Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi ga Boditšhabatšhaba Kwa Dinageng Dingwe Tsa Yuropa
1 Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le mmalwa tsa Yuropa, go akaretsa le Yuropa Botlhaba, e ne e thibetswe. Gantsi dithibelo tseno e ne e le tse di gatelelang thata. Go ne go le thata go tshwara dipokano phatlalatsa, e bile go ne go batla go sa kgonege go nna le Holo ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana “Jehofa o dirile selo se segolo ka se a se re diretseng. Re a ipela.”—Pes. 126:3.
2 Go simologa ka 1983, go gatelelwa ga Basupi ba ga Jehofa go ne ga fokotsega. Ka 1989, dinaga tsa Poland le Hungary di ne tsa letlelela Basupi ba ga Jehofa semolao. Ka 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa semolao kwa Russia. Fa e sa le go tloga ka nako eo, tiro e ile ya gola thata kwa Russia le kwa go se pele e neng e le repaboliki ya Soviet Union. Fa gare ga March 1996 le October 1998, Setlhopha se se Laolang se ile sa dumalana le dikopo di le 359 tsa dikadimo tsa madi a go aga Diholo Tsa Bogosi, dikopo tseno di tswa kwa diofising tsa makala tse di okametseng dinaga di le 11 tsa Yuropa.
3 Fa o lebelela ditshwantsho tse di mo tsenyeletsong eno, akanya ka dilo tse dikgolo le tse di gakgamatsang tse Jehofa a di diretseng batho ba gagwe. (Pes. 136:4) O tla itumelela go itse gore meneelo ya bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe e ntse e dirisiwa ka tsela e e molemo, e bontsha se Jesu a ileng a se bua jaaka se kwadilwe mo go Johane 13:35: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”
4 Nngwe ya dinaga tsa Yuropa tse di solegelwang molemo ke thulaganyo ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e e thusang dinaga tse di tlhokang madi ke Romania, koo go agilweng Diholo tsa Bogosi di le 36 go tloga ka July 2000. Ka go dirisa polane e le nngwe ya go aga mo e ka nnang mo Diholong tsotlhe tsa bone tsa Bogosi, Ukraine e ile ya aga di le 61 ka 2001, le tse dingwe gape di le 76 ka 2002. Ka thuso ya madi a a ileng a ntshediwa Letlole la Diholo Tsa Bogosi, go ile ga agiwa makgolokgolo a Diholo Tsa Bogosi kwa Bulgaria, Croatia, Makedonia, Moldova, Russia, le Yugoslavia.
5 Ga go a ka ga nna motlhofo go aga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng dingwe, mme go tlhokega gore go berekwe tota pele ga go simololwa tiro ya go aga. Gantsi go dira dithulaganyo tsa go aga go ja nako e ntsi. Mo godimo ga moo, go aga Holo ya Bogosi mo nageng eo ya Yuropa go ja madi a mantsi go feta mo dinageng di le dintsi tsa Afrika kana tsa Amerika Borwa. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go oketsega mo gogolo ga baobamedi ba ga Jehofa, go sa ntse go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le makgolokgolo kwa dinageng tsa Yuropa tse di tlhokang madi!
6 A bo go itumedisa jang ne go bona Diholo tseno tsa Bogosi di agiwa ka lobelo lo logolo jalo! Go ile ga neelwa bosupi jo bo molemo mo baagelaning ba di agilweng gaufi le bone, jaaka fa maitemogelo a le mantsi a bontsha. Mo mafelong mangwe, balaodi ba lefelo ba ile ba gakgamadiwa ke tsela e go latelwang dikaelo tsa kago ka gone ka go rata.
7 Isaia o ne a porofeta sentle ka go gola ga kobamelo ya boammaaruri mo metlheng eno. Modimo o ne a dirisa moporofeti yono go bolelela pele jaana: “Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isa. 60:22) Ruri lesome la dingwaga le le fetileng e nnile nako e Jehofa a ileng a lere koketsego ka yone kwa Yuropa Botlhaba. E kete Jehofa a ka tswelela pele a re segofatsa thata ka ntlha ya maiteko a re a dirang go akofisa tiro ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng di le dintsi fa re ntse re tswelela pele re tshegetsa Letlole la Diholo Tsa Bogosi! Seno se tla dira gore go agiwe Diholo tse dingwe tse dintsi tsa Bogosi mo dinageng tse di tlhokang madi. Go tla dira gore kobamelo e e itshekileng e gole mo dikarolong di le dintsi tsa Yuropa le gore go neelwe bosupi ka tsela e kgolwane “go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.”—Dit. 13:47.
[Pictures on page 3]
Kago ya Holo ya Bogosi Moscow, Russia
[Pictures on page 4-6]
Diholo Tse Disha Tsa Bogosi Kwa Yuropa Botlhaba
Strumica, Makedonia
Daruvar, Croatia
Bitola, Makedonia
Sokal, Lviv District, Ukraine
Mladost, Bulgaria
Plovdiv, Bulgaria
Kurdzhipskoye, Maykop, Russia
Bački Petrovac, Yugoslavia
Tlumach, Ivano-Frankivsk District, Ukraine
Rava-Ruska, Lviv District, Ukraine
Stara Pazova, Yugoslavia
Zenica, Bosnia le Herzegovina
Sokal Lviv District, Ukraine
Zhydachivl Lviv District, Ukraine