A o Ka Kgona go Ithaopa?
1 Go direga sengwe se se sa tlwaelegang ka ngwaga wa 778 B.C.E. Moporofeti Isaia o bona “Jehofa a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo e bile se tsholeditswe,” mo ponatshegelong. Go tswa foo Isaia o utlwa boserafe ba bua ka kgalalelo ya ga Jehofa ba re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo.” E tshwanetse ya bo e ne e le ponatshegelo e e gakgamatsang tota! Mo go yone tiragalo eo, Jehofa o botsa potso eno e e gwetlhang: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” Ga go tlhalosiwe gore kabelo eno ke eng kgotsa gore a motho yo o ithaopelang go e dira o tla duelwa ka sengwe. Le fa go ntse jalo, o araba jaana a sa okaoke: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:1, 3, 8.
2 Batho ba ga Jehofa ba itsege ka moya ono wa go iketleeletsa go dira sengwe le sengwe se a ba kopang go se dira. (Pes. 110:3) Mme jaanong go na le taletso e e kgethegileng e e newang batho ba ba ka kgonang go ithaopa. A le wena o iketleeleditse go e amogela ka moya wa go rata, o o tshwanang le wa ga Isaia?
3 Gangwe le gape go nna go tlhokega bakaulengwe go tla go direla mo Bethele. Seno se tlhoka gore ba nne le keletso e kgolo ya go dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele le go iketleeletsa go dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go ema tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe nokeng. (Math. 6:33) Tota e bile go nna leloko la lelapa la Bethele go naya motho tshono e e kgethegileng ya go direla Jehofa ka moya otlhe. Jang?
4 Tiro e e Dirwang mo Bethele: Akanya ka ditiro tsotlhe tse di dirwang ka metlha mo Bethele ya Afrika Borwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 700 ba e leng karolo ya lelapa la Bethele, ba na le tshiamelo ya go nna le seabe ka tlhamalalo mo go thuseng setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe se se Laolang, go gatisa Dibaebele le dibuka tsa Baebele tse di dirisiwang mo borwa jwa Afrika le tse di dirisiwang fa motho a ithuta a le esi. (Math. 24:45) Ka sekai, mo ngwageng o o fetileng wa tirelo go gatisitswe ga ba ga romelwa dibukana le diboroutšhara di le 7 491 648, dimakasine di le 58 065 866 le dikhopi tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di le 8 030 370 ka ntlha ya tiro e e pataganetsweng ya lelapa la Bethele la Afrika Borwa. Thulaganyo e e tlhofofaditsweng ya go aba dibuka e okeditse tiro ya go gatisa dimakasine le dibuka fela thata. Ka sekai, gone jaanong go gatisiwa dimakasine di le dimilione di le tlhano kgwedi nngwe le nngwe. Gone jaanong Lephata la Shipping le romela dibuka tse di fetang dimilione di le robongwe kgwedi nngwe le nngwe kwa diphuthegong tsa Afrika Borwa le kwa Malawi, Mozambique, Zambia, le Zimbabwe, e leng dinaga tse re di bolokelang dibuka kwano. Go a bonala gore tiro e sa ntse e tlile go nna e oketsega mo isagweng. Gape diphuthego tse di fetang 1 800 tse di tlhokometsweng ke lekala la rona di newa kaelo go tswa kwano. Gape go thusiwa le makala mangwe mo Afrika a a tshwaraganeng le tiro ya boenjeniri le go aga magae a a oketsegileng a Bethele le Diholo Tsa Kopano le Diholo Tsa Bogosi di ka nna 3 000 tse di tlhokegang gone jaanong mo dinageng tse di humanegileng mo Afrika. Go tlhokega makgolokgolo a baithaopi ba ba iketleeleditseng go tla go thusa go gatisa le go romela dibuka, go phepafatsa, go baakanya dilo tse di tlhokang go baakanngwa, go apaya, go reka dilwana, go thusa mo go tsa kalafi le mo ditirelong tse dingwe tse dintsi tse di dirwang mo Bethele.
5 Go dira ditiro tseno tsotlhe ke namane e tona ya tiro, mme le fa go ntse jalo ke e e kgotsofatsang semoyeng. Go itse gore re dirisa maatla a rona le nonofo yotlhe go ema nokeng tiro ya go rera le go ruta go re leretse boipelo jo bogolo. Go direla mo Bethele go re thusa go itse mokgatlho wa ga Jehofa botokanyana. Re gakololwa gore mopesalema o ne a kgothaletsa Baiseraele go itse lefelo la mo lefatsheng la dilo tsa puso ya Modimo la motlha wa bone botoka.—Pes. 48:12, 13.
6 Masego a go Direla mo Bethele: Batho ba ba direlang mo Bethele ba ikutlwa jang ka tshiamelo eno ya bone? Ela tlhoko dikakgelo tse di latelang go tswa mo malokong a a sa ntseng a le masha le a a setseng a godile a lelapa la Bethele. Mongwe wa lelapa la Bethele yo o nang le dingwaga di le tharo a direla mo Bethele o tlhalosa jaana: “Go nna mo Bethele go nonotshitse kamano ya me le Jehofa. Fa ke nna ke direla fano ka nako e telele mme ke ntse ke bona kafa dilo di dirwang ka teng mo Bethele seno se nthuta go le gontsi ka botho jwa ga Jehofa. Gape go direla mo Bethele go nthusitse go bona gore Jehofa o dirisa batho—ba mefuta yotlhe. Le gone, ga o tlhoke go bo o itekanetse gore a go amogele.”
7 Mokaulengwe mongwe yo mosha o gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa ke akanya jaana ke le esi, ‘A bo go tla itumedisa jang go tsena mo lefatsheng le lesha ke bo ke bolelela banna ba bogologolo ba ba ikanyegang gore ke feditse dingwaga di le dintsi ke direla kwa Bethele, e seng ke le kwa ntle ke lelekisa dikhumo!’”
8 Mokaulengwe mongwe yo mosha o bolela jaana ka thapiso e a e boneng: “Go ikitse le go lemoga dilo tse ke tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone ke bo ke leka go nna le dinonofo tseo go nthusitse fela thata. Jaanong ke akanya gore nka kgona go direla Jehofa botoka. Ke lemogile gore jaanong ke pelotelelenyana go feta pele, ke kgona go ikgapa e bile ke kgona go bontsha ba bangwe lorato ka tsela e kgolwane.”
9 Kgaitsadi mongwe o akanya jaana ka masego a a boneng go tla go fitlha jaanong: “Dithulaganyo tsa semoya tse re nang le tsone fano di nthutile go le gontsi ka Jehofa le gore nka mo etsa jang botokanyana ka mogopolo, boikutlo le ditiro tsa me. Mme e re ka thapiso eno e sa kgaotse, ke bona masego ka metlha.”
10 Mokaulengwe mongwe yo o feditseng dingwaga di le 59 mo tirelong ya nako e e tletseng, mme tse di fetang 43 tsa tsone a le kwa Bethele, o bolela jaana: “Bethele ga e tshwane le lefelo la baitlami, jaaka fa bangwe ba ka akanya. Re kgona go dira go le gontsi ka ntlha ya tsela ya rona e e rulagantsweng ya botshelo. . . . Ga go na letsatsi lepe le nkileng ka ya tirong ka lone mme ka se itumelele se ke se dirileng. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re direla Jehofa ka moya otlhe, re tla kgotsofalela go itse gore ‘re dirile se re neng re tshwanetse go se dira.’”—Luke 17:10.
11 Mokaulengwe yo mongwe, yo o diretseng kwa Bethele ka dingwaga di le 62, o ne a re: “Ke dumela ke sa belaele sepe gore Bethele ke lefelo le le molemo go gaisa otlhe mo lefatsheng pele ga Paradaise e e tlang ya mo lefatsheng. Le ka motlha ga ke ise nko ke ikwatlhaele go bo ke dirile tirelo ya nako e e tletseng tiro ya me ya botshelo jotlhe. A bo e ile ya nna boipelo jo bogolo jang ne go bona le go nna le seabe mo kgolong e kgolo e e nnileng gone mo phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng! Ke ikemiseditse go tswelela pele ke dira Bethele legae la me le go dira ka moya otlhe ka thuso ya ga Jehofa, go tsweletsa pele ditiro tsa Bogosi.”
12 Maloko ano a lelapa la Bethele a umakile masego a le mmalwa fela a le wena o ka ipelelang one ka go ithaopela go direla kwa Bethele. Fela jaaka go ntse ka tshiamelo nngwe le nngwe ya tirelo e motho a e newang, o sa ntse o tshwanetse go fitlhelela ditshwanelego dingwe. Dingwe tsa dilo tse di tlhokegang gore motho a nne leloko la lelapa la Bethele ke dife?
13 Dilo Tse di Tlhokegang Gore Motho a Direle Kwa Bethele: Dilo tsa konokono tse di tlhokegang mo bathong ba ba kopang go tla mo Bethele di bontshitswe mo lebokosong le le mo setlhogong seno. Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore ba bo ba iketleeleditse go bereka ka natla, ba se “barati ba menate.” (2 Tim. 3:4; 1 Bakor. 13:11) Maloko a lelapa la Bethele a tshwanetse go nna banna le basadi ba semoya ba ba nang le thulaganyo e e molemo ya go ithuta mme ba thapisitse bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore bo “farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Baheb. 5:14) Ba tshwanetse ba bo ba setse ba bontshitse gore ke Bakeresete ba ba godileng mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone, go akaretsa le tsela e ba aparang ka yone le mmino le boitlosobodutu tse ba di tlhophang. Maloko a a dirang ka botswapelo mo lelapeng la Bethele a dira gongwe le gongwe kwa a tlhokegang gone. Gantsi ba ba sa leng basha ba newa dikabelo tse di tlhokang maatla a mmele, go akaretsa tiro ya go gatisa, go paka dibuka le go di romela, go baakanya dilo, go phepafatsa, go tlhatswa le go apaya. (Dia. 20:29) Le fa go ntse jalo, go farologana le tiro ya boitshediso, kabelo nngwe le nngwe e kgotsofatsa thata ka gonne ke tirelo e e boitshepo e e galaletsang Jehofa.—Bakol. 3:23.
14 Batho ba ba lalediwang go tla go direla mo Bethele ba tshwanetse go nna mo Bethele bobotlana ngwaga o le mongwe. Seno se tla ba thapisetsa go nna badiri ba ba nang le matswela. Go solofelwa gore ba tla kgona go dira Bethele legae la bone. Lorato lo maloko a Bethele a ratang Jehofa ka lone ke lone lo lo ba tlhotlheletsang go baya dilo tsa Bogosi kwa pele ga dilo tsa bone tsa botho, e leng selo se se itumedisang Jehofa.—Math. 16:24.
15 Mo Tlhokego e Leng Teng Gone Jaanong: Ka ntlha ya mofuta wa tiro e e dirwang mo Bethele, gone jaanong go tlhokega thata bakaulengwe ba ba sa nyalang. Le mororo gone e se tlamo, re tlhopha thata dikopo tsa ba e leng babulatsela ba ka metlha, e re ka ba setse ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga nna le phatlha ya bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le banyalani ba dingwaga tse di magareng ga 19 le 35 ba ba ka tswang ba na le bokgoni bongwe jo bo tlhokegang mo Bethele. Mo godimo ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba ka tswang ba na le dingwaga tse di fetang 35 go se kae mme ba na le bokgoni bongwe jo bo kgethegileng e bile ba ithutetse tiro nngwe e ba ka kgonang go e dirisa mo Bethele ba kgothalediwa go dira dikopo. Ka sekai, ditiro tseno di akaretsa dingaka, dingaka tsa meno, basidili, diakhaontente tse di tlhomamisitsweng, baenjeniri, baoki ba ba tshwanelegang, bomakheneke ba dikoloi tsa peterolo le tsa disele kgotsa babaakanyi ba didirisiwa tsa eleketeroniki, fa re umaka di se kae fela. Gape go tlhokega baranodi ba dipuo tsotlhe tse di dirisiwang mo tshimong ya rona ka bonako. Le fa go ntse jalo, ga re kgothaletse batho go ithutela tiro nngwe e e kgethegileng ka kgopolo ya gore seno se tla dira gore ba bidiwe mo Bethele. Batho ba ba setseng ba thapiseditswe tiro nngwe, gongwe pele ba tsena mo boammaaruring, ba ka nna ba rata go kwala rekoto e e tlhalosang ditshwanelego tsa bone ba bo ba e romela le foromo ya bone ya kopo ya Bethele.
16 O se ka wa kgobega marapo fa o ka dira kopo o bo o sa bidiwe go tla go direla mo Bethele. O ka nna wa rata go nna o romela foromo e ntšha ngwaga le ngwaga. Bakaulengwe bangwe ba ba ithutetseng ditiro dingwe le ba ba nang le bokgoni bongwe jo bo kgethegileng jo bo ka nnang jwa tlhokega mo Bethele ba ile ba ithaopela go tla go direla kwano ka nakwana. Ba ka nna ba tsenya kopo ya go tla go direla ka nakwana mo Bethele ka beke e le nngwe, di le pedi, di le tharo kgotsa di le nnè kgotsa go fitlha go dikgwedi di le tharo. Fa o kgatlhegela thulaganyo eno, tsweetswee kwalela ofisi ya lekala.
17 Go direla Jehofa le Bakeresete ka wena ke tshiamelo e e molemolemo mo bathong ba ba direlang mo Bethele. Setlhopha se se Laolang se anaanela moya wa go intsha setlhabelo wa batho botlhe ba ba ithaopelang go ela tlhoko dilo tse di tlhokwang ke bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe.—Bafil. 2:20-22; 2 Tim. 4:11.
18 Basha—Ipaakanyetseng Tirelo ya Bethele Gone Jaanong: Motho o tshwanetse go ipaakanyetsa tirelo ya Bethele lobaka lo loleele pele a tshwara dingwaga tse 19 tse di batlegang. Basha ba dira eng go ipaakanyetsa tirelo ya Bethele? Jesu o ne a re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo?” (Luke 14:28) Fela jaaka go le botlhokwa gore dilo di baakanngwe le go rulaganngwa sentle gore tiro epe fela ya go aga e atlege, a bo go le botlhokwa jang ne gore basha ba ele tlhoko gore ba aga isagwe ya bone jang mo tirelong ya ga Jehofa! Go tshwanetse ga theiwa motheo o o tlhomameng fa ba sa ntse ba le bannye go dira gore ba fitlhelele mekgele ya semoya. Mosha, o ithaela motheo o o siameng wa isagwe go le kana kang? Fa e le gore o ka rata go direla kwa Bethele, o tla solegelwa molemo ke go sekaseka dintlha tse di latelang ka kelotlhoko.
19 ‘Tshola’ Tshiamelo Eno e e Kgethegileng ya Tirelo: Jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 19:12, Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go ‘tshola’ mpho ya go sa nyale. Ka ntlha yang? E seng ka ntlha ya mabaka a bone a botho, mme “ka ntlha ya bogosi jwa magodimo.” Paulo le ene o ne a kgothaletsa tsela eno ya go “direla Morena ka metlha yotlhe kwantle ga go iteega tsebe.” (1 Bakor. 7:32-35) Ka maswabi ba le bantsi ba latlhegelwa ke tshiamelo eno ya go direla kwa Bethele e le banna ba ba sa nyalang ka gonne ba batla go nyala ba sa le bannye. Re batla go kgothaletsa bakaulengwe ba rona ba basha go dirisa maatla a bone go gagamalela bodiredi jwa nako e e tletseng fa ba sa ntse ba se na maikarabelo a lelapa. Mme moragonyana fa ba swetsa gore ba nyale, ba tlile go nna banna ba ba botoka thata ka gonne ba nnile le maitemogelo a mantsi mo botshelong le mo bodireding jwa Bokeresete. Morago ga go direla kwa Bethele dingwaga di le mmalwa, bangwe ba ile ba nyala mme ba kgona go tswelela pele ba direla mo Bethele e le banyalani. Fa moragonyana ba nna le ditshiamelo tse dingwe, tse di jaaka go nna balebedi ba ba etang kgotsa barongwa, ruri ga ba ikwatlhaele nako e ba e dirisitseng mo tirelong ya Bethele.
20 O se Ka wa Itewa Tsebe ke go Batla Dikhumo: Mosha mongwe le mongwe o tla bo a dira sentle go ipotsa jaana: ‘A mokgele wa me fa ke fetsa kwa sekolong se segolo ke go gagamalela go nna le tiro ya nako e e tletseng ya boitshediso kgotsa ke go direla Jehofa ka nako e e tletseng?’ Ke boammaaruri gore go direla Jehofa ka nako e e tletseng go tlile go tlhoka gore motho a itime dilo dingwe. Mme go ntse jalo le ka go gagamalela tiro ya boitshediso! Kwa bokhutlong, ke tsela efe e tota e tlileng go nna le matswela a a molemo le a a nnelang ruri? Jesu o ile a araba potso eo ka karabo e e utlwalang sentle. Go ya ka Mathaio 6:19-21, o ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa. Gonne kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.” E kete le ka motlha dipelo tsa rona di se ka tsa dira gore re gagamalele ditiro tsa lefatshe kgotsa dikhumo go na le go direla Jehofa ka moya otlhe. Rotlhe re tshwanetse go lemoga gore letlotlo le le lengwe fela le le tshwanelwang ke go gagamalelwa ke go nna le botsala jo bo molemo le Jehofa, gore re tle re ipedise pelo ya gagwe. (Dia. 27:11) Fa re baya Jehofa kwa pele mo botshelong jwa rona re sa ntse re le basha, re bontsha gore re beile matlotlo a rona mo go eng le gore re tsaya Bogosi bo le botlhokwa go le kana kang. Se lebale gore “tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” (Dia. 10:22) Basha ba na le tshono e e molemo ya go bontsha gore ba tlhomile dipelo tsa bone mo go eng ka go abela Jehofa sengwe se ba bontshang ka sone gore ba mo lebogela dilo tsotlhe tse a ba abelang tsone. Go direla kwa Bethele go naya batho ba ba fitlhelelang ditshwanelego tseno tshono eo e e molemolemo.
21 Ba ba Direlang Kwa Bethele ba Tshwanetse go Nna Phepa mo Boitsholong: Mopesalema o ile a botsa jaana: “Lekau le tla ntlafatsa tselana ya lone jang?” O ne a araba jaana: “Ka go nna le itebeletse kafa lefokong la [ga Jehofa].” (Pes. 119:9) Seno se tla akaretsa go se inaakanye le dilo dipe fela tse di amanang le boitsholo jo bo sa siamang tsa tsamaiso ya ga Satane ya dilo. Ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet, boitshwaro jo bo sa siamang le batho ba bong bo sele, mmino o o leswe, boitlosobodutu jo bo sa siamang le go nwa bojalwa o sa ntse o le monnye ke dingwe tsa dirai tse Satane a di dirisang go thibela basha ba rona go fitlhelela mekgele ya semoya. Motho o tshwanetse go ititaya sehuba go se ineelele maano ano. Mosha, fa o ka iphitlhela o inaakantse le sepe fela sa dilo tseno, bua le bagolwane ba phuthego ya lona mme lo rarabolole dilo tseno pele o tsenya kopo ya go direla kwa Bethele. Go botlhokwa thata go nna le segakolodi se se phepa gore o direle Jehofa ka botlalo.—1 Tim. 1:5.
22 Ithute go Tshedisana Sentle le Batho ba Bangwe: Selo se se botlhokwa se se batlegang gore o atlege mo tirelong ya Bethele ke go ithuta go dirisana sentle le batho ba bangwe. Lelapa la Bethele la Afrika Borwa le dirwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 700 ba mefuta yotlhe. Le fa go nna ga bone batho ba botho jo bo farologaneng go dira gore Bethele e nne lefelo le le kgatlhang, gape ka dinako tse dingwe e ka nna kgwetlho. Fa o akanyetsa go tla go direla mo Bethele, o tla bo o dira sentle go ipotsa jaana: ‘A ke kgopisega motlhofo fela fa batho ba bangwe ba sa lebe dilo ka tsela e ke di lebang ka yone? A batho ba bangwe ba fitlhela go le motlhofo go tshela le nna?’ Fa o tlhoka go tokafatsa mo dikarolong tseno, simolola jaanong. Go dira jalo go tla go thusa gore o tlwaele motlhofo go tshela le go dira mmogo le maloko a lelapa la Bethele.
23 Dira ka natla gore o nne motho wa semoya ka go nna le botsala jo bogolo le Jehofa. Nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta ka namana, e e tla akaretsang go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Nna matlhagatlhaga mo tirong ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. Ka go dira dilo tseno, o tla bo o dira gore botswelelopele jwa gago jwa semoya bo bonatshege. (1 Tim. 4:15) A bo batho ba ba ipaakanyang jaanong go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ba letetswe ke masego a a molemolemo jang ne!
24 Batsadi, Rutang Bana ba Lona: Batsadi ba ka dira eng go thusa bana ba bone go gagamalela bodiredi jwa nako e e tletseng? Jesu o ile a re: “Mongwe le mongwe yo o rutiwang sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.” (Luke 6:40) Morutwa yo o rutilweng sentle go tla itlela fela gore a nne le dinonofo tse di molemo tse morutisi wa gagwe yo o tlhoafetseng a nang le tsone. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ba akantse ka molaomotheo ono fa ba dira ka natla go ruta bana ba bone, “mokgele wa [bone] e le boineelo jwa bomodimo.” (1 Tim. 4:7) E re ka bana ba na le tshekamelo ya go bontsha boikutlo jo batsadi ba nang le jone ka dilo tsa semoya, go ka nna molemo fa batsadi ba ipotsa jaana: ‘A rona ka borona re anaanela tiro e e dirwang kwa Bethele e e tsweledisang pele kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa? A re lemoga tsela e Jehofa a segofatsang thulaganyo ya Bethele ka yone? A re dumela gore botshelo mo tirelong ya ga Jehofa ke tiro e e molemo go di gaisa tsotlhe e bana ba rona ba ka e tlhophang?’ Go anaanela ga rona tirelo ya Bethele ka pelo yotlhe le tiro e e ntseng e dirwa koo go tla re thusa go tsenya boikutlo jo bo ntseng jalo jwa kanaanelo mo baneng ba rona.
25 Elekana le Hana ba ne ba anaanela kobamelo ya boammaaruri thata. Ba tlhomela batsadi ba Bakeresete sekao se se molemo gompieno. Kwa Iseraele wa bogologolo, ke banna ba Baiseraele fela ba ba neng ba tshwanelwa ke go “bonala fa pele ga sefatlhego sa Morena wa boammaaruri, Jehofa” gararo ka ngwaga kwa motlaaganeng. Le fa go ntse jalo, go bonala Elekana a ile a tsamaya loeto lwa dikilometara di ka nna 30 le lelapa lotlhe la gagwe ka maoto “ngwaga le ngwaga” go ya go ntshetsa kobamelo ya ga Jehofa setlhabelo kwa lefelong leno. (Ekes. 23:17; 1 Sam. 1:3, 4, 9, 19; 2:19) Go bonala sentle gore tlhogo eno ya lelapa e ne e batla gore lelapa lotlhe la gagwe le amege ka tsela e le ene a neng a amega ka yone ka dilo tsa semoya.
26 Hana le ene o ne a kgatlhegela kobamelo ya boammaaruri fela jaaka monna wa gagwe. O ne a utlwa a tshwanelwa thata ke go nna le seabe mo go emeng kobamelo ya boammaaruri nokeng kwa motlaaganeng. Hana o ne a ikana gore fa Jehofa a ka mo naya ngwana wa mosimane, o ne a tla dira gore a dirisiwe mo kobamelong ya motlaagana. (1 Sam. 1:11) Molao wa ga Moshe o ne o letla monna go fetola maikano a mosadi wa gagwe a a sa dumalaneng le one. (Dipa. 30:6-8) Le fa go ntse jalo, go bonala Elekana a ile a dumalana le maikano a ga Hana, a bontsha gore le ene o ne a ema nokeng tsela eno ya kobamelo ya boammaaruri!—1 Sam. 1:22, 23.
27 A kanaanelo le boikutlo jo bo siameng jo batsadi ba ga Samuele ba ileng ba di bontsha di ile tsa nna le tlhotlheletso e e molemo mo go ene? Ee, go ntse jalo. Go tloga Samuele e sa ntse e le mosimanyana, o ne a dira dikabelo tsa gagwe ka go rata le ka boikanyego mme o ne a thapisediwa ditshiamelo tse dingwe tse di itumedisang mo tirelong ya Modimo. Elekana le Hana ga ba a ka ba kgaotsa go kgatlhegela tirelo ya ga Samuele kwa motlaaganeng fa a simolola go direla koo. Ba ne ba nna ba mo etela ka metlha go mo kgothatsa le go mo ema nokeng fa a ntse a gagamalela tirelo ya nako e e tletseng.—1 Sam. 2:18, 19.
28 A bo Elekana le Hana ba tlhomela batsadi ba Bakeresete sekao se se molemo thata jang ne gompieno! Fa bana ba rona ba utlwa re anaanela ka pelo yotlhe tshiamelo ya go direla kwa Bethele mme ba bona moya wa go intsha setlhabelo o re o bontshang ka go tsweledisa pele dilo tsa Bogosi, le bone ba tla nna le boikutlo jwa go batla go direla ba bangwe. Batsadi ba le bantsi ba a atlega mo go tsenyeng boikutlo jono jo bo siameng mo baneng ba bone. Ngwana mongwe wa dingwaga di le supa o ne a re: “Fa ke gola, ke batla go ya kwa Bethele, mme go na le dilo di le mmalwa tse nka ratang go di dira koo. (1) Go tlanya dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, (2) go bereka mo karolong ya botaki, (3) go mena diaparo kwa botlhatswetsong. Tiro epe fela e e leng teng. Ga go re sepe gore ke newa tiro efe.” A bo go itumedisa jang ne go bona moya o o ntseng jalo wa go rata o gola mo dipelong tsa bana ba rona!
29 Basha, gakologelwang gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Joh. 2:17) Tswelela o gagamalela mekgele ya semoya, go akaretsa le tshiamelo eno e e kgethegileng ya go direla mo Bethele. Batsadi, etsang sekao sa batho ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba neng ba kgothaletsa bana ba bone go nna le boineelo jwa bomodimo. (2 Pet. 3:11) Mme e kete rotlhe re ka dira seabe sa rona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba botlana go direla Mmopi wa rona yo Mogolo ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng, ka gonne seno ‘se na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.’—1 Tim. 4:8; Mor. 12:1.
[Box on page 4]
Dilo Tsa Konokono Tse di Tlhokegang Gore Motho a Direle Kwa Bethele
● Go nna le bobotlana ngwaga o le mongwe o kolobeditswe
● Go nna motho wa semoya yo o ratang Jehofa thata le phuthego ya gagwe
● Go itekanela sentle semoyeng, mo mogopolong, mo maikutlong le mo mmeleng
● Go nna moagi kgotsa monni yo o kafa molaong wa Afrika Borwa
● Go kgona go bala, go kwala le go bua Seesemane sentle
● Go nna le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35