LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/05 ts. 4
  • Thulaganyo ya Lelapa—Dipokano Tsa Phuthego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Lelapa—Dipokano Tsa Phuthego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Anaanela Dikokoano Tsa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • O Na le Mokgwa Ofe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 5/05 ts. 4

Thulaganyo ya Lelapa—Dipokano Tsa Phuthego

1 Fa e le gore o motsadi wa Mokeresete, ruri o batla gore bana ba gago ba gole ba rata Jehofa e bile ba mo direla, mme ba feleletse ba bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. O ka ba thusa jang gore kobamelo ya ga Jehofa e tle pele mo botshelong jwa bone? Tsela e molemo e o ka dirang seo ka yone ke go ba tlhomela sekao. (Dia. 20:7) Kgaitsadi mongwe fa a gakologelwa sekao sa ga mmaagwe wa Mosupi, o ne a re: “Go ne go sa tlhokege gore motho a botse gore a go iwa dipokanong kgotsa nnyaa, go ne go iwa.” Seno se ne sa dira gore a bone kafa di leng botlhokwa ka gone.

2 A lelapa la gago le tlhaloganya boikaelelo jwa dipokano tsa phuthego? Tao e re e amogelang kwa dipokanong tseno e re nonotsha gore re tswelele pele ka go dira thato ya Modimo, mme e bile go kopana mmogo le bakaulengwe ba rona go re kgothatsa tota. (Isa. 54:13; Bar. 1:11, 12) Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo jwa dipokano tseno ke go baka Jehofa “fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng.” (Pes. 26:12) Dipokano tsa Bokeresete di re naya tshono ya gore re bontshe tsela e re ratang Jehofa ka yone le gore re mo obamele.

3 “Nnang lo Tlhokometse ka Kelotlhoko”: Fa e le gore re anaanela boikaelelo jo bo boitshepo jwa dipokano tsa rona seno se tla re tlhotlheletsa gore re ‘nne re tlhokometse ka kelotlhoko’ gore a ka iketlo ga re nne le mokgwa wa go tlolwa ke dipokano ka ntlha ya dilo tse e seng tsa botlhokwa. (Baef. 5:15, 16; Baheb. 10:24, 25) Fa o dira thulaganyo ya lelapa, o ka nna wa e simolola ka go kwala nako ya dipokano tsa phuthego. Morago ga moo, ela tlhoko gore o se ka wa letla ditiro tse dingwe di kgoreletsa nako ya dipokano. Tlhomamisa gore go nna gone kwa dipokanong ke selo sa botlhokwa thata mo lelapeng la gago.

4 A ga re kgothadiwe ke go bala maitemogelo a bakaulengwe ba rona ba ba fenyang maemo mangwe a a boima e le fela gore ba nne gone kwa dipokanong le kwa dikopanong? Le fa gone maemo a gago a ka tswa a sa tshwane le a bone, gongwe le wena o na le mathata mangwe a o lebanang le one. Satane o tsweletse pele ka go dira gore go obamela Jehofa go ketefalele batho ba Modimo. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore ruri bana ba gago ba tla lemoga maiteko a a dirwang ke lelapa la gago gore le nne gone kwa dipokanong tsa phuthego. Ee ruri, fa o dira jalo, o ka nna wa ba abela mpho ya semoya e ba se kitlang ba e lebala le ka motlha.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela