Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Ka dinako dingwe re utlwa bakaulengwe ba bua kana ba rapela gore Bogosi jwa Modimo bo tle mo lefatsheng. A go siame go bua jalo?
Fa re bua boammaaruri fela, ga se tsela ya Dikwalo ya go bua. Bogosi jwa Modimo ke jwa selegodimo. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”—2 Timotheo 4:18; Mathaio 13:44; 1 Bakorinthe 15:50.
Bogosi bo tlhomilwe kwa legodimong ka 1914, e bile ga bo kitla bo fetisediwa mo Paradaiseng e e tla nnang mo lefatsheng kana gongwe fela. Jesu Keresete ke Kgosi ya Bogosi joo. Jaaka Kgosi, Jesu o na le taolo mo baengeleng. Ka lebaka leo, tulo ya gagwe e e tshwanetseng ya go busa ke kafa letsogong le legolo la Modimo kwa legodimong. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla kopanela le ene go nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong.—Baefeso 1:19-21; Tshenolo 5:9, 10; 20:6.
A mme jaanong seno se raya gore ga re a tshwanela go tlhola re lebisa kwa go Modimo dithapelo tse re di fitlhelang mo karolong ya Thapelo ya Morena e e reng: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong”? (Mathaio 6:10) Go fapaana le seo, thapelo eno e santse e dira e bile e santse e na le bokao jo bo feletseng.
Bogosi jwa Modimo bo santse bo tla tsaya kgato ya makgaolakgang mo lefatsheng leno, mme e bile ke seo re a bong re akantse ka sone fa re rapela le fa re dirisa mafoko a a tshwanang le a Thapelo ya Morena. Ka sekai, Daniele 2:44 e bolelelapele gore Bogosi bo tla “tlaa” go fedisa merafe yotlhe mme jone bo tla busa lefatshe leno. Tshenolo 21:2 e bua ka Jerusalema yo Mosha yo o fologang o tswa kwa legodimong. Jerusalema yo Mosha o bopiwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 bao e tla nnang banyadiwa ba ga Keresete. E bile gape e tla nna baruaboswa mmogo le Jesu mo Bogosing jono. Ka jalo Tshenolo 21:2 e tlhalosa gore ba tla lebisa tlhokomelo mo lefatsheng, mo go tla dirang gore batho ba ba ikanyegang ba nne le masego a magolo.—Tshenolo 21:3, 4.
Go fitlha fa boporofeti jono le jo bongwe jo bo molemolemo bo diragadiwa, go tla nna go tshwanela go rapela Jehofa Modimo tumelanong le mafoko a ga Jesu a a reng, “Bogosi jwa gago a bo tle.” Mme re tshwanetse go gakologelwa gore Bogosi jono ga bo kitla bo tla mo polaneteng eno ya Lefatshe ka kgopolo ya mmatota. Puso ya Bogosi e kwa legodimong e seng mo lefatsheng.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Earth: Based on NASA photo