Dilo Tseno Tsotlhe Di Kayang?
JESU KERESETE o ne a re: “Bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo ne bo tla lemogiwa ka dintwa, ditlhaelo tsa dijo, malwetse a leroborobo le dithoromo tsa lefatshe.—Mathaio 24:1-8; Luke 21:10, 11.
Fa e sale go tloga ka 1914, botshelo bo ntse bo senngwa ke dintwa tsa ditšhaba le tsa ditso, gantsi e le tse di bakwang ke go bo baruti ba itshunya nko mo dipolotiking, mme gone jaanong di bakwa ke ditlhaselo tse di anameng tsa dirukutlhi.
Go sa kgathalesege kgatelopele e e dirilweng mo go tsa saense, batho ba le dimilione di le dintsi ba tlhaelelwa ke dijo fela thata. Ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione ba a swa ka ntlha ya go tlhoka dijo.
Malwetse a leroborobo le one ke karolo ya sesupo se Jesu a se tlhalositseng. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, leroborobo la foluu le ne la bolaya batho ba feta 21 000 000. Go farologana le malwetse a a neng a tlhasela batho mo lefelong le le rileng fela mo dingwageng tse di fetileng, foluu eno e ne ya ama ditšhaba mo lefatsheng lotlhe le ditlhaketlhake tse di kgakala. Jaanong AIDS e gogola lefatshe lotlhe, mme malwetse a a tshwanang le TB, malaria, mogare o o foufatsang le bolwetse jwa ga Chagas (jo bo bakang letshoroma, go ruruga sebete le dikgeleswa) a atile mo dinageng tse di tlhabologang.
Go begwa gore ngwaga le ngwaga go na le dithoromo di le diketekete tsa lefatshe tsa bogolo jo bo sa tshwaneng. Le fa go na le didirisiwa le mekgwa e e tokafaditsweng ya go bega dithoromo tsa lefatshe, mo dikgannyeng go buiwa thata ka masetlapelo a a bakwang ke dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a nang le batho ba bantsi.
Gape Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone; mme bano o ba fularele.”—2 Timotheo 3:1-5.
A ga o dumele gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’?
A o etse tlhoko gore batho ba feteletse mo go nneng baithati, barati ba madi le go nna boikgogomoso?
Ke mang yo o ka ganetsang gore lefatshe le tletse ka batho ba ba batlang dilo ka dikgoka mme ba se na tebogo, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba sa ikanyegeng?
A o etse tlhoko gore go sa utlwe batsadi mmogo le go tlhoka lorato di oketsegile ka selekanyo se segolo thata, e seng fela mo mafelong a le mmalwa, mme mo lefatsheng lotlhe?
Ga go na pelaelo gore o lemoga gore re tshela mo lefatsheng le le ratang menate mo go feteletseng mme le sa rate molemo. Baebele e tlhalosa jalo maikutlo a batho ba bantsi ba tla bong ba na le one mo “metlheng ya bofelo.”
A re tlhoka bosupi jo bo oketsegileng go lemoga gore re tshela mo motlheng ofe? Gape, Jesu o ne a bolelela pele gore mo go yone nako eno, dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Mathaio 24:14) A seo se a dirwa?
Tora ya Tebelo, makasine o o theilweng mo Baebeleng o o dirisediwang go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa ga Jehofa, o gatisiwa ka metlha ka dipuo di le dintsi go feta makasine le fa e le ofe.
Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa diura di feta bilione ba rerela ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo.
Gone jaanong ba gatisa dikgatiso tse di tlhalosang Baebele ka dipuo di ka nna 400, go akaretsa le dipuo tse di balwang ke ditlhopha tse dinnye tsa batho ba ba nnang kgakala. Basupi ba ga Jehofa ba fitlheletse ditšhaba tsotlhe ka dikgang tse di molemo; gape ba rerile mo ditlhaketlhakeng di le dintsi le mo mafelong a a tsewang a le mannye thata mo go tsa bopolotiki. Mo dinageng tse dintsi, ba tsweletse ka thulaganyo ya ka metlha ya go ruta batho Baebele.
Ee ruri, dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di a rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni, e seng ka maikaelelo a go sokolola lefatshe, mme ka maikaelelo a go neela bosupi. Batho gongwe le gongwe ba newa sebaka sa go bontsha gore a ba kgathalela go itse gore ke mang yo o bopileng magodimo le lefatshe le gore a ba tla tlotla melao ya gagwe le go rata batho ba bangwe.—Luke 10:25-27; Tshenolo 4:11.
Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla tlosa boikepo jotlhe mo lefatsheng mme bo tla dira lefatshe lotlhe paradaise.—Luke 23:43.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Metlha ya Bofelo Jwa Eng?
Ga se metlha ya bofelo jwa batho. Baebele e solofetsa gore ba ba dirang thato ya Modimo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16, 36; 1 Johane 2:17.
Ga se metlha ya bofelo jwa lefatshe. Lefoko la Modimo le solofetsa gore lefatshe le tla nnela ruri.—Pesalema 37:29; 104:5; Isaia 45:18.
Go na le moo, eno ke metlha ya bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo e e tletseng thubakanyo e e se nang lorato, e bile ke metlha ya bofelo jwa batho ba ba ngaparetseng ditsela tsa yone.—Diane 2:21, 22.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
A Ruri Baebele ke Lefoko la Modimo?
Baporofeti ba Baebele ba ne ba kwala jaana gangwe le gape: “Jehofa o buile jaana.” (Isaia 43:14; Jeremia 2:2) Le Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a bua a gatelela gore o ne a sa ‘bue ka go itshimololela ka boene.’ (Johane 14:10) Baebele ka boyone e bua jaana ka tlhamalalo: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.”—2 Timotheo 3:16.
Ga go na buka epe e nngwe e e gatisitsweng ka dipuo tse dintsi jaana—tse di fetang 2 200, jaaka go bega United Bible Societies. Ga go na buka epe e nngwe e e anamisitsweng thata jaana—dikhopi tsa yone gone jaana di feta dibilione tse nnè. A seo ga se sone se o ka se lebelelang ka molaetsa o o tswang kwa Modimong o ya kwa bathong botlhe?
Go bona tlhaloso e e tletseng ka bosupi jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o bala Baebele mme o dumela gore eleruri ke Lefoko la Modimo, o tla solegelwa molemo thata.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
Ke puso e e kwa legodimong, e e diragatsang tshwanelo e Modimo wa boammaaruri, Jehofa, Mmopi wa legodimo le lefatshe, a nang le yone ya go busa.—Jeremia 10:10, 12.
Baebele ya re Jesu Keresete ke ene yo Modimo a mo nayang taolo e e ntseng jalo ya go busa. (Tshenolo 11:15) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o setse a na le taolo e kgolo thata e e tswang kwa Modimong—taolo e e neng e dira gore a kgone go laola maemo a bosa, go fodisa malwetse a mefuta yotlhe, le go tsosa baswi tota. (Mathaio 9:2-8; Mareko 4:37-41; Johane 11:11-44) Boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele gore gape Modimo o ne a tla mo naya “bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:13, 14) Jaanong Jesu o a busa a le kwa legodimong.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe