LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/15 ts. 10-15
  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rongwa ga Molebedi wa Modimo
  • Dipolelelopele Tse Di Supilweng ka Dikai
  • Tshenyego kwa Pele!
  • Go Fegelwa ka Ntlha ya Dilo Tse Di Makgapa
  • Go Tshwaelwa Phalolo
  • Tshenyego E E Tlang ya Molelo!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • ‘Ba Tla Itse Fa Ke Le Jehofa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jehofa O Somola Tšhaka ya Gagwe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/15 ts. 10-15

Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!

“Morwa motho, ke gu beile molebedi oa ba ntlo ea Iseraela: . . . me u ba neè tlhagishō e e cwañ mo go nna.”—ESEKIELE 3:17.

1. Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go reetsa fa “molebedi” wa Jehofa a bua?

“MOLEBEDI” wa ga Jehofa o bua molaetsa wa Modimo gone jaanong. A o reeditse? Botshelo joo e leng jwa gago bo ikaegile ka tsela e o arabelang molaetsa oo ka kanaanelo ka gone le se o tla se dirang. Ka bonakonyana fela, ‘merafe e tla itse Jehofa’ fa a tla go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo ka go senya tsamaiso e e boikepo eno le go boloka batho ba gagwe. A o solofela go nna gare ga bone? (Esekiele 36:23; 39:7; 2 Petere 3:8-13) O ka nna gareng ga bone, mme ke fela fa o reetsa fa “molebedi” wa ga Jehofa a bua.

2. Bogosi jwa Juda bo ne jwa diragalelwa ke eng ka ntlha ya go sa reetse baperofeti ba Modimo?

2 Go sa reetse baperofeti ba Modimo go ne ga tlisetsa bogosi jwa Juda tshenyego ka 607 B.C.E. Merafe ya baba e ne ya itumelela go senngwa goo ke Bababelona. Mme abo leina la ga Jehofa le ne la galalediwa jang ne fa a ne a busetsa Bajuda ba gagwe ba ba ikanyegang kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.!

3. Buka ya Esekiele e na le eng?

3 Tshenyego eo gammogo le go tsosolosiwa ga bone go ne go boleletswe pele ke molebedi wa Jehofa, ebong Esekiele. Buka ya Bibela e e bidiwang ka leina la gagwe le eo e neng ya konelwa ke ene kwa Babelona mo e ka nnang ka 591 B.C.E. e na le (1) thomo ya ga Esekiele; (2) melao ya seperofeti; (3) melaetsa kgatlhanong le Iseraela; (4) diponelopele tsa katlholo ya Jerusalema; (5) dipolelelopele kgatlhanong le merafe e mengwe; (6) ditsholofetso tsa go tsosolosiwa gape; (7) polelelopele kgatlhanong le Goga wa Magoga; le (8) ponatshegelo ya bonno jwa Modimo. Re go laletsa go bala buka eno jaaka re ntse re e ithuta. Jalo o tla bona gore e re ama jang gompieno mme o tla bo o reeditse jaaka “molebedi” wa ga Jehofa a bua.a

Go Rongwa ga Molebedi wa Modimo

4. (a) Ke eng seo Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong? (b) ‘Dibopiwa tse di tshelang’ e ne e le bomang, mme di ne di na le dinonofo dife?

4 Ka Tammuz 5, 613 B.C.E. (ka ngwaga wa botlhano wa go isiwa botshwarwa ga kgosi Jehoiakine wa Juda kwa Babelona), moperesiti Esekiele yo o dingwaga di 30 o ne a le gareng ga batshwarwa ba Bajuda fa “nokeñ ya Kebara,” e leng mosele wa metsi a Noka ya Euferatese. Mo ponatshegelong, o ne a bona kara ya ntwa ya selegodimo ya ga Jehofa, e na le “ditshedi di le nnè.” (Bala Esekiele 1:4-10.) Sengwe le sengwe sa “ditshedi,” kana tšheruba e e nang le diphuka, se ne se na le difatlhego di le nne. (Esekiele 10:1-20; 11:22) Tseno di bontsha gore ditšheruba di na le lorato (motho), tshiamiso (tau), maatla (poo), le botlhale (ntswi) tseo di tswang mo Modimong. Tšheruba nngwe le nngwe e ne e eme kafa thoko ga ‘leotwana le le dikologang mo gare ga leotwana’ le legolo, mme moya wa Modimo, kana maatla a a dirang, o ne o kgona go le tsamaisetsa dintlheng tsotlhe.—Esekiele 1:1-21.

5. Ke eng se se emelwang ke kara ya selegodimo ya ntwa, mme ponalo eno ya yone e tshwanetse go ama batho ba ga Jehofa jang?

5 Mopalami wa kara ya ntwa e ne e le setshwano se se galalelang sa ga Jehofa. (Bala Esekiele 1:22-28.) Abo kara ya ntwa e ne e tshwantshetsa phuthego ya Modimo ya semoya ya baengele jang ne! (Pesalema 18:10; 103:20, 21; Daniele 7:9, 10) Jehofa o palame mo go yone ka tsela ya gore o busa ditshedi tseno le go di dirisetsa maikaelelo a gagwe. Mopalami o ne a iketlile, jaaka motshe wa godimo o o neng o na nae, mme Esekiele o ne a kgatlhega thata. Eleruri, pono eno e e boitshegang ya kgalalelo ya ga Jehofa le maatla jaaka Morulaganyi yo Mogolo wa masomosomo a gagwe a legodimo e tshwanetse go re dira gore ka boingotlo re lebogele go nna le tshiamelo eno ya go mo direla jaaka karolo ya phuthego ya gagwe ya selefatshe.

6. (a) Esekiele o ne a tlhophelwa go nna eng, mme o ne a leba tirelo ya gagwe go Modimo jang? (b) Esekiele o ne a tshwanetse go perofesa mo bathong ba ba ntseng jang, mme go itse tsela eo Jehofa a neng a dirisana le ene ka yone go ka re solegela molemo jang?

6 Lefa a ne a gopodiwa tlholego ya gagwe jaaka motho le boemo jwa gagwe jo bo kwa tlase ka go bidiwa “Morwa motho,” Esekiele o ne a tlhophilwe jaaka moperofeti wa ga Jehofa. (Bala Esekiele 2:1-5.) Esekiele o ne a tla ya kwa “merahiñ e e borukhutlhi,” ebong bogosi jwa Iseraele le jwa Juda. Santlha, ka taelo ya bomodimo o ne a ja momeno oo o neng o na le dikhutsafalo, mme o ne wa utlwala jaaka tswina ka gonne a ne a itumelela go nna moperofeti wa Modimo. Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng le batlhanka-ka-bone ba utlwa go le monate go nna Basupi ba ga Jehofa. Esekiele o ne a tshwanetse go bua dipolelelopele gareng ga morafe o o peloethata le o o tlhogoethata, mme Modimo o ne a tla dira gore sefatlhego sa gagwe se nne se se gagametseng fela jaaka difatlhego tsa bone, le phatla ya gagwe go nna thata jaaka teemane. O ne a tla bolelela pele ka bopelokgale ba reetsa kana ba sa reetse. Ke mo go nametsang go itse gore Modimo o ne wa thusa Esekiele mo dinakong tsa mathata, mme o tla re thusa go neela bosupi ka bopelokgale mo tshimong nngwe le nngwe.—Esekiele 2:6-3:11.

7. Thomo ya ga Esekiele e ne e mo naya boikarabelo bofe?

7 Go ja momeno go ne ga tsenya Esekiele oya o o gotetseng’ o o neng o tshwanela molaetsa wa ona. Kwa Tele-Abiba o na a nna ‘a gakgametse ka malatsi a le supa’ a akanya ka molaetsa. (Esekiele 3:12-15) Le rona re tshwanet se go tlhatlhanya le go ithuta ka tlhoafalo gore re tle re tlhaloganye dilo tse di boteng tsa semoya. A tshotse molaetsa o a tshwanetseng go o bolela, Esekiele o ne a romiwa jaaka molebedi wa Modimo. (Bala Esekiele 3:16-21.) Molebedi yo o tlhophilweng bosha o ne a tshwanetse go tlhagisa Baiseraele ba ba robang molao gore ba ne ba tla bolawa ke Modimo.

8. Ke mang yo o direlang jaaka “molebedi” wa ga Jehofa gompieno, mme ke bomang bao ba kopanelang le ene?

8 Fa Esekiele a ne a ka seka a dira jaaka molebedi, Jehofa o ne a tla mo pega molato wa babolaiwa bao. Lefa bao ba neng ba sa batle kgalemo ya gagwe ba ne ba tla mo tsenya mo dikgoleng tsa tshwantshetso, o ne a tla bolela molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. (Esekiele 3:22-27) Mo motlheng wa rona, La-Bodumedi o gana go reetsa mme o leka go tlisa dithibelo mo Bakereseteng ba ba tloditsweng. Mme fa esale go tloga ka 1919 batlodiwa bano ba ile ba direla Jehofa jaaka “molebedi,” ba bua molaetsa wa gagwe ka bopelokgale mo “motlheñ oa bokhutlō” wa tsamaiso eno. (Daniele 12:4) Ba ba pataganetseng tiro eno le bone ke ba “boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegang jwa “dinku di sele” tsa gaJesu. (Tshenolō 7:9, 10; Yohane 10:16) Ereka setlhopha sa “molebedi” se ntse se bolela molaetsa wa Modimo, eleruri mongwe le mongwe wa batlodiwa le ba “boidiidi yo bogolo” o tla rata go o bolela jaaka mmoledi wa ka metlha.

Dipolelelopele Tse Di Supilweng ka Dikai

9. (a) Esekiele o ne a re tlhomela sekao jang? (b) Esekiele o ne a dira eng go tshwantshetsa seduledi sa Babelona mo Jerusalema, mme ke eng se se neng se kaiwa ke malatsi a le 390 le malatsi a le 40?

9 Go tswa foo Esekiele ka boikokobetso le ka bopelokgale o ne a su pa dipolelelopele ka dikai, a baya sekao se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go dira tiro e re e filweng ke Modimo ka boikokobetso le ka bopelokgale. Go bontsha kaga seduledi sa Babelona, o ne a tshwanetse go ribama a lebagane ka sefatlhego le letlapa le le neng le tshwantshitswe setshwantsho sa Jerusalema. Esekiele o ne a tshwanetse go rapama ka letlhakore la gagwe la molema ka malatsi a le 390 go sikara ditlolo tsa bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele, mme ka letlhakore la gagwe la moja ka malatsi a le 40 go sikara boleo jwa ditso tse pedi tsa Juda. Letsatsi le ne le emela ngwaga. Jalo dingwaga di le 390 di ne di simologa ka 997 B.C.E. fa go ne go thaiwa Iseraele go fitlha ka tshenyego ya Jerusalema ka 607 B.C.E. Dingwaga tsa Juda tse 40 di ne tsa simolola go tloga fa Jeremia a ne a dirwa moperofeti wa Modimo ka 647 B.C.E. go fitlha fa Juda a senngwa ka 607 B.C.E.—Esekiele 4:1-8; Yeremia 1:1-3.

10. Esekiele o ne a dira dikai dife go bontsha ditlamorago tsa seduledi, mme re ka ithuta eng mo ntlheng ya gore Modimo o ne wa mo tshegetsa?

10 Go tswa foo Esekiele o ne a dira sekai sa seo se tla tlisiwang ke seduledi. Go tshwantsha leuba, o ne a tshela fela ka kilogerama ya selekanyi sa 0,2 ya dijo le mo e ka nnang litara ya selekanyi sa 0,5 ya met si fela ka letsatsi. Senkgwe sa gagwe (motswako o o sa dumelelwang kafa molaong wa korong, barele, dinawa, ditloo, mabele, le lebelebele le le besitsweng ka dibi) se ne se sa itsheka. (Lefitiko 19:19) Tiro eno e ne e bontsha gore baagi ba Jerusalema ba ne ba tla bolawa ke tlala. Mme abo go nametsa jang ne go itse gore fela jaaka Jehofa a ne a tshegetsa Esekiele mo maemong a a bokete, Modimo o tla re thusa go nna re ikanyegile mme re diragatsa thomo ya rona ya go rera lefa re ntse re lebagane le mathata!—Esekiele 4:9-17.

11. (a) Ke ditiro dife tse di umakiwang mo go Esekiele 5:1-4, mme bokao jwa tsone e ne e le bofe? (b) Lebaka la go bo Jehofa a diragaditse dikai tse di dirilweng ke Esekiele le tshwanetse go re ama jang?

11 Go tswa foo, Esekiele o ne a poma moriri wa gagwe le ditedu ka tshaka. (Bala Esekiele 5:1-4.) Bao ba neng ba tla swa ka ntlha ya tlala le kgogodi ya bolwetsi ba ne ba tla nna selekanyo sa nngwetharong sa moriri wa moperofeti oo a neng a o tshubela mo gare ga Jerusalema. Bao ba bolailweng ke ntwa ba ne ba tla nna selekanyo sa nngwetharong se se segilweng ka tšhaka. Bafalodi ba ba neng ba tla phatlaladiwa kwa merafeng ba ne ba tla nna selekanyo sa nngwetharong sa moriri wa gagwe o o neng wa tsewa ke phefo. Mme bangwe ba ba isitsweng botshwarwa ba ne ba tla nna jaaka meritshana mengwe e e neng ya phuthiwa mo go e e gasagasameng mme ya gokelelwa mo seaparong sa ga Esekiele go supa gore morago ga dingwaga tse 70 tsa tshwafatso ba ne ba tla tsosa kobamelo ya boammaaruri mo Juda. (Esekiele 5:5-17) Go bo Jehofa a diragaditse sena le dipolelelopele tse dingwe tseo di dirilweng ka dikai go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go mo ikanya jaaka Modiragatsi wa dipolelelopele.—Isaia 42:9; 55:11.

Tshenyego kwa Pele!

12. (a) Esekiele 6:1-7 e bontsha gore batlhasedi ba ne ba tla dira eng? (b) Go ya ka polelelopele ya ga Esekiele, setshwani sa Jerusalema ke eng, mme o tla diragalelwa ke eng?

12 Ka 613 B.C.E., Esekiele o ne a bua le naga go bontsha seo se tla diragalelang baagi ba Juda ba ba obamelang medimo ya disetwa. (Bala Esekiele 6:1-7.) Batlhasedi ba ne ba tla thubaganya mafelo a a tlotlometseng, ditlhomo tsa maswalo, le dibeso tse di neng di dirisediwa kobamelo ya maaka. Go akanya fela ka go nyelediwa ka tlala, kgogodi ya bolwetsi, le ntwa go ne go tla dira gore motho a lele a re “Iya wè!” a bo a gatelela sena ka go opa diatla le go tibatiba ka lonao. Ditopo tsa diaka tseo tsa semoya di ne di tla kgotlela mafelo a a tlotlometseng. Fa La-Bodumedi, ebong setshwani sa Jerusalema, a tlelwa ke tshenyego e e tshwanang, o tla itse gore mahutsana a gagwe a tswa kwa go Jehofa.—Esekiele 6:8-14.

13. “Thobane” e e neng e le mo letsogong la ga Jehofa e ne e le eng, mme go e dirisa go ne go tla felela ka eng?

13 ‘Bofelo bo ne bo tlela dikhutlo tse nne tsa naga,’ eleng tsamaiso ya bodumedi jo bo sa ikanyegeng jwa Juda. “Tlholelō” ya dilo tsa matlhotlhapelo e ne e tla dikaganyetsa moobamedi wa medimo ya disetwa fa “thobane” e e mo letsogong la Modimo—ebong Nebukadenesara le masomosomo a gagwe a Bababelona—a tlhasela batho ba ga Jehofa le tempele ya gagwe. Bao ba neng ba wela mo “bontsiii” jwa bareki le barekisi ba Juda ba ne ba tla bolawa kana ba isiwa botshwarwa, mme bao ba neng ba tla sala ba ntse ba tshela ba ne ba tla tsenwa ke poifo. Fa go senngwa tsamaiso ya bodumedi jwa bone jwa maaka, go ne go tla nna fela jaaka ekete ba pomile ditlhogo tsa bone ka ntlha ya khutsafalo.—Esekiele 7:1-18.

14. Ke eng seo tsietso e sa kgonang go se direla Jerusalema, mme seo se bontsha eng ka La-Bodumedi?

14 Jehofa le masomosomo a gagwe a a bolayang ga a kake a tsiediwa. (Bala Esekiele 7:19.) Tsietso ga e kake ya golola ‘felo ga bosaitsiweng’ eleng Boitshepo jwa Maitshepo, mo go leswefadiweng fa “dinokwane” tsa Bakaladea di ya go thopa dijana tse di boitshepo tsa tempele mme ba e tlogela e le marope fela. Jehofa ‘o ne a dirile gore boikgodiso jwa bathata bo nyelele’ fa Kgosi Sedekia a ne a thopiwa lefa baperesiti ba bagolo ba Balefi ba bolawa. (2 Dikgosi 25:4-7, 18-21) Nnyaa, baleofi ba ba neng ba le mo Jerusalema o o dikaganyeditsweng ke masole ba ne ba ka seka ba falola matlhotlhapelo ao ka go tsietsa fa Modimo o ne o ‘ba atlhola’ jaaka baroba-kgolagano. Ka mo go tshwanang, mo nakong ya fa dilo tse La-Bodumedi a di tsayang fa di le boitshepo di dirwa makgapa, a ka seka a kgona go falola katlholo ya gagwe e e tswang Modimong ka tsietso. Nako ya go reetsa “molebedi” wa ga Jehofa e tla bo e sa tlhole e le gone.—Esekiele 7:20-27.

Go Fegelwa ka Ntlha ya Dilo Tse Di Makgapa

15. Ke eng seo Esekiele a neng a se bona mo Jerusalema, mme seo se tshwanetse go re ama jang?

15 Fa Esekiele a ne a bona ponatshegelo ya Modimo mo kgalalelong ka Elule 5, 612 B.C.E., ‘o ne a tshwarwa ke setshwano sengwe sa seatla ka lekaodi la moriri’ mme sa mo isa kwa Jerusalema ka moya wa tlhotlheletso. Kara ya selegodimo ya ntwa le yone e ne e le koo. Seo Esekiele a neng a se bona se tshwanetse go re dira gore re ikutlwe re boifa fa re akanya fela ka go reetsa batenegi. (Diane 11:9) Kwa tempeleng, batenegi ba Baiseraele ba ne ba rapela setshwantsho sa modimo wa disetwa (gongwe e le pale e e boitshepo) seo se neng se tlhotlheletsa Modimo gore a fufege. (Ekesodo 20:2-6) Fa a tsenelela kwa lolwapeng lo lo kwa teng, abo Esekiele a ne a bona dilo tse di makgapha jang ne! (Bala Esekiele 8:10, 11.) Abo go ne go tlhabisa ditlhong jang ne go bo bagolwane ba le 70 ba Iseraele ba ne ba isetsa medimo ya disetwa e e neng e emetswe ke ditshwantsho tse di makgapha tse di gabilweng mo leboteng maswalo!—Esekiele 8:1-12.

16. Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha eng malebana le botenegi?

16 Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha ka moo botenegi bo ka bolayang semoyeng ka gone. Ebu, basadi ba Iseraele ba ne ba dirilwe gore ba lelele Tammuz, modingwana wa Babelona le moratiwa wa gagwe e leng modimo wa sesadi wa pelegi Ishtar! Mme abo go ne go le makgapa jang ne go bona banna ba Iseraele ba ba 25 mo lolwapeng lwa tempele lo lo kwa teng ba obamela letsatsi! (Duteronome 4:15-19) Ba ne ba tshwere thobane e e makgapha fa pele ga sefatlhego sa Modimo, gongwe e le selo se se emelang serwe sa motho sa bonna. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a sa reetse dithapelo tsa bone, fela jaaka La-Bodumedi a tla batla thuso ya gagwe ka nako ya “sepitla se segolo” mme a ka seka a e bona!—Esekiele 8:13-18; Mathaio 24:21.

Go Tshwaelwa Phalolo

17. Ke banna bafe ba ba supang ba ba bonweng mo ponatshegelong, mme ba ne ba dira eng?

17 Morago ga foo, re bona banna ba le supayo mongwe ke mokwadi yo o apereng leloba mme ba barataro ba bangwe ba tshotse dibolao. (Bala Esekiele 9:1-7.) “Banna ba le barataro” ba ne ba emela masole a selegodimo a ga Jehofa a a bolayang, lefa a ne a ka dirisa baemedi ba selefatshe. Bao ke ‘monna yo o apereng leloba’ yo a neng a tla ba tshwaya mo diphatlheng tsa bone ba ne ba tla itemogela lorato lwa Modimo ka go bo ba sa rate dilo tse di makgapa tse di dirwang kwa tempeleng. Go bolaya ga “banna ba le barataro” go ne ga simolola ka bagolwane ba ba rapelang medimo ya disetwa ba le 70, basadi bao ba neng ba lelela Tammuz le baobamedi ba ba 25 ba letsatsi. Bano le ba bangwe bao ba sa ikanyegeng mo Modimong ba ne ba bolawa ke Bababelona ka 607 B.C.E.

18. (a) ‘Monna yo o apereng leloba’ wa motlha wa segompieno ke mang? (b) “Lochwaō” ke eng, mme ke bomang ba ba nang le lone jaanong, mme go nna le lone go tla felela ka enlr?

18 ‘Monna yo o apereng leloba’ wa tshwantshetso ke setlhopha sa Bakeresete ba batlodiwa. Ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba baya letshwao la tshwantshetso go bao ba fetogang karolo ya “boidiidi yo bogolo” jwa ga Keresete jwa “dinku di sele.” “Lochwaō” ke bosupi jwa gore bao ke dinku tse di ineetseng, ebong batho ba ba kolobeditsweng bao ba nang le botho jwa ga Keresete. Ba ‘fegelwa le go sonelela dilo tse di makgapa’ tseo di dirwang mo go La-Bodumedi, mme ba dule go Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 18:4, 5) “Lochwaō” lwa bone lo tla bontsha masomosomo a Modimo a a bolayang gore ba tshwanetse go bolokwa mo nakong ya “sepitla se segolo.” Ba ka boloka “lochwaō” loo ka go kopanela le batlodiwa mo go tshwaeng ba bangwe. Jalo, fa o setse o ‘tshwailwe,’ tsaya karolo mo tirong ya go ‘tshwaya’ ka tlhagafalo.—Esekiele 9:8-11.

Tshenyego E E Tlang ya Molelo!

19. ‘Monna yo o apereng leloba’ wa motlha wa segompieno o phatlalatsa eng mo go La-Bodumedi?

19 Monna yo o apereng leloba o ne a feta fa gare ga maotwana a kara ya selegodimo ya ntwa go itseela magala a molelo. Ano a ne a latlhelwa mo godimo ga Jerusalema, go fa tlhagiso ya esale gale ya gore go senngwa ga yone go tla bo go bontsha bogale jo bo tukang jwa Modimo. (Esekiele 10:1-8; Dikhutsahalō 2:2-4; 4:11) Mo motlheng wa ga Esekiele, bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tshololwa ka go dirisa Bababelona. (2 Ditihalō 36:15-21; Yeremia 25:9-11) Mme go tweng ka motlha wa rona? ‘Monna yo o apereng leloba’ wa tshwantshetso o gasa molaetsa wa Modimo o o molelo mo go La-Bodumedi jaaka tlhagiso ya bogale jwa bomodimo jo bo tla tlogang bo tlisiwa mo godimo ga gagwe le mo go botlhe ba Babelona o Mogolo ka kakaretso. Legale, bao ba ganang go reetsa “molebedi” wa ga Jehofa ga ba na tsholofelo epe ya go falola.—Isaia 61:1, 2; Tshenolō 18:8-10, 20.

20. (a) Tirisano-mmogo e e fa gare ga maotwana a kara ya ntwa ya selegodimo le ditsheruba e tshwanetse go re ama jang? (b) Ke eng seo dikgosana dingwe di neng di se dira, mme ka phoso di ne di tshwantsha Jerusalema le eng?

20 Tlhokomelo e lebisiwa gape go kara ya selegodimo ya ntwa, eleng phuthego ya Modimo ya selegodimo. Fa re tlhokomela tirisano-mmogo e e leng gone fa gare ga ditsheruba le maotwana a kara ya ntwa, re tshwanetse go tlhotlheletsega go dirisana ka botlalo le phuthego ya selefatshe ya Modimo. Ka boikanyegi, re tshwanetse go e sireletsa mo bathong ba ba bonokwane. (Esekiele 10:9-22) Go ne go na le batho ba ba ntseng jalo mo motlheng wa ga Esekiele, gonne o ne a bona dikgosana tsa puso di le 25 di loga maano kgatlhanong le masole a Modimo a a bolayang ka thuso ya Baegepeto. Ba ne ba tshwantsha Jerusalema le pitsa e tona, mme bone ba itshwantsha le nama e e babalesegileng mo teng ga yone. Mme abo ba ne ba le phoso jang ne! “Chaka” ya “baeñ” ba Bababelona e ne e tla senya batsuolodi bao, fa ba bangwe ba ne ba tla nna ditshwarwa. Se no se ne se tla diragala ka gonne Modimo a ne a bona Bajuda molato wa go roba kgolagano ya gagwe. (Esekiele 11:1-13; Ekesodo 19:1-8; 24:1-7; Yeremia 52:24-27) Ka go bo La-Bodumedi a iphaka a le mo kgolaganong le Modimo mme a beile tsholofelo mo dits aleng tsa gagwe tsa lefatshe, o tla nyelediwa ka tlhaselo ya masomosomo a Modimo a a bolayang.

21. Go ne ga diragalang morago ga fa Juda a sena go swafala ka dingwaga tse 70, mme masalela a a tloditsweng a ne a diragalelwa ke eng seo se tshwanang?

21 Lefa Baiseraele ba ile ba ‘phatlaladiwa le mafatshe,’ jaaka ka 617 B.C.E., Modimo e ne e le “helō ga boitshèpō,” kana botshabelo, jwa batshwara ba ba ikwatlhaileng. (Esekiele 11:14-16) Mme go ne go ka lebelelwa eng gape? (Bala Esekiele 11:17-21.) Morago ga tshwafalo ya Juda ka dingwaga di le 70, masalela a mangwe a ne a busediwa go ya go phepafatsa “lehatshe ya Iseraela.” Ka mo go tshwanang, morago ga go nna ditshwarwa tsa Babelona, masalela a a tloditseng a ne a gololwa ka 1919, mme kafa tlase ga kaelo ya moya wa Modimo, “lehatshe” leo pele le neng le sena baagi ba Iseraele wa semoya le ne le phepafaditswe. Ka jalo, bao ba ba ‘tshwaetsweng’ go bolokwa jaanong ba ipelela kamogelo ya selegodimo gammogo le masalela a a tsosolositsweng a Iseraela wa semoya. Mme fa o ka nna o ntse o reetsa “molebedi” wa Modimo, o ka nna gare ga bafalodi fa Jehofa a somola tshaka ya gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa nako e letla, motsamaisi o tshwanetse go dira gore ditsopolo tsa mokwalo o o sekameng di balwe fa go ithutiwa setlhogo sena le tse pedi tse di latelang mo thutong ya phuthego. Dintlhakgolo tsa Bibela mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bolegodimo di ka nna tsa ntshiwa mo ditlhogong tseno fa go ithutiwa buka ya Esekiele.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go reetsa fa “molebedi” wa ga Jehofa a bua?

◻ Ke eng seo se neng se emelwa ke kara ya selegodimo ya ntwa ya Modimo?

◻ Ke mang yo o direlang Jehofa jaaka “molebedi gompieno?

◻ Ke ditiro dife tsa botenegi tseo Esekiele a neng a di bona mo Jeruaalema, mme ponatshegelo eno e tshwanetse go re ama jang?

◻ ‘Monna yo o apereng leloba’ wa motlha wa segompieno ke mang, mme “lochwaō” loo a lo bayang mo diphatleng ke eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela