LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bt kgao. 4 ts. 28-35
  • “Ba Ne Ba Sa Rutega e Bile e Le Batho Fela Ba Ba Tlwaelegileng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ba Ne Ba Sa Rutega e Bile e Le Batho Fela Ba Ba Tlwaelegileng”
  • Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E Seng “ka Maatla a Rona” (Ditiro 3:11-26)
  • “Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua” (Ditiro 4:1-22)
  • “Ba ne Ba Rapela Modimo” (Ditiro 4:23-31)
  • Re Ikarabelela mo ‘Modimong, e Seng mo Bathong’ (Ditiro 4:32–5:11)
  • O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O Ithutile go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
bt kgao. 4 ts. 28-35

KGAOLO 4

“Ba ne Ba sa Rutega e Bile e le Batho Fela ba ba Tlwaelegileng”

Baaposetoloi ba nna pelokgale, mme Jehofa o a ba segofatsa

E tswa mo go Ditiro 3:1–5:11

1, 2. Petere le Johane ba ne ba dira kgakgamatso efe gaufi le kgoro ya tempele?

BOIDIIDI bo tlhanasela mo letsatsing le le mogote la thapama. Bajuda ba ba ineetseng le barutwa ba ga Keresete ba ologela mo dikagong tsa tempele. Go ise go ye kae e tla bo e le “nako ya thapelo.”a (Dit. 2:46; 3:1) Mo gare ga boidiidi jono, Petere le Johane ba lebile kwa kgorong ya tempele e e bidiwang Bontle. Go na le modumo wa batho ba ba tlotlang le ba ba tsamayang ba goga dinao, mme mokopi mongwe yo o mo dingwageng tse di mo bogareng yo o saleng a golafetse go tloga fa a tsholwa, o kopa dimpho tsa kutlwelobotlhoko.—Dit. 3:2; 4:22.

2 Fa Petere le Johane ba ntse ba atamela, mokopi yono o bua mafoko a a tlwaetseng go a bua fa a kopa madi. Baaposetoloi ba a ema mme monna yono o ba leba a solofetse gore ba tla mo naya sengwe. Petere a re: “Ga ke na selefera le gauta, mme ke go naya se ke nang le sone. Mo leineng la ga Jesu Keresete wa Monasaretha, ema o tsamaye!” Akanya fela kafa boidiidi jono bo neng jwa gakgamala ka gone fa ba bona Petere a tshwara monna yono yo o neng a golafetse ka seatla mme—lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa gagwe—monna yono o ema ka dinao! (Dit. 3:6, 7) A o kgona go bona jaaka monna yono a leba dinao tsa gagwe tse di fodisitsweng mme a bo a simolola go tsaya dikgato tsa gagwe tsa ntlha a le kelotlhoko? Ga go gakgametse go bo a ne a simolola go tlolaka mme a baka Modimo ka lentswe le le kwa godimo!

3. Ke mpho efe e e di gaisang tsotlhe e monna yo o neng a golafetse le boidiidi bo neng bo ka e newa?

3 Boidiidi jono jo bo itumetseng thata bo itlhaganelela kwa go Petere le Johane ba ba leng kwa leobong la ga Solomone. Petere o ba bolelela bokao jwa mmatota jwa se se sa tswang go diragala a le mo go lone lefelo le Jesu a kileng a ema le go ruta mo go lone. (Joh. 10:23) O naya boidiidi jono le monna yo a neng a golafetse mpho e e botlhokwa thata go feta selefera kgotsa gouta. Mpho eno e feta kgakala go fodisiwa mo mmeleng. Ke tshono ya gore ba ikwatlhaye, gore maleo a bone a phimolwe mme ba nne balatedi ba “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” yo o tlhomilweng wa ga Jehofa, Jesu Keresete.—Dit. 3:15.

4. (a) Go fodisiwa ga motho ka kgakgamatso go ne ga tsosa kgotlhang efe? (b) Re tla araba dipotso dife tse pedi?

4 Ruri leno e ne e le letsatsi le le kgethegileng! Motho a le mongwe o ne a fodisitswe mo mmeleng mme jaanong o ne a kgona go tsamaya. Ba bangwe ba le diketekete ba ne ba newa tshono ya go nna le kitso ya boammaaruri le go tlhaloganya Lefoko la Modimo gore ba tsamaye kafa go tshwanetseng Modimo. (Bakol. 1:9, 10) Mo godimo ga moo, ditiragalo tsa letsatsi leo di ne tsa baka kgotlhang fa gare ga balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete le babusi ba ba neng ba tla leka go ba thibela go diragatsa taelo ya ga Jesu ya gore ba rere molaetsa wa Bogosi. (Dit. 1:8) Re ka ithuta eng mo ditseleng tse Petere le Johane—‘ba ba neng ba sa rutega e bile e le batho fela ba ba tlwaelegileng’—ba neng ba di dirisa le boikutlo jo ba neng ba bo bontsha fa ba ne ba rerela boidiidi?b (Dit. 4:13) Mme re ka etsa jang tsela e bone le barutwa ba bangwe ba neng ba itshwara ka yone fa ba ne ba ganediwa?

E Seng “ka Maatla a Rona” (Ditiro 3:11-26)

5. Re ithuta eng mo tseleng e Petere a neng a bua le boidiidi ka yone?

5 Fa Petere le Johane ba ne ba eme fa pele ga boidiidi, ba ne ba itse gore gongwe bangwe mo boidiiding jono ba ne ba sa tswa go goeletsa gore Jesu a bolawe. (Mar. 15:8-15; Dit. 3:13-15) Akanya fela ka bopelokgale jo Petere a neng a bo bontsha fa a ne a ba bolelela a sa boife sepe gore monna yo o neng a golafetse o ne a fodisitswe mo leineng la ga Jesu. Petere o ne a bua puo phaa. O ne a bolelela boidiidi joo ka tlhamalalo gore ba nnile le seabe ka tsela nngwe mo go bolaweng ga ga Keresete. Mme gone, Petere o ne a sa kgotswela batho bano ka gonne ba ‘dirile ka go tlhoka kitso.’ (Dit. 3:17) O ne a ikuela mo go bone jaaka bakaulengwe ba gagwe mme a tlhoma mogopolo mo dikarolong tse di kgatlhang tsa molaetsa wa Bogosi. Fa ba ne ba ka ikwatlhaya mme ba dumela mo go Keresete, “dipaka tse di lapolosang” di ne di tla tla kwa go bone di tswa kwa go Jehofa. (Dit. 3:19) Le rona re tshwanetse go bua ka bopelokgale le ka tlhamalalo fa re bua le batho ka katlholo e e tlang ya Modimo. Mme gone, ga re a tshwanela go bua le batho ka bogale kgotsa ka go ba atlhola. Go na le moo, re leba batho ba re ba rerelang e le bakaulengwe ba rona ba ka moso, mme jaaka Petere, re tlhoma mogopolo thata mo dikarolong tse di kgatlhang tsa molaetsa wa Bogosi.

6. Petere le Johane ba ne ba bontsha jang boikokobetso le boingotlo?

6 Baaposetoloi e ne e le banna ba ba ikokobeditseng. Ga ba a ka ba bolela gore ba dirile kgakgamatso eo ka maatla a bone. Petere o ne a raya boidiidi a re: “Ke ka ntlha yang fa lo re tlhomile matlho jaaka e kete re dirile gore a tsamaye ka maatla a rona kgotsa ka gonne re ineetse mo Modimong?” (Dit. 3:12) Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba itse gore sengwe le sengwe se se molemo se ba se fitlheletseng mo bodireding jwa bone e ne e se ka maatla a bone mme e ne e le ka maatla a a tswang kwa Modimong. Ka ntlha ya moo, ba ne ba ikokobetsa mme ba isa kgalalelo yotlhe kwa go Jehofa le Jesu.

7, 8. (a) Ke mpho efe e re ka e nayang batho? (b) Tsholofetso ya gore ‘dilo tsotlhe di tla dirwa disha’ e diragadiwa jang gompieno?

7 Le rona re tshwanetse go nna boikokobetso fa re dira tiro ya go rera ka Bogosi. Gone ke boammaaruri gore moya wa Modimo ga o neye Bakeresete ba motlha wa gompieno maatla a go fodisa ka tsela ya kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, re ka thusa batho go dumela mo Modimong le mo go Keresete le go amogela mpho e Petere a neng a bua ka yone—tshono ya gore ba itshwarelwe maleo le gore Jehofa a ba lapolose. Ngwaga le ngwaga, batho ba le diketekete ba dirisa tshono eno mme ba nna barutwa ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete.

8 Eleruri re tshela mo nakong ya fa “dilo tsotlhe di dirwa disha” e Petere a neng a bua ka yone. Bogosi bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong ka ngwaga wa 1914 e le go diragatsa lefoko le Modimo a ileng a le bua a dirisa baporofeti ba gagwe ba ba ikanyegang. (Dit. 3:21; Pes. 110:1-3; Dan. 4:16, 17) Nakwana fela morago ga moo, Keresete o ne a simolola go okamela tiro ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ntse ba tsena mo paradaiseng ya semoya, mme ba nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. Ba apotse botho jo bogologolo jo bo senyegileng mme ba ‘apere botho jo bosha jo Modimo a bo dirileng go ya ka thato ya gagwe.’ (Baef. 4:22-24) Fela jaaka go ne ga direga fa mokopi yo o neng a golafetse a fodisiwa, tiro eno e e gakgamatsang e dirwa ka moya wa Modimo, e seng ka maatla a batho. Jaaka Petere, re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo ka bopelokgale le ka tsela e e nang le matswela fa re ruta batho. Katlego epe fela e re ka nnang le yone fa re thusa batho go nna barutwa ba ga Keresete e fitlhelelwa ka maatla a Modimo, e seng a rona.

“Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua” (Ditiro 4:1-22)

9-11. (a) Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dira eng fa ba utlwa molaetsa wa ga Petere le Johane? (b) Baaposetoloi bano ba ne ba ikemiseditse go dira eng?

9 Mafoko a Petere a neng a a bua, go tlolaka ga monna yo a neng a golafetse le go goa ga gagwe go ne ga baka khuduego e kgolo. Ka ntlha ya seo, molaodi wa tempele—yo o neng a tlhomilwe go sireletsa dikago tsa tempele—le baperesiti ba bagolo ba ne ba potlakela go ya go lekola maemo. Go ka direga gore banna bano e ne e le Basadukae, lekoko le le humileng le le le maatla mo go tsa sepolotiki, le le neng le lwela gore go nne le kagiso le tirisanommogo magareng ga bone le Baroma. Lekoko leno le ne le gana le melao e e sa kwalwang e e neng e ratwa thata ke Bafarasai e bile le sa dumele mo tsogong ya baswi.c Ruri ba ne ba tenegile tota fa ba fitlhela Petere le Johane mo tempeleng, ba ruta ka bopelokgale gore Jesu o tsositswe mo baswing!

10 Baganetsi ba ba galefileng ba ne ba tsenya Petere le Johane mo kgolegelong mme mo letsatsing le le latelang ba ba pateletsa go tlhagelela fa pele ga kgotlakgolo ya Bajuda. Go ya ka babusi bano ba ba ikgogomosang, Petere le Johane “ba ne ba sa rutega e bile e le batho fela ba ba tlwaelegileng,” ba ba neng ba sa tshwanelege go ruta mo tempeleng. Ba ne ba sa tsena sekolo sepe se se itsegeng sa bodumedi. Le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba bua ka yone ka go tlhatswega pelo e ne ya gakgamatsa botlhe mo kgotlatshekelong. Ke eng fa Petere le Johane ba ne ba kgona go bua jalo ka tsela e e tlhatswang pelo? Lengwe la mabaka ke gore “ba kile ba bo ba na le Jesu.” (Dit. 4:13) Mong wa bone o ne a ba rutile jaaka motho a na le taolo, e seng jaaka bakwadi.—Math. 7:28, 29.

11 Kgotlatshekelo e ne ya laela baaposetoloi gore ba tlogele go rera. Mo setšhabeng seo, taelo ya kgotlatshekelo e ne e tseelwa kwa godimo. Dibeke di le mmalwa pelenyana ga foo, fa Jesu a ne a sekisiwa kwa kgotlatshekelong eno, maloko a yone a ne a re: “O tshwanetse go swa.” (Math. 26:59-66) Le fa go ntse jalo, Petere le Johane ga ba a ka ba tshoga. Fa ba ntse ba eme fa pele ga banna bano ba ba humileng, ba ba rutegileng thata le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo bathong, ba ne ba bua jaana ka bopelokgale mme gone e le ka tlotlo: “A e nne lona lo atlholang gore a go siame mo Modimong gore re lo ikobele go na le gore re ikobele Modimo. Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.”—Dit. 4:19, 20.

Moperesiti Yo Mogolo Le Baperesiti Ba Ba Kwa Godimo

Moperesiti yo mogolo o ne a emela batho fa pele ga Modimo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., o ne a okamela Sanehederine. O ne a dira le baeteledipele ba Bajuda ba e neng e le baperesiti ba ba kwa godimo. Ba ne ba akaretsa bangwe ba e kileng ya bo e le baperesiti ba bagolo, ba ba jaaka Anase le banna bangwe ba malapa—gongwe malapa a le manè kgotsa a le matlhano—a baperesiti ba bagolo ba neng ba tlhophiwa mo go one. Moithuti mongwe wa hisitori ya Bajuda yo o bidiwang Emil Schürer o ne a kwala jaana: “Baperesiti bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba farologane ka tsela e e rileng ka gonne go ne go tlhophiwa fela batho ba ba tswang mo go lengwe la malapa a a nang le tshiamelo eo.”

Dikwalo di bontsha gore baperesiti ba bagolo ba ne ba direla botshelo jwa bone jotlhe. (Dipa. 35:25) Le fa go ntse jalo, ka nako e ditiragalo tse di mo Bukeng ya Ditiro di neng di kwalwa ka yone, babusi ba Baroma le dikgosi tse di neng di le kafa tlase ga taolo ya Roma di ne di na le thata ya go tlhoma le go tlosa baperesiti ba bagolo. Le fa go ntse jalo go bonala batho ba ba neng ba tlhophiwa ke babusi bano ba baheitane, ba ne ba tswa mo losikeng lwa boperesiti lwa ga Arone.

12. Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale le go tlhatswega pelo?

12 A le wena o kgona go nna pelokgale jalo? O ikutlwa jang fa o tshwanelwa ke go rerela batho ba ba humileng, ba ba rutegileng thata le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo lefelong la lona? O itshwara jang fa maloko a lelapa, ba o tsenang sekolo le bone kgotsa badiri ka wena ba go sotla ka ntlha ya dilo tse o di dumelang? A o a tshoga? Fa go le jalo, o ka kgona go fenya maikutlo ao. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe kafa ba ka femelang dilo tse ba di dumelang ka gone, ba dira jalo ka bopelokgale le ka tlotlo. (Math. 10:11-18) Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla tswelela a na le bone “malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.” (Math. 28:20) Jesu o kaela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re ruta kafa re ka femelang dilo tse re di dumelang ka gone. (Math. 24:45-47; 1 Pet. 3:15) Seno se dirwa ka thuto e re e amogelang kwa dipokanong tsa phuthego, tse di jaaka Botshelo le Bodiredi Jwa Rona, le ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, tse di mo websaeteng ya rona ya jw.org tse di jaaka setlhogo se se reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele.” A o dirisa didirisiwa tseno ka tsela e e molemo? Fa o dira jalo, tsela e o leng pelokgale le e o tlhatswegileng pelo ka yone e tla gola. Mme fela jaaka baaposetoloi, ga o kitla o letla sepe se go thibela go bua ka boammaaruri jo bo kgatlhang jwa Baebele jo o ithutileng jone.

Kgaitsadi o rerela modiri ka ene ka nako ya boikhutso.

O se ka wa letla sepe se go thibela go bua ka boammaaruri jo bo kgatlhang jwa Baebele jo o ithutileng jone

“Ba ne Ba Rapela Modimo” (Ditiro 4:23-31)

13, 14. Re tshwanetse go dira eng fa re ganediwa, mme ka ntlha yang?

13 Fela fa Petere le Johane ba sena go ntshiwa mo kgolegelong, ba ne ba kopana le phuthego yotlhe. “Ba ne ba rapela Modimo,” ba rapelela bopelokgale jwa go nna ba rera. (Dit. 4:24) Petere o ne a itse sentle gore ke boeleele go itshepa fa o leka go dira thato ya Modimo. Dibeke di se kae pelenyana ga moo, o ne a bua le Jesu jaana ka go itshepa: “Le fa ba bangwe botlhe ba ka go tlhanogela ka ntlha ya se se tla go diragalelang, nna ga nkitla ke go tlhanogela!” Mme gone, fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele, Petere o ne a ineelela go tshaba batho ka bonako fela mme a itatola tsala le morutisi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a ithuta mo phosong eo ya gagwe.—Math. 26:33, 34, 69-75.

14 Go nna le boikemisetso fela ga go a lekana go go thusa go diragatsa tiro ya gago ya go nna mosupi wa ga Keresete. Fa baganetsi ba leka go koafatsa tumelo ya gago kana go go thibela go rera, etsa sekao sa ga Petere le Johane. Rapela Jehofa gore a go nonotshe. Batla thuso mo phuthegong. Bolelela bagolwane le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng mathata a o lebaneng le one. Dithapelo tsa ba bangwe di ka re nonotsha thata.—Baef. 6:18; Jak. 5:16.

15. Ke eng fa batho ba ba kileng ba tlogela go rera ka nakwana ba sa tshwanela go kgobega marapo?

15 Fa e le gore o kile wa ineela fa o gatelelwa mme wa tlogela go rera ka nakwana, se kgobege marapo. Gakologelwa gore, baaposetoloi botlhe ba ne ba emisa go rera ka lobakanyana morago ga loso lwa ga Jesu mme moragonyana ba ne ba tlhagafala gape. (Math. 26:56; 28:10, 16-20) Go na le go letla gore diphoso tsa nako e e fetileng di go kgobe marapo, a o ka ithuta sengwe mo go se se go diragaletseng mme wa se dirisa go nonotsha ba bangwe?

16, 17. Re ka ithuta eng mo thapelong e balatedi ba ga Keresete ba neng ba e rapela kwa Jerusalema?

16 Ke eng se re tshwanetseng go se rapelela fa babusi ba re gatelela? Ela tlhoko gore baaposetoloi ga ba a ka ba kopa gore ba namolwe mo ditekong tse ba neng ba lebane le tsone. Ba ne ba gakologelwa sentle mafoko ano a ga Jesu: “Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Joh. 15:20) Go na le moo, barutwa bano ba ba ikanyegang ba ne ba kopa Jehofa gore a ‘reetse matshosetsi’ a baganetsi bano. (Dit. 4:29) Barutwa ba ne ba lemoga sentle gore tota pogiso e ba neng ba lebane le yone e ne e le tiragatso ya boporofeti. Ba ne ba itse gore, jaaka Jesu a ne a ba rutile go rapela, thato ya Modimo e ne e tla ‘diragala mo lefatsheng,’ go sa kgathalesege se babusi fela ba batho ba neng ba ka se bua.—Math. 6:9, 10.

17 Gore barutwa ba kgone go dira thato ya ga Jehofa, ba ne ba rapela jaana: ‘Dira gore batlhanka ba gago ba tswelele ba bua lefoko la gago ka bopelokgale.’ Jehofa o ne a araba jang kopo eo ya bone ka yone nako eo? “Lefelo le ba neng ba phuthegetse mo go lone le ne la roroma, mme botlhe fela ba ne ba tlala moya o o boitshepo ba bo ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.” (Dit. 4:29-31) Ga go na sepe se se ka thibelang gore thato ya Modimo e diragale. (Isa. 55:11) Le fa maemo a ka bonala a le thata jang kgotsa baganetsi ba rona ba lebega ba le maatla go le kana kang, fa re tlhatlosetsa mantswe a rona kwa Modimong re mo rapela, re ka tlhomamisega gore o tla re naya nonofo ya go tswelela pele re rera lefoko la gagwe ka bopelokgale.

Re Ikarabelela mo ‘Modimong, e Seng mo Bathong’ (Ditiro 4:32–5:11)

18. Maloko a phuthego ya Jerusalema a ne a thusana jang?

18 Mo nakong e khutshwane fela, phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa kwa Jerusalema e ne ya gola mme ya nna le maloko a a fetang 5 000.d Le mororo barutwa ba ne ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, ba ne “ba akanya e bile ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang.” Ba ne ba le seoposengwe mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya. (Dit. 4:32; 1 Bakor. 1:10) Barutwa ga ba a ka ba rapelela fela gore Jehofa a segofatse maiteko a bone. Ba ne ba nonotshana mo semoyeng mme fa go ne go tlhokega, ba ne ba thusana ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Joh. 3:16-18) Ka sekai, morutwa Josefa, yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa Barenabase, o ne a rekisa sebata sa lefatshe se a neng a na le sone mme ka bopelotshweu a ntsha madi ao otlhe gore go thusiwe ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala gore ba kgone go nna lobakanyana mo Jerusalema mme ba oketse kitso ya bone ka tumelo e ntšha e ba e boneng.

19. Ke eng fa Jehofa a ne a bolaya Ananiase le Safira?

19 Banyalani bangwe ba ba bidiwang Ananiase le Safira le bone ba ne ba rekisa thuo nngwe ya bone mme ba ntsha moneelo ka madi a yone. Ba ne ba dira e kete ba ntshitse madi otlhe a moneelo, le fa gone ba ne ba ‘fitlhile madi a mangwe.’ (Dit. 5:2) Jehofa o ne a bolaya banyalani bano, e se ka gonne ba ne ba ntshitse madi a mannye, mme ka gonne maitlhomo a bone a go ntsha madi e ne e le a a boikepo e bile ba ne ba tsieditse. Ba ne ba “akeditse Modimo, e seng batho.” (Dit. 5:4) Fela jaaka baitimokanyi ba Jesu a neng a ba kgala, Ananiase le Safira le bone ba ne ba batla go galalediwa ke batho go na le go amogelwa ke Modimo.—Math. 6:1-3.

20. Re ithuta dithuto dife ka kgang ya go ntshetsa Jehofa meneelo?

20 Gompieno Basupi ba le dimilione ba na le moya wa go aba o o tshwanang le o barutwa ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Jerusalema ba neng ba na le one. Ba ntsha meneelo ya boithatelo e le go ema nokeng tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ga go ope yo o patelediwang go dirisa nako kgotsa go ntsha madi a gagwe go ema tiro eno nokeng. Eleruri Jehofa ga a batle gore re mo direle ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa. (2 Bakor. 9:7) Maitlhomo a re nang le one fa re ntsha moneelo ke one a leng botlhokwa mo go Jehofa, e seng gore re ntshitse bokae. (Mar. 12:41-44) Le ka motlha ga re batle go tshwana le Ananiase le Safira mme re letle gore tirelo e re e direlang Modimo e tlhotlhelediwe ke bopelotshetlha kgotsa ke go senka kgalalelo. Go na le moo, fela jaaka Petere, Johane le Barenabase, e kete ka metlha tsela e re direlang Jehofa ka yone e ka tlhotlhelediwa ke go bo re mo rata ka lorato lwa mmatota e bile re rata beng ka rona.—Math. 22:37-40.

Petere—e Ne E Le Motshwaraditlhapi Mme Morago A Nna Moaposetoloi Yo O Matlhagatlhaga

Petere o bidiwa ka maina a le matlhano mo Dikwalong. O itsege e le Semeone ka Sehebera mme e le Simone ka puo e e tshwanang le yone ya Segerika, mme o itsege e le Kefase, e leng leina le ka Sejuda le kayang Petere. Gape moaposetoloi yono o bidiwa Simone Petere, e leng maina a mabedi a a kopantsweng.—Math. 10:2; Joh. 1:42; Dit. 15:14.

Moaposetoloi Petere o ntshotse mmanki wa ditlhapi.

Petere o ne a nyetse mme a nna le mogogwadie le morwarragwe mo ntlong ya gagwe. (Mar. 1:29-31) E ne e le motshwaraditlhapi wa kwa Bethesaida, e leng motse o o kafa bokone jwa Lewatle la Galalea. (Joh. 1:44) Moragonyana o ne a nna gaufi mo Kaperenama. (Luke 4:31, 38) Jesu o ne a ntse mo mokorong wa ga Petere fa a ne a bua le boidiidi jo bo neng bo kokoane mo losing lwa Lewatle la Galalea. Moragonyana fela ga foo, Jesu o ne a laela Petere gore a latlhele letloa la gagwe mo lewatleng mme o ne a tshwara ditlhapi tse dintsi ka kgakgamatso. Petere o ne a wela fa fatshe fa mangoleng a ga Jesu a tshogile, mme Jesu o ne a mo raya a re: “Tlogela go tshoga. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:1-11) Petere o ne a tshwara ditlhapi le morwarragwe e bong Anderea mmogo le Jakobe le Johane. Botlhe ba ne ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi fa ba ne ba amogela taletso ya ga Jesu ya go nna balatedi ba gagwe. (Math. 4:18-22; Mar. 1:16-18) Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Petere e ne ya nna mongwe wa ba ba 12 ba Jesu a neng a ba tlhopha go nna “baaposetoloi” ba gagwe, mo go rayang “ba ba romilweng.”—Mar. 3:13-16.

Jesu o ne a tlhopha Petere, Jakobe le Johane gore ba tsamaye le ene fa a ya kwa ditiragalong tse di kgethegileng. Ba ne ba bona fa Jesu a fetolwa ponalo, ba mmona a tsosa morwadia Jairo mme ba ne ba utlwile botlhoko le ene kwa tshimong ya Gethesemane. (Math. 17:1, 2; 26:36-46; Mar. 5:22-24, 35-42; Luke 22:39-46) Jone boraro jono mmogo le Anderea ba ne ba botsa Jesu ka ga sesupo sa go nna gone ga gagwe.—Mar. 13:1-4.

Petere o ne a bua fela ka tlhamalalo a sa okaoke, a le matlhagatlhaga, e bile ka dinako dingwe o ne a phamoga fela fa a batla go dira sengwe. Go bonala gantsi e ne e le ene yo o buang thata go feta ba bangwe. Mafoko a gagwe mo Diefangeleng a mantsi go feta mafoko a baaposetoloi ba bangwe ba le 11 a kopantswe. Petere o ne a botsa dipotso fa ba bangwe bone ba didimetse fela. (Math. 15:15; 18:21; 19:27-29; Luke 12:41; Joh. 13:36-38) Ke ene a neng a gana gore Jesu a mo tlhapise dinao mme fa Jesu a sena go mo kgalemela, o ne a mo kopa gore a mo tlhapise le diatla le tlhogo!—Joh. 13:5-10.

Tsela e Petere a neng a rata Jesu thata ka yone e ne ya dira gore a leke go mo tlhotlheletsa gore a akanye gore go ne go sa tlhokege gore a boge a bo a bolawe. E re ka Petere a ne a sa lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng, Jesu o ne a mo kgalemela ka bogale. (Math. 16:21-23) Mo bosigong jwa bofelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, Petere o ne a re le fa baaposetoloi ba bangwe botlhe ba ne ba ka tlogela Jesu, ene o ne a se kitla a mo tlogela. Fa baba ba ga Jesu ba ne ba golega Jesu, Petere o ne a nna pelokgale mme a sireletsa Jesu ka tšhaka mme moragonyana a mo latela go ya kwa lolwapeng lwa moperesiti yo mogolo. Le fa go ntse jalo, nakwana fela morago ga moo, Petere o ne a itatola Mong wa gagwe makgetlho a le mararo mme o ne a lela mo go botlhoko fa a lemoga se a se dirileng.—Math. 26:31-35, 51, 52, 69-75.

Pelenyana fela ga Jesu a bonala lekgetlo la ntlha mo baaposetoloing ba gagwe kwa Galalea fa a sena go tsosiwa mo baswing, Petere o ne a re o ya go tshwara ditlhapi mme baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tsamaya le ene. Fa Petere a bona Jesu a le fa losing lwa lewatle, o ne a itatlhela mo metsing ka bonako mme a thumela kwa go ene. Fa baaposetoloi ba ntse ba ja sefitlholo sa ditlhapi tse Jesu a neng a ba apeetse tsone, Jesu o ne a botsa Petere gore a o mo rata go feta “tseno”—ke gore, ditlhapi tse di neng di le fa pele ga bone. Jesu o ne a kgothaletsa Petere gore a tlhophe go latela ene ka metlha go na le go latelela tiro ya go tshwara ditlhapi.—Joh. 21:1-22.

Mo e ka nnang ka 62-64 C.E., Petere o ne a rera dikgang tse di molemo kwa Babelona, e gompieno e bidiwang Iraq, kwa go neng go na le Bajuda ba le bantsi gone. (1 Pet. 5:13) Fa Petere a le kwa Babelona, o ne a kwala lekwalo la ntlha mme gongwe le la bobedi la makwalo a le mabedi a a tlhotlheleditsweng a a bidiwang ka leina la gagwe. Jesu o ne a naya Petere “maatla a gore a nne moaposetoloi yo o rerelang batho ba ba rupileng.” (Bagal. 2:8, 9) Petere o ne a diragatsa thomo ya gagwe ka bopelotlhomogi le ka matlhagatlhaga.

Johane—morutwa Yo Jesu A Neng A Mo Rata

Moaposetoloi Johane e ne e le morwa Sebede le morwarragwe moaposetoloi Jakobe. Go bonala leina la ga mmaagwe e ne e le Salome, yo gongwe e neng e le monnawe Marea, mmaagwe Jesu. (Math. 10:2; 27:55, 56; Mar. 15:40; Luke 5:9, 10) Ka jalo, gongwe Johane le Jesu ba ne ba amana ka losika. Go lebega ba lelapa la gaabo Johane ba ne ba humile. Kgwebo ya ga Sebede ya go tshwara ditlhapi e ne e le kgolo mo a neng a thapile banna ba bangwe. (Mar. 1:20) Salome o ne a pata Jesu, a mo direla fa a ne a le kwa Galalea, mme moragonyana o ne a tla le ditswaiso go baakanya mmele wa ga Jesu gore o tle go fitlhiwa. (Mar. 16:1; Joh. 19:40) Johane a ka tswa a ne a na le ntlo.—Joh. 19:26, 27.

 Moaposetoloi Johane o tshwere momeno.

Go ka direga gore Johane e ne e le morutwa wa ga Johane Mokolobetsi yo o neng a eme le Anderea fa Johane Mokolobetsi a ne a leba Jesu a bo a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” (Joh. 1:35, 36, 40) Morago ga seno, ga go pelaelo gore Johane morwa Sebede o ne a tsamaya le Jesu go ya kwa Kana mme a iponela ka matlho fa Jesu a ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha. (Joh. 2:1-11) Tsela e e utlwalang sentle e Johane a tlhalosang ka tatelano dilo tse Jesu a neng a di dira kwa Jerusalema, Samarea le Galalea e bontsha gore mokwadi yono wa Efangele a ka tswa a ne a le teng fa dilo tseo di direga. Fa Jesu a ne a bitsa Johane gore a nne molatedi wa gagwe—fela jaaka Jakobe, Petere le Anderea—ka yone nako eo o ne a tlogela matloa a gagwe a go tshwara ditlhapi, mokoro le tiro ya gagwe, mme seno se bontsha gore o ne a na le tumelo.—Math. 4:18-22.

Johane ga a tlhage makgetlo a le mantsi mo dipegong tsa Diefangele jaaka Petere. Le fa go ntse jalo, le ene o ne a rata go phamoga fela, mme seno se bonala mo sefaneng se Jesu a neng a ba naya sone ene le morwarraagwe, Jakobe—Boaneregese, mo go rayang “Bomorwa Tumo ya Maru.” (Mar. 3:17) Kwa tshimologong, Johane o ne a rata maemo, mo ene le morwarraagwe ba neng ba raya mmaabone ba re a kope Jesu go ba naya maemo a magolwane mo Bogosing jwa Gagwe. Le fa gone keletso eno e ne e le ya bogagapa, gape e ne e bontsha gore ba dumela gore Bogosi ke jwa mmatota. Go rata maemo ga bone go ne ga dira gore Jesu a gakolole baaposetoloi ba gagwe botlhe ka botlhokwa jwa go nna boikokobetso.—Math. 20:20-28.

Go ne ga bonala gore Johane ke motho yo o ratang go gagamatsa molao fa a ne a leka go itsa monna mongwe yo e neng e se molatedi wa ga Jesu go leleka madimona ka leina la ga Jesu. Nako nngwe o ne a batla go bitsa molelo go tswa legodimong gore o nyeletse baagi ba motse wa Samarea ba ba neng ba se ka ba amogela batho ba Jesu a neng a ba romile kwa motseng oo go ya go mo direla dithulaganyo dingwe. Jesu o ne a mo kgalema ka ntlha ya seo. Go bonala fa nako e ntse e ya, Johane a ne a simolola go nna tekatekano le go nna kutlwelobotlhoko, e leng dinonofo tse go neng go lebega a ne a se na tsone pele. (Luke 9:49-56) Le fa Johane a ne a na le makoa, e ne e le “morutwa yo Jesu a neng a mo rata.” Ka jalo, fa Jesu a ne a tloga a swa, o ne a naya Johane maikarabelo a go tlhokomela mmaagwe, e bong Marea.—Joh. 19:26, 27; 21:7, 20, 24.

Fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele, Johane o ne a tshela lobaka lo loleele go feta baaposetoloi ba bangwe botlhe. (Joh. 21:20-22) O ne a direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di ka nna 70. Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, fa go ne go busa Mmusimogolo wa Moroma e bong Domitian, Johane o ne a tshwarwa mme a isiwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose ‘ka gonne o ne a bua ka Modimo e bile a naya bosupi ka Jesu.’ Fa a le koo, mo e ka nnang ka 96 C.E., o ne a bona diponatshegelo tse a neng a di kwala mo bukeng ya Tshenolo. (Tshen. 1:1, 2, 9) Go dumelwa gore fa Johane a sena go gololwa o ne a ya kwa Efeso, koo a neng a kwala Efangele e e bidiwang ka leina la gagwe le makwalo a a itsegeng e le Johane wa 1, wa bo2 le wa bo3, mme o ne a swela kwa Efeso mo e ka nnang ka 100 C.E.

a Go ne go rapelwa kwa tempeleng fa go ntshiwa ditlhabelo tsa mo mosong le tsa mo maitseboeng. Setlhabelo sa maitseboa se ne se ntshiwa mo e ka nnang ka ura ya boraro motshegare.

b Bona lebokose le le reng, “Petere—E ne E le Motshwaraditlhapi Mme Morago a Nna Moaposetoloi yo o Matlhagatlhaga” le le le reng, “Johane—Morutwa yo Jesu a Neng a mo Rata”.

c Bona lebokose le le reng, “Moperesiti yo Mogolo le Baperesiti ba ba Kwa Godimo”.

d Go ka tswa go ne go na le Bafarasai ba ka nna 6 000 fela le Basadukae ba se kae kwa Jerusalema ka 33 C.E. Leno e ka tswa e le lengwe la mabaka a go bo ditlhopha tseno tse pedi di ne di tshosiwa thata ke dithuto tsa ga Jesu.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela