-
Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo OketsegilengTirelo ya Bogosi—2005 | April
-
-
Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo Oketsegileng
1 Fa re ntse re rera dikgang tse di molemo, gantsi re a tle re kopane le batho ba ba sa nneng mo tshimong ya rona, kgotsa ba ba buang puo e sele, go akaretsa le ba ba buang puo ya diatla. Ba bangwe ba gongwe re ileng ra nna le motlotlo o o itumedisang wa Baebele le bone ba ka nna ba fuduga ba tswa mo tshimong ya rona. Re ka dira jang go thusa batho bano gore ba bone bosupi jo bo oketsegileng? Ka go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43).
2 Gantsi batho ba reetsa dikgang tse di molemo ka kelotlhoko fa ba di utlwa ka puo ya bone. (Dit. 22:1, 2) Fa re kopana le batho bano, re tla rata go dirisa bukana e ntšha ya Good News for People of All Nations e re e amogetseng kwa dikopanong tsa kgaolo tse re nnileng le tsone bosheng jaana. Ka gone, gantsi, fa re kopana le motho yo o buang puo e sele, re tshwanetse go tlatsa foromo eno tota le fa motho yono a sa bontshe go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, fa go na le setlhopha se segolwanyane sa batho ba ba buang puo e sele, ba ba neelwang bosupi ka metlha, go ka nna ga se ka ga tlhokega gore o tlatse foromo eno ntle le fa motho a bontshitse go kgatlhega.
3 Go Tlatsa Foromo Eno: Ka botlhale kopa motho yono leina la gagwe, aterese ya gagwe le dinomoro tsa gagwe tsa mogala o bo o di kwale. Kwala gore o bontshitse kgatlhego e e kana kang, gore a ka fitlhelelwa ka dinako dife, gore o tsamaiseditswe kgotsa o kopile kgatiso efe le gore o tlhaloganya puo efe botoka. Fa o sena go tlatsa foromo eno, e neye mokwaledi ka bonako, mme ene o tla e romela kwa phuthegong kgotsa kwa setlhopheng se se tshwanelang.
4 Go Romela Foromo Eno: Fa mokwaledi a sa itse gore foromo eno e tshwanetse go romelwa kwa phuthegong efe kgotsa kwa setlhopheng sefe, kgotsa a se na aterese ya phuthego eo kgotsa setlhopha seo, a ka nna a leletsa Territory Desk mogala kwa ofising ya lekala gore a kope tshedimosetso e a e tlhokang. Ga go tlhole go tlhokega gore a itsise molebedi wa toropo fa a romela foromo eno.
5 Fa phuthego nngwe kgotsa setlhopha se amogela foromo e e tladitsweng ya Tsweetswee Boela, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo ka bonako gore motho yono a etelwe. Fa re ntse re dira seabe sa rona ka botlalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla bula dipelo tsa batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Dit. 13:48.
-
-
Ntlha e Balebedi ba Ditoropo ba Tshwanetseng go e Ela TlhokoTirelo ya Bogosi—2005 | April
-
-
Ntlha e Balebedi ba Ditoropo ba Tshwanetseng go e Ela Tlhoko
Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996 e ne e na le Lebokoso la Dipotso le le neng le araba potso e e reng: “Leina la Basupi ba ga Jehofa le tshwanetse go kwalwa jang mo bukeng ya founo ya lefelo la rona?” Mo go yone go ne ga ntshiwa kaelo e e latelang: “Mo ditoropong tse go nang le diphuthego tse di fetang e le nngwe, re akantsha gore go kwalwe ka tsela e e latelang: Jehovah’s Witnesses, (Toropo), morago ga foo go bo go kwalwa maina ka tsela e a latelanang ka yone ka dialefabete tsa one, aterese ya Holo ya Bogosi, le nomoro ya founo ya phuthego nngwe le nngwe ya lefelo leo.”
Dipego di bontsha gore diphuthego di le mmalwa ga di a kwadisa Diholo tsa tsone tsa Bogosi mo bukeng ya difouno kgotsa fa di le kwadisitse ga di a le kwadisa sentle. Seno se ile sa baka mathata, bogolo jang mo ditoropong tse dikgolo tse di nang le diphuthego di le mmalwa. Re kopa balebedi ba ditoropo gore ba tlhatlhobe dibuka tsa lefelo la bone tsa founo go bona gore diphuthego tse di mo toropong ya bone di kwadisitswe jang. Mo ditoropong tse dinnye molebedi yo o okamelang ke ene a tshwanetseng go tlhokomela ntlha eno. Fa di sa kwalwa sentle, kgotsa di sa kwalwa gotlhelele, molebedi wa toropo (kgotsa molebedi yo o okamelang fa e le toropo e nnye) o tshwanetse go ikgolaganya le bagatisi ba buka ya difouno go baakanya kgotsa go tsenya diphuthego le fa e le dife tse di neng di sa tsenngwa, a latela dikaelo tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka kelotlhoko.
-