LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
    • mo gare ga batho ba dipounama tse di seng phepa; gonne matlho a me a bone Kgosi, Jehofa wa masomosomo ka boene!’ Eleruri, Isaia o ne a sala a jele kgakge e bile a ikutlwa e se motho wa sepe fa a lemoga bogolo jwa phuthego ya ga Jehofa. Seno se ne sa mo ama thata mo a neng a bua jaana fa go ne go tswa taletso kwa legodimong ya gore go dirwe tiro nngwe e e kgethegileng ya go bolela dikatlholo tsa ga Jehofa: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:1-5, 8.

      13 Go lemoga phuthego ya ga Jehofa le go e anaanela go tlhotlheletsa batho ba Gagwe ka tsela e e tshwanang. Fa phuthego e ntse e gatela pele, re leka ka natla go tsamaisana le yone. Le gompieno, re leka go bontsha gore re ikanya phuthego ya ga Jehofa.

      PHUTHEGO YA GA JEHOFA E GATELA PELE

      14 Mo kgaolo 1 ya boporofeti jwa ga Esekiele, Jehofa o tlhalosiwa a palame kara e kgolo ya kwa legodimong. Kara eno e e galalelang e tshwantshetsa karolo e e sa bonaleng ya phuthego ya ga Jehofa. O palame kara eno ka tsela ya gore o e kaela ka tsela e e molemo le go e dirisa go dumalana le maikaelelo a Gagwe.—Pes. 103:20.

      15 Leotwana lengwe le lengwe la kara eno le na le leotwana le lengwe le le tsenang mo teng ga lone—le le lekanang kgo le lone mme gone le tsena mo teng ga lone ka go le fapaanya. Ke ka tsela eno fela go ka tweng maotwana ano “a tsamaya ka matlhakore a one a le manè.” (Esek. 1:17) Maotwana ano a kgona go retologa ka ponyo ya leitlho. Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore kara eno ga e laolege kgotsa ga go na motho yo o e kaelang ka botlhale. Jehofa ga a letle phuthego ya gagwe go ya gongwe le gongwe fela kwa e ka ratang go ya teng. Esekiele 1:20 ya re: “Di ne di ya gongwe le gongwe kwa moya o neng o retologela go ya teng.” Ka gone, Jehofa ke ene a dirang gore phuthego ya gagwe e retologele gongwe le gongwe kwa moya wa gagwe o e kaelang go ya teng. Potso e re tshwanetseng go ipotsa yone ke gore, ‘A ke tsamaisana le yone?’

      16 Go tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa ga go akaretse fela go ya dipokanong le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Go amana thata le go gatela pele le go nonotsha kamano ya rona le Jehofa. Re tlhoka go ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata’ le go tsamaisana le thulaganyo ya go aba dikgatiso tse di re thusang go ithuta boammaaruri. (Bafil. 1:10; 4:8, 9; Joh. 17:3) Gape re tshwanetse go gopola gore kwa go nang le thulaganyo gone, dilo di tsamaya sentle e bile go nna le tirisanommogo. Ka jalo, re tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa go dirisa ka botlalo dithulaganyo tse di nonotshang tumelo ya rona le dithoto tse Jehofa a re neileng tsone gore re wetse tiro ya gagwe. Fa re ntse re tsamaisana le kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong, botshelo jwa rona bo tla tsamaisana le molaetsa o re o rerang.

      17 Ka thuso e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa, re gatela pele mo go direng thato ya Modimo. Gopola gore Mopalami wa kara eno ya kwa legodimong ke Jehofa. Ka jalo, fa re tsamaisana le kara eno ya ga Jehofa, re tla bo re bontsha gore re a mo tlotla e bile re ikanya Lefika la rona. (Pes. 18:31) Baebele e solofetsa jaana: ‘Jehofa o tla naya batho ba gagwe nonofo. Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.’ (Pes. 29:11) E re ka re le karolo ya phuthego ya ga Jehofa gone jaanong, re nna le nonofo e a re fang yone e bile re ipelela kagiso e a segofatsang ka yone batho ba gagwe ba ba rulaganeng. Eleruri, ga go pelaelo gore re tla tswelela re itumelela masego a magolo fa re ntse re dira thato ya ga Jehofa gone jaanong le ka bosakhutleng.

  • Go Lemoga Seabe sa ga Keresete mo Thulaganyong ya Modimo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
    • KGAOLO 2

      Go Lemoga Seabe sa ga Keresete mo Thulaganyong ya Modimo

      “MO TSHIMOLOGONG Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe,” mme sengwe le sengwe se a se dirileng se ne se le “molemo tota.” (Gen. 1:1, 31) Jehofa o ne a dira batho ba na le tsholofelo e e molemo ka isagwe. Le fa go ntse jalo, botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa kgoreletsa boitumelo jwa batho ka nakwana. Mme gone, boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le ka batho ga bo a ka jwa fetoga. Modimo o ne a bontsha gore ditlogolwana tse di kutlo tsa ga Adame di ne di tla gololwa. Gape kobamelo ya boammaaruri e ne e tla tsosolosiwa, mme Modimo o ne a tla nyeletsa yo o boikepo le ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di boikepo. (Gen. 3:15) Dilo di ne di tla boa gape di nna “molemo tota.” Jehofa o ne a tla fitlhelela seno ka Morwawe, Jesu Keresete. (1 Joh. 3:8) Ka jalo, go botlhokwa thata gore re lemoge seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo.—Dit. 4:12; Bafil. 2:9, 11.

      SEABE SA GA KERESETE

      2 Fa re akanya ka seabe sa ga Keresete mo thulaganyong ya Modimo, re lemoga gore seabe sa gagwe se na le dikarolo di le dintsi. Jesu ke Morekolodi wa batho, ke Moperesiti yo Mogolo, ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, mme gone jaanong ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Go tlhatlhanya ka maikarabelo ano a gagwe go godisa tsela e re anaanelang thulaganyo ya Modimo ka yone e bile go nonotsha lorato lo re ratang Keresete Jesu ka lone. Baebele e tlhalosa mangwe a maikarabelo a gagwe a a farologaneng.

      Jesu ke motho wa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho

      3 Ka nako ya bodiredi jwa ga Keresete jwa mo lefatsheng, go ne ga bonala sentle gore Jesu ke ene a neng a tla letlanya batho ba ba kutlo le Modimo. (Joh. 14:6) E re ka e le Morekolodi wa batho, o ne a ineela go nna thekololo gore a bone ba le bantsi. (Math. 20:28) Ka gone, Jesu ga se sekao fela sa go itshwara ka tsela e Modimo a e amogelang mme gape ke motho wa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho. Ke ka ene fela re ka kgonang go boa gape re amogelwa ke Modimo. (Dit. 5:31; 2 Bakor. 5:18, 19) Loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo le tsogo ya gagwe di buletse batho ba ba kutlo tshono ya go bona masego a a nnetseng ruri, ba busiwa ke Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong.

      4 E re ka Jesu e le Moperesiti yo Mogolo, o kgona go re “utlwela botlhoko ka makoa a rona” le go direla maleo a balatedi ba gagwe ba ba ineetseng ba ba mo lefatsheng tetlanyo. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” Go tswa foo, Paulo o kgothaletsa batho ba ba dumelang mo go Jesu Keresete go dirisa ka botlalo thulaganyo eno e e tla ba thusang go letlana le Modimo, ka go bua jaana: “Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Baheb. 4:14-16; 1 Joh. 2:2.

      5 Gape Jesu ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Fela jaaka go ne go ntse ka balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le rona gompieno ga re tlhoke go nna le moeteledipele wa motho. Jesu o re etelela pele ka go dirisa moya o

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela