LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baagelani ba Rona ba Tshwanetse go Utlwa Dikgang Tse di Molemo
    Tirelo ya Bogosi—1998 | July
    • Baagelani ba Rona ba Tshwanetse go Utlwa Dikgang Tse di Molemo

      1 Modimo o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) “Batho ba mefuta yotlhe” ba akaretsa baagelani botlhe ba rona. Gore re kgone go buisana le bone ka dikgang tse di molemo go tla tlhokega gore re fetofetole dipuisano tsa rona le go lemoga dilo tse di ka kgatlhang motho mongwe le mongwe yo re kopanang le ene. (1 Bakor. 9:19-23) Phuthego ya ga Jehofa e re tlametse ka didirisiwa tse di ka re thusang go ama dipelo tsa batho ba ba ‘sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng.’ (Dit. 13:48) A re boneng kafa re ka dirisang diboroutšhara tse di farologaneng ka teng go thusa baagelani ba rona ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng ka July le August.

      2 Diboroutšhara Tse di Tla Buelelwang: Fa tlase fano go na le dikakantsho tse di ka dirisiwang go buelela diboroutšhara dingwe. Kakantsho nngwe le nngwe e akaretsa (1) potso e e dirang gore motho a akanye e o ka simololang motlotlo ka yone, (2) tshupiso e dintlha tse di tshegetsang kgang di ka fitlhelwang mo go yone mo boroutšhareng le (3) lokwalo lo lo tshwanelang lo o ka lo balang ka nako ya fa lo tlotla. O ka tlatsa puisano ka mafoko a gago go ya kafa motho yoo a tsibogang ka teng. Malebana le bontsi jwa diboroutšhara tseno, re umakile dikgatiso tsa nako e e fetileng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tse mo go tsone o ka fitlhelang dipuisano tse di tlhalositsweng ka botlalo.

      A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?

      O akanya gore go na le tsholofelo efe ka batho ba ba ileng ba boga ka ntlha ya go sotliwa?—Ditsebe 27-8, dirapa 23-7; Isa. 65:17, 18; km-TN 7/97 ts. 4.

      Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?

      Ke eng fa gompieno go bonala e kete batho ba le bantsi jaana ga ba kgotsofalele botshelo jwa bone?—Ditsebe 29-30, dirapa 2, 25-6; Pes. 145:16; km-TN 7/96 ts. 4.

      Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!

      A o kile wa ipotsa gore ke eng se Jesu Keresete a se dirang gone jaanong?—Ditshwantsho 41-2; Tshen. 11:15; km-TN 8/96 ts. 8.

      Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise.

      A o ka rata go nna le kitso ka Bogosi jo Jesu a ileng a re ruta go bo rapelela?—Tsebe 3; Math. 6:9, 10; km-TN 8/96 ts. 8.

      Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala.

      A o kile wa ipotsa gore o ka gomotsa jang motho yo o tlhokafaletsweng ke yo a mo ratang?—Tsebe 26, dirapa 2-5; Joh. 5:28, 29; km-TN 7/97 ts. 4.

      A o Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?

      A go tlhaloganya ga rona sentle se tota Modimo a leng sone go ama isagwe ya rona?—Tsebe 3, dirapa 3, 7-8; Joh. 17:3.

      3 Diboroutšhara Tse Dingwe: Tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1998 e tlhagisitse lenaane la dikgatiso tse dingwe, go akaretsa le diboroutšhara tse di kwaletsweng go neela bosupi ka tlhamalalo mo Babudeng, Bahindu, Bajuda le Bamoseleme. Fa go tshwanela, diboroutšhara tseno di ka tsamaisiwa mo bathong ba re kopanang le bone. O ka boeletsa dikakantsho tse di mo go tsebe 4-6 tsa tsenyeletso eo le ditsebe 21-4 tsa buka ya Go Fetolana o bo o itirela dipuisano tse di khutshwane tse di ka dirang gore batho bano ba kgatlhege.

      4 Go na le boroutšhara jo bongwe jo bo kwaletsweng batho ba ba ka tswang ba rutegile thata mme ba sa itse Baebele go le kalo. Bo kwaletswe go ba tlhotlheletsa go batla go tlhatlhoba Lefoko la Modimo. Fa go tshwanela, o ka nna wa batla go tsamaisa eno:

      Buka ya Batho Botlhe.

      A o tla dumalana le nna fa ke re go nna le thutego e e tseneletseng go akaretsa gore motho a nne le kitsonyana ka se Baebele e se tshotseng?—Tsebe 3, dirapa 1-3 le tsebe 30, serapa 2; Mor. 12:9, 10.

      5 Diboroutšhara Tsa go Ithuta Baebele: Ka metlha fa re le mo bodireding mokgele wa rona e tshwanetse go nna go simolola thuto ya Baebele, e ka tswa e le mo loetong lwa ntlha kana mo maetong a go boela a a latelang. Re na le boroutšhara jo bo motlhofo jo bo ka re thusang mo go simololeng dithuto tsa Baebele le go di tshwara:

      Modimo o Batla Gore re Direng?

      A o ne o itse gore mo metsotsong e ka nna 30 fela beke le beke mo dibekeng tse 16, o ka kgona go tlhaloganya dilo tsa konokono tse di mo Baebeleng?—Thuto 2, serapa 6; 2 Tim. 3:16, 17; km-TN 3/97 ts. 4.

      6 Mo setshwantshong sa ga Jesu se se kaga Mosamaria yo o molemo, o ile a supa sentle gore moagelani yo o molemo ke yo o bontshang lorato le go nna molemo mo bathong ba ba mo mathateng. (Luke 10:27-37) Baagelani ba rona ba mo mathateng ka tsela ya semoya. Ba tshwanetse go utlwa dikgang tse di molemo. A re sikareng boikarabelo jwa go ba bolelela tsone, ka go dira jalo re tla bo re supa gore re barutwa ba mmatota ba ga Jesu Keresete.—Math. 24:14; Bagal. 5:14.

  • Pego ya Tirelo ya March
    Tirelo ya Bogosi—1998 | July
    • Pego ya Tirelo ya March

      Palo Babul. Babul.

      ya Bab. Thus. Metlha.

      Botswana 1 126 31 56

      Lesotho 2 298 102 186

      Namibia 868 23 33

      St. Helena 148 1 -

      South Africa 62 033 2 277 4 363

      Swaziland 1 782 64 162

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela