Nna o Bue Lefoko la Modimo ka Bopelokgale
1 Jaaka badiredi ba Bakeresete, re a itse gore ga se batho botlhe ba ba tla ratang tiro ya rona ya go rera. (Math. 10:14) Le fa go ntse jalo, ga re letle gore go arabela ga ba bangwe ka tsela e e sa siamang go dire gore re lese go itsise ba bangwe dikgang tse di molemo. (Dia. 29:25) Ke eng se se re thusang go nna re bua lefoko la Modimo ka bopelokgale?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhaloganya “mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu.” Seno se ile sa mo tlhotlheletsa gore a bue ka “go tlhatswega pelo mo go nonofileng.” (Bafil. 3:8; 1 Bathes. 1:5) Le mororo bangwe ba ne ba leba molaetsa o a neng a o rera e le o o bokoa le wa boeleele, o ne a itse gore molaetsa ono e ne e le “maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.” (Bar. 1:16) Ka jalo, le fa a ne a ganediwa, o ne a tswelela fela a “bua ka bopelokgale ka taolo ya ga Jehofa.”—Dit. 14:1-7; 20:18-21, 24.
3 Motswedi wa Nonofo ya Rona: Nonofo e Paulo a neng a na le yone ya go kgona go neela ba bangwe bosupi ka bopelokgale e ne e sa tswe mo go ene ka boene. O ne a kwala jaana, a bua ka ene le Silase: “Kafa e rileng re sena go boga pele le go tshwarwa ka go tlhoka maitseo . . . kwa Filipi, re neng ra nna pelokgale ka Modimo wa rona ka gone gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.” (1 Bathes. 2:2; Dit. 16:12, 37) Mo godimo ga moo, fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, Paulo o ne a kopa ba bangwe gore ba mo rapelele gore a tle a kgone go tswelela a itsise batho dikgang tse di molemo ‘ka bopelokgale . . . jaaka a ne a tshwanetse go bua.’ (Baef. 6:18-20) Go na le gore Paulo a ikaege ka ene ka esi, o ne a ikaega ka Jehofa mme a kgona go nna a bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.—2 Bakor. 4:7; Bafil. 4:13.
4 Le rona re ka dira fela jalo le gompieno. Mokaulengwe mongwe o ne a go fitlhela go le thata go itsise ba bangwe kwa tirong gore e ne e le Mosupi wa ga Jehofa le go ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. O ne a rapela ka kgang eno mme a simolola go ba neela bosupi. Kwa tshimologong, modiri mongwe ka ene o ne a sa batle go mo reetsa, mme go umaka ga gagwe tsholofelo ya tsogo ya baswi go ne ga dira gore a kgone go simolola thuto ya Baebele le ene. Go simolola ka yone nako eo, mokaulengwe yono o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go neela bosupi. E ne ya re fa a sena go fudugela kwa lefelong le lengwe la tiro, a kgona go thusa batho ba le 34 mo lobakeng lwa dingwaga di le 14 gore ba kolobediwe. Le rona re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re nonotsha ka tsela e e tshwanang gore re ‘nne re bue lefoko la gagwe ka bopelokgale.’—Dit. 4:29.