Go Simolola Tshimo ya Puo e Sele
1. Ke tshono efe e re nnang le yone fa re ntse re dira tiro ya go rera mo tshimong ya rona?
1 Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore dikgang tse di molemo di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe “gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” Baboledi botlhe ba ba nnang le seabe mo tirong ya go rera le ya go ruta ba lemoga botlhokwa jwa mafoko ao. (Math. 24:14; 28:19, 20) Fa re ntse re rera le go dira barutwa, re ka nna ra kopana le batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba ba buang puo e e sa tshwaneng le ya rona. Batho bano le bone ba tshwanetse go fiwa tshono ya gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi mme ba emele boammaaruri ba nitame pele ga letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa le fitlha. (Mal. 3:18) Re ka simolola jang tshimo ya puo e sele mo tshimong ya rona?
2. Re etsa Jehofa ka tsela efe fa re bua le batho ba ba buang puo e sele?
2 Ikutlwe Kafa Jehofa a Ikutlwang ka Teng ka Batho ba ba Buang Puo e Sele: Gore re tle re bontshe lorato lwa ga Jehofa re sa tlhaole ope mo tshimong ya rona, re tshwanetse tota go batla go thusa batho gore ba nne le kitso ya boammaaruri ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, go sa kgathalesege gore ba ka tswa ba bua puo efe. (Pes. 83:18; Dit. 10:34, 35) Le fa gone re tlhoma mogopolo thata mo bathong ba ba buang puo e e buiwang mo phuthegong e re kopanelang le yone, re tshwanetse go tlhokomela le batho ba ba buang puo e sele mme re leke go bona ditsela tse ka tsone re ka ba bolelelang molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka tsone. Go itlhokomolosa batho ba ba buang puo e sele go tla bo go sa tsamaisane le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore go neelwe bosupi mo bathong ba ditšhaba tsotlhe. Ka jalo, re ka thusa jang batho ba ba sa bueng puo ya rona?
3. Re diretswe sedirisiwa sefe se se mosola mme re ka ipaakanyetsa jang go se dirisa?
3 Dirisa Bukana ya Good News for People of All Nations: Bukana eno e diretswe gore re e dirise fa re kopana le batho ba ba buang puo e e sa tshwaneng le ya rona. Tsamaya ka bukana eno ka metlha, tlwaelana le dikarolo tsa yone tse di farologaneng mme o ikemisetse go e dirisa. Gore o kgone go leba mo go yone ka bonako, tshwaya dipuo tse di farologaneng tsa batho ba o kopanang le bone mo tshimong ya lona. Fa e le gore go na le dikgatiso ka dipuo tseno, go tla bo go le botlhale gore o iponele dikgatiso di le mmalwa tse o ka di tsamaisetsang motho fa o sena go dirisa molaetsa o o mo bukaneng eno.
4. Re ka dirisa jang bukana ya Nations mo bodireding jwa rona?
4 Fa mo bodireding o kopana le mongwe yo o buang puo e nngwe mme o sa tlhomamisege gore o bua puo efe, simolola ka go mmontsha bukana eno kafa ntle. Bula fa go nang le mmapa wa lefatshe gone mo khabareng e e kafa teng, itshupe o bo o supa naga e o nnang mo go yone mme o bo o bontsha gore o ka rata go itse gore mong wa ntlo o tswa kwa nageng efe le gore o bua puo efe. Fa o setse o itse gore o bua puo efe, ya kwa tsebeng ya diteng tsa bukana, batla tsebe e e tshwanelang mme o bo o tlhokomedisa mong wa ntlo seele se se kwadilweng ka ditlhaka tsa bontsho jo bo tseneletseng tse di kwa godimo ga tsebe eo mme go tswa foo o bo o bontsha mong wa ntlo gore o ka rata gore a bale molaetsa. Fa a fetsa, mo tsamaisetse pampitshana ka puo ya gagwe kgotsa mmontshe seele se se tshwailweng ka mmala o bokwebu se se tlhalosang gore o ka rata go boa ka kgatiso ya puo e a e buang. Go tswa foo mmontshe mafoko a a reng “leina la me” a a kwadilweng ka ditlhaka tsa bontsho jo bo tseneletseng mme o bo o mmolelela leina la gago sentle. Supa mafoko a a reng “leina la gago” a a kwadilweng ka ditlhaka tsa bontsho jo bo tseneletseng mme o bo o letela gore mong wa ntlo a arabe. Dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa loeto lwa go boela.
5. Ke dithulaganyo dife tse di tshwanetseng go dirwa gore re tlhokomele batho ba ba bontshang kgatlhego ba ba buang puo e nngwe?
5 Dithulaganyo Tsa go Boela: Re tshwanetse go dira maiteko a magolo go bontsha batho ba ba kgatlhegang molaetsa wa Bogosi, go sa kgathalesege gore ba bua puo efe. Fa re setse re tlhomamisega gore ba kgatlhegela Modimo le Lefoko la gagwe Baebele, re tshwanetse go tlatsa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) mme re bo re e naya mokwaledi wa phuthego ka bonako gore a e romele kwa ofising ya lekala gore motho yo o kgatlhegang yono a tle a etelwe gape ke mongwe yo o buang puo ya gagwe. Mme ofisi ya lekala yone, e tla romela foromo eo kwa setlhopheng se se tshwanelang sa puo eo. Fa setlhopha seo se amogela foromo, go tla ikgolaganngwa le motho yoo ka bonako. Mokwaledi a ka nna a naya molebedi wa tirelo khopi ya foromo eo gore a tle a itse ka kgatlhego e setlhopha se se rileng se nang le yone. Foromo eno e tshwanetse go dirisiwa fela fa motho a bontsha kgatlhego ya mmatota.
6. Fa re kopana le motho yo o kgatlhegang yo o buang puo e nngwe, re na le maikarabelo afe?
6 Go ka feta nako e e rileng go tloga ka nako ya fa foromo ya S-43 e romelwa go fitlha fa motho yo o kgatlhegang a etelwa ke mmoledi yo o tlhophilweng yo o buang puo ya gagwe. Ka jalo, go dira maiteko a go tlhagolela kgatlhego e e bontshitsweng, mmoledi yo o rometseng foromo ya S-43 a ka nna a tswelela a tlhagolela kgatlhego go fitlha motho yoo a etelwa ke mongwe yo o buang puo ya gagwe. Mo makgetlong mangwe, go ka tshwarwa thuto ya Baebele le motho yo o kgatlhegang. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa go sa ntse go letilwe motho yo a tla fetisediwang kwa go ene, mmoledi a ka bona jang dikgatiso ka puo ya motho yo o kgatlhegang?
7. Go na le thulaganyo efe ya go bona dikgatiso tsa dipuo tsa batho ba re kopanang le bone?
7 Dikgatiso ka Dipuo Tse Dingwe: Diphuthego ga di a tshwanela go nna le setoko se segolo sa dikgatiso tsa dipuo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa molebedi wa tirelo a tlhomamisitse gore go simolotse go nna le batho ba ba kgatlhegang ba setlhopha sa puo e e rileng, a ka nna a kopa dikgatiso tse di lekaneng ka puo eo gore baboledi ba di dirise. Fa go se na dikgatiso tseo mo phuthegong, di ka nna tsa otariwa. Go ka nna ga tsaya nako gore dikgatiso tsa puo e e rileng di goroge. Ka jalo, go na le thulaganyo ya go dira dikhopi tsa dikgatiso tseo mo atereseng ya www.watchtower.org. Go na le dikgatiso tse dintsi ka dipuo tse dintsintsi tse mmoledi kgotsa motho yo o kgatlhegang a ka kgonang go di bona ka bonako. Ga go na pelaelo gore thulaganyo eno e tla re thusa fa re tlhagolela kgatlhego e e bontshitsweng ke batho ba ba buang puo e e sa tshwaneng le ya rona.
8. Phuthego e na le seabe sefe mo go tlhagoleleng kgatlhego mo bathong ba ba buang puo e nngwe?
8 Seabe sa Phuthego: Mo makgetlong mangwe mo go nang le setlhotshwana se se golang sa batho ba ba buang puo e sele, go ka tswa go se na phuthego e e gaufi e e dirisang puo eo. Ka jalo, batho ba ba kgatlhegang ba ba buang puo e sele ba tshwanetse go lalediwa go tla dipokanong tsa lona. Fa ba amogelwa ka lorato le go kgatlhegelwa go ka nna ga ba kgothaletsa gore ba kopanele ka metlha. Kwa tshimologong, go ka nna ga nna le dikgoreletsi tsa puo le tsa setso; le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se ka kgoreletsang lorato lwa mmatota lwa Bokeresete mo bakaulengweng ba lefatshe lotlhe ba Basupi ba ga Jehofa. (Sefa. 3:9; Joh. 13:35) A go na le puo e nngwe e o e buang ka thelelo? Fa e le gore o a kgona mme o iketleeleditse go dira maeto a go boela mo puong eo, tsweetswee itsise mokwaledi wa phuthego ya lona gore tshedimosetso eo e romelwe kwa ofising ya lekala. Seno se ka thusa fa ofisi ya lekala e batla mmoledi yo o ka tlhagolelang kgatlhego.
9. Ke leng go tla tlhokegang gore baboledi ba newe ditaelo tse di malebana le go simolola setlhopha sa puo e sele mme seo se tla rulaganngwa jang?
9 Ditaelo Tse di Malebana le go Simolola Setlhopha sa Puo e Sele: Fa o thusa batho ba ba buang puo e nngwe, go botoka gore o ba kgothaletse gore ba simolole go kopanela kwa phuthegong e go buiwang puo ya bone gone fa go kgonega. Le fa go ntse jalo, fa go sa kgonege, baboledi bangwe ba ka nna ba swetsa go ithuta puo e nngwe mme ka tsela eo ba kgone go thusa batho ba ba kgatlhegang. Fa e le gore ga go na phuthego e e gaufi, ofisi ya lekala e tla tlhomamisa gore a ka ntlha ya setlhotshwana sa batswakwa kgotsa batho ba ba nnang mo nageng mme ba bua puo e sele, go a tlhokega gore go nne le tlelase ya puo eo kgotsa nnyaa. Fa e le gore go ntse jalo, ofisi ya lekala e tla itsise diphuthego tse di gaufi ka tlhokego e e leng teng mme e bo e rulaganya gore go dirwe kitsiso malebana le tlelase ya puo eo. Batho ba ba ikwadisetsang go dira khoso ya puo eno ba tshwanetse go nna le mokgele wa go ya kwa setlhopheng sa puo eo kgotsa kwa phuthegong eo go ya go thusa kwa tshimong ya puo eo e e simololwang.
10. Setlhopha sa puo e sele se ka tlhomiwa leng mme go tla itsiwe jang fa se tshwanela go tlhomiwa?
10 Go Tlhoma Setlhopha: Gore go tle go tlhomiwe setlhopha sa puo e e rileng, go na le dilo di le nnè tsa motheo tse di tla tshwanelang go latelwa. (1) Go tshwanetse ga nna le kgatlhego e e lekaneng mo tshimong ya puo e e rileng. (2) Go tshwanetse ga bo go na le setlhotshwana se se tlhomameng sa baboledi ba ba itseng puo eo kgotsa ba ba e ithutang. (3) Go tshwanetse ga bo go na le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang yo o tla etelelang pele le go tshwara bobotlana pokano e le nngwe ya beke le beke ka puo eo. (4) Go tshwanetse ga bo go na le setlhopha sa bagolwane ba ba ikemiseditseng go tshegetsa setlhopha seo. Fa dilo tseno di fitlheletswe ka selekanyo se se rileng, setlhopha sa bagolwane se ka kwalela ofisi ya lekala malebana le setlhopha seo mme ba tla kopa go tlhomiwa semolao jaaka phuthego e e tshegetsang setlhopha sa puo e sele. (Bona buka ya Re Rulaganyeditswe, ts. 106-107.) Mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o etelelang pele o tla tsewa e le “molebedi wa setlhopha” kgotsa “motlhanka wa setlhopha” yo o nang le boikarabelo jwa go tlhokomela setlhopha seo.
11. Ke eng fa e le tshiamelo jaana go simolola tshimo ya puo e sele mo tshimong ya rona?
11 Go simolola tshimo ya puo e sele mo tshimong ya rona ke karolo e e botlhokwa ya letsholo la tiro ya rona ya go rera mo lefatsheng lotlhe e Motlhomasekao wa rona e bong Jesu Keresete a ileng a e simolola. A re direng seabe sa rona ka tlhoafalo mme re bone kafa Jehofa a tswelelang go reketlisa ditšhaba ka teng le go tlisa dilo tse di eletsegang mo go ene. (Hag. 2:7) A bo go re itumedisa jang ne fa re dirisana mmogo ka botlalo mo maitekong ano! E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko a rotlhe re a dirang go tlhagolela tshimo ya puo e sele mo tshimong ya diphuthego tsa rona tse di farologaneng fa re ntse re gakologelwa ka metlha gore le fa go ka tswa go na le dikgoreletsi dife tsa puo, Modimo a ka dira gore e gole!—1 Bakor. 3:6-9.