LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 17-22
  • ‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ fa Bofelo bo Ntse bo Atamela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ fa Bofelo bo Ntse bo Atamela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ mo Dikamanong Tsa Rona ka Namana
  • ‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ le Maikarabelo a Lelapa
  • “Go Itekanela Sentle ga Mogopolo” mo Tseleng e re Lebang Thuto ka Yone
  • ‘O se Ka wa Ipatlela Dilo Tse Dikgolo’
  • Go Dirisa Nako e e Setseng Sentle
  • Tswelela Pele o Tshela ka “go Itekanela Sentle ga Mogopolo”
  • O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Leka go Leba Batho ba Bangwe Jaaka Jehofa a ba Leba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 17-22

‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ fa Bofelo bo Ntse bo Atamela

“Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong.”—1 PETERE 4:7.

1. Ke eng se se akarediwang ka go “itekanela sentle mo mogopolong”?

MAFOKO a a fa godimo a ga moaposetoloi Petere a tshwanetse a ama thata tsela e Bakeresete ba tshelang matshelo a bone ka yone. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a sa bolelele babadi ba gagwe go tlogela maikarabelo a a tlwaelegileng le go amega ka dilo dingwe tse di amang botshelo; le gone o ne a sa ba kgothaletse gore ba boife thata tshenyego e e ntseng e atamela. Go na le moo, o ne a rotloetsa jaana: “Nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong.” ‘Go itekanela sentle mo mogopolong’ go akaretsa go leba dilo sentle, go nna le temogo, go nna botlhale, go nna batho ba ba akanyetsang mo puong le mo ditirong tsa rona. Go raya gore re letle Lefoko la Modimo le laole tsela e re akanyang ka yone le ditiro tsa rona. (Baroma 12:2) E re ka re tshela “mo kokomaneng e e kgopameng le e e sokegileng,” go tlhokega gore re itekanele mo mogopolong go tila mathata le matshwenyego.—Bafilipi 2:15.

2. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo solegela Bakeresete molemo jang gompieno?

2 Gape ‘go itekanela sentle mo mogopolong’ go re thusa gore re itebe ka tsela e e tlhapogetsweng. (Tito 2:12; Baroma 12:3) Seno se botlhokwa ka ntlha ya mafoko a a kwadilweng mo go 2 Petere 3:9: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” Ela tlhoko gore Jehofa o pelotelele, e seng fela le batho ba e seng badumedi, mme gape le “lona”—maloko a phuthego ya Bokeresete. Ka ntlha yang? Ka gonne “ga a eletse gore ope a senngwe.” Gongwe bangwe ba sa ntse ba tlhoka go dira diphetogo le dipaakanyo dingwe e le gore ba tshwanelegele mpho eno ya botshelo jo bo sa khutleng. Ka gone a re lebeng dikarolo tse go ka nnang ga tlhokega gore re dire dipaakanyo dingwe mo go tsone.

‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ mo Dikamanong Tsa Rona ka Namana

3. Ke dipotso dife tse batsadi ba ka ipotsang tsone malebana le bana ba bone?

3 Legae le tshwanetse la nna lefelo le go nang le kagiso mo go lone. Mme mo bathong ba bangwe ke ‘ntlo e e tletseng . . . komano.’ (Diane 17:1) Go tweng ka lelapa la gago? A legae la gago ga le na “tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa”? (Baefeso 4:31) Go tweng ka bana ba gago? A ba ikutlwa ba ratiwa le go anaanelwa? (Bapisa Luke 3:22.) A o ipha nako ya go ba ruta le go ba thapisa? A o ‘otlhaya ka tshiamo’ go na le ka tšhakgalo le ka bogale? (2 Timotheo 3:16, bapisa NW.) E re ka bana e le “boswa jwa [ga] Jehofa,” o kgatlhegela thata tsela e ba tshwarwang ka yone.—Pesalema 127:3.

4. (a) Ke eng se se ka diragalang fa monna a tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e e makgwakgwa? (b) Basadi ba ka rotloetsa jang kagiso le Modimo le boitumelo mo lelapeng lotlhe?

4 Go tweng ka molekane wa rona wa lenyalo? “Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse ba bo ba rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaele, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.” (Baefeso 5:28, 29) Monna yo o sotlang, yo o renang, kana yo o sa akanyetseng ga a senye kagiso ya mo gae fela mme gape o nyatsa botsalano jwa gagwe le Modimo. (1 Petere 3:7) Go tweng ka basadi? Le bone ba tshwanetse “ba ipeye mo taolong ya banna ba bone jaaka mo Moreneng.” (Baefeso 5:22) Fa mosadi a akanya ka go itumedisa Modimo go ka mo thusa gore a se tlhokomele thata diphoso tsa monna wa gagwe mme a mo ikobele a sa ngongorege. Ka dinako tse dingwe, mosadi a ka nna a ikutlwa a patelesega go ntsha mogopolo wa gagwe. Diane 31:26 e bolela jaana ka mosadi yo o nang le bokgoni: “O tumolola molomo wa gagwe ka botlhale; mme molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe.” Ka go tshwara monna wa gagwe ka tsela e e pelonomi, le e e tlotlegang o nna le kagiso le Modimo, e bile o rotloetsa gore go nne le boitumelo mo lelapeng lotlhe.—Diane 14:1.

5. Ke ka ntlha yang fa basha ba tshwanetse go latela kgakololo ya Baebele e e malebana le tsela e ba tshwarang batsadi ba bone ka yone?

5 Basha, lo tshwara batsadi ba lona jang? A lo bua lo ngongola, ka tsela e e sa bontsheng tlotlo e gantsi e letlelelwang ke lefatshe? Kana a lo utlwa taolo eno ya Baebele: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rraago le mmaago’; se e leng taolo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore go tle go tsamaye sentle ka wena le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng’”?—Baefeso 6:1-3.

6. Re ka batla go nna le kagiso jang le baobamedikarona?

6 Gape re bontsha ‘go itekanela sentle mo mogopolong’ fa re ‘senka kagiso mme re e latelela’ le baobamedikarona. (1 Petere 3:11) Go sa dumalane le go sa utlwisisane go a tle go nne teng gangwe le gape. (Jakobe 3:2) Fa letlhoo le ka dumelelwa go gola, kagiso ya phuthego yotlhe e ka nna mo kotsing. (Bagalatia 5:15) Ka jalo rarabololang dikgotlhang ka bonako; senkang ditharabololo tse di tla dirwang ka kagiso.—Mathaio 5:23-25; Baefeso 4:26; Bakolosa 3:13, 14.

‘Go Itekanela Sentle mo Mogopolong’ le Maikarabelo a Lelapa

7. (a) Paulo o ne a kgothaletsa jang go bontsha “go itekanela sentle ga mogopolo” mo dilong tse di tlwaelegileng fela? (b) Banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le maikarabelo a mo gae?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba “tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo.” (Tito 2:12) Go a kgatlha ka gore, mo kgaolong eno, Paulo o kgothatsa basadi “go rata banna ba bone, go rata bana ba bone, go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile, e le badiri kwa gae.” (Tito 2:4, 5) Paulo o ne a kwala seno mo dingwageng tsa bo61-64 C.E., e leng dingwaga di sekae pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuda. Le fa go ntse jalo, dilo tse di tlwaelegileng, tse di jaaka tiro ya mo gae, di ne di sa ntse di le botlhokwa. Ka gone banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go leba maikarabelo a mo gae a bone ka tsela e e molemo le e e siameng e le gore “lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.” Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya kopa maitshwarelo mo moeting ka gonne legae la yone le ne le le mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong. O ne a tlhalosa gore le ne le tlhakatlhakane “ka gonne a ne a bula tsela.” Go molemo gore re bo re ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya Bogosi, mme re tshwanetse go tlhokomela gore ga re tsenye boitekanelo jwa malapa a rona mo kotsing.

8. Ditlhogo tsa malapa di ka tlhokomela jang dilo tse malapa a tsone a di tlhokang ka tsela e e lekalekaneng?

8 Baebele e rotloetsa borre go baya malapa a bone kwa pele, e bolela gore yo o palelwang ke go tlamela ba lelapa la gagwe “o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Ditekanyetso tsa go tshela ga di tshwane mo lefatsheng lotlhe, mme go molemo gore re nne tekatekanyo mo go batleng dikhumo. O se ka wa “nnaya khumanego le fa e le khumo,” go ne ga rapela jalo mokwadi wa Diane 30:8. Le fa go ntse jalo, batsadi ga ba a tshwanela go tlhokomologa dilo tse di bonalang tse bana ba bone ba di tlhokang. Ka sekai, a go tla bo go le botlhale go tlogela lelapa la gago ka boomo le se na dilo tsa konokono tse di tlhokegang tsa botshelo ka go bo re batla go latelela fela ditshiamelo tsa puso ya Modimo? A seno se ka se utlwise bana ba gago botlhoko? Mo letlhakoreng le lengwe, Diane 24:27 e bolela jaana: “Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o e iketleeletse kwa nageng; mme morago ga moo, o age ntlo ya gago.” Ee, le fa go amega ka dithoto go na le maemo a gone, ‘go aga ntlo ya motho’—mo semoyeng le mo maikutlong—ke selo se se botlhokwa.

9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale gore ditlhogo tsa malapa di akanyetse kgang ya fa di ka tlhokafala kana tsa lwala?

9 A o dirile dithulaganyo tsa go tlhokomela ba lelapa la gago fa go ka direga gore o tlhokafale ka tshoganetso? Diane 13:22 e bolela jaana: “Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa.” Mo godimo ga boswa jwa go nna le kitso ka ga Jehofa le go nna le botsalano le ene, batsadi ba tla kgatlhegela go tlamela bana ba bone ka dilo tse di bonalang. Mo dinageng di le dintsi ditlhogo tsa malapa tse di nang le boikarabelo di tla leka go baya madi, go dira wili e e ka fa molaong, le inshorense. Tota e bile, batho ba Modimo ga ba a sirelediwa mo ‘motlheng le mo ditiragalong tse di sa lebelelwang.’ (Moreri 9:11, NW) Madi ke “phemelo,” mme go rulaganya dilo ka kelotlhoko gantsi go ka tila bothata. (Moreri 7:12) Mo dinageng tse kalafi e sa duelweng ke puso, bangwe ba ka nna ba tlhopha go beela madi a boitekanelo kwa thoko kana go rulaganya go dira mofuta mongwe wa inshorense ya boitekanelo.a

10. Batsadi ba Bakeresete ba ka “beela” bana ba bone jang?

10 Gape Dikwalo di bolela jaana: “Bana ga baa tshwanela go beela batsadi ba bone, mme batsadi ke bone ba tshwanetseng go beela bana ba bone.” (2 Bakorintha 12:14) Mo lefatsheng go tlwaelegile gore batsadi ba beele bana ba bone madi a thuto le a go nyala mo isagweng e le gore ba simolole botshelo sentle. A o kile wa akanya ka go rulaganyetsa ngwana wa gago isagwe ya semoya? Ka sekai, a re re gongwe ngwana yo o godileng o tsenetse bodiredi jwa nako e e tletseng. Le fa gone batlhanka ba nako e e tletseng ba sa tshwanela go batla kana go lebelela go thusiwa ke batho ba bangwe, batsadi ba ba lorato ba ka nna ba tlhopha go ‘mo abela go ya ka dilo tse a di tlhokang’ e le gore ba mo thuse gore a tswelele pele a le mo tirelong ya nako e e tletseng.—Baroma 12:13; 1 Samuele 2:18, 19; Bafilipi 4:14-18.

11. A go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng malebana le madi go supa gore motho ga a na tumelo? Tlhalosa.

11 Fa o leba madi ka tsela e e tshwanetseng ga go bontshe gore ga o dumele gore tsamaiso e e boikepo ya ga Satane e gaufi le go khutla. Ke kgang fela ya go bontsha “botlhale jo bo itekanetseng” le go leba dilo sentle. (Diane 2:7; 3:21) Jesu o kile a bolela gore “barwa ba tsamaiso eno ya dilo ba botlhale . . . ka tsela e e ka dirisiwang, go gaisa kafa barwa ba lesedi ba leng botlhale ka gone” mo tseleng e ba dirisang madi ka yone. (Luke 16:8) Ga go gakgamatse he, go bo bangwe ba ne ba bona go tlhokega go dira diphetogo mo tseleng e ba dirisang dikhumo tsa bone ka yone, e le gore ba tlhokomele dilo tse di tlhokwang ke ba malapa a bone botoka.

“Go Itekanela Sentle ga Mogopolo” mo Tseleng e re Lebang Thuto ka Yone

12. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe jang gore ba tlwaele maemo a masha?

12 “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga,” mme diphetogo tse dikgolo tsa itsholelo le go tokafadiwa ga boranyane di diragala ka bonako. (1 Bakorintha 7:31) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba fetofetoge le maemo. O ne a ba bolelela jaana fa a ne a ba roma mo letsholong la bone la ntlha la go rera: “Lo se ka lwa tseela dikgwama tsa lona tsa moitlamo gouta kgotsa selefera kgotsa kopore, kgotsa lwa tseela loeto kgetsana ya dijo, kgotsa diaparo tse pedi tsa kafa teng, kgotsa bompaatšhane kgotsa lore; gonne modiri o tshwanelwa ke dijo tsa gagwe.” (Mathaio 10:9, 10) Le fa go le jalo, mo lekgetlhong le lengwe Jesu o ne a bolela jaana: “A ene yo o nang le sekgwama a se tseye, ka tsela e e tshwanang le kgetsana ya dijo.” (Luke 22:36) Ke eng se se neng se fetogile? Maemo. Seemo sa bodumedi se ne se setse se se botsalano, mme jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go itlhokomela.

13. Boikaelelo jo bogolo jwa thuto ke eng, mme batsadi ba ka tshegetsa bana ba bone jang mo ntlheng eno?

13 Ka mo go tshwanang gompieno, batsadi ba ka nna ba tlhoka go akanyetsa maemo a a leng teng gompieno a itsholelo. Ka sekai, a o tlhomamisa gore bana ba gago ba bona thuto e e lekaneng? Boikaelelo jo bogolo jwa thuto e tshwanetse ya nna go thusa mosha gore a nne modiredi yo o nang le bokgoni wa ga Jehofa. Mme thuto e e botlhokwa go di feta tsotlhe ke thuto ya semoya. (Isaia 54:13) Gape batsadi ba amegile ka gore a bana ba bone ba tla kgona go itlamela ka madi. Ka jalo, kaela bana ba gago, ba thuse go tlhopha dithuto tsa sekolo tse di tshwanetseng, mme o buisane le bone gore a go botlhale go tswelela pele le thuto epe e e oketsegileng kana nnyaa. Ditshwetso tse di ntseng jalo ke boikarabelo jwa lelapa, mme batho ba bangwe ga ba a tshwanela go tshwaya tsela e ba e tsereng phoso. (Diane 22:6) Go tweng ka bao ba itlhophetseng gore ba rute bana ba bone mo gae?b Le fa batho ba le bantsi ba dirile tiro e ntle, bangwe ba bone tiro eno e le boima go feta jaaka ba ne ba akantse, mme bana ba bone ba ile ba nna le diphelelo tse di sa itumediseng tsa gone. Ka jalo fa o akanyetsa go rutela bana mo gae, tlhomamisega go bala ditshenyegelo, o sekaseka ka tshwanelo gore a o na le bokgoni le boikgapo jo o bo tlhokang go tswelela pele.—Luke 14:28.

‘O se Ka wa Ipatlela Dilo Tse Dikgolo’

14, 15. (a) Baruke o ne a sa tlhole a le tekatekanyo jang mo dilong tsa semoya? (b) Ke ka ntlha yang fa e ne e le boeleele gore a ‘ipatlele dilo tse dikgolo’?

14 E re ka bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ise bo tle, bangwe ba ka nna ba leka go batla se lefatshe leno le ka ba nayang sone—ditiro tse di tlotlegang, ditiro tse di duelang thata le dikhumo. Akanya ka mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke. O ne a hutsafala jaana: “A motho wa mogolo nna! Gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana; ke lapile ka go fegelwa ga me, ga ke bone boikhutso bope.” (Jeremia 45:3) Baruke o ne a lapile. Go direla e le mokwaledi wa ga Jeremia e ne e le tiro e e boima, e e ngomolang pelo. (Jeremia 36:14-26) Mme go ne go bonala go ngomoga pelo go sa fele. Go ne go tla feta dingwaga di le 18 pele Jerusalema e senngwa.

15 Jehofa o ne a bolela Baruke jaana: “Bona, se ke se agileng, ke tlaa se rutlolola, le se ke se tlhomileng ke tlaa se kumola; mme mo e tlaa bo e le ka lefatshe lotlhe fela. A o ipatlela dilo tse dikgolo? O se ka wa di batla.” Baruke o ne a sa tlhole a le tekatekanyo. O ne a setse a simolotse ‘go ipatlela dilo tse dikgolo,’ gongwe dikhumo, go tuma, kana dithoto. E re ka Jehofa a ne a ‘kumula; mo lefatsheng lotlhe fela,’ a go ne go tla bo go na le tlhaloganyo go batla dilo tse di ntseng jalo? Ka jalo Jehofa o ne a neela Baruke kgakololo eno e e masisi: “Gonne ke tlaa tlisa bosula mo bathong botlhe . . . , mme botshelo jwa gago ke tlaa bo go naya gore bo nne kgapo ya gago mo mafelong otlhe kwa o yang teng.” Dikhumo di ne di ka se falole tshenyego ya Jerusalema! Jehofa o ne a tlhomamisitse gore go ne go tla bolokwa fela ‘botshelo jwa gagwe gore bo nne kgapo.’—Jeremia 45:4, 5.

16. Ke thuto efe e batho ba ga Jehofa gompieno ba ka e ithutang mo go se se diragaletseng Baruke?

16 Baruke o ne a utlwa fa Jehofa a mo lemosa, mme, fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse, Baruke o ne a falotsa botshelo jwa gagwe. (Jeremia 43:6, 7) A bo e le thuto e e maatla jang mo bathong ba ga Jehofa gompieno! Eno ga se nako ya gore re ‘ipatlele dilo tse dikgolo.’ Ka ntlha yang? Ka gonne “lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone.”—1 Johane 2:17.

Go Dirisa Nako e e Setseng Sentle

17, 18. (a) Jona o ne a itshwara jang fa batho ba Ninefe ba ne ba ikotlhaya? (b) Ke thuto efe e Jehofa a neng a e ruta Jona?

17 Ka gone, re ka dirisa nako e e setseng sentle jang? Ithute ka se se diragaletseng moporofeti Jona. O ne “a ya kwa Ninefe . . . , mme a kua, a re: ‘Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.’” Se se neng sa gakgamatsa Jona ke gore batho ba Ninefe ba ne ba utlwa molaetsa wa gagwe mme ba ikotlhaya! Jehofa a bo a sa tlhole a batla go senya motse ono. Ke eng se Jona a neng a se dira? “Ke gone Jehofa, ke a go rapela, ka re, o tle o mpolaye, gonne mo go nna go molemo go swa bogolo go go tshela.”—Jona 3:3, 4; 4:3.

18 Ka nako eo Jehofa o ne a ruta Jona thuto e e botlhokwa. O ne “a baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti tlhogong ya gagwe . . . Jalo Jona a itumela thata ka ga menamo ya segwana.” Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa ga Jona e ne e le jwa nakwana fela, ka gonne segwana seno se ne sa omelela. Jona o ne a simolola “go nna bogale” ka a sa tlhole a na le moriti. Jehofa o ne A dira gore a mo tlhaloganye sentle, ka go bolela jaana: “O tlhomogetse menamo ya segwana pelo . . . A . . . ga ke a tshwanela go utlwela Ninefe botlhoko, motse o mogolo oo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000, ba ba sa farologanyeng seatla se segolo le sa molema; le bontsi jwa dikgomo?”—Jona 4:6, 7, 9-11.

19. Ke mogopolo ofe wa boithati o re tshwanetseng go o tila?

19 A bo kgopolo ya ga Jona e ne e le ya boithati jang ne! O ne a ka utlwela segwana botlhoko, mme a se ka a bontsha batho ba Ninefe loratonyana fela—batho ba, fa re bua ka tsela ya semoya, ‘ba neng ba sa itse go farologanya seatla se segolo le sa molema.’ Ka mo go tshwanang le rona re ka nna ra eletsa gore lefatshe leno le le boikepo le senngwe mme go tshwanela go dira jalo! (2 Bathesalonika 1:8) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re letile, re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba, fa go buiwa ka tsela ya semoya, ba sa ‘itseng go farologanya seatla sa bone se segolo le sa molema.’ (Mathaio 9:36; Baroma 10:13-15) A o tla dirisa nako e khutshwane e e setseng go thusa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang gore ba nne le kitso e e botlhokwa ka ga Jehofa? Ke tiro efe e e ka lekanang le go itumelela go thusa motho gore a bone botshelo?

Tswelela Pele o Tshela ka “go Itekanela Sentle ga Mogopolo”

20, 21. (a) Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka bontshang “go itekanela sentle ga mogopolo” mo go tsone mo malatsing a a tlang? (b) Ke masego afe a a nnang gone fa re tshela ka “go itekanela sentle ga mogopolo”?

20 Fa tsamaiso eno ya ga Satane e tswelela pele e nwelelela go ya tshenyegong, re ka tlhomamisega gore re tla lebana le dikgwetlho tse disha. Lokwalo lwa 2 Timotheo 3:13 lo bolelela pele jaana: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele.” Mme lo se ka “lwa lapa lwa ba lwa felelwa ke thata mo meyeng ya lona.” (Bahebera 12:3) Ikaege ka Jehofa gore o nne le nonofo. (Bafilipi 4:13) Ithute go fetofetoga, go itlwaelanya le maemo ano a a ntseng a nnela maswe kwa pele, go na le go ikaega ka dilo tsa nako e e fetileng. (Moreri 7:10) Dirisa botlhale jo bo molemo, o ntse o tsamaisana le kaelo e “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a e neelang.—Mathaio 24:45-47.

21 Ga re itse gore nako e e setseng e kana kang. Le fa go ntse jalo, re ka bua re na le tshepo gore “bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” Go fitlhela bokhutlo joo bo tla, a re tsheleng ka “go itekanela sentle ga mogopolo” fa re dirisana mmogo le ba bangwe, mo tseleng e re tlamelang ba malapa a rona ka yone, le mo maikarabelong a rona a botshelo. Ka go dira jalo, rotlhe re ka nna le tshepo ya gore kgabagare re tla fitlhelwa re ‘se na selabe e bile re se na setshubaba e bile re le mo kagisong’!—2 Petere 3:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka sekai, kwa United States batho ba le bantsi ba na le diinshorense tsa boitekanelo, le mororo di bonala di tura. Malapa mangwe a Basupi a lemogile gore dingaka dingwe di iketleeditse go akanyetsa go alafa kwantle ga go dirisa madi fa malapa a na le inshorense ya kalafi. Dingaka di le dintsi di amogela fela madi a go dumalanweng ka one mo dithulaganyong tse di lekanyeditsweng tsa inshorense kana mo inshorenseng ya boitekanelo ya puso.

b Ke tshwetso e motho a itirelang yone fa a latelela go ithuta mo gae. Bona setlhogo se se reng “Go Ithuta Kwa Gae—A o Ka go Dira?,” se se leng mo go Tsogang! ya April 8, 1993 (ka Seesemane).

Dintlha Tsa Poeletso

◻ Re ka bontsha jang “go itekanela sentle ga mogopolo” mo dikamanong tsa rona ka namana?

◻ Re ka bontsha go lekalekanya dilo jang fa re tlhokomela maikarabelo a ba lelapa la rona?

◻ Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go kgatlhegela thuto ya lefatshe ya bana ba bone?

◻ Ke dithuto dife tse re di ithutang mo go Baruke le Jona?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fa monna le mosadi ba sa tshwarane sentle, ba a bo ba nyatsa kamano ya bone le Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Batsadi ba tshwanetse go kgatlhegela thuto ya bana ba bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela