Pina 44
Go Nna le Seabe ka Boipelo mo Thobong
E e Gatisitsweng
1. Re tshela mo nakong ya thobo,
Ruri seo ke tshiamelo.
Mme barobi ke baengele;
Le rona re nna le seabe.
Jesu o tlhomile sekao
Kago etelela pele.
Re na le tshiamelo e kgolo
Ya go rera ka boipelo.
2. Go rata Modimo ke gone,
Gore tlhotlheletsang tota.
Go rera ka Bogosi jwa ’gwe;
Bokhutlo bo atametse.
Re ipelela tiro eno,
Gonne re dira le ene.
A re itshokeng mo tirong eno
Mme o tla re segofatsa.
(Bona le Math. 24:13; 1 Bakor. 3:9; 2 Tim. 4:2.)