Pina 133
Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe
1. ’Tšhaba di kopane,
Go lwantsha Jesu Kreste.
Nako’a tsone ya go busa
E fedisitswe ke Jah.
Dipuso di ole;
Jah ke ene a busang.
’Tsatsi le ntse le atamela.
La go senngwa ga baba.
(KHORASE)
Batlang Jah mme lo bolokwe,
Ee, lo nneng lo mo ikanya.
Batlang tshiamo,
Lo ikanyegeng,
Emelang bolaodi jwa ’gwe.
Mme Jah o tla lo boloka
Gore lo tshele.
2. Fa re ntse re rera.
Dikgang tse di molemo.
Batho ba tla itlhophela
Gore a ba tla reetsa.
Fa diteko di tla,
Ga re tlhoke go boifa.
Jah o nna a re naya maatla;
Le go re tlhokomela.
(KHORASE)
Batlang Jah mme lo bolokwe,
Ee, lo nneng lo mo ikanya.
Batlang tshiamo,
Lo ikanyegeng,
Emelang bolaodi jwa ’gwe.
Mme Jah o tla lo boloka
Gore lo tshele.
(Bona le 1 Sam. 2:9; Pes. 2:2, 3, 9; Dia. 2:8; Math. 6:33.)