A O Dira Thato ya Modimo?
ENE ya re Basupi bangwe ba babedi ba ga Jehofa ba le mo bodiheding jwa ntlo le ntlo, ba kopana le moruti mongwe wa Kereke ya Episcopal. O ne a lebega e le motho yo o siameng, a na le ditedu, a le dingwaga di ka nna 60, a apere sekipara se kwadilwe leina la kereke ya gagwe. O ne a pataketsa mafoko ano: “E kete maloko a kereke ya rona a ka bo a tlhagafetse jaaka lona mo go anamiseng Lefoko, mme lefa go ntse jalo ke tla kopa gore lo se ka lwa tlhola lo tla mo ntlong ya me gape.”
Ee, go na le batho ba le bantsi ba ba tseelang tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa godimo e bile ba ba akgolela go tlhoafala le go tlhagafala ga bone. Lefa go ntse jalo, ga ba kgatlhegele tiro e Basupi ba e dirang lefa go le gonnye, le gone bone ka bobone ga ba akanye le e seng ka go e dira. Mme boemo jono jo bo lebegang bo ikganetsa ga se gone bo simologang. Jesu o ne a bo bona mo motlheng wa gagwe, mme o ne a gatelela ntlha eno a dirisa setshwantsho sengwe se se dirang gore motho a akanye.
“Lo gopolañ? Monna moñwe o na a na le bomorwawè ba le babedi; me a tla mo go oa ntlha, a re, Morwaaka, ea u dihè mo tshimoñ ea me ea mafine gompiyeno. Me a mo hetola a re, Kea gana: me moragō a ikwatlhaea, a ea. Me a tla mo go oa bobedi, a bua yalo. Me èna a hetola, a re, Kea ea, morèna: me a se ka a ea. Ke ohe oa bobedi yo, eo o dihileñ go rata ga rragwè?”—Mathaio 21:28-31.
Karabo e mo pepeneneng. Jaaka boidiidi jo bo neng bo reeditse Jesu, re ne re ka araba ka go re, “Oa ntlha.” Mme kwantle ga selo seno se re se lemogang bonolo, Jesu o ne a dirisa setshwantsho seo go re bontsha gore go dira se rre a neng a se batla e ne e le sone sa botlhokwa. Le mororo morwa wa ntlha a ne a bolela gore o ne a sa batle go tsamaya, gone o ne a tsamaya a ba a akgolelwa go dira jalo. Go dira tiro e e tshwanetseng le gone go botlhokwa fela jalo. Morwa wa ntlha o ne a bereka mo tshimong ya ga rraagwe; ga a ka a ya go dira mo tshimong ya gagwe ka boene.
Seno sotlhe se kaya eng mo go rona? Modimo o batla eng mo baobameding ba gagwe gompieno? Re ka ithuta eng mo botshelong jwa ga Jesu se se tla re thusang go dira thato ya ga Rara? Tseno ke dipotso tsa botlhokwa, mme fa re bona dikarabo tse di tshwanetseng seo se tla kaya gore re tla tshela sentle ka bosakhutleng, ka gonne “eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17; Baefesia 5:17.
“Go Rata ga Modimo” Ke Eng?
Comprehensive Concordance of the New World Translation of the Holy Scriptures e kwadilwe lefoko “thato” ka makgetlo a feta 80. Ka makgetlo a ka nna 60 mo go ano (kana mo e ka nnang 75 lekgolong ya makgetlo ano) go buiwa ka thato ya Modimo. Dipolelwana tse di tshwanang le “go rata ga Modimo,” “go rata ga Rre,” le “thato ya Modimo” di tlhaga makgetlo a feta 20. Seno se re bontsha gore thato ya Modimo e tshwanetse ya nna sone selo sa botlhokwatlhokwa mo go rona. Mo botshelong jwa rona re tshwanetse ra amega thata ka go dira thato ya Modimo.
Ka Setswana lefoko “thato” le kaya ‘keletso, sengwe se o ka ratang se direga, sengwe se o ititeileng sehuba go se dira, sengwe se se elediwang, bogolo jang sengwe se se tlhophilweng kana se mongwe wa maemo kana yo o nang le thata a ititeileng sehuba go se dira.’ Ka jalo he, Jehofa, Molaodi yo Mogolo, o na le thato, keletso, kana sengwe se a ititeileng sehuba gore o tla se dira. Ke eng seo? Dikwalo di re bolelela gore karolo ya ‘thato [ya Modimo] ke gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4) Jesu Keresete le Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira ka moya otlhe go fa ba bangwe kitso eno ya boammaaruri.—Mathaio 9:35; Ditihō 5:42; Bafilipi 2:19, 22.
Ke mang yo o dirang thato ya Modimo gompieno? Mo gare ga batho ba ba fetang dimilione di le dikete tse pedi ba ba ipolelang gore ke balatedi ba ga Jesu Keresete, ke ba le kae ba ba tshwanang le morwa wa ntlha mo setshwantshong sa ga Jesu, yo o ileng a ya go dira thato ya ga rraagwe? Karabo ga e thata go bonwa. Balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba mo latelang tota ba tshwanetse gore ba bo ba dira tiro e a neng a rile ba tla e dira: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mareko 13:10) Basupi ba ga Jehofa, ba ba ka tshwarang dimilione tse nne le sephatlo mo lefatsheng lotlhe, ba rerela ba bangwe le go ba ruta mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo ba le tlhaga, ba bontsha gore Bogosi ke jone fela jo batho ba ka ikanyang gore bo tla lere kagiso le polokesego. A o na le seabe se segolo mo go direng thato ya Modimo? A o rera mafoko a a molemo a Bogosi jaaka Jesu a ne a dira?—Ditihō 10:42; Bahebera 10:7.
Go Itumelela go Dira Thato ya Modimo
Lefa go ithuta se thato ya ga Rara e leng sone go itumedisa, go ruta ba bangwe gore thato ya Modimo ke eng go itumedisa le go feta. Jesu o ne a itumelela go ruta batho kaga Rraagwe. Mo go ene seo se ne se tshwana le dijo. (Yohane 4:34) Le rona re tla itumela tota fa re ka dira jaaka Jesu a ne a dira, ke gore, re rera le go ruta dilo tse a neng a di ruta, dilo tse a di utlwileng mo go Rraagwe. (Mathaio 28:19, 20) Jaaka Jesu a ne a solofetsa, “ha lo itse dilō tse, lo segō ha lo di diha.”—Yohane 13:17.
Go tshwantsha: Mmabana mongwe yo o sa tswang go boela mo bodiheding jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng o ne a re: “Go kgatlha tota go bona sefatlhego sa moithuti wa Bibela se sedifala fa dikarolo tse di farologaneng tsa boammaaruri jwa Bibela di ama pelo ya gagwe! Go intumedisa tota go bona moithuti mongwe a kwala ditemana tsotlhe ka letsogo pele ga thuto le go tsaya dintlha fa thuto e ntse e tsweletse gore a tle a kgone go araba dipotso dipe tsa poeletso moragonyana.” Yo mongwe gape wa batho ba ba ithutang le ene Bibela o ne a kile a utlwa boammaaruri fa a ne a santse a le mo dingwageng tsa bolesome. O nyetswe jaanong, mme ka go bo a ne a na le mathata mangwe a botho, o ne a eletsa go bona Basupi. A bo a ne a itumetse jang ne fa kgaitsadi yo wa mmulatsela a kopana le ene! Mohumagatsana yono o ne a itumelela go simolola go ithuta Bibela gape.
Go Nna Re Ntse Re Itumelela Go Dira Thato ya Modimo
Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo ke mongwe yo o neng a batla go dira thato ya Modimo botshelo jwa gagwe jotlhe. Le mororo a ile a nna le mathata a le mantsi le dikgatelelo di le dintsi, o ne a tlhotlhelediwa gore a bolele jaana: “Ke itumèla thata go diha go rata ga gago, Modimo oa me; E, molao oa gago o mo teñ ga pelo ea me.” (Pesalema 40:8) Go dira thato ya ga Jehofa go ne go le mo teng ga moya wa ga Dafide tota, mo go ene ka namana. Ke sone se se neng sa dira gore a direle Jehofa ka boitumelo jo bo sa feleng. Go dira thato ya Modimo go ne go sa ketefalele Dafide. Go na le moo, go ne go mo itumedisa, sengwe se se neng se tswa mo pelong ya gagwe. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, o ne a leka go dira bojotlhe jwa gagwe gore a direle Modimo wa gagwe, Jehofa, le mororo ka dinako dingwe a ne a leofa le go tlhaela.
Ka dinako tse dingwe, boitumelo jwa rona bo ka fokotsega. Re ka nna ra lapa kana ra kotlomana pelo. Gongwe dilo tse re kileng ra di dira di a re tshwenya, segakolodi sa rona se re tshwenya ka ntlha ya phoso nngwe e e dirilweng mo nakong e e sa bolong go feta bogologolo. Gantsi, maikutlo ano re ka a fenya ka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le go feta. Re ka leka go kwala molao wa Modimo mo “teñ ga pelo,” jaaka Dafide a ne a dira. Fa re leka go dira thato ya Modimo ka moya otlhe, ke gore, ka bojotlhe jo re ka bo kgonang, o tla re duela go ya ka se re se dirileng, ka gonne o a ikanyega.—Baefesia 6:6; Bahebera 6:10-12; 1 Petere 4:19.
Se se kgatlhang ke gore, mo go Bahebera 10:5-7, moaposetoloi Paulo o ne a nopola mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 40:6-8 mme a a dirisa mo go Jesu Keresete. Ka go dira jalo, Paulo o ne a bontsha kafa Jesu a neng a atamalane le Rraagwe ka gone. Lefoko la Sehebera le le rayang “thato” le na le bokao jwa ‘sengwe se se itumedisang, keletso, sengwe se o se ratang, kana se o se itumelelang.’ Ka jalo, Pesalema 40:8 fa e bua kaga Keresete e ka nna ya balega jaana: “Ke itumeletse thata go dira se se go itumedisang, Modimo wa me.”a Jesu o ne a batla go dira se se neng se itumedisa Rraagwe. Jesu o ne a dira go feta se a neng a kopilwe gore a se dire. O ne a dira se se ratwang ke Rraagwe, le gone o ne a itumelela go se dira.
Botshelo jotlhe jwa ga Jesu bo ne bo amana thata le go ruta ba bangwe gore thato ya Modimo ke eng le gore ba tshwanetse go dira eng gore ba segofadiwe ke Modimo. E ne e le moreri le morutisi wa nako e e tletseng mme o ne a itumelela thata go dira tiro eo. Ka jalo go a utlwala he gore fa re ntse re dira tiro ya ga Jehofa, re tla itumela le go feta. A le wena o ka dira tiro ya go rera ka nako e e tletseng gore boitumelo jwa gago bo oketsege?
Se sengwe gape se se ka re thusang go nna re itumetse fa re dira thato ya Modimo ke go nna re lebile pele kwa isagweng. Jesu o ne a dira fela jalo. “Ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ.” Se ene a neng a se itumelela e ne e le go ikanyega mo Modimong go ya bokhutlong a ba a bona tuelo ya go busa a le kafa letsogong la ga Rraagwe le legolo.—Bahebera 12:2.
Akanya fela kafa ba ba tla tswelelang pele ba dira thato ya Modimo ba tla itumelang ka gone mo isagweng. Ba tla bona go senngwa ga batho ba ba tatalalelang go dira se bone ba se ratang ka bopelotshetlha le fa seno se bakela ba ba lekang go dira thato ya Modimo matshwenyego. (2 Bathesalonia 1:7, 8) Akanya kafa baratiwa ba ba tsositsweng ba tla itumelang ka gone fa ba bona sebaka sa go ithuta le go dira thato ya Modimo. Kana o akanye ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore a busetse lefatshe mo maemong a Paradaise. Sa bofelo, akanya ka kgololesego e e tla nnang gone fa Satane a fediseditswe ruri, ene yo o ganetsang thato ya ga Jehofa.
Ee, go dira thato ya Modimo gompieno go ka dira gore motho a itumele thata gompieno a bo a itumele ka bosakhutleng mo isagweng. Go sa kgathalesege gore batho ba arabela jang mo tirong e re e dirang ya go rera, a re etseng sekao sa ga Jesu sa go itumelela go dira thato ya ga Rraagwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona ntlhanyana e e kwa tlase ya Pesalema 40:8 mo go NW.