LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 3/1 ts. 17-23
  • Kgang ya ga Jehofa le Merafe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgang ya ga Jehofa le Merafe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Katlholo Kgatlhanong le Karolo ya Labokeresete Eo E Letlelelang Sengwe le Sengwe
  • Katlholo Kgatlhanong le Babelona O Mogolo
  • Katlholo Kgatlhanong le “Merahe Eotlhe”
  • Badisa Ba Tla Goa Ba Bo Ba Bokolele
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dikatlholo tsa Modimo Di Tshwanetse go Bolelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Jehofa o Dirile se se Neng Se le Mo Mogopolong wa Gagwe”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 3/1 ts. 17-23

Kgang ya ga Jehofa le Merafe

“Modumō o tla hitlha le kwa sekhutloñ sa lehatshe; gonne Yehofa o na le kgañ le merahe.”—YEREMIA 25:31.

1, 2. (a) Go ne ga diragala eng kwa Juda morago ga loso lwa ga Kgosi Josia? (b) Kgosi ya bofelo ya Juda e ne e le mang, mme o ne a boga jang ka ntlha ya go tlhoka go ikanyega ga gagwe?

NAGA ya Juda e ne e wetswe ke metlha e e bokete go tshela mo go yone. Kgosi nngwe e e molemo, e bong Josia, e ne e ile ya thibela bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa ka lobakanyana. Mme go ne ga sala go diragala eng fa Josia a sena go bolawa ka 629 B.C.E.? Dikgosi tse di ileng tsa mo latela di ne tsa tlontlolola Jehofa.

2 Kgosi ya bofelo ya Juda, e bong Sedekia, morwa wa bonè wa ga Josia, o ne a tswelela pele, jaaka go tlhalosa 2 Dikgosi 24:19, “a diha se se boshula mo ponoñ ea ga Yehofa, yaka cotlhe tse Yehoiakime [mogolowe] o na a di diha.” Go ne ga felela jang? Nebukadenesare o ne a tlhasela Jerusalema, a gapa Sedekia, a bolaya bana ba gagwe a ntse a lebile, a mo foufatsa, a bo a mo isa kwa Babelona. Mo godimo ga moo, Bababelona ba ne ba thopa dijana tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya ga Jehofa, ba bo baa ja tempele le motse ka molelo. Ba ba ileng ba falola ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.

3. Go ne ga simologa lobaka lofe lwa nako fa Jerusalema e ne e senngwa ka 607 B.C.E., mme go ne go tla diragala eng kwa bokhutlong jwa lobaka loo?

3 Ngwaga oo wa 607 B.C.E., o ne wa se ka wa tshwaya fela go swafadiwa ga bofelo ga Jerusalema mme gape le tshimologo ya “metlha ea Badichaba,” e go buiwang ka yone mo go Luke 21:24. Lobaka lono lwa dingwaga tse 2 520 lo ne lwa fela mo lekgolong la rona la dingwaga, ka ngwaga wa 1914. Ka nako eo, nako e ne e tlile ya gore Jehofa, a dirisa Morwawe yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi, e bong Jesu Keresete, yo o leng mogolo mo go Nebukadenesare, a bolele katlholo a bo a e diragatse mo lefatsheng leno le le bosula. Katlholo eno e wela pele setshwani sa Juda sa motlha wa gompieno, setshwani se se ipolelang gore ke moemedi wa Modimo le wa ga Keresete mo lefatsheng.

4. Jaanong go tsoga dipotso dife malebana le boperofeti jwa ga Jeremia?

4 A re bona go tshwana gongwe fa gare ga tlhakatlhakano e e neng e le teng mo dingwageng tsa bofelo tsa fa Juda e ne e busiwa ke dikgosi tsa gagwe—ka ditiragalo tsa masetlapelo tse di neng di diragalela ditšhaba tse di fa gaufi—le tlhakatlhakano e e leng teng mo go Labokeresete gompieno? Eleruri re a go bona! Jalo he, boperofeti jwa ga Jeremia bo bontsha eng malebana le kafa Jehofa a tla tsamaisang dikgang ka gone gompieno? A re boneng.

5, 6. (a) Boemo jwa Labokeresete fa e sale ka 1914 bo tshwana jang le jwa Juda pele fela ga fa e tla senngwa? (b) Jeremia wa motlha wa segompieno o iseditse Labokeresete molaetsa ofe?

5 Moithutamathematiki e bile e le rafilosofi wa Moboritane e bong Bertrand Russell o ne a akgela jaana dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng: “Fa e sale ka 1914, mongwe le mongwe yo o itseng ditiragalo tsa lefatshe tlhoko o ile a tshwenngwa thata ke seo se ntseng se lebega jaaka mosepele o o laoletsweng go le pele le o o rulaganyeditsweng go le pele go ya kwa masetlapelong a magolo go gaisa.” Mme tonakgolo ya Jeremane ebong Konrad Adenauer o ne a bolela jaana: “Matshelo a batho ga a sa tlhole a babalesegile e bile a ritibetse fa e sale ka 1914.”

6 Mo motlheng ono, fela jaaka go ne go ntse mo go wa ga Jeremia, go atamela ga bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo go lemotshega ka go tshololwa ga madi a mantsintsi a a senang molato, bogolo jang mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tse di lolweng mo lekgolong leno la dingwaga. Dintwa tseno, di lolwe segolobogolo ke merafe ya Labokeresete, e e ipolelang fa e obamela Modimo wa Bibela. A boitimokanyi ruri! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a romela Basupi ba gagwe kwa go bone go ba bolelela mafoko ano a a mo go Yeremia 25:5, 6: “A moñwe le moñwe a boeè mo tseleñ ea gagwè e e boshula, le mo boshuleñ yoa ditihō tsa lona . . . Lo se ka loa latèla medimo e sele go e dihèla, le go e ōbamèla, loa ntlhotlheleletsa bogaleñ ka tihō ea diatla tsa lona; me ga nketla ke lo utlwisa botlhoko.”

7. Go na le bosupi bofe jwa gore Labokeresete o tlhokomologile ditlhagiso tsa ga Jehofa?

7 Lefa go ntse jalo, merafe ya Labokeresete e paletswe ke go boa. Seno se itshupile ka go tswelela pele ba ntshetsa modimo wa ntwa ditlhabelo kwa Korea le Vietnam. Mme ba santse ba tsweletse ka go fa babapatsi ba loso e bong badiri ba dibetsa madi. Dinaga tsa Labokeresete di ntshitse bogolo jwa mo e batlileng e le didolara di le terilione (dibilione tse 3,2 tsa diranta) tse di dirisitsweng mo dibetseng ngwaga le ngwaga mo dingwageng tsa bo1980. Go simologa ka 1951 go ya go tsena ka 1991, madi a a ileng a dirisiwa mo bosoleng kwa United States fela a ne a feta dipoelo tsa dikgwebo tse ditona tsotlhe tsa Amerika di kopantswe. Fa e sale go itsisiwe thata ka go fela ga Ntwa ya Molomo, go ile ga fokodiwa dibetsa tsa nyutlelea tse dikgologolo, mme lefa go ntse jalo go santse go na le mekoakoa ya dibetsa tse dingwe tse di borai mme e bile di santse di tlhabololwa. Letsatsi lengwe di ka nna tsa dirisiwa.

Katlholo Kgatlhanong le Karolo ya Labokeresete Eo E Letlelelang Sengwe le Sengwe

8. Mafoko a Yeremia 25:8, 9 a tla diragadiwa jang mo go Labokeresete?

8 Mafoko ano a mangwe a ga Jehofa, a a fitlhelwang mo go Yeremia 25:8, 9 jaanong a lebagane sentle Labokeresete, eo e paletsweng ke go tshela tumelanong le melao ya Bokeresete ya tshiamo: “Ke gōna Yehofa oa mashomōshomō o buañ yana a re: Ereka lo se ka loa utlwa mahoko a me, Bōnañ, ke tla roma ke ea go tsaea ba makgotla aotlhe a kwa ntlheñ ea botsheka, go bua Yehofa, me ke tla roma kwa go Nebukaderesare kgosi ea Babelona, motlhanka oa me, me ke tla ba lere ba tla go tlhabana le lehatshe ye, le banni ba yeōna, le merahe eotlhe e e mo tikologoñ; me ke tla ba senyetsa rure, ke ba diha kgakgamaco le koco, le dichwahalō tse di sa khutleñ.” Ka jalo, sepitla se segolo se tla simolola ka batho ba ba ipitsang ba Modimo, ebong Labokeresete, mme kgabagare se tla apesa lefatshe lotlhe, ‘go ya kwa merafeng yotlhe e e mo tikologong.’

9. Boemo jwa semoya jwa Labokeresete bo nnile maswe thata ka ditsela dife mo motlheng wa rona?

9 Go na le motlha o Bibela e neng e tlotliwa mo go Labokeresete ka one, fa lenyalo le botshelo jwa lelapa di ne di tsewa ke mo e batlileng e le mongwe le mongwe mo lefatsheng jaaka tsone tse di lereng boitumelo, motlha o ka one batho ba neng ba tsoga e sale moso mme ba kgotsofadiwa ke tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi. Batho ba le bantsi ba ne ba itapolosa ka go bala le go ithuta Lefoko la Modimo maitseboa ba tshubile lebone. Mme fa e le mo malatsing ano gone, go tlhakanela dikobo le yole le yole, tlhalo, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le botagwa, boganana, bogagapa, go dira tiro ka go itsemeletsa, go tshwakgolwa ke thelebishene, mmogo le ditiro tse dingwe tse di bosula di sentse botshelo ka selekanyo se se tshosang. Eno ke ketapele ya tshwafatso e Jehofa Modimo a tlogang a e diragatsa mo go Labokeresete yo o letlelelang sengwe le sengwe.

10. Tlhalosa boemo jwa Labokeresete fa dikatlholo tsa ga Jehofa di sena go diragadiwa.

10 Jehofa o bolela jaana, jaaka fa re bala mo go Yeremia kgaolo 25, ditemana 10 le 11: “Ke tla tlosa mo go bōnè modumō oa mokete, le modumō oa boitumelō, lencwe ya monyadi le lencwe ya monyadwi, modumō oa ditshilō, le lesedi ya lobōnè. Me lehatshe ye yeotlhe le tla nna chwahalō, le kgakgamaco.” Eleruri go tlile go gakgamatsa go bona ditempele tse dikgolo le dikago tse di manobonobo tsa Labokeresete di thubagana. Tshenyo eno e tla nna kgolo go le kana kang? Mo motlheng wa ga Jeremia, go swafadiwa ga Juda le merafe e e mo tikologong ya yone go ile ga tsaya dingwaga tse 70, tse Pesalema 90:10 e di tlhalosang gore ke lobaka lo motho a ka lo tshelang. Tiragatso ya katlholo ya ga Jehofa mo motlheng ono e tla bo e feletse, e le ya bosakhutleng.

Katlholo Kgatlhanong le Babelona O Mogolo

11. Ke mang yo o tla dirisiwang go senya Labokeresete? Ka ntlha yang?

11 Jaaka fa go boleletswe pele mo go Tshenolō 17:12-17, nako e tla tla fa Jehofa a tla bo a simolola tiro ya gagwe e e gakgamatsang ka go e tsenya mo dipelong tsa “dinaka tse shomè”—maloko a Lekgotla la Merafe E E Kopaneng a a nang le dibetsa—“go tla di diha maikutlō a ōna” a go swafatsa mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mme seno se tla diragala jang? Go na le ditsela tse dintsi tse “dinaka tse shomè” tsa Tshenolō kgaolo 17 di ka nnang, fa re dirisa mafoko a temana 16, tsa “ila seaka seuō . . . di se hisetsa rure ka molelō.” Go boammaaruri gore, dibetsa tsa nyutlelea di oketsegile le gore di santse di oketsega mo mafelong a le mantsi a ntwa e ka nnang ya runya nako nngwe le nngwe mo go one mo lefatsheng. Mme legale re tshwanetse go ema pele gore re bone gore Jehofa o tla tlhotlheletsa jang dipelo tsa babusi ba sepolotiki go diragatsa pusoloso ya gagwe.

12. (a) Babelona o ne a diragalelwa ke eng fa a sena go senya Jerusalema? (b) Merafe e tla diragalelwa ke eng fa Labokeresete a sena go senngwa?

12 Mo metlheng ya bogologolo, Babelona le ene o ne a aramela bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang. Go dumelana le seemo, go simolola ka Yeremia kgaolo 25, temana 12, boperofeti bo leba dilo ka tsela e nngwe gape e e sa tshwaneng. E re ka jaanong e sa tlhole e le Modiragatsakatlholo wa ga Jehofa, Nebukadenesare le Babelona jaanong ba kopanngwa le merafe yotlhe ya selefatshe. Seemo seo se tshwana le se se leng teng gompieno. “Dinaka tse shomè” tsa Tshenolō kgaolo 17 di tla swafatsa bodumedi jwa maaka, mme kwa morago le tsone ka botsone di tla senngwa le “dikgosi tsa lehatshe” tsotlhe, jaaka fa go tlhalositswe mo go Tshenolō kgaolo 19. Yeremia 25:13, 14 e tlhalosa kafa Babelona, mmogo le “merahe eotlhe” e e ileng ya sotla batho ba ga Jehofa, e tla atlholwang ka gone. Jehofa o ne a dirisitse Nebukadenesare go diragatsa katlholo ya gagwe mo go Juda. Mme ene le dikgosi tsa Babelona tse di ileng tsa tla moragonyana di ne tsa ikgantshetsa Jehofa ka boene, jaaka go ile ga bonala, ka sekai, fa ba ne ba tlontlolola dijana tsa tempele ya ga Jehofa. (Daniele 5:22, 23) Mme e ne ya re fa Bababelona ba senya Jerusalema, merafe e e neng e bapile le Juda—ya Moaba, Amone, Ture, Edoma, le e mengwe—e ne ya ipela ya ba ya sotla batho ba Modimo. Le bone ba tshwanetse go amogela tuelo e e ba tshwanetseng go tswa kwa go Jehofa.

Katlholo Kgatlhanong le “Merahe Eotlhe”

13. Go tewa eng fa go twe “senwèlō sa boyalwa yoa cararègō,” mme ba ba se nwang ba diragalelwa ke eng?

13 Ka jalo, Jeremia o bolela jaana, jaaka fa go kwadilwe mo go kgaolo 25, ditemana 15 le 16: “Yehofa, Modimo oa Iseraela, o nthaea yana: a re, Tsaea senwèlō sa boyalwa yoa cararègō e mo atleñ sa me, me u bo nosè merahe eotlhe e ke gu romañ kwa go eōna. Me ba tla nwa, ba tla thèèkèla, ba tsènwa, ka ntlha ea chaka e ke tla e tsenyañ mo go bōnè.” Ke ka ntlha yang fa go twe ke ‘senwelo sa bojalwa jwa tšararego ya ga Jehofa’? Mo go Mathaio 26:39, 42 le Yohane 18:11, Jesu o ne a bua ka “senwèlō” a tshwantshetsa se Modimo a neng a batla a se dira. Ka tsela e e tshwanang, senwelo se dirisiwa go tshwantshetsa thato ya ga Jehofa ya gore merafe e nwe go ipusolosetsa ga gagwe ga bomodimo. Yeremia 25:17-26 e bolela merafe eno e e tshwantshetsang merafe ya gompieno.

14. Go ya ka boperofeti jwa ga Jeremia, ke bomang ba ba nwang mo senwelong sa bojalwa jwa tšararego ya bogale jwa ga Jehofa, mme seno se tshwantshetsa eng mo motlheng wa rona?

14 Morago ga gore Labokeresete, fela jaaka go ile ga nna ka Juda, e dirwe ‘lefelo le le swafetseng, selo se se gakgamatsang, selo sa go leletswa molodi le go hutsiwa,’ karolo e e setseng ya mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka e tla bo e emetswe ke tshenyego. Go tswa foo, lefatshe lotlhe jaaka le tshwantshediwa ke Egepeto, le tshwanetse go nwa senwelo sa mofine wa tšararego ya ga Jehofa! Ee, “dikgosi cotlhe tsa kwa ntlheñ ea botsheka, kwa kgakala le ha gauhi, ñwe le ñwe; le magosi aotlhe a lehatshe, a a mo lehatshiñ yeotlhe” a tshwanetse go nwa. Kwa bofelong, “le kgosi ea Sheshaka e tla nwa moragō ga bōnè.” Mme “kgosi ea Sheshaka” eno ke mang? Sheshaka ke leina la tshwantshetso, leina le le nang le bokao jo bo fitlhegileng, la Babelona. Fela jaaka Satane e ne e le kgosi e e sa bonaleng e e neng e busa Babelona, le gompieno e santse e le “kgōsana ea lehatshe,” jaaka Jesu a bontshitse. (Yohane 14:30) Ka jalo, Yeremia 25:17-26 e tsamaisana le Tshenolō kgaolo 18 go ya go 20 ka go tlhalosa ka phepafalo tatelano ya ditiragalo tsa fa senwelo sa bogale jwa ga Jehofa se ntse se fetisiwa. Go tla senngwa pele mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka, go bo go latela mebuso ya bopolotiki, mme kwa bofelong Satane ka boene o tshwanetse go latlhelwa mo moleteng.—Tshenolō 18:8; 19:19-21; 20:1-3.

15. Go tla diragala eng fa go sena go utlwiwa mokgosi wa “kagishō le thagamō”?

15 Go ntse go buiwa thata ka kagiso le polokesego fa e sale go twe Ntwa ya Molomo e fedile mme jaanong go setse mmuso o o nonofileng o le mongwe fela. Jaaka fa go boletswe mo go Tshenolō 17:10, mmuso o o nonofileng oo, tlhogo ya bosupa ya sebatana, o tshwanetse “go nna lobakanyana.” Mme “lobakanyana” loo lo tloga lo fela. Mo bogautshwaneng, modumo wa sepolotiki wa “kagishō le thagamō” o tla sutela “tshenyègō [e e tla ba welang ka] choganeco.” Go bolela jalo moaposetoloi Paulo.—1 Bathesalonia 5:2, 3.

16, 17. (a) Go tla felela ka eng fa bangwe ba ka leka go falola katlholo ya ga Jehofa? (b) Thato ya ga Jehofa e tloga e direga jang ka tsela e e senyang mo lefatsheng mo bogautshwaneng?

16 Tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya lefatshe, go simolola ka Labokeresete, e tshwanetse go nwa mo senwelong sa pusoloso ya ga Jehofa. Taelo e nngwe gape eo a neng a e neela Jeremia, e e kwadilweng mo go kgaolo 25, ditemana 27 go ya go 29, e tlhomamisa seno: “U di reè, u re, Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela, o bua yana: a re, Nwañ, lo tagwè, lo tlhatsè, lo wè, me lo se ka loa tlhōla lo coga, ka ntlha ea chaka e ke tla e tsenyañ mo go lona. Me go tla dihala, go re, ha ba gana go chola senwèlō mo seatleñ sa gago go se nwa, hoñ u ba reè, u re, Yehofa oa mashomōshomō o bua yana, a re, Rure lo tla nwa. Gonne, bōnañ, ke simolola go diha boshula mo motsiñ o o bidiwañ ka leina ya me, me a lona lo chwanetse ha lo ka tlhōkèla rure go bediwa? Ga lo ketla lo tlhōka go bediwa: gonne ke tla biletsa banni botlhe ba lehatshe chaka, go bua Yehofa oa mashomōshomō.”

17 Ao ke mafoko a a bogale—mafoko a a boifisang eleruri, ka go bo a buiwa ke Morena Molaodi wa lobopo lotlhe, Jehofa Modimo. O ntse a itshokile ka bopelotelele fa leina la gagwe le le boitshepo le ntse le tlhapadiwa, le rogakwa, le bile le ilwa. Legale, jaanong nako e gorogile ya gore a arabe thapelo e Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete, a ileng a e ruta barutwa ba gagwe fa a ne a le mono lefatsheng: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Go rata ga ga Jehofa ke gore Jesu a dire jaaka chaka ya Gagwe fa a ipusolosetsa.

18, 19. (a) Ke mang yo o palameng pitse a ya go fenya mo leineng la ga Jehofa, mme o emela eng pele a wetsa phenyo ya gagwe? (b) Fa baengele ba lesa matsubutsubu a diphefo tsa bogale jwa ga Jehofa, go tla diragala dilo dife tse di boifisang mo lefatsheng?

18 Mo go Tshenolō kgaolō 6, la ntlha re bala kaga Jesu a palame pitse e tshweu a ya ‘go fenya le go tswelela pele a fenya.’ (Temana 2) Seno se ne sa simolola fa a ne a tlhomiwa jaaka Kgosi kwa legodimong ka 1914. Dipitse tse dingwe le bapalami ba tsone ba mo sala morago, ba tshwantshetsa ntwa e e aparelang lefatshe, leuba, le malwetsi a a saleng a ntse a tlhasela lefatshe la rona fa e sale ka nako eo. Mme tlhakatlhakano eno yotlhe e tla fela leng? Tshenolō kgaolo 7 e re itsise gore baengele ba bane ba tshwere “diphehō tsa lehatshe coo nnè” ka thata go fitlha Iseraela wa semoya le ba boidiidi jo bogolo go tswa mo merafeng yotlhe ba setse ba kgobokantswe gore ba bolokwe. (Temana 1) Go tswa foo go diragala eng?

19 Yeremia kgaolo 25 e tswelela pele jaana mo ditemaneng 30 le 31: “Yehofa o tla haologa a le kwa godimoñ, o tla ntsha lencwe ale kwa bonnoñ yoa gagwè yo bo itshepileñ, o tla haologèla lesaka ya gagwè ka thata; o tla goèla godimo yaka ba ba gatañ difine, a goèlètsa banni botlhe ba lehatshe. Modumō o tla hitlha le kwa sekhutloñ sa lehatshe; gonne Yehofa o na le kgañ le merahe, o tla sèka le batho botlhe; me kaga baikepi, o tla ba neèla chaka, go bua Yehofa.” Ga go na morafe ope o o tla se kang o nwa senwelo sa tšararego ya ga Jehofa jalo. Ka gone, eno ke nako ya gore batho botlhe ba ba dipelo di siameng ba ikgaoganye le boikepo jwa merafe ka bonako pele baengele ba bane ba lesa matsubutsubu a diphefo tsa bogale jwa ga Jehofa. E tla bo e le matsubutsubu eleruri, ka gonne boperofeti jwa ga Jeremia bo tswelela pele jaana mo ditemaneng 32 le 33, 33:

20. Ke ditiragalo dife tse di gatelelang kafa katlholo ya ga Jehofa e leng botlhoko ka gone, mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa kgato eno e tlhokega?

20 “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Bōnañ, boshula bo tla tsamaea bo tlhomagantse merahe, me go tla cosiwa ledimo ye legolo ye le cwañ kwa dikhutloñ tsa lehatshe. Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe: ga ba ketla ba lelèlwa, leha e le go phuthwa, leha e le go hitlhwa: ba tla nna lechotèlō hèla mo godimo ga mbu.” Eleruri ke ditiragalo tse di tsitsibanyang mmele, mme lefa go ntse jalo kgato eno e a tlhokega gore go tlosiwe boikepo mo lefatsheng lotlhe pele go tlisiwa Paradaise e e solofeditsweng ke Modimo.

Badisa Ba Tla Goa Ba Bo Ba Bokolele

21, 22. (a) Mo go Yeremia 25:34-36, ke bomang ba e neng e le “badisa” ba Iseraele, mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlamega go bokolela? (b) Ke badisa ba motlha wa segompieno ba ba tshwanelwang ke bogale jwa ga Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa bo ba tshwanela thata jaana?

21 Ditemana 34 go ya go 36 di bua mo go oketsegileng kaga katlholo ya ga Jehofa, di re: “Bōkōlèlañ lona badisa, lo kgayayègè; bidikamañ mo meloreñ, lona bagolwane ba lecomane; gonne metlha ea polaō ea lona e hitlhile ka botlalō, me ke tla lo thubaganya, me lo tla wa yaka seyana se se eletsègañ. Me badisa ba tla tlhōka tsela e ba ka tshabañ ka eōna, le bagolwane ba lecomane tsela e ba ka halolañ ka eōna. A kodu ea kgayayègō ea badisa, le ea pōkōlèlō ea bagolwane ba lecomane! gonne Yehofa o kgakgabatsa bohulō yoa bōnè.”

22 Badisa bano ke bomang? Ga se baeteledipele ba bodumedi, ba ba setseng ba nole bogale jwa ga Jehofa. Ke badisa ba ba nnang ba ipaakanyeditse ntwa ba le bone ba tlhalosiwang mo go Yeremia 6:3, ba ba kgobokanyang masole a bone ka ditlhopha tse dikgolo kgatlhanong le Jehofa. Ke babusi ba bopolotiki, ba ba ikhumisitseng ka babusiwa ba bone. Bontsi jwa bone ke manweenwee, maferefere a a tsietsang. Ga ba a ka ba itlhaganelela go thusa batho mo maubeng a a feditseng ba le bantsi mo dinageng tse di sa itsholelang. Ba humisa “bagolwane ba lecomane,” ba ba tshwanang le babapatsi ba bagolo ba dibetsa le batho ba ba bogagapa ba ba senyang tikologo, mme ba gana go thusa ka kalafi le dijo tse di sa lopeng madi a a kalo tse di neng di ka boloka bana ba ba swang ba le dimilionemilione.

23. Tlhalosa kafa karolo e e busiwang ke Satane e nnang ka gone fa Jehofa a sena go dira ditiro tsa gagwe tsa go senya.

23 Ga go gakgamatse he go bo Yeremia kgaolo 25 e konela, mo ditemaneng tsa 37 le 38, ka go bolela jaana ka ba ba neng ba ipatlela kagiso ka bobone fela ka bopelotshetlha: “Meraka e agile hèla e tuuladicwe ka ntlha ea bogale yo bo tukañ yoa ga Yehofa. O tlogetse secwacwa sa gagwè, yaka tau: gonne lehatshe ya bōnè le hetogile kgakgamaco ka ntlha ea bogale yoa chaka e e pitlaganyañ, le ka ntlha ea bogale yoa gagwè yo bo tukañ.” A kgakgamatso ruri! Mme lefa go ntse jalo, Jehofa eleruri o tla supa bogale jwa gagwe jo bo tukang ka Ene yo o tlhalosiwang mo go Tshenolō 19:15, 16 go twe ke “Kgosi ea dikgosi le Morena wa barena,” yo o disang merafe ka tsamma ya tshipi. Go latela eng morago ga foo?

24. Go senngwa ga bodumedi jwa maaka le lefatshe lotlhe la ga Satane go tla tlisetsa batho ba ba siameng masego afe?

24 A o kile wa falola matsubutsubu a diphefo kana kgwanyape? Ke tiragalo e e tshosang. Mme lefa go ntse jalo mo mosong o o latelang, le fa o ka bona go tletsetletse masalela a dilo tse di senyegileng, phefo yone e a bo e le phepa e bile e iketlile mo e leng gore o ka ba wa leboga Jehofa go bo a tlhabisitse letsatsi le le monate thata jalo. Ka tsela e e tshwanang, fa diphefo tsa matlakadibe tsa sepitla se segolo di sena go kokobela, o ka lebelela lefatshe ka go leboga gore o bo o santse o tshedile e bile o iketleeditse go nna le seabe mo tirong e e oketsegileng ya ga Jehofa ya go fetola lefatshe le le phepafaditsweng paradaise e e galalelang. Kgang ya ga Jehofa le merafe e tla bo e weditswe ka botlalo, mme seo se tla itshekisa leina la gagwe le go bula tsela gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng kafa tlase ga Puso ya Mileniamo ya Bogosi jwa ga Mesia. A Bogosi joo bo tle mo bogautshwaneng tlhe!

Go boeletsa dirapa 5-24 tsa setlhogo seno

◻ Ke ditsela dife tsa boitimokanyi tsa Labokeresete tse jaanong di atlholwang?

◻ Yeremia 25:12-38 e tlhalosa katlholo ka bophara jang?

◻ Merafe yotlhe e neelwa senwelo sefe sa ipusolosetso?

◻ Badisa ba ba goang le go bokolela ke bomang, mme ke ka ntlha yang fa ba tshwenyegile?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o tlhophile se a tla se dirisetsang go senya Labokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Morago ga diphefo tsa matlakadibe tsa sepitla se segolo, go tla bonala lefatshe le le phepafaditsweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela