-
DikitsisoTirelo ya Bogosi—2004 | May
-
-
Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo mmogo le wa Tsogang! Fa o dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang, ba ba ka akaretsang le ba ba nnileng gone kwa Segopotsong kgotsa mo ditiragalong tse dingwe tsa phuthego mme ba sa kopanele ka metlha le phuthego, leka ka natla go tsamaisa buka ya Obamela Modimo. Leka ka natla go simolola thuto ya legae ya Baebele, bogolo jang fa e le gore batho bangwe ba setse ba ithutile buka ya Kitso le boroutšhara jwa Re Direng. June: Ithute mo Morutising yo Mogolo. Fa batho ba bolela gore ga ba na bana, ba tsamaisetse boroutšhara jwa Re Direng. Fa o dirisa boroutšhara jono, leka thata go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32, kwantle ga jwa Thuto le jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo o tlhomilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kgotsa ka bonako fela morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego fa pego e e latelang ya diakhaonto e sena go balwa.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Dikopano tse di latelang tsa kgaolo di fetotswe:
DECEMBER 3-5:
Gaborone (Seesemane) Letlha le lesha
DECEMBER 4-5:
Rundu (Sekwangali) Letlha le lesha
DECEMBER 10-12:
Vereeniging (Sesotho/Sezulu) Letlha le lesha
DECEMBER 24-26:
Giyani (Setsonga) Kopano e ntšha
Kimberley (Setswana) Kopano e ntšha
Klerksdorp (Setswana) E phimotswe
Phalaborwa (Setsonga) E phimotswe
DECEMBER 31, 2004 –JANUARY 2, 2005:
Mmabatho (Setswana) Kopano e ntšha
◼ Compact Disc e Ntšha e e Leng Teng:
Ithute mo Morutising yo Mogolo—Seesemane
-
-
Tshedimosetso e e Thusang BathoTirelo ya Bogosi—2004 | May
-
-
Tshedimosetso e e Thusang Batho
Bakeresete ba boammaaruri ba dira bodiredi jwa phatlalatsa jwa go anamisa dikgang tse di molemo. (Bafil. 2:17) Gore go fitlhelelwe seno, diboroutšhara dingwe tse di dirisiwang thata, dipampitshana le ditlhogo dingwe di beilwe mo Internet ka dipuo di le 20 mo atereseng ya www.watchtower.org. Aterese eno ya Internet ga e a direlwa go anamisetsa Basupi ba ga Jehofa dikgatiso tsa bosheng. Boikaelelo jwa yone ke go dira gore batho ba bangwe ba nne le tshedimosetso ya boammaaruri ka se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang go tswa mo Baebeleng.
Bosheng jaana, go ne ga tsenngwa sengwe sa botlhokwa mo atereseng ya rona e e kafa molaong ya Internet. Go ne ga tsenngwa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? ka dipuo di feta 220. Gape, go tloga ka kgatiso ya January 1 le ya January 8, 2004, aterese ya rona ya Internet e setse e simolotse go kwalwa mo tsebeng ya bofelo ya makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! ka dipuo tsotlhe.
O ka dirisa sedirisiwa seno jang? O ka nna wa kopana le mongwe yo go lebegang a kgatlhega mme a tlhaloganya fela puo e sele. Fa e le gore a ka kgona go dirisa Internet, o ka mmontsha aterese e e mo tsebeng ya bofelo ya Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! Ka tsela eo, a ka nna a kgona go sekaseka boroutšhara jwa Re Direng ka puo ya gagwe go fitlha o mo tlisetsa dibuka tsa puo eo. Kgotsa o ka nna wa kgona go mo fetisetsa mo phuthegong kana mo setlhopheng se se dirisang puo ya gagwe.
-
-
Dikgang Tsa Puso ya ModimoTirelo ya Bogosi—2004 | May
-
-
Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Diphuthego tse di latelang di ne tsa itumelela go kgakola Diholo tsa tsone tse disha tsa Bogosi: Boitumelo, Molelema (Bloemhof), le Thamoanchi (Kurumane). Re itumela le bone fa ba ntse ba tswelela ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele.
◼ Mo Afrika Borwa, baboledi ba le 9 282 go tswa mo diphuthegong di le 426 ba ne ba nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang ya 2003, mme ba tsamaisa dibuka di le 5 055, dibukana di le 40 331 le dimakasine di le 55-231. Ba ne ba dirisa diura di le 77 983, ba dira maeto a go boela a le 6 580 mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 1 594.
Babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba le 29, ba le bone ba neng ba direla ka nako eo, ba ne ba tsamaisa dibuka di le 751, dibukana di le 5 801 le dimakasine di le 2 837. Ba ne ba dirisa diura di le 12 534, ba dira maeto a go boela a le 3 971 mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 682. Banyalani bangwe ba ba neng ba boela kwa tshimong e ba neng ba e bereka ka 2002, ba ne ba bolela gore ba ne ba itumela fa ba fitlhela gore batho ba le banè ba ba neng ba ithuta Baebele le bone mo ngwageng o o fetileng, ba ne ba gatetse pele e bile ba tlogetse kereke. Ba babedi jaanong ke baboledi ba ba sa kolobediwang mme yo mongwe o boletse gore a ka rata go kolobediwa.
-
-
Fa re Tsamaisa Buka ya Ithute mo Morutising yo MogoloTirelo ya Bogosi—2004 | May
-
-
Fa re Tsamaisa Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo
◼ “A o akanya gore lefatshe le ka bo le le botoka fa batho ba ka bo ba tshela go ya ka mafoko ano? [Bala Mathaio 7:12a. Go tswa foo o mo letle a arabe.] Buka eno e na le dithuto di le dintsi tsa morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.” Mmontshe ditshwantsho le mafoko a a fa thoko ga tsone mo go kgaolo 17.
◼ “Batsadi ba le bantsi gompieno ba leka go ruta bana ba bone mekgwa e mentle. A o akanya gore go botlhokwa go dira jalo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale Diane 22:6.] Ela tlhoko gore batsadi ba kgothalediwa gore ba simolole go thapisa bana ba bone ba sa le bannye. Buka eno e diretswe go ba thusa go dira jalo.” Mmontshe ditshwantsho le mafoko a a fa thoko ga tsone mo go kgaolo 15, 18 kgotsa 32.
◼ “Gantsi batsadi ba gakgamadiwa ke dipotso tse bana ba bone ba di botsang. Dingwe tsa dipotso tseno di ka nna thata go di araba, a ga go jalo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale 2 Timotheo 3:14, 15.] Mmaagwe Timotheo le mmaagwemogolo ba ne ba mo ruta gore Dikwalo tsa reng go tloga a sa le losea. Buka eno e ka thusa batsadi gore ba rute bana ba bone jalo gompieno.” Mmontshe ditshwantsho di sekae le mafoko a a fa thoko ga tsone mo go kgaolo 11 le 12 kgotsa 34 go ya go 36.
-