bo tla itshekisa leina la Modimo kana go le dira boitshepo. Bo tla dira gore go rata ga Modimo go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—Mathaio 6:9, 10.

2. Modimo o ne wa solofetsa gore Jesu o tla nna Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe. (Luke 1:30-33) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itshupa gore o tla nna Mmusi yo o pelonomi, yo o nang le tshiamiso le yo o itekanetseng. Fa a ne a boela kwa legodimong, ga a ka a fitlha a tlhomiwa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka yone nako eo. (Bahebere 10:12, 13) Ka 1914, Jehofa o ne a naya Jesu taolo e a neng a solofeditse gore O tla mo e naya. Jesu o ne a busa jaaka Kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa kwa legodimong go tloga ka nako eo.—Daniele 7:13, 14.

3. Jehofa o tlhophile gape banna le basadi bangwe mo lefatsheng gore ba ye legodimong. Ba tla busa batho mmogo le Jesu e le dikgosi, baatlhodi le baperesiti. (Luke 22:28-30; Tshenolo 5:9, 10) Jesu o ne a re batho bano ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe ke “letsomanyane.” Ba 144 000.—Luke 12:32; Tshenolo 14:1-3.

4. Fa Jesu a sena go nna Kgosi, o ne a ntsha Satane le baengele ba gagwe ba ba bosula kwa legodimong mme a ba digela mo lefatsheng. Ke ka lebaka leo dilo di ileng tsa senyega thata jaana mo lefatsheng fa e sa le ka 1914. (Tshenolo 12:9, 12) Dintwa, ditlala, malwetse le boikepo jo bo ntseng bo ntsifala—dilo tseno tsotlhe ke karolo ya “sesupo” se se bontshang gore Jesu o a busa le gore tsamaiso eno e tla tloga e fela.—Mathaio 24:3, 7, 8, 12; Luke 21:10, 11; 2 Timotheo 3:1-5.

5. Go ise go ye kae Jesu o tla atlhola batho, a ba kgaoganya jaaka modisa a tle a kgaoganye dinku le dipodi. “Dinku” ke batho ba ba tla itshupang e le babusiwa ba ba ikanyegang. Ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. “Dipodi” ke batho ba ba ileng ba gana Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 25:31-34, 46) Gautshwane jaana Jesu o tla fedisa batho botlhe ba sekadipodi. (2 Bathesalonika 1:6-9) Fa e le gore o batla go nna nngwe ya “dinku” tsa ga Jesu, o tshwanetse gore o reetse molaetsa wa Bogosi mme o dire dilo tse o di ithutang.—Mathaio 24:14.

6. Gone jaanong lefatshe le kgaogantswe ka dinaga di le dintsi. Nngwe le nngwe e na le puso ya yone. Gantsi ditšhaba tseno di a lwantshana. Mme lefa fa go ntse jalo, Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya boemo jwa mebuso eno yotlhe ya batho. E tla nna jone fela jo bo busang mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44) Morago ga foo go tla bo go sa tlhole go na le ntwa, bokebekwa le thubakanyo. Batho botlhe ba tla tshela mmogo ka kagiso le ka kutlwano.—Mika 4:3, 4.

7. Ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, batho ba ba ikanyegang ba tla itekanela mme lefatshe lotlhe e tla nna paradaise. Fa dingwaga tse di sekete di fela, Jesu o tla bo a dirile sengwe le sengwe se Modimo a neng a batla gore a se dire. Morago ga foo, o tla busetsa Bogosi mo go Rraagwe. (1 Bakorinthe 15:24) Ke eng o sa bolelele ditsala tsa gago le batho ba o ba ratang ka se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa Jesu a busa, go tla bo go sa tlhole go na le letlhoo kana go tlhaolana ka lotso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela