Pina 64
Dira Gore Boammaaruri e Nne Jwa Gago
1. Boammaaruri ruri ke yone tsela,
E re tshwanetseng go e tlhopha.
Reetsa kaelo e Jehofa a e nayang;
O dumele se’a se buang.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela Fela thata
Fa o bo dira jwa ’go.
2. Maiteko le nako tse o di dirisang
O rera ’kgang tse di molemo
A tla nna le matswela a a molemo,
Le botshelo jo bo kgatlhang.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela Fela thata
Fa o bo dira jwa ’go.
3. Re bana rotlhe mo matlhong a Modimo,
Re tlhoka kaelo ya gagwe.
Ka metlha tsamaya le Jehofa Mmopi;
Mme o tla go segofatsa.
(KHORASE)
Rata tsela e.
Tshelela boammaaruri.
Mme o tla ipela Fela thata
Fa o bo dira jwa ’go.
(Bona le Pes. 26:3; Dia. 8:35; 15:31; Joh. 8:31, 32.)