Tota le fa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se sena go rarabolola kgang ya go rupa, batho bangwe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba tswelela ba le tlhogoethata, ba sa batle go fetola maikutlo a bone ka kgang eno. Moaposetoloi Paulo o ne a re ke “bakaulengwe ba maaka” ba ba neng ba batla “go sokamisa dikgang tse di molemo ka ga Keresete.”—Bagal. 1:7; 2:4; Tito 1:10.
Go bonala boikaelelo jwa Babueledi ba Tsamaiso ya Tumelo ya Sejuda e ne e le go reba Bajuda bogale, go ba thibela gore ba se ka ba ganetsa Bokeresete setlhogo. (Bagal. 6:12, 13) Babueledi ba Tsamaiso ya Tumelo ya Sejuda ba ne ba re gore motho a tsewe e le yo o siameng, o ne a tshwanetse go latela Molao wa ga Moshe mo dilong tse di jaaka dijo, go rupa le meletlo ya Sejuda.—Bakol. 2:16.
Go a utlwala go bo batho ba ba neng ba dumela gore dikgopolo tseno di siame, ba ne ba sa ikutlwe ba gololesegile fa ba na le badumedi ba Baditšhaba. Ka maswabi, tota le Bakeresete ba le mmalwa ba ba tlotlegang ba ba neng ba godisitswe ka tsela ya Sejuda ba ne ba bontsha gore ba na le maikutlo ao a a sa siamang. Ka sekai, fa baemedi ba ba tswang kwa phuthegong ya Jerusalema ba ne ba etetse Antioka, ba ne ba itlhaola mo bakaulengweng ba bone ba Baditšhaba. Tota le Petere, yo go fitlha ka nako eo a neng a ntse a dirisana le Baditšhaba ka kgololesego, o ne a itomolola mo go bone—le go ja a sa je le bone. Ee, o ne a dira kgatlhanong le melaometheo e a neng a sa tswa go e buelela pelenyana ga moo. Mme ka ntlha ya seo, Paulo o ne a mo kgalemela ka bogale.—Bagal. 2:11-14.