Pina 31
Re Basupi ba ga Jehofa!
1. Ba’ikobela ditshwantsho,
Ga ba itse Modimo.
Ke Mothatayotlhe,
Ke’ene Jehofa.
Medimo ga e kgone,
Go itse ka isagwe.
Mme Modimo wa rona ene,
O na le maatla’a magolo.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah.
Re bua re sa boife.
Ke Modimo wa boammaaruri;
O bo bua ka metlha.
2. Re ruta ka leina,
La Modimo wa rona.
Re rera Bogosi,
Re tlhagafetse.
Batho ba tle ba itse,
Gore Jah o molemo.
Mme ba mo obamele botlhe,
Ba mmake mmogo le rona.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah.
Re bua re sa boife.
Ke Modimo wa boammaaruri;
O bo bua ka metlha.
3. Fa re ntse re bolela,
Re tlotloma tsa Mmopi.
Re tlhagisa botlhe,
Ba ba boikepo.
O tla ba itshwarela,
Fa ba ka sokologa.
Go rera go a re’ipedisa,
Go re naya tsholofelo.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah.
Re bua re sa boife.
Ke Modimo wa boammaaruri;
O bo bua ka metlha.
(Bona le Isa. 37:19; 55:11; Esek. 3:19.)