Lefoko la Modimo ke Boammaaruri
1. Baebele e na le tshedimosetso efe e e botlhokwa?
1 “Moko wa lefoko la gago ke boammaaruri,” go ne ga kwala jalo mopesalema. (Pes. 119:160) Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, go re naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong. O naya ba ba tshwenyegileng kgomotso le tsholofelo. E bile o re bontsha gore re ka atamalana jang le ene. Mosadi mongwe yo o neng a itumetse o ne a re: “Go ithuta boammaaruri mo Baebeleng go tshwana le go tswa mo lefelong le le lefifi le lentshontsho mme o tsena mo kamoreng e e nang le lesedi, e e phatsimang e bile e le ntle.” A o leka go bolelela ba bangwe boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo nako le nako fa o bona sebaka?
2. Baebele e tokafatsa matshelo a batho jang?
2 E na Le Maatla a go Fetola Matshelo a Batho e Bile e Kgatlhegelwa ke Batho mo Lefatsheng Lotlhe: Boammaaruri jwa Baebele bo na le maatla a go ama dipelo le go fetola matshelo a batho. (Baheb. 4:12) Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Rosa o ne a tle a dire boaka, e bile a dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. A re: “Letsatsi lengwe fa ke ne ke kgoberegile maikutlo ke sa itse gore ke itireng, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba tlotla le nna ka tsela e Baebele e ka re thusang ka gone go rarabolola mathata a rona. Ke ne ka simolola go ithuta Lefoko la Modimo, mme ka le fitlhela le kgatlha fela thata. Mo sebakeng sa kgwedi fela ke fa ke setse ke na le maatla a go fetola botshelo jwa me mme ke simolola go tshela botshelo jo bo phepa. E re ka jaanong ke ne ke na le se ke se tshelelang, ke ne ke sa tlhole ke tlhoka go ipha maatla ka bojalwa kgotsa diokobatsi. Mme e re ka ke ne ke eletsa fela thata go nna tsala ya ga Jehofa, ke ne ka ikemisetsa go tshela ka melao ya gagwe. Fa e ne e se ka botlhale jo bo molemo jwa Lefoko la Modimo, ke tlhomamisa gore gone jaanong nka bo ke ipolaile.”—Pes. 119:92.
3. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ikgogona go bolelela ba bangwe molaetsa wa Baebele?
3 Baebele ga e tshwane le dibuka di le dintsi tsa gompieno, yone e kgatlhegelwa ke batho ba ‘merafe yotlhe, ditso, ditšhaba, le diteme.’ (Tshen. 7:9) Thato ya Modimo ke “gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka gone, le ka motlha ga ra tshwanela go ipolelela fela gore motho ga a na go reetsa dikgang tse di molemo fela ka gonne re lebile tsela e a tshelang ka yone. Go na le moo tlotla le batho botlhe ka molaetsa wa Bogosi, o dira jalo ka go dirisa Baebele ka tlhamalalo gongwe le gongwe fa go kgonegang gone.
4. Re ka dirisa Baebele jang fa re neela bosupi?
4 Gatelela Dikwalo: Re na le dibaka di le dintsi tse re ka dirisang Baebele ka tsone fa re le mo tshimong. Fa o buelela makasine, leka go akaretsa le temana e e tlhagelelang mo kakantshong ya go tsamaisa makasine. Fa o tsamaisa mpho ya kgwedi, bangwe ba go fitlhela go thusa go bala temana e le nngwe e ba e tlhophileng ka kelotlhoko mo matsenong a bone. Fa o dira maeto a go boela, bala temana e le nngwe kgotsa di le pedi nako le nako go thusa mong wa ntlo gore a nne a bapale kitso e e leng yone ka iketlo. Fa o tshwere thuto ya Baebele, dira gore motlotlo wa lona o gatelele thata ditemana tsa konokono. Fa o se mo tshimong, dira gore o nne o ntse o na le Baebele gore o e dirise fa sebaka sa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo se itlhagisa.—2 Tim. 2:15.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go dirisa Baebele mo bodireding jwa rona?
5 E kete re ka thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke maatla a a tlhotlheletsang a Lefoko la Modimo la boammaaruri ka go dirisa Baebele ka sebaka sengwe le sengwe se se tshwanelang mo bodireding jwa rona.—1 Bathes. 2:13.