LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dira Gore Batho ba Kgatlhege Ka go Ba Isetsa Dimakasine Ka Metlha
    Tirelo ya Bogosi—2005 | May
    • Dira Gore Batho ba Kgatlhege Ka go Ba Isetsa Dimakasine Ka Metlha

      1. Re ka dira jang gore batho ba re ba isetsang dimakasine ka metlha ba nne le kgatlhego?

      1 Batho ba le bantsi ba re kopanang le bone mo bodireding ba a itumela fa re ba etela, e bile ba rata go amogela dikgatiso tse re ba nayang tsone mme ba okaoka go dumela gore re ba tshwarele thuto ya ka metlha ya Baebele. Tsela nngwe e re ka dirang ka yone gore ba kgatlhege ke ka go ba isetsa dimakasine ka metlha. Fa o naya motho makasine, kwala leina la gagwe le aterese, letsatsi le o neng o mo etetse ka lone, dikgatiso tse a di tsereng mo go wena le temana e o neng wa tlotla le ene ka yone, o bo o kwale sepe fela se sengwe se o se lemogileng se se ka tswang se bontsha gore motho yono o a kgatlhega. Nako le nako fa go goroga makasine o mosha, batla dintlha tse di tla kgatlhang batho ba o ba isetsang dimakasine ka metlha, mme o tlotle le bone ka tsone fa o ba etetse. (1 Bakor. 9:19-23) Fa nako e ntse e tsamaya, go ka nna ga nna le sengwe se se tla ba kgatlhang se ba se balang mo dimakasineng tsa rona se se tla dirang gore ba batle go ithuta go le gontsi.

      2. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore batho ba batle Jehofa gone jaanong, mme ke eng gape se re ka se dirang go ba thusa?

      2 Mme gone re a lemoga gore batho ba le bantsi ga ba kitla ba nna batlhanka ba ga Jehofa fela ka go bala dimakasine tsa rona ba le bosi. E re ka go potlakile gore batho ba batle Jehofa gone jaanong, ke eng se sengwe gape se re ka se dirang go ba thusa? (Sefa. 2:2, 3; Tshen. 14:6, 7) Nako le nako fa re ba tlisetsa dimakasine, re ka dira gore ba kgatlhege ka go ba balela temana nngwe e re e tlhophileng ka kelotlhoko.

      3. (a) Re ka baakanyetsa jang motlotlo o o nang le temana e le nngwe fela? (b) Ke eng se batho ba tshwenyegileng thata ka sone mo tshimong ya gaeno?

      3 Go Tshwara Motlotlo ka Temana e le Nngwe Fela: Akanya ka batho ba o ba isetsang dimakasine ka metlha, mme o baakanyetse metlotlo e e farologaneng o mongwe le mongwe wa one o nang le temana e le nngwe fela go thusa mongwe le mongwe wa bone ka se a se tlhokang. (Bafil. 2:4) Ka sekai, fa mongwe wa bone a tlhokafaletswe ke mongwe bosheng jaana, o ka nna wa boela kwa go ene makgetlo a le mmalwa go ya go tlotla le ene ka se Baebele e se buang ka boemo jwa baswi le ka tsholofelo ya tsogo. O ka nna wa baakanyetsa motlotlo ono o o nang le temana e le nngwe fela o dirisa dintlha tsa buka ya Go Fetolana tse di kafa tlase ga setlhogo se se reng “Loso” le se se reng “Tsogo.” Metlotlo e mengwe e e bontshang kafa bolwetse, botsofe le loso di tla fedisiwang gotlhelele ka gone e ka nna ya itlela fela. Selo sa botlhokwa fano ke go batla kgang e e tla kgatlhang motho le go mmontsha kgato ka kgato se Baebele e se buang.

      4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go thusa motho go tlhaloganya Ditemana fa re mmalela tsone, mme re ka dira seo jang?

      4 Mo Thuse go Tlhaloganya: Le mororo go le molemo go dira gore metlotlo eo e nne e e motlhofo fela e bile e le mekhutshwane, go botlhokwa gore o se ka wa bala fela temana e o e tlhophileng. Satane o foufaditse megopolo ya batho gore ba se ka ba amogela dikgang tse di molemo. (2 Bakor. 4:3, 4) Tota le ba ba tlwaetseng go bala Baebele ba sa ntse ba tlhoka go thusiwa gore ba e tlhaloganye. (Dit. 8:30, 31) Ka jalo, iphe nako ya go tlhalosa temana o bo o dire dikai, fela jaaka o ne o tla dira fa o neetse puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. (Dit. 17:3) Tlhomamisa gore motho yono o bona kafa Lefoko la Modimo le leng mosola ka gone mo botshelong jwa gagwe.

      5. Motho yo o mo isetsang dimakasine ka metlha a ka fetoga jang go nna thuto ya Baebele?

      5 Fa motho a rata se a se ithutang, oketsa motlotlo ka go nna o tsenya ditemana di le pedi kgotsa di le tharo nako le nako fa o mo etela. Batla tshono ya go mo tsamaisetsa boroutšhara jwa Re Direng kgotsa buka ya Kitso. Fa o dira jalo, go ka direga gore motho yo o mo tlisetsang dimakasine ka metlha a nne thuto ya Baebele.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Bogosi—2005 | May
    • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

      Tora ya Tebelo May 15

      “A o akanya gore go tla tsamaya go nna le lefatshe le le se nang khumanego? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Modimo o solofetsa eng. [Bala Isaia 65:21.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bontsha kafa tsholofetso eno e tlileng go diragadiwa ka gone.” Dira dithulaganyo tsa go boa o tla go araba potso e e reng: Phetogo e e solofeditsweng eno e tlile go direga leng?

      Tora ya Tebelo June 1

      “Le fa batho ba le bantsi ba bua ka kagiso, ba bangwe ba le bantsi bone ba bona go se na kagiso epe mo lefatsheng. A o akanya gore go e solofela ke go ijesa dijo tsa ditoro fela? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o bua ka puso e e tla kgonang go tlisa kutlwano mo lefatsheng lotlhe.” Bala Pesalema 72:7, 8 o bo o dira dithulaganyo tsa go boa o tla go tlhalosa gore seno se tlile go direga jang.

      Tsogang! June 8

      “Batho ba le bantsi ba utlwile gore ga twe go itshidila mmele go botlhokwa gore motho a nne le botsogo jo bo siameng, le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba a dumela gore ga ba itshidile mmele ka tsela e e lekaneng. A ga go jalo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla ka melemo ya go itshidila mmele ka metlha e bile o na le dikakantsho tsa kafa re ka kgonang go dira jalo ka gone le fa re tshwaregile.

      “A o etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka go oketsega ga batho ba ba nang le bolwetse jwa kankere ya letlalo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o bontsha gore ke ka ntlha yang fa re ka tswa re le mo kotsing ya go tshwarwa ke jone gompieno, le gore re ka dira eng go itshireletsa.” Konela ka go bala tsholofetso e e gomotsang mo go Jobe 33:25.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela