LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • A Wena o Tla Bo o Le Teng?
    Tirelo ya Bogosi—2002 | October
    • A Wena o Tla Bo o Le Teng?

      1 Mokaulengwe mongwe yo o sa bolong go nna Mosupi o ne a bolela jaana: “Fa o foswa ke letsatsi la ntlha la kopano, o fositswe ke dilo di le dintsi!” Ke ka ntlha yang fa a ne a ikutlwa jalo? Ka gonne letsatsi la ntlha ke tshimologo ya letlepu la dijo tsa semoya tse phuthego ya ga Jehofa e re baakanyeditseng tsone. (Isa. 25:6) Go nna teng ga rona go tloga fela kwa tshimologong go bontsha gore re dumalana le mafoko a ga mopesalema a a reng: “Ke ne ka ipela fa ba ne ba nthaya ba re: ‘A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.’”—Pes. 122:1.

      2 Le fa go ntse jalo, kwa Dikopanong dingwe Tsa Kgaolo tsa “Barutisi ba Lefoko la Modimo” mo ngwageng o o fetileng, palo ya ba ba neng ba le gone ka Labotlhano e ne e le kwa tlase thata go feta ka Matlhatso le ka Sontaga. Seno se raya gore bakaulengwe ba le bantsi ga ba a utlwa dipuo tsa kopano tse di neng di na le tshedimosetso e e botlhokwa ya lefoko la boporofeti. Gape ba fositswe ke go kopana mmogo le badumedi ka bone.

      3 O se Ka wa Letla Tiro ya Boitshediso e go Kgoreletsa: Go tshaba go latlhegelwa ke tiro e ka tswa e le lebaka la go bo bangwe ba se kile ba nna teng ka Labotlhano. Le fa go ntse jalo, Basupi ba le bantsi ba fitlhetse gore bathapi ba bone ba iketleeleditse go dirisana mmogo le bone mo kgannyeng eno, fa ba ba kopa go sa le gale gore ba ba rebole. Mothapi mongwe o ne a kgatlhiwa thata ke boikemisetso jo bo nonofileng jwa kgaitsadi mongwe wa mmulatsela jwa go nna teng mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego le mo dikopanong mo e leng gore o ne a fetsa letsatsi lotlhe kwa kopanong nngwe e a neng a ya kwa go yone!

      4 Ga o a tshwanela go akanya gore mothapi wa gago ga a kitla a go rebola e bile ga o a tshwanela go swetsa ka gore go fosa letsatsi le le lengwe la kopano ga go na molato. O tlhatswegile pelo, ipaakanyetse go bontsha mothapi wa gago ka botlhale go tswa mo Dikwalong lebaka la go bo go nna teng mo kopanong e le karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya gago. (Baheb. 10:24, 25) Morago ga moo, ikanye ditsholofetso tsa ga Jehofa ka botlalo o lemoga gore o tla newa sengwe le sengwe se o se tlhokang fa dilo tse o di tlhokang semoyeng di tla pele mo botshelong jwa gago.—Math. 6:33; Baheb. 13:5, 6.

      5 Selo sa botlhokwa ke go anaanela “dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafil. 1:10, 11; Pes. 27:4) Seno se re tlhotlheletsa go dira dithulaganyo tsa gore thulaganyo eno e e tswang kwa go Jehofa e re solegele molemo ka botlalo. Simolola gone jaanong go dira dithulaganyo tse di tlhomameng mme o ikemisetse gore le wena o tla nna teng malatsi otlhe a le mararo!

  • Lebaka La go Bo re Rata Bakaulengwe ba Rona Botlhe
    Tirelo ya Bogosi—2002 | October
    • Lebaka La go Bo re Rata Bakaulengwe ba Rona Botlhe

      Mo lefatsheng la gompieno le le se nang lorato, re ka tswelela jang re ntse re na le lorato lo logolo mo bakaulengweng ba rona ba semoya? (1 Pet. 2:17) Re ka bontsha ba bangwe jang gore tota re rata bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe? (Math. 23:8) Ka go dirisa bidio e e reng Our Whole Association of Brothers. E bontsha mabaka a go bo re ratana. Bona gore a o ka araba dipotso tse di latelang:

      (1) Ke ditiro dife tse tharo tse rona le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe re nnang le seabe mo go tsone? (2) Bakaulengwe ba rona ba bontsha jang gore ba ikemiseditse go rera kwa (a) dikakeng tsa Alaska, (b) kwa maemakepeng a magolo a Yuropa le (c) kwa dikgweng tse di kitlaneng tsa Peru? (3) Ke sedirisiwa sefe sa konokono se se dirisediwang go neela bosupi? (4) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore go rera ke tiro e e tlwaelegileng fela? (5) Neela dikai tsa ka fa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gomotsana le go tshegetsana ka gone mo dinakong tsa matshwenyego—dithoromo tsa lefatshe, dikgwanyape le dintwa tsa selegae. (Bona dikakgelo tsa ga Takao mo tsebeng 23 ya makasine wa Tsogang! wa August 22, 1995, (ka Seesemane) le tsa ga Kotoyo mo tsebeng ya 16 ya makasine wa Tsogang! wa November 8, 1996.) (6) Rotlhe re ka bontsha ka ditsela dife tse di mosola letshwao le legolo le le re tlhaolang jaaka bakaulengwe ba Bakeresete? (Joh. 13:35) (7) Re tshwanetse go tsaya dipokano tsa phuthego di le botlhokwa go le kanakang? (8) Go nna le Holo ya Bogosi e re kopanelang mo go yone go ama jang ba ba neng ba sena yone mo nakong e e fetileng? (9) Bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba le Russia ba ne ba kgona go tswelela jang ba nonofile semoyeng le fa ba ne ba thibetswe? (10) Le eleng gone jaanong, Basupi ba le bantsi ba iteka jang ka tlhoafalo go nna teng kwa dikopanong mme ka ntlha yang? Seno se go kgothaditse jang? (11) Ke ka ntlha yang fa o ikemiseditse go obamela ka kutlwano le ba bangwe, go ba thusa mo dinakong tsa mathata le go rera ka boikanyegi gongwe le gongwe le ka tsela epe fela e o ka kgonang ka yone? (12) Ke ka ntlha yang fa go tla nna molemo gore o nne le khopi ya bidio eno mme o e bontshe batho ba ba kgatlhegang ba le bantsi ka mo o ka kgonang ka gone?

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela